Tiro ya Ngwaga Otlhe ya Badisa ba Kwa Wales
Tiro ya Ngwaga Otlhe ya Badisa ba Kwa Wales
BADISA go ralala lefatshe ba tlhokomela dinku tse di fetang bilione. Paka nngwe le nngwe e na le dikgwetlho tsa yone. Gerwyn, Ioan le Rhian ba tlhalosa tiro ya modisa kwa dithabeng tsa Wales, naga e kwa go yone palo ya dinku e fetang palo ya batho ka rashio ya mo e ka nnang 3 go 1.
Dikwanyana Tsa Dikgakologo
Fa nako ya dikgakologo e goroga, badisa ba bereka bosigo le motshegare go thusa dinku tse di namagadi go tsala.
Gerwyn: “Le fa nako ya fa dinku di tsala e le nako e e lapisang go gaisa mo ngwageng, ga go na pelaelo gore ke nako e e itumedisang thata mme ntša e e thapisitsweng sentle e botlhokwa thata. Fa nku e nna le mathata fa e tsala, ntša ya me e e tshwara ka bonolo e bo e e baya fa fatshe gore ke kgone go e thusa.”
Ioan: “Go sa kgathalesege gore ke thusa dinku ka makgetlho a le kae gore di tsale, ka metlha ke selo se se itumedisang go bona dikwanyana tse di sa tswang go tsalwa!”
Go Beola ka Selemo
Tiro ya modisa ka selemo ke go beola boboa jwa nku, jo bo ka nnang boima jwa dikilogerama tse di ka nnang lesome, go ikaegile ka gore ke ya mofuta ofe. Modisa a ka beola dinku tse di ka nnang 250 ka letsatsi.
Rhian: “Sa ntlha, ke tlosa boboa bope fela jo bo leswe mo mogatleng wa nku go e baakanyetsa gore e beolwe. Mo metsotsong e le mebedi, babeodi ba ba nang le bokgoni ba ka tlosa boboa jotlhe jwa nku ba dirisa magare a motlakase. Gape ke thusa go phepafatsa boboa mme morago ga foo ke bo mena ka kelotlhoko, ke bo ke bo tsenya mo dikgetsing gore bo ye go rekisiwa.”
Kwa mafelong a a seng mo dithabeng, badisa ba solofela gore pula e se ka ya na mo dibekeng di le pedi gore ba tle ba kgone go sega bojang mme ba dire furu ya boleng jo bo kwa godimo ka jone. Dijo tseno di tla thusa go fepa letsomane ka nako ya mariga. Ba lelapa le ditsala ba thusa go rwala merwalo eno.
Ioan: “Nngwe ya dinako tsa me tse di itumedisang ke fa ke tsamaya mo tshimong mo mosong morago ga go roba mme thobo yotlhe e setse e phuthilwe.”
Go Phutha ka Letlhabula
Gore badisa ba kgone go kgaoganya dinku tse di namagadi le dikwanyana tse di kgwisitsweng, letsomane le a phuthiwa go tswa kwa mafelong a a kwa dithabeng.
Ioan: “Tota le fa go se na magora kgotsa marako mo dithabeng dingwe, ga se gantsi dinku di timelang kgotsa di tsenang mo tshimong ya moagelani. Mo polaseng ya rona, nku e e namagadi e e nang le dikwanyana e itse melelwane. E re ka e ithutile seno go tswa go mmaayone kgotsa modisa wa yone, nku eno e ruta dikwanyana tsa yone tse di namagadi melelwane eno. Le fa go ntse jalo, ka dinako tse dingwe, re fetsa diura di le dintsi—le e leng malatsi—re batlana le di le mmalwa tse di timetseng.”
Gape badisa ba tlhatlhoba diphelefu, ba a di reka le go di baakanyetsa dinku tse di namagadi. Go tlhokega phelefu e le nngwe mo dinkung tse di namagadi di le 25 go ya go di le 50. Dinku tseno di tsewa e le peeletso ya mo isagweng ya letsomane.
Mo gare ga dibeke di le 10 le 12 fa diphelefu di sena go kopana le dinku tse di namagadi, modisa o dirisa scanner sa ultrasound go bona gore ke dinku dife tse di dusang le gore nngwe le nngwe ya tsone e tla nna le dikwanyana di le kae ka nako ya dikgakologo. Dinku tse e leng mereba di a rekisiwa. Tse di dusang kwanyana e le nngwe di bewa mmogo mme tse di dusang mafatlha kgotsa dikwanyana di le tharo di newa tlhokomelo e e kgethegileng le dijo tse di oketsegileng.
Go di Fepa ka Mariga
Go fepa dinku tse di dusang go tsaya nako e ntsi ya modisa ka paka ya mariga fa diura tsa motshegare di a bo di le dikhutshwane. Le fa maemo a bosa a ka tswa a ntse jang, ka metlha modisa o nna a le gaufi le dinku go tlhomamisa gore di na le dijo tse dintsi fa bojang bo le segagane.
Gerwyn: “Ka dinako tseo, dinku di tlhoka modisa wa tsone mme di ikaegile ka ene gore di bone dijo le tshireletso.”
Rhian: “Go itumedisa fela thata go nna o le kwa ntle ka dipaka tsotlhe go bona diphetogo tse dintsi mo diphologolong le mo dijalong—tuelo e kgolo fa ke ntse ke tswelela ka tiro e ke e ratang thata ya go tlhokomela letsomane la me.”
[Mmapa mo go tsebe 12]
(Go bona mokwalo o o feletseng, leba kgatiso)
NORTHERN IRELAND
IRELAND
SCOTLAND
WALES
ENGELANE
[Setshwantsho mo go tsebe 14]
Ioan o tlhatlhoba phelefu
[Setshwantsho mo go tsebe 14]
Gerwyn a na le ntša e e thapisitsweng sentle e e tlhokomelang dinku