Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Kafa ke Fetotseng Ditiro Tsa me Tsa Thubakanyo ka Gone

Kafa ke Fetotseng Ditiro Tsa me Tsa Thubakanyo ka Gone

Kafa ke Fetotseng Ditiro Tsa me Tsa Thubakanyo ka Gone

Jaaka go boletse Jose Antonio Nebrera

KE ENG se se dirang gore motho a rate thubakanyo? Ke ithutile go le gontsi ka thubakanyo ka go e bona fa ke ne ke le ngwana. Rre e ne e le leloko la mophato wa balebedi ba puso ya Spain, setlhopha se se setlhogo sa masole. Gantsi rraagwe o ne a mo itaya mme rre le ene o ne a tsamaya mo dikgatong tsa gagwe. Ka metlha o ne dirisa lebanta la gagwe le lekima go mpetsa. Se se neng se dira dilo maswe le go feta ke gore o ne a nnela go mpitsa sematla mme kafa letlhakoreng le lengwe o ne a bontsha nnake lorato thata. Mmè, yo o neng a tshaba bogale jwa ga rre, o ne a sa dire sepe go fokotsa tlalelo ya me e ke nnileng le yone ka go tshwarwa makgwakgwa kgotsa go mpontsha lorato lo ke neng ke lo tlhoka.

Fa ke ne ke le kwa sekolong le bana ba bangwe, ke ne ke itirela lefatshe la me la ditoro, mo botshelo jwa me bo neng bo lebega bo itumetse gone. Mo bathong ba ba neng ba ntibile ke ne ke lebega ke le ngwana yo o itumetseng. Mme seno sotlhe e ne e se boammaaruri. Ke ne ke fitlha poifo le kgalefo ya me. Fa sekolo se tswa, ke ne ke lebana le boammaaruri fa ke ne ke tsamaya ke iketlile go ya gae, ke tshaba gore ke ile go kgobiwa gape—kgotsa go bediwa.

Fa ke ne ke le dingwaga di le 13, ke ne ka tswa mo lefelong leno le go se nang lorato mo go lone ka go ikwadisa kwa sekolong se se nang le bonno le dijo sa Sejesuite. Ka nako nngwe ke ne ka akanya ka go nna moruti. Mme botshelo jwa kwa sekolong seo ga bo a ka jwa nthusa go le kalo. Re ne re tshwanelwa ke go tsoga ka ura ya botlhano mo mosong go ya go shawara ka metsi a a tsididi. Go tswa foo, re ne re fetsa letsatsi lotlhe re latela thulaganyo e e gagametseng ya go ithuta, ya go rapela le ya ditirelo tsa kereke mme re nna le nako e nnye fela ya go ikhutsa.

Le fa rona baithuti re ne re tshwanelwa ke go bala ka “baitshepi,” Baebele e ne e se karolo ya dithuto tsa rona. Baebele e e neng e le gone fela e ne e le e e bolokilweng mo lebokosong la galase mme re ne re tlhoka go kopa tetla e e kgethegileng ya go e bala.

Mo ngwageng wa me wa boraro kwa sekolong, dinako tsa go itlhokofatsa—“ikatiso ya semoya”—e ne ya nna karolo ya thulaganyo e e setlhogo. Ke ne ka leka go metsa dijo di le dintsi ka nako e le nngwe gore ke itwatse gore ke falole bosetlhogo jono. Mme ga ke a ka ka atlega ka seno. Morago ga mo e ka nnang dingwaga di le tharo, ke ne ke sa tlhole ke kgona go itshoka. Ke ne ka tshaba kwa sekolong sa Sejesuite mme ka ya gae. Ke ne ke le dingwaga di le 16.

Go Batla Sengwe se Sesha

Kwa gae ke ne ka tsenela motshameko wa mabole le wa go sokasokana. Go atlega mo metshamekong eno ya thubakanyo go ne ga dira gore ke ikutlwe ke le motho mme go nna maatla go ne ga nkgothaletsa go dirisa boganka jwa me gore ke bone se ke se batlang, fela jaaka rre a ne a dira.

Le fa go ntse jalo, fa ke ne ke le dingwaga di le 19, go ne ga direga sengwe se se neng sa dira gore ke nne bonolo. Ke ne ka kopana le Encarnita, yo o ileng a nna mosadi wa me morago ga dikgwedi di le robongwe. O ne a bona fela maitseo, bopelonomi le boitumelo jwa me jwa ka fa ntle. O ne a sa itse kafa ke neng ke galefile ka teng ka fa gare. Mme go ise go ye kae, kgalefo eno ya ka fa gare e ne ya bonala fa ke ne ke laelwa go ikwadisetsa tirelo ya bosole ka bonakonyana morago ga gore ngwana wa rona wa ntlha a tsholwe.

E le gore ke tile go beolwa moriri ka mokgwa wa masole le go batla go dira sengwe se sesha, ka bonako fela ke ne ka ithaopela go tsena mo mophatong wa masole a Spain a a yang kwa dinageng di sele. Ke ne ke akanya gore ke tla nna le kgololosego kwa sekakeng sa Morocco le go nna le seabe mo ditirong tse di kotsi tse di kgethegileng. Mme gone, seno se ne se lebega e le tsela ya go tshabela maikarabelo a me a lelapa. Le fa go ntse jalo, kwa bofelong, e ne ya senola dilo tse di sa itumediseng ka nna.

Go ise go ye kae, ke na ka tsena mo mathateng a magolo le sajene yo mokima yo o setlhogo yo o neng a itumelela go tshwara batho ba ba sa tswang go tsena mo sesoleng makgwakgwa. Ke ne ke tlhoile tshiamololo mme ke ne ke ikeetleeditse go lwela se ke neng ke akanya gore se siame. Moso mongwe ka nako ya fa go ne go bidiwa maina a batho, ke ne ka dira motlae o sajene a ileng a se ka a o tlhaloganya sentle. Fa a ne a tsholetsa letsogo la gagwe go mpetsa, ke ne ka le soka ka bonako mme ka sokasokana le ene fa fatshe. Ke ne ka gatelela letsogo la gagwe fa fatshe, ke tshaba gore fa nka mo tlogela o tla dirisa tlhobolo ya gagwe go nthuntsha.

Tiragalo eo e ne ya dira gore ke isiwe dikgwedi di le tharo kwa masoleng a a otlhaiwang. Ke ne ka iphitlhela ke nna mo phaposing e nnye e e se nang sepe le banna ba le 30. Mo nakong eno yotlhe, ke ne ke sa kgone le go apara diaparo tse dingwe. Lefelo leno la masole a a otlhaiwang le ne le na le sajene yo o setlhogo yo o neng a itumelela go setla banna. Mme ka nako nngwe fa ke ne ke mo tshosetsa ka gore ke tla mmolaya fa a ka ntshwara, o ne a fokotsa dithupa tsa me tsa kotlhao go tloga go di le 30 go ya go di le tharo. Ke ne ka ithuta go nna seganka fela jaaka batho ba ba neng ba mpogisa.

Ditiro Tsa Sephiri

Ka nako ya fa ke ne ke thapisiwa mo mophatong wa sesole sa dinaga di sele, ke ne ka itlhaganelela go ithaopela go dira ditiro tse dingwe tse di kotsi. Le mo lekgetlhong leno ke ne ke sa itse gore go tsaya kgato eno go tla dira gore ke felele kae. Ke ne ka thapisediwa go nna mo sesoleng se se thapiseditsweng go tlhasela go sa lebelelwa, mo go neng go akaretsa go dirisa mefuta yotlhe ya dibetsa le dibomo. Fa ke fetsa, ke ne ka romelwa kwa Langley, Virginia, kwa United States, kwa ke neng ka bereka le badiredi ba CIA (Central Intelligence Agency) gone.

Go ise go ye kae, ke ne ka nna leloko la setlhopha sa sesole sa sephiri. Mo dingwageng tsa bo1960, ke ne ka nna le seabe mo ditirong tse dintsintsi tsa sephiri. Ke ne ka thusa mo ditirong tse di kgatlhanong le batho ba ba rekang le go rekisa diokobatsi ka tsela e e seng kafa molaong le ba ba rekisang dibetsa ka bokhukhuntshwane kwa Bogareng jwa Amerika le Borwa jwa yone. Fa re ne re tshwara batho bano re ne re laetswe gore re ba bolaye. Ke tlhabiwa ke ditlhong go bolela gore le nna ke nnile le seabe mo ditirong tse di ntseng jalo. Re ne re sa tshwarise ope, kwantle ga ba ba neng ba tla bodiwa dipotso gore go bonwe tshedimosetso.

Moragonyana, ke ne ka abelwa go nna setlhola sa baeteledipele ba sesole sa Spain ka boikaelelo jwa go bona gore ke bomang ba ba sa tshegetseng bobusaesi jwa ga Mojenerale Franco. Gape re ne ra nna ditlhola tsa batho ba ba neng ba ganetsa puso ya ga Franco ba ba neng ba nna kwa Fora. Boikaelelo e ne e le go tsaya majelathoko a botlhokwa ka dikgoka le go ba isa kwa Spain, e nna e kete ba ya go bolawa.

Tiro ya me ya bofelo e ne e le go rulaganya setlhopha sa masole a a yang kwa dinageng di sele, gore ba ye go diga puso kwa nageng nngwe e nnye ya Afrika. Re ne ra laelwa gore re tlhasele bonno jwa masole kwa motsemoshate mme go tswa foo, re bo re gapa ntlo ya segosi ya moporesidente. Fela jaaka go ne go rulagantswe, re ne ra tlhasela naga eno mo gare ga bosigo mme ra wetsa tiro ya rona mo diureng di le nnè fela. Ditsala di le tharo tsa me di ile tsa swa mo ntweng mmogo le bontsintsi jwa masole a “baba.” Le nna ke ile ka nna le seabe mo dipolaong tseno.

Tiragalo eno e e utlwisang botlhoko e ne ya tshwenya segakolodi sa me. Ke ne ke sa kgone go robala ka gonne ke ne ke nna le ditoro tse di maswe kgapetsakgapetsa tse mo go tsone ke neng ke ipona ke bolaya baba ba me fa re ntse re lwa ka diatla. Mo ditorong tsa me tse di tshosang, ke ne ke bona batho ba ba tshogileng ba ke neng ke tloga ke ba bolaya ba nkgotoletse matlho.

Ke ne ka swetsa ka gore nka se tlhole ke nna le seabe gape mo tirong epe e nngwe. Ka jalo, ke ne ka busetsa dipampiri tsotlhe tsa me kwa sesoleng mme ka gololwa. Le fa go ntse jalo, dikgwedi di le tharo moragonyana, balaodi ba me ba ne ba mpitsa gape gore ke tle go dira tiro e nngwe ya botlhola. Ke ne ka tshabela kwa Switzerland mme dikgwedi di le mmalwa moragonyana mosadi wa me e bong Encarnita—yo o neng a sa itse sepe ka tiro ya me ya go nna setlhola sa sephiri—o ne a tla go nna le nna kwa Basel.

Go Thata go Tlogela Mekgwa e e Maswe

Mo dingwageng di le tharo tse ke di feditseng kwa bosoleng, Encarnita o ne o setse a simolotse go ithuta Baebele kwa Spain le Basupi ba ga Jehofa. O ne a mpolelela gore o bone boammaaruri ka Modimo mme tlhagafalo ya gagwe e ne ya nkama. Re ne ra ikgolaganya le Basupi ba kwa Switzerland ka bonako mme ra simolola go ithuta Baebele mmogo.

Ke ne ka itumelela go ithuta ka boikaelelo jwa Modimo. Le fa ke ne ke batla go dumalanya botshelo jwa me le melaometheo ya Baebele, go ne go le thata go dira diphetogo—segolobogolo go fetola botho jwa me jwa go nna bogale. Le fa go ntse jalo, ke ne ke rata tumelo ya me e ntšha. Morago ga go fetsa dikgwedi di le mmalwa ke ithuta, ke ne ka gatelela gore ke setse ke siametse go dira tiro ya Basupi ba ga Jehofa ya go rera ka ntlo le ntlo.

Ka thuso ya ga Jehofa, kgabagare ke ne ka ithuta go nna boikgapo mme fa nako e ntse e tsamaya, nna le Encarnita re ne ra kolobediwa. Fa ke le dingwaga di le 29, ke ne ka tlhomiwa go nna molebedi mo phuthegong.

Ka 1975, re ne ra swetsa ka gore re boele Spain. Mme ba sesole ba ne ba ise ba ntebale mme ke ne ka kopiwa go dira tiro e nngwe e e kgethegileng. Go tila mathata ke ne ka tshabela kwa Switzerland gape. Lelapa la rona le ne la nna koo go fitlha ka 1996 mme kgabagare re ne ra boela kwa Spain.

Gone jaanong ke na le morwaake le morwadiake ba ba mo lenyalong le ditlogolo di le pedi, ba botlhe ba direlang Jehofa. Mo godimo ga moo, mo dingwageng tse di fetileng ke ile ka kgona go thusa batho ba ba ka nnang 16 go itse Jehofa, go akaretsa le lekawana lengwe le le kileng la bo le na le seabe mo megwantong ya mmila ya thubakanyo kwa bokone jwa Spain. Seno se dirile gore ke kgotsofale fela thata.

Ke rapetse Modimo gangwe le gape gore a nthuse go latlha ditsela tsa me tsa nako e e fetileng tsa thubakanyo le gore a nthuse gore ke se ka ka tlhola ke nna le ditoro tse di tshosang tse di sa kgaotseng. Fa ke ntse ke lwela go dira se se siameng, ke ile ka latela kgakololo e e mo go Pesalema 37:5: “Pitikela tsela ya gago mo go Jehofa, o mo ikanye, mme o tla tsaya kgato.” Jehofa o ile a diragatsa tsholofetso eno. O nthusitse go latlha ditsela tsa me tsa thubakanyo. Seno se ne sa nna tshegofatso e kgolo mo go nna le ba lelapa la me.

[Setshwantsho mo go tsebe 21]

Ke ne ka ikwadisa mo sekolong se se nang le bonno le dijo sa Sejesuite fa ke ne ke le dingwaga di le 13

[Setshwantsho mo go tsebe 23]

Ke tloga mo ofising ya masole a dinaga di sele, fa ke sena go gololwa ka 1968

[Setshwantsho mo go tsebe 23]

Ke na le mosadi wa me Encarnita, gompieno