A Baebele e Mpampetsa Bokgoba?
Baebele ya Reng . . .
A Baebele e Mpampetsa Bokgoba?
GO RATA moagelani ke nngwe ya dithuto tsa motheo tsa Baebele. Le fa go ntse jalo, lorato lo farologane gotlhelele le kgopolo ya bokgoba jo mo go jone batho ba gatelelwang. Ke ka moo batho bangwe ba gakgamadiwang ke go bo go umakiwa bokgoba mo Baebeleng.
Mo metlheng ya bogologolo Modimo o ne a letlelela batho ba gagwe go nna le makgoba. (Genesise 14:14, 15) Tota le mo metlheng ya baaposetoloi, Bakeresete bangwe ba ne ba na le makgoba e bile bangwe e ne e le makgoba. (Filemone 15, 16) A seno se raya gore Baebele e mpampetsa bokgoba jo mo go jone batho ba gatelelwang?
Tsela ya go Rulaganya Batho e e Thulanang le Melaometheo ya Baebele
Ka nako ya fa Baebele e simololwa go kwalwa, batho ba ne ba setse ba simolotse mekgwa ya go rulaganya batho le dithulaganyo tsa ikonomi tse di neng di thulana le melaometheo ya bomodimo. Le fa mengwe ya mekgwa e e neng e dirisiwa e ne e kgalwa ke Molao wa gagwe o o kwadilweng, Modimo o ne a tlhopha go letlelela e mengwe, e e jaaka bokgoba.
The International Standard Bible Encyclopedia e bolela jaana malebana le tsela e setšhaba sa bogologolo sa Baiseraele se neng se rulagantswe ka yone: “Tota se ne se tshwanetse go dirisana jaaka bomorwarramotho, mo go neng go se na batho ba ba humanegileng [e bile go ne go se na] go sotliwa ga batlholagadi, batho ba ba se nang magae kgotsa dikhutsana.” Ka jalo, go na le gore go letlelelwe fela thulaganyo e e neng e setse e tlhomilwe ya go rulaganya batho le ya ikonomi, Molao wa Modimo o ne wa laola bokgoba gore fa bo le gone, makgoba a tshwarwe ka tsela ya botho le e e lorato.
Bokgoba mo Hisitoring ya Baebele
Ela tlhoko melao e e latelang e e neng e akareditswe mo Molaong o o neng o filwe Moshe:
● Go utswa motho o bo o mo rekisa e ne e le selo se o ka se otlhaelwang ka loso. (Ekesodo 21:16) Le fa go ntse jalo, fa Moiseraele a setse a dirisitse dithulaganyo tsotlhe tse di diretsweng go thibela khumanego mme a bo a setse a iphitlhela a le mo sekolotong se segolo, gongwe e le ka ntlha ya go dira ditshwetso tse di seng botlhale mo kgwebong, o ne a ka ithekisa go nna lekgoba. Mo maemong mangwe, o ne a ka kgona le go dira madi a a oketsegileng a a neng a ka kgona go ithekolola ka one.—Lefitiko 25:47-52.
● Ono e ne e se mofuta o o gatelelang wa bokgoba o o sa bolong go tlwaelega mo dinageng di le dintsi go ralala dingwaga. Lefitiko 25:39, 40 ya re: “Fa go direga gore morwarrago a humanege fa thoko ga gago mme a tshwanelwa ke go ithekisa mo go wena, o se ka wa mo dirisa jaaka modiri mo tirelong ya botlhanka. A nne le wena jaaka modiri yo o thapilweng, jaaka mothibeledi.” Ka jalo, eno e ne e le thulaganyo e e lorato ya go tlhokomela Baiseraele ba ba humanegileng thata.
● Motho yo o neng a fitlhelwa a le molato ka ntlha ya go utswa mme a sa kgone go duela molato wa gagwe otlhe go ya ka Molao, o ne a ka rekisiwa go nna lekgoba mme ka tsela eno o ne a ka kgona go duelela molato wa gagwe otlhe. (Ekesodo 22:3) Fa a setse a duetse molato wa gagwe otlhe ka go berekela mong wa gagwe, o ne a ka gololesega go tsamaya.
● Bokgoba jo bo setlhogo le jo bo gatelelang bo ne bo sa letlelelwa mo Molaong o Modimo a neng a o file Baiseraele. Le fa beng ba makgoba ba ne ba letleletswe go otlhaya makgoba a bone, go feteletsa dilo go ne go ileditswe. Fa lekgoba le ne le bolailwe ke mong wa lone, le ne le tshwanetse go busolosediwa. (Ekesodo 21:20) Fa lekgoba le ne le ka golafadiwa, la latlhegelwa ke leino kgotsa leitlho, le ne le gololwa.—Ekesodo 21:26, 27.
● Moiseraele mongwe le mongwe o ne a letleletswe go bereka e le lekgoba ka dingwaga di le thataro. (Ekesodo 21:2) Makgoba a Bahebera a ne a gololwa ka ngwaga wa bosupa wa tirelo ya bone. Molao o ne o laela gore dingwaga dingwe le dingwe di le 50 makgoba otlhe a Baiseraele a ne a tshwanetse go gololwa mo nageng yotlhe, go sa kgathalesege gore motho o nnile lekgoba ka nako e kana kang.—Lefitiko 25:40, 41.
● Fa lekgoba le ne le gololwa, mong wa lone o ne a tshwanetse go nna pelotshweu mo go lone. Duteronome 15:13, 14 ya re: “Fa go direga gore o mo tsamaise o mo ntshe mo go wena jaaka yo o golotsweng, o se ka wa mo tsamaisa o mo ntsha a iphotlhere fela. O mo tlhomelele ka sengwe go tswa mo letsomaneng la gago le mo seboaneng sa gago le mo segatisetsong sa gago sa leokwane le beine.”
Moragonyana, mo metlheng ya ga Jesu le baaposetoloi ba gagwe, bokgoba e ne e le selo se se tlwaelegileng mo Mmusomogolong wa Roma. Fa Bokeresete bo ne bo anama, go ne go se na pelaelo gore batho ba e neng e le makgoba le ba bangwe ba e neng e le beng ba makgoba ba ne ba tla utlwa dikgang tse di molemo mme e nne Bakeresete. Jesu Keresete le baaposetoloi ba gagwe ga ba a ka ba rera gore go nne le kgololesego le diphetogo mo dikgannyeng tsa batho e kete ba leka go fetola thulaganyo e e neng e setse e le gone. Go na le moo, makgoba le beng ba makgoba ba ne ba kgothalediwa gore ba ratane jaaka bakaulengwe ba semoya.—Bakolosa 4:1; 1 Timotheo 6:2.
Go Fela ga Bokgoba
Fela jaaka go ntse ka potso nngwe le nngwe e e amanang le Baebele, kgang ya bokgoba e tshwanetse go akanyediwa go ya ka se go buiwang ka sone. Go sekaseka Dikwalo ka kelotlhoko go bontsha gore Modimo o tlhoile go tshwarwa makgwakgwa ga batho.
Gape go sekaseka Dikwalo jalo go senola gore mofuta wa bokgoba o o neng o dirisiwa ke batho ba Modimo mo Baebeleng ga se mofuta wa bokgoba o o setlhogo le o o sotlang jaaka batho ba le bantsi ba akanya gompieno. Mme Baebele e bontsha gore Modimo o tla re golola mo mefuteng yotlhe ya bokgoba ka nako e e tshwanetseng. Go tswa foo, batho botlhe ba tla itumelela kgololesego ya mmatota.—Isaia 65:21, 22.
A O KILE WA IPOTSA GORE. . .
● A Baebele e mpampetsa go tshwarwa makgwakgwa ga makgoba?—Lefitiko 25:39, 40.
● Bakeresete ba ne ba tshwanetse go tshwara makgoba jang?—Bakolosa 4:1.
[Mafoko a a mo go tsebe 29]
Modimo o tlhoile go tshwarwa makgwakgwa ga batho
[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 29]
© G.M.B. Akash/Panos Pictures