Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Tlhoma Melao e e Siameng ya Boitshwaro

Tlhoma Melao e e Siameng ya Boitshwaro

Batsadi ba ba botlhale ba ruta bana ba bone melao e e siameng ya boitshwaro e e mo Baebeleng

“Nkile ka bo ke sa tshele ka melao ya Baebele mme go ne go le thata gore ke thapise bongwanake. Mme jaanong go motlhofo ka gonne ke thusiwa ke Baebele.”—ELIZABETH, AFRIKA BORWA.

Kgwetlho.

Kgatelelo ya balekane ya kwa sekolong le go senyega go go ntseng go tswelela pele ga boitshwaro mo lefatsheng go nna le tlhotlheletso e e maatla mo malapeng. E le gore bana ba emelane le tlhotlheletso eno e e sa siamang, ba tlhoka melao e e siameng. E seng jalo ba ka se nne bagolo ba ba nang le maikarabelo, ba ba itshwereng sentle le ba ba nang le maitseo.

Dikakantsho.

Batsadi ba le bantsi ba ba se nang balekane, go akaretsa le ba ba nopotsweng mo motseletseleng ono wa ditlhogo, ba dirisa Baebele go ba kaela, ka gonne ba itse gore e na le botlhale jo bogolo thata jwa Modimo. Ka sekai, akanya ka se Baebele e se buang ka molaomotheo wa botlhokwa go e gaisa yotlhe—wa go bontsha ba bangwe lorato lwa mmatota.

“Lorato lo pelotelele e bile lo pelonomi. Lorato ga lo fufege, ga lo ikgantshe, ga lo ikgogomose, ga lo itshware ka tsela e e sa tshwanelang, ga lo ipatlele melemo ya lone fela, ga lo gakatsege. Ga lo nnele go gopola kutlwisobotlhoko. Ga lo ipelele tshiamololo, mme lo ipela le boammaaruri. Lo emelana le dilo tsotlhe, . . . lo solofela dilo tsotlhe, lo itshokela dilo tsotlhe. Lorato ga lo ke lo fela.”—1 Bakorintha 13:4-8.

Fa batsadi ba rata bana ka lorato lo lo ntseng jalo, bana ba bone ba gola sentle. Colette yo o umakilweng pelenyana, yo o nnang kwa Fora, o ne a kwala jaana: “Gantsi ke ne ke bolelela bongwanake gore ke a ba rata. Gape ke ne ke ba bolelela gore ke dimpho tse di tswang kwa Modimong le gore ka ntlha ya seo ba tlhoka go tlhokomelwa sentle. Mme le bone ba ne ba tshwanetse go nna tlotlo le maitseo mo go nna mmogo le mo go rraabone [yo o sa newang tshwanelo ya semolao ya go nna le bone]. Melaometheo eno e thusitse re tshepane le go tlotlana mo lelapeng la rona.”—Pesalema 127:3.

Anna yo o nnang kwa Poland o ne a kwala jaana: “Fa bongwanake ba sa dumalane ka sengwe, ke ba gakolola mafoko a ga Jesu a gore se re batlang batho ba bangwe ba se re direla le rona re tshwanetse go se ba direla.” (Mathaio 7:12) Roberto yo o umakilweng pelenyana le ene o lebane le bothata jo batsadi ba le bantsi ba ba godisang bana ba le bosi ba lebanang le jone. O akgela jaana: “Bana ba beelwa melao e e sa tshwaneng—ya gago le ya motsadi yo mongwe. Fa ke dira gore go latelwe melao ya Baebele ke itse gore mo letsatsing leo kgotsa mo bekeng eo ba tla bona mmaabone a le botoka mo go nna.” Mo godimo ga moo, a re: “Motsadi yo mongwe a ka fa bana dimpho a lebeletse gore ba rate ene go feta yo mongwe. Go ka nna thata go fenya mathata a a ntseng jalo mme go nna le puisano e e molemo le bana go ka thusa.”

Ga se ka metlha go leng motlhofo go tshela ka melaometheo ya Baebele, mme diphelelo tsa go dira jalo di bontsha gore ga se matsapa a bophiri! Sarah, mosadi yo o se nang molekane mo Afrika Borwa a re: “Ke itumelela gore bongwanake ba godisitswe ka kaelo ya ga Jehofa. Ee, re ile ra nna le dikgwetlho mme Modimo o ile a nna a re thusa ka metlha.”