Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Buka e e Tlhomologileng Le e E Falotseng

Buka e e Tlhomologileng Le e E Falotseng

Buka e e Tlhomologileng Le e E Falotseng

“Ga go na buka epe e e kileng ya ganediwa thata . . . , mme e ile ya falola tlhaselo nngwe le nngwe e e tswang mo bathong ba ba nang le taolo, bokgoni le botswerere jwa go bua.”

KE ENG fa o tshwanetse go bala Baebele? Lebaka le lengwe ke gore, e bolela gore e na le molaetsa o Modimo a o kwaletseng batho. (2 Timotheo 3:16) Fa e le gore seo se boammaaruri, eleruri o tla bo o fetwa ke sengwe se se botlhokwa fa o sa e bale.

Lebaka le lengwe la go bo o tshwanetse go bala Baebele ke gore, ke nngwe ya dibuka tsa bogologolo tse di sa ntseng di le gone e bile ke buka e e ranotsweng thata le e e anamisitsweng go gaisa. Ke buka e e rekisiwang thata go gaisa mo hisitoring mme e tswelela go nna buka e e rekisiwang thata ngwaga le ngwaga.

Se Baebele e se bolelang, dingwaga tse e sa bolong go nna gone ka tsone le go anamisiwa ga yone go dira gore e kgatlhe le go feta segolobogolo fa go akanngwa ka maiteko a le mantsi a a dirilweng go ralala hisitori a go e thibela. Moithutabodumedi wa lekgolo la bo19 la dingwaga e bong Albert Barnes, o ne a bolela jaana: “Ga go na buka epe e e kileng ya ganediwa thata jaaka eno; mme e ile ya falola tlhaselo nngwe le nngwe e e tswang mo bathong ba ba nang le taolo, bokgoni le botswerere jwa go bua.”

Ene mokwadi yoo o ne a bolela gore ka tlholego, batho ba kgatlhegela sengwe le sengwe se se ileng sa emelana le go tlhaselwa gangwe le gape. Barnes o ne a tswelela jaana: “Mme ga go mophato ope wa sesole o o kileng wa falola ditlhabano tse dintsi jaaka Baebele, ga go lorako lwa bogologolo lwa phemelo lo lo kileng lwa emelana le ditlhaselo tse dintsi jaana mme lwa nna lo eme lo nitame kgatlhanong le dintwa tse di matlhomahibidu le dilo tse lo di senyang; mme ga go na lefika le le kileng lwa itewa ke makhubu a mantsi jaana a lewatle mme la nna le eme le sa tshikinyege.”

Mekwalo e le mentsi ya bogologolo e ile ya latlhega, ya senngwa kgotsa ya lebalwa mme go sa kgathalesege ditlhaselo tse di setlhogo, Baebele ga e bolo go falola. Batho bangwe ba ile ba lwa, ba tsenya matshelo a bone mo kotsing, e le gore batho botlhe ba kgone go nna le yone. Ka fa letlhakoreng le lengwe, bangwe ba ile ba e tseela batho ba ba neng ba e bala ka tlhoafalo mme ba fisa Dibaebele le beng ba tsone phatlalatsa.

Ke eng fa buka eno e ile ya ratiwa thata jaana mme gape ya tlhoiwa thata jaana? E falotse dintwa dife? Ke bomang ba ba neng ba leka go e nyeletsa? Sa botlhokwa le go feta, ke ka ntlha yang fa e falotse? Mme ke eng fa molaetsa wa yone o le botlhokwa mo go wena? Ditsebe tse di latelang di tla araba dipotso tseno.

[Tšhate/Ditshwantsho mo go tsebe 2, 3]

(Go bona mokwalo o o feletseng, leba kgatiso)

LENAANE LA DITIRAGALO TSA GO GATISIWA GA BAEBELE

1513 B.C.E. Baebele e kwalwa ka

–mo e ka nnang ka 98 C.E. Sehebera, Searamaika le Segerika

100 E kgona go tshwarwa motlhofo e le codex

405 E ranoletswe mo puong ya Selatine ke Jerome

1380 E ranoletswe mo Seesemaneng go tswa mo

Selatineng ke Wycliffe

1455 Gutenberg o gatisa Baebele ya ntlha

1525 E ranoletswe mo puong ya Seesemane ke Tyndale

1938 E gatisitswe ka dipuo tse di fetang 1 000

2011 E teng ka dipuo tse di fetang 2 500