Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Sekaseka Bosupi

Sekaseka Bosupi

Sekaseka Bosupi

O MO setlhaketlhakeng se se kgakala se go se nang batho mo go sone. Fa o ntse o tsamaya mo lotshitshing lwa lewatle, o bona lefika le le gabilweng mafoko a a reng, “John 1800.” Ka go bo setlhaketlhake seno se le kgakala e bile se se na batho, a o tla swetsa ka gore mokwalo oo o tshwanetse wa bo o ile wa nna gone ka ntlha ya phefo kgotsa go elela ga metsi? Nnyaa le e seng! Go siame gore o swetse ka gore mongwe o gabile mokwalo oo. Ka ntlha yang? Sa ntlha, go latelana ga ditlhaka le dinomoro tse di kwadilweng sentle—tota le fa di kwadilwe ka puo e sele—ga go itiragalele fela. Sa bobedi, mafoko ano a na le tshedimosetso e e nang le bokao, go bontsha gore go na le mongwe yo o botlhale yo o a kwadileng.

Letsatsi lengwe le lengwe, re bona tshedimosetso e e kwadilweng ka ditsela tse di farologaneng—e e jaaka Mokwalo wa Difofu kgotsa ditlhaka tsa dialefabete, mmogo le ditshwantsho, dinoto tsa mmino, mafoko a a buiwang, matshwao a diatla, makhubu a radio le dithulaganyo tsa khomputara tse di akaretsang binary code, e e dirisang bonnoto le bonngwe. Tsela e tshedimosetso e ka rekotiwang ka yone e ka nna ka tsela le fa e le efe, go tloga ka lesedi go fitlha ka makhubu a radio go ya go pampiri le enke. Go sa kgathalesege gore go dirisiwa eng, ka metlha batho ba amanya tshedimosetso e e nang le bokao le mongwe yo o botlhale—ke fela fa tshedimosetso eo e le mo seleng e e tshelang. Batho ba ba dumelang gore ditshedi di iphetogetse ka botsone go nna tse dingwe ba bolela gore tshedimosetso eo e nnile gone ka boyone fela kgotsa e ikwadile ka tsela nngwe. A mme go ntse jalo? Sekaseka bosupi.

A Tshedimosetso e e Raraaneng e Kgona go Ikwala?

Mo e ka nnang mo seleng nngwe le nngwe e e tshelang mo mmeleng wa gago, go na le khoute e e gakgamatsang e e bolokilweng mo karolong e e mo garegare ga sele (nucleus), e e bidiwang deoxyribonucleic acid, e leng DNA fa e khutshwafaditswe. E mo teng ga molekhule e e megala mebedi e e lebegang e kete ke llere e e itshopileng. DNA ya gago e tshwana le resepe kgotsa thulaganyo e e kaelang popego, kgolo, tlhokomelo le go ata ga disele di le ditrilione tse di bopang mmele wa gago. Dikarolo tsa konokono tse di bopang DNA di bidiwa di-nucleotide. Dikarolo tseno di bidiwa A, C, G le T, go ikaegile ka gore di na le khemikale efe. * Fela jaaka go ntse ka ditlhaka tsa dialefabete, dikarolo tseno tse nnè di ka kopanngwa ka ditsela di le dintsi go dira “diele”—ditaelo tse di laolang go ata le dilo tse dingwe tse di diregang mo teng ga sele.

Tshedimosetso yotlhe e e mo teng ga DNA ya gago e bidiwa dijini. Go latelana go go rileng ga ditlhaka tse di mo teng ga DNA ya gago ga go tshwane le ga ga ope, ka gonne DNA ya gago e na le tshedimosetso ya dilo tse o di gotsitseng—mmala wa matlho a gago, mmala wa letlalo le popego ya nko ya gago, jalo le jalo. Re ka re fela, dijini tsa gago di ka tshwantshiwa le laeborari e kgolo ya diresepe tsa karolo nngwe le nngwe ya mmele wa gago mme kwa bofelong dikarolo tseno tsotlhe fa di kopane di dira wena.

“Laeborari” eno e kgolo go le kana kang? E boleele jwa “ditlhaka” kgotsa di-nucleotide (tsa konokono) tse di ka nnang dibilione di le tharo. Go ya ka Human Genome Project, fa di ne di ka kwalwa mo pampiring, buka eo e ne e ka tlatsa dibolumo di le 200, bogolo jwa buka ya thelefouno e e nang le ditsebe di le 1 000.

Dintlha tseno di re gopotsa thapelo e e kgatlhang e e neng ya kwalwa dingwaga tse di ka nnang 3 000 tse di fetileng. Thapelo eno e e fitlhelwang mo Baebeleng mo go Pesalema 139:16, e balega jaana: “Matlho a gago a ne a mpona ke le losea lo lo mo popelong, mme dikarolo tsotlhe tsa lone di ne di kwadilwe mo bukeng ya gago.” Gone ke boammaaruri gore mokwadi yono o ne a sa akanye ka saense mme o ne a dirisa puo e e motlhofo go tlhalosa tshedimosetso e e gakgamatsang e e opang kgomo lonaka go bontsha botlhale le maatla a a boitshegang a Modimo. Abo thapelo eno e farologane jang ne le mekwalo e mengwe ya bogologolo ya bodumedi, e e neng e tletse ka ditlhamane le tumelobotlhodi!

Ke Mang yo o Rulagantseng “Laeborari” Eno?

Fa mabaka a re bontsha gore mafoko a a reng “John 1800” a a gabilweng mo lefikeng a tshwanetse a bo a kwadilwe ke mongwe yo o botlhale, a ga go a tshwanela go nna jalo le ka tshedimosetso e e raraaneng e bile e na le bokao e e mo teng ga DNA? Tota e bile, tshedimosetso ke tshedimosetso go sa kgathalesege gore e fitlhelwa kae kgotsa gore e tswa mo motsweding ofe. Moitse wa dikhomputara le tshedimosetso ya saense e bong, Donald E. Johnson, o ne a bolela gore melao ya khemiseteri le fisikisi ga e kgone go dira tshedimosetso e e raraaneng kgotsa dithulaganyo tse di dirisang tshedimosetso eo. Ke boammaaruri gore fa tshedimosetso e raraane thata go tshwanetse ga bo go ile ga tlhokega motho yo o botlhale le go feta go e kwala. Ngwana a ka kgona go kwala “John 1800.” Mme ke mongwe yo o nang le tlhaloganyo e e fetang ya motho yo a ka kgonang go kwala khoute ya botshelo. Mo godimo ga moo, lokwalopaka lwa Nature lo bolela gore “fa re ntse re ithuta go ya pele, re bona dilo tse di raraaneng le go feta” nako nngwe le nngwe fa go ribololwa sengwe se sesha.

Go bolela gore tshedimosetso e e raraaneng ya laeborari e e mo teng ga DNA e nnile gone ka boyone fela le gore ga e kaelwe ke ope go thulana le mabaka a a leng teng le maitemogelo a batho. * Go tlhokega tumelo e e sa utlwaleng go dumela gore dilo tse di diregang mo teng ga DNA di itiragaletse ka botsone fela.

Mo maitekong a bone a go dira gore go dumelwe gore Modimo ga a yo, ka dinako tse dingwe batho ba ba dumelang gore ditshedi di iphetogela ka botsone go nna tse dingwe, ba ile ba dira ditshwetso tse moragonyana go ileng ga fitlhelwa gore di phoso. Ka sekai, akanya ka kgopolo e bangwe ba nang le yone ya gore diperesente tse di ka nnang 98 tsa dijini tsa rona ke “matlakala”—laeborari ya diresepe e e nang le mafoko a le mantsintsi a a se nang mosola.

A Ruri ke “Matlakala”?

Baitsethutotshelo ga ba bolo go dumela gore DNA ke resepe ya go dira diporoteine fela. Le fa go ntse jalo, fa nako e ntse e tsamaya, go ile ga bonala gore ke diperesente di ka nna pedi fela tsa dijini tse di nang le khoute ya diporoteine. Diperesente tse dingwe di le 98 tsa DNA tsone di dira eng? John S. Mattick, porofesa ya Thutotshelo ya Dimolekhule kwa Yunibesithing ya Queensland kwa Brisbane, Australia, o ne a bolela gore DNA eno e e sa tlhaloganngweng “ka bonako fela e ne ya tsewa e le matlakala a a neng a sala fa dilo di ne di iphetola ka botsone go nna tse dingwe.”

Moitsesaense yo go bolelwang gore ke ene a ileng a tlhama lefoko “DNA ya ‘matlakala’” e ne e le motho yo o dumelang mo goreng dilo di iphetogetse ka botsone go nna tse dingwe, e bong Susumu Ohno. Mo setlhogong sa gagwe sa “So Much ‘Junk’ DNA in Our Genome,” o ne a kwala gore tatelano e e setseng ya DNA “ke dilo tse di setseng tse di neng tsa pala fa tlhago e ne e lekeletsa dilo dingwe. Lefatshe le tletse ka masaledi a a omeletseng a ditshedi tsa bogologolo tse di nyeletseng; a go a gakgamatsa go bo dijini tsa rona le tsone di tletse ka masaledi a dijini tse di nyeletseng?”

Kgopolo ya DNA ya “matlakala” e ile ya ama jang dipatlisiso tsa dijini? Moitsethutotshelo wa dimolekhule e bong Wojciech Makalowski, a re kgopolo e e ntseng jalo “e ne ya thibela babatlisisi ba ba di gogang kwa pele go batlisisa ka DNA e e se nang khoute [ya matlakala],” kwantle ga palo e nnye ya baitsesaense “ba ba neng ba batlisisa dilo tse go sa ratweng go batlisisiwa ka tsone, tota le fa seno se ne se kaya gore ba ne ba ka sotliwa. Ka ntlha ya bone, tsela e DNA ya matlakala e lebiwang ka yone . . . e ne ya simolola go fetoga mo masimologong a bo1990.” O oketsa ka gore gone jaanong baitsethutotshelo ka kakaretso ba tsaya se se neng se bidiwa matlakala “e le letlotlo la dijini.”

Go ya ka Mattick, thuto ya DNA ya matlakala, ke sekai se se tlhomologileng sa mokgwa o o tlwaetsweng ke baitsesaense “wa go thibela boikaelelo jwa go sekaseka mabaka.” A re: “Go palelwa ke go lemoga ka botlalo se tota kgang eno e se kayang go ka tsewa e le nngwe ya diphoso tse dikgolo tse di kileng tsa dirwa mo hisitoring ya thutotshelo ya dimolekhule.” Kwantle ga pelaelo, boammaaruri jwa saense bo tshwanetse go theiwa mo bosuping, e seng gore batho ba le bantsi ba dumela eng. Fa e le gore go ntse jalo, bosupi jo bo bonweng bosheng bo senola eng ka seabe sa DNA ya “matlakala”?

Se “Matlakala” a se Dirang

Madirelo a a dirang dikoloi a dirisa metšhini go dira dikarolo tsa koloi. Re ka tshwantsha dikarolo tseno le diporoteine tse di mo seleng. Gape madirelo ao a tlhoka didirisiwa le dithulaganyo tse di kopanyang dikarolo tseo kgato ka kgato le didirisiwa tse dingwe tse di laolang tsela e dikarolo tseno di tsamayang ka yone. Go ntse jalo le ka se se diregang mo teng ga sele. Mme babatlisisi ba re ke mo DNA ya “matlakala” e tsenang gone. Bontsi jwa yone bo na le resepe ya setlhopha sa dimolekhule tse di raraaneng tse di bidiwang RNA tse di laolang se se diragalang mo seleng (ribonucleic acid) mme e na le seabe se segolo mo tseleng e sele e simololang, e golang le go dira ka yone. * Moitsethutotshelo wa dipalo e bong Joshua Plotkin, o bolela jaana mo makasineng wa Nature: “Lebaka fela la go bo dimolekhule tseno tse di laolang tsa RNA di le gone, le bontsha gore tsela e re tlhaloganyang dilo tsa botlhokwa ka yone . . . e nnye fela thata.”

Madirelo a a dirang sentle gape a tshwanetse go nna le dithulaganyo tse di dirang sentle tsa puisano. Go ntse fela jalo le ka sele. Tony Pawson, yo e leng moitsethutotshelo wa sele kwa Yunibesithing ya Toronto kwa Ontario, o tlhalosa jaana: “Go na le mefuta e mentsi le e e raraaneng ya go fetisa tshedimosetso mo teng ga sele” mme seno se dira gore thulaganyo eno yotlhe “e raraane le go feta” go gaisa kafa go neng go akanngwa ka gone mo nakong e e fetileng. Eleruri, fela jaaka moitse mongwe wa dijini kwa Princeton University a ile a bolela, “dilo tse dintsi tse di mo teng ga sele le melao e e laolang se se diragalang mo teng ga sele le kafa disele di dirisanang ka teng, di sa ntse di sa tlhaloganngwe.”

Sengwe le sengwe se sesha se se ribololwang ka sele se bontsha gore go na le thulaganyo e e kwa godimo le e e raraaneng. Ka jalo, ke eng fa batho ba le bantsi ba sa ntse ba ngaparetse kgopolo ya gore botshelo le thulaganyo e e raraaneng thata ya tshedimosetso e e itsiweng ke batho ke dilo tse di itiragaletseng fela ka botsone?

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 5 Nucleotide nngwe le nngwe e na le nngwe ya dikhemikale tse nnè tseno: (A) adenine, (C) cytosine, (G) guanine le (T) thymine.

^ ser. 11 Ga twe go iphetogela ga ditshedi ka botsone go nna tse dingwe go direga ka ntlha ya go fetoga ga dijini go tshwanela tikologo e di leng mo go yone, e leng se se tla tlhalosiwang ka bokhutshwane mo setlhogong se se latelang.

^ ser. 19 Dipatlisiso tsa bosheng di bontsha gore di-RNA tse ditelele tse di se nang khoute di raraane fela thata le gore tota di a tlhokega mo kgolong e e tlwaelegileng. Babatlisisi ba lemogile gore go sa dire sentle ga di-RNA tse ditelele tse di se nang khoute go amanngwa le malwetse a le mantsi, a a jaaka dikankere tse di farologaneng, bolwetse jwa letlalo (psoriasis) tota le e leng bolwetse jwa Alzheimer. Se pele go neng go twe ke “matlakala” se ka dira gore go lemogiwe le go alafa malwetse a a farologaneng!

[Lebokoso mo go tsebe 5]

DNA YA GAGO E BOLEELE JO BO KANA KANG?

Fa DNA e e mo seleng e le nngwe ya mmele wa gago e phutholotswe, e boleele jwa dimetara tse di ka nnang pedi. Fa o ne o ka ntsha DNA mo diseleng di le dintsintsi tsotlhe tsa mmele wa gago mme o bo o di baya ka go latelana, go ya ka diphopholetso dingwe, palogotlhe ya boleele jwa yone e ne e ka nna sekgala sa go tswa mo lefatsheng go ya kwa letsatsing le go boa ka makgetlho a le 670. Go tsamaya sekgala seo ka lobelo lo lesedi le tsamayang ka lone go ne go ka go tsaya diura tse di ka nnang 185.