Buka E o Ka e Ikanyang—Karolo 6
Roma mo Hisitoring ya Baebele
Setlhogo seno ke sa borataro mo motseletseleng wa ditlhogo di le supa tse di tlhagang mo dikgatisong tse di latelanang tsa “Tsogang!” tse di buang ka mebusomegolo e supa ya hisitori ya Baebele. Boikaelelo jwa go bo ditlhogo tseno di kwadilwe ke go bontsha gore Baebele e ka ikanngwa le gore e tlhotlheleditswe ke Modimo e bile molaetsa wa yone o naya tsholofelo ya gore pogo e e bakilweng ke go sa buseng sentle go go setlhogo ga dipuso tsa batho e tla fela.
JESU o ne a simolola Bokeresete mme balatedi ba gagwe ba ile ba bo anamisa ka motlha wa Mmusomogolo wa Roma. O sa ntse o ka kgona go bona ditsela, mesele ya metsi le difikantswe tsa Roma mo dinageng tse di jaaka Boritane le Egepeto. Masalela ao a Roma ke a mmatota. A re gakolola gore Jesu le baaposetoloi ba gagwe le bone e ne e le batho ba mmatota mmogo le dilo tse ba neng ba di bua le tse ba neng ba di dira. Ka sekai, fa o tsamaya mo Tselakgolong ya ga Apio, o tsamaya mo tseleng e moaposetoloi wa Mokeresete e bong Paulo a ka tswang a ile a tsamaya ka yone fa a ne a ya Roma.—Ditiro 28:15, 16.
Hisitori E e Ka Ikanngwang
Pego ya Baebele e e ka ga Jesu le baaposetoloi ba gagwe e akaretsa ditiragalo di le dintsi tse di diragetseng Luke 3:1-3, 21) Gape Luke o ne a umaka badiredibagolo ba bangwe ba le banè ba botlhokwa—Filipo (morwarraagwe Herode), Lisaniase, Anase le Kaiafase. Maina ano otlhe a le supa a ile a tlhomamisiwa ke bakwalahisitori ba lefatshe. Le fa go ntse jalo, mma re tlotle ka Tiberio, Pilato le Herode.
mo lekgolong la ntlha la dingwaga. Ela tlhoko kafa mokwadi wa Baebele e bong Luke a ileng a tlhalosa sentle ngwaga o a boneng ditiragalo di le pedi tse di botlhokwa thata ka teng: go simologa ga bodiredi jwa ga Johane Mokolobetsi le go kolobediwa ga ga Jesu, yo ka nako eo a ileng a nna Keresete kgotsa Mesia. Luke o ne a kwala gore ditiragalo tseo di diragetse “mo ngwageng wa bolesome le botlhano wa puso ya ga Tiberio Kaesara [29 C.E.], fa Ponto Pilato a ne a le molaodi wa Judea, mme Herode a ne a le mmusi wa kgaolo ya Galalea.” (Tiberio Kaesara o itsiwe thata mme tsela e a neng a lebega ka yone e ile ya tshwantshiwa mo ditshwantshong. Lekgotla le le Tlhomang Melao la Roma le ne la mo tlhoma go nna mmusimogolo ka September 15 ka ngwaga wa 14 C.E., fa Jesu a ne a le dingwaga tse di ka nnang 15.
Leina la ga Ponto Pilato le tlhaga le la ga Tiberio mo pegong e e kwadilweng ke mokwalahisitori wa Moroma e bong Tacitus ka bonako morago ga gore Baebele e wediwe go kwalwa. Tacitus o ne a kwala jaana malebana le lefoko “Mokeresete”: “Christus (Keresete), e leng leina le lefoko Mokeresete le tswang mo go lone, o ne a bogisiwa ka tsela e e setlhogo ka nako ya puso ya ga Tiberio, a bogisiwa ke mongwe wa baemedi ba mmusi wa rona e bong Ponto Pilato.”
Herode Antipase o itsege e le monna yo o neng a aga motse wa Tiberia gaufi le Lewatle la Galalea. Gape o ile a aga ntlo ya gagwe koo. Go ka direga gore Herode o ne a dira gore Johane Mokolobetsi a kgaolwe tlhogo kwa Tiberia.
Dipego tsa Baebele gape di tlhalosa ka ditiragalo tsa botlhokwa mo motlheng wa Baroma. Baebele e bolela jaana ka nako ya fa Jesu a ne a tsholwa: “Jaanong mo malatsing ao Kaesara Aguseto a ntsha taelo ya gore lefatshe lotlhe le le nang le banni le kwadisiwe; (kwadiso eno ya ntlha e ne ya diragala fa Kwirinio a ne a le molaodi wa Siria;) mme batho botlhe ba tsaya loeto ba ya go kwadisiwa, mongwe le mongwe kwa motseng wa gagabo.”—Luke 2:1-3.
Tacitus mmogo le mokwalahisitori wa Mojuda e bong Josephus ba bua ka Kwirinio. Boammaaruri jwa gore ikwadiso e e ntseng jalo e ile ya diragala bo fitlhelwa mo taelong ya molaodi wa Moroma e e bolokilweng kwa Laeboraring ya Boritane. E balega jaana: “E re ka nako ya gore batho ba balwe ka ntlo le ntlo e fitlhile, go botlhokwa gore go patelediwe batho botlhe ba ba sa nneng kwa dikgaolong tsa bone le fa e ka tswa e le ka mabaka afe, gore ba boele kwa magaeng a bone.”
Ditiro 11:28) Mokwalahisitori wa lekgolo la ntlha la dingwaga e bong Josephus o tlhomamisa gore pego eno e boammaaruri. O ne a kwala jaana: “Ruri ba ne ba welwa ke leuba ka nako eo mme batho ba le bantsi ba ne ba swa.”
Baebele gape e umaka “leuba le legolo . . . mo nakong ya ga [Mmusimogolo wa Roma] Kalaudio.” (Mo godimo ga moo, mo go Ditiro 18:2, Baebele e bolela gore “Kalaudio a ne a laetse gore Bajuda botlhe ba tloge mo Roma.” Pego ya botshelo jwa ga Kalaudio e e kwadilweng ka 121 C.E. ke mokwalahisitori wa Moroma e bong Suetonius e tlhomamisa seno. Suetonius a re, Kalaudio “o ne a leleka Bajuda botlhe kwa Roma,” a bo a oketsa ka gore Bajuda “ba ne ba nna ba tsosa dikgaruru” ka ntlha ya bosetlhogo jwa bone mo Bakereseteng.
Baebele ya re mo e ka nnang ka nako ya leuba le le umakilweng fa godimo, Herode Ageripa, a apere “diaparo tsa segosi,” o ne a neela batho ba ba neng ba mo tlotla puo mme ba araba ba re: “Ke lentswe la modimo, ga se la motho!” Go tswa foo Baebele e bolela gore, Ageripa “a jewa ke diboko mme a swa.” (Ditiro 12:21-23) Josephus le ene o ne a kwala ka tiragalo eno mme a kwala dintlha di le mmalwa tse di oketsegileng. O ne a kwala gore Ageripa o ne a neela puo eno a apere “seaparo se se dirilweng gotlhe ka selefera.” Gape o ne a bolela gore ‘Ageripa o ne a nna le setlhabi se se botlhoko mo mpeng mme se ne sa simolola ka tsela e e botlhoko thata.’ Josephus o ne a bolela gore Ageripa o ne a swa morago ga malatsi a le matlhano.
Boporofeti Jo bo Ka Ikanngwang
Gape Baebele e na le boporofeti jo bo gakgamatsang jo bo ileng jwa kwalwa le go diragadiwa mo motlheng wa Baroma. Ka sekai, fa Jesu a ne a tsena mo Jerusalema, o ne a lela a bo a bolelela pele kafa masole a Baroma a neng a tla senya motse ka gone. Jesu o ne a re: “Malatsi a tla go tlela a baba ba gago ba tla agang legoratshireletso la dikota tse di motsu go go dikologa, . . . ga ba na ba tlogela leje mo godimo ga leje mo go wena, ka gonne o ne wa se ka wa lemoga nako ya go tlhatlhobiwa ga gago.”—Luke 19:41-44.
Le fa go ntse jalo, balatedi ba ga Jesu ba ne ba tla nna le tshono ya go tshaba. Jang? Jesu o ne a ba neela ditaelo tse di kgethegileng e sale gale. O ne a tlhagisa jaana: “Fa lo bona Jerusalema a dikologilwe ke masole a a thibeletseng, itseng gore go kgakgabadiwa ga gagwe go atametse. A ba ba kwa Judea ba simolole go tshabela kwa dithabeng, mme a ba ba mo gare ga gagwe [Jerusalema] ba tloge.” (Luke 21:20, 21) Balatedi ba ga Jesu ba ka tswa ba ile ba ipotsa gore, ‘Re tla tshaba jang mo motseng o o dikaganyeditsweng?’
Josephus o ne a kwala ka se se diragetseng. Ka 66 C.E., fa molaodi wa Moroma a tsaya madi a makgetho a Bajuda ba neng ba a kolota Baroma, Bajuda ba ba tsuologang ba ba neng ba galefile ba ne ba bolaya masole a Roma mme ka go dira jalo ba ipusa. Moragonyana mo ngwageng oo, Cestius Gallus, molaodi wa Moroma wa kwa Siria, o ne a ya borwa le masole a le 30 000 mme a goroga kwa Jerusalema ka nako ya moletlo wa bodumedi. Gallus o ne a tsena mo metseng e e gaufi a bo a simolola go koafatsa lobota lwa tempele kwa batsuolodi ba neng ba tshabetse gone. Morago ga foo, Gallus o ne a boela morago go sa lebelelwa! Bajuda ba ba neng ba itumetse ba ne ba tlhasela masole a gagwe a a neng a boela morago.
Bakeresete ba ba ikanyegang ga ba a ka ba tsiediwa ke kafa dilo di neng tsa direga ka gone. Ba ne ba lemoga gore ba ne ba bone boporofeti jo bo gakgamatsang jwa ga Jesu bo diragadiwa: Motse o ne o dikologilwe ke masole a a thibeletseng! Mme e re ka masole ano a ne a boetse morago, Bakeresete ba ba ikanyegang ba ne ba dirisa tshono eno gore ba tshabe. Ba le bantsi ba ne ba ya kwa Pela, motse wa Baditšhaba, ba ba neng ba sa inaakanye le dipolotiki, o o neng o le kwa dithabeng go kgabaganya Joredane.
Go ne ga diragala eng ka Jerusalema? Masole a Roma a ne a boa, a eteletswe pele ke Vespasian le morwawe e bong Titus—mo lekgetlhong leno ba na le masole a le 60 000. Ba ne ba tsena mo motseng pele ga Tlolaganyo ka 70 C.E., ba kganela baagi le baeti ba sedumedi ba ba neng ba thologetse koo go ya moletlong. Masole a Roma a ne a ntsha ditlhare tsa kgaolo eo mme ba aga logora lwa dikota tse di motsu, fela jaaka Jesu a ne a boleletse pele. Mo e ka nnang morago ga dikgwedi tse tlhano, motse o ne wa wa.
Titus o ne a laela gore tempele e tlogelwe; mme lesole lengwe le ile la e fisa mme tempele e ne ya senngwa mme ga se ka ga tlogelwa leje lepe mo godimo ga le lengwe—fela jaaka Jesu a ne a boleletse pele. Go ya ka Josephus, Bajuda bangwe le basokologi ba le 1 100 000 ba ne ba swa, bontsi jwa bone ba bolawa ke tlala le malwetse a leroborobo mme ba bangwe ba le 97 000 ba ne ba isiwa botshwarwa.
Batshwarwa ba le bantsi ba ne ba romelwa kwa Roma go nna makgoba. Fa o etela kwa Roma gompieno, o ka kgona go bona lefelo la bobogelo le le tumileng le le bidiwang Colosseum, le le neng la felelediwa ke Titus morago ga letsholo la gagwe kwa Judea. O ka kgona go bona gape le Arch of Titus, e e leng segopodiso sa go fenngwa ga Jerusalema. Ee, boporofeti jwa Baebele bo ikanyega ka ditsela tsotlhe. Abo go le botlhokwa jang ne gore re tseye tsia se Baebele e se bolelang ka isagwe!Tsholofelo E o Ka e Ikanyang
Fa Jesu a ne a eme fa pele ga Mmusi wa Roma e bong Ponto Pilato, o ne a bua ka Bogosi kgotsa puso, e ‘e seng karolo ya lefatshe leno.’ (Johane 18:36) Ee ruri, Jesu o ne a ruta balatedi ba gagwe go rapelela puso eo ya bogosi. O ne a re: “Rraarona yo o kwa magodimong, . . . a bogosi jwa gago bo tle. A thato ya gago e diragale le mo lefatsheng, jaaka kwa legodimong.” (Mathaio 6:9, 10) Ela tlhoko gore Bogosi jwa Modimo bo tla dira gore thato ya Modimo—e seng ya batho ba ba ikgantshang le ba ba ikgodisang—e diragadiwe mo lefatsheng.
Jesu o busa e le Kgosi mo Bogosing joo jwa kwa legodimong. Mme go dumalana le boikaelelo jwa Modimo jwa kwa tshimologong, o tla dira lefatshe lotlhe paradaise.—Luke 23:43.
Bogosi jwa Modimo bo tla tsaya kgato leng mo dilong tse di diragalelang batho? Jesu yo o tsositsweng o ne a supa gore karabo ke eng fa a ne a bua le moaposetoloi wa gagwe e bong Johane, yo o neng a le kwa kgolegelong kwa setlhaketlhakeng sa Patamose ka nako ya fa go ne go busa Mmusimogolo wa Moroma e bong Domitian, morwarraagwe Titus. Jesu o ne a bolela jaana: “Go na le dikgosi di le supa: di le tlhano di ole, e le nngwe e gone, e nngwe ga e ise e goroge, mme fa e goroga e tla nna lobakanyana.”—Tshenolo 17:10.
Fa Johane a ne a kwala mafoko ao, “dikgosi” tseno tse tlhano kgotsa mebusomegolo, e ne e wele: Egepeto, Asiria, Babelona, Bameda le Baperesia le Gerika. E e leng “gone” kgotsa e e neng e le gone ka nako ya ga moaposetoloi Johane, e ne e le Roma. Ka jalo, go setse e le nngwe fela—mmusomogolo wa bofelo wa lefatshe mo hisitoring ya Baebele. O itshupile e le ofe? O tla busa nako e kana kang? Dipotso tseno di tla sekasekiwa mo makasineng o o latelang wa Tsogang!