Basha ba Botsa Jaana
Go Nna Monna wa Mmatota go Kaya Eng?
“Rre o tlhokafetse ke na le dingwaga tse tharo. Ka dinako tse dingwe ke tswela pelo basimane ba ba godileng ba na le borraabone. Ba lebega ba itshepile thata go mpheta.”—Alex. *
“Ga ke na kamano e e gaufi le rre. Ke ile ka tshwanelwa ke go ithuta ka bonna gore go kaya eng go nna monna wa mmatota.”—Jonathan.
A O KILE wa ikutlwa jaaka makawana a a nopotsweng fa godimo? A ka ntlha ya lebaka lengwe kgotsa mabaka mangwe o boifa gore o ka se tsamaye o ithuta gore go kaya eng go nna monna wa mmatota? Fa go ntse jalo, o se ka wa itlhoboga!
Ela tlhoko kafa o ka fenyang ka teng dikgwetlho di le pedi tse di tlwaelegileng.
KGWETLHO 1: Dikgopolo tse di tlwaelegileng tse di seng boammaaruri ka go nna monna
Se batho bangwe ba se bolelang:
- Banna ba mmatota ga ba bokoa; ga ba ke ba lela.
- Banna ba mmatota ga ba letlelele ope gore a ba bolelele gore ba dire eng.
- Banna ba botoka mo basading.
Tsela e nngwe ya go leba kgang eno: Re ka bona gore motho ke monna wa mmatota fa re mmapisa le mosimane—e seng le mosadi. O nna monna wa mmatota fa o tlogela mekgwa ya bongwana. Moaposetoloi Paulo wa Mokeresete o ne a kwala jaana: “E rile ke le losea, ke ne ke tle ke bue jaaka losea, ke akanye jaaka losea, ke tlhalose dilo jaaka losea; mme e re ka jaanong ke le monna, ke nyeleditse mekgwa ya losea.” (1 Bakorintha 13:11) Ka mafoko a mangwe fa o tlogela go akanya, go bua le go dira dilo ka tsela ya bongwana mme o bo o akanya, o bua le go dira dilo ka tsela e e bontshang gore o godile, o itshupa o le monna wa mmatota. *
Leka seno: Kwala dikarabo tsa gago tsa dipotso tse di latelang mo pampiring:
- Ke setse ke kgonne go dira dilo dife gore ke tlogele “mekgwa ya losea”?
- Nka tokafatsa mo dilong dife?
Go akantshiwa gore o bale: Luke 7:36-50. Bona kafa Jesu a ileng a itshupa ka gone gore ke monna wa mmatota ka go (1) emela se se siameng le go (2) tlotla batho ba bangwe—go akaretsa le basadi.
“Ke kgatlhiwa ke tsala ya me Ken. Ke monna yo o nonofileng—mo mmeleng, mo maikutlong le mo semoyeng—mme gape ke monna yo o pelontle. Sekao sa gagwe se nthutile gore monna wa mmatota ga a tshwaye ba bangwe diphoso fela gore a lebege a le botoka.”—Jonathan.
KGWETLHO 2: Fa o tlhoka sekao se se molemo sa rre
Se batho ba bangwe ba se bolelang:
- Fa o se na rre mo lapeng, o ka se ithute gore tota go nna monna wa mmatota go kaya eng.
- Fa rrago a sa go tlhomele sekao se se molemo, eleruri o tla dira diphoso tse a di dirileng.
Tsela e nngwe ya go leba kgang eno: Tota le fa o sa godisiwa sentle, seo ga se reye gore o tla palelwa! O ka kgona go tokafatsa maemo a gago le fa a sa itumedise. (2 Bakorintha 10:4) O ka tlhopha go latela kgakololo e Kgosi Dafide a neng a e naya morwawe e bong Solomone: “O nonofe o itshupe o le monna.”—1 Dikgosi 2:2.
Gone ke boammaaruri gore go thata go godisiwa ke rre yo o sa go kgathaleleng—kgotsa go gola o se na rre gotlhelele. Alex yo o nopotsweng kwa tshimologong a re: “Go sa itse rrago go busetsa morago tota mo botshelong. Ke na le dingwaga di le 25 mme ke utlwa e kete ke gone ke ithutang dilo tse ke ka bong ke di ithutile fa ke ne ke simolola dingwaga tsa bolesome.” Fa e le gore o ikutlwa jaaka Alex, o ka dirang ka gone?
Leka seno: Ipatlele mongwe yo o ka go kaelang—mongwe yo o tlhomang sekao se se molemo sa go nna monna wa mmatota. * Mmotse gore ke dinonofo dife tse a akanyang gore di botlhokwa thata gore motho e nne monna wa mmatota. Go tswa foo, mmotse gore wena o ka dira jang gore o nne le dinonofo tseno.—Diane 1:5.
Go akantshiwa gore o bale: Diane kgaolo 1-9. Ela tlhoko kgakololo e e newang ke rre e e ka thusang mosimane gore a gole a nne monna yo o botlhale wa semoya.
“Ke motlotlo go nna mofuta wa monna yo ke nnang ene. Le fa ke eletsa e kete rre a ka bo a le gone go bona kgatelopele ya me, ke na le tsholofelo ka isagwe. Ke tlhatswegile pelo gore go bo ke godile ke se na rre ga go reye gore ke tla palelwa mo botshelong.”—Jonathan.
^ ser. 3 Maina mangwe mo setlhogong seno a fetotswe.
^ ser. 12 Bona lebokose le le reng “Mosimane o Bapisiwa le Monna.”
^ ser. 24 Bagolwane mo phuthegong ya Bokeresete e ka nna batho ba ba molemo go go kaela.
KE ENG O SA BOTSE BATSADI BA GAGO?
Lo akanya gore go kayang go nna monna wa mmatota? A ke bontsha gore ke godile?