Ditiragalo Tsa Lefatshe
Ditiragalo Tsa Lefatshe
Dipalopalo tse di ntshitsweng ke Mokgatlho wa Pabalesego wa Ditsela wa Arabia, o o kwa Tunisia, di bontsha gore go direga dikotsi tsa ditsela tse di fetang 500 000 kwa dinageng tsa kwa Arabia ngwaga le ngwaga mme seno se felela ka gore go swe batho ba ba fetang 36 000.—REUTERS NEWS SERVICE, TUNISIA.
“Go ya ka patlisiso nngwe, Internet ke tsela e e botlhokwa thata ya go bona tshedimosetso ka tlhakanelodikobo mo baneng ba dingwaga tsa bolesome ba Ba-China, ka gonne thuto ka tlhakanelodikobo e ba e fiwang kwa sekolong le kwa gae ga e a lekana.”—CHINA DAILY, CHINA.
Dikhamera Tsa Khomputara Tse di Lebelelang mo Sephiring
Bosheng jaana mapodise a kwa Jeremane a ile a tshwara monna mongwe yo o latofadiwang ka gore o ile a kgona go bona mo teng ga diphaposi tsa basetsanyana ba le bantsi a dirisa dikhamera tsa khomputara tsa basetsana bano. Motho yono yo o utswang tshedimosetso mo dikhomputareng o ile a kgona go fopholetsa leina kgotsa nomoro ya sephiri ya go tsena mo Internet ya basetsana bao ka gonne go ne go le motlhofo go e fopholetsa mme seno se ne sa dira gore a kgone go nna le tshedimosetso ya go ikgolaganya le batho ba le mmalwa. Go bolelwa gore o ile a dirisa tshedimosetso eno go romela (dithulaganyo tse di sa siamang tsa khomputara) a dira e kete ke ditshwantsho tse di kgabisang sekirini sa khomputara, a bo a di romelela ditsala tsa mosetsana yo a utswitseng tshedimosetso ya gagwe—se se dirang gore a kgone go laola dikhomputara tsa basetsana bano a le kgakala mme a dirisa dikhamera tsa bone tsa khomputara nako nngwe le nngwe. Go ya ka Aachener Zeitung, go bolelwa gore fa babatlisisi ba phuruphutsha folete ya senokwane seno, ba ne ba fitlhela gore o na le ditshwantsho di le dimilione di le tharo mme “o ne a kgona go bula dikhomputara tsa basetsana ba le 80 ka nako e le nngwe bone ba sa itse.”
Dipuo Tse Disha mo Saenseng
Baitse ba dipuo ba ba sekasekang dipuo tse go sa itsiweng thata ka tsone tsa Se-Aka le Se-Miji—tse di buiwang kwa nageng ya India e e leng kwa bokonebotlhaba jwa Arunachal Pradesh, e e gaufi le Bhutan le China—ba ne ba lemoga gore go na le puo e nngwe ya boraro e e buiwang koo, e e itsegeng e le Se-Koro. Mmatlisisi mongwe e bong, Gregory Anderson, yo e leng mokaedi wa Living Tongues Institute for Endangered Languages, o ne a re: “Puo eno ke puo e e iseng e ko e kwadisiwe semolao, e e sa itsiweng gotlhelele e bile go se na mokwalo ope wa yone.” Se-Koro se ne se sa lemogiwe ka gonne se ne se buiwa ke batho ba ba ka nnang 800 fela ba ba nnang mo lefelong le batho ba sa yeng thata kwa go lone. Ka 2009, go ne ga lemogiwa gore go na le dipuo di le 24 mo kgaolong ya China e mo go yone go neng go itsiwe gore go buiwa puo e le nngwe fela.
Dikolobe Tsa Naga Tse di Nang le Marang a a Kotsi
Spiegel Online e ne ya bega jaana: “Madi a puso e a ntshang go duela batsomi ba ba ileng ba latlhegelwa ke lotseno lwa bone ka ntlha ya dikolobe tsa naga tse di nang le marang a a kotsi, a ile a oketsega ka makgetlho a le manè [kwa Jeremane] fa e sale ka 2007.” Batsomi ba le bantsi ba rekisetsa batho nama ya dikolobe tsa naga mme melao ya puso e kganela go rekisiwa ga nama e e nang le selekanyo se se kwa godimo sa cesium-137, e leng elemente nngwe e e nang le marang a a kotsi a a ileng a bakiwa ke kotsi ya kwa Chernobyl dingwaga di le 25 tse di fetileng. Spiegel e tlhalosa gore dikolobe tsa naga di nna le botlhole jono ka gonne di rata go ja “di-mushroom le di-truffle tse di kgonang go monya marang a a kotsi thata. Le fa go ntse jalo, lebaka la go bo madi a puso e a duelang a ile a tlhatloga jalo, ga se ka ntlha ya go bo marang a a kotsi a oketsegile mme ke ka go bo dikolobe tsa naga tsa kwa Jeremane di oketsegile thata.” Baitse ba bolela gore bothata jwa marang a a kotsi bo tla nna teng dingwaga tse dingwe di le 50 tse di latelang.