BATHO LE DINAGA
Go Etela Cameroon
GO KA direga gore Ba-Baka—ba gape ba itseweng e le Ba-Pygmy—e ne e le bone batho ba ntlha go nna kwa Cameroon. Go tswa foo ka dingwaga tsa bo1500, Bapotokisi ba ne ba goroga. Makgolo a le mmalwa a dingwaga moragonyana, Ba-Fulani—setšhaba sa Baiselamo—ba ne ba thopa bokone jwa Cameroon. Gompieno diperesente di le 40 tsa baagi ba Cameroon ba ipitsa Bakeresete, diperesente di le 20 ke Bamoseleme mme diperesente tse dingwe tse di setseng tse 40 ke ba madumedi a setso sa Seafrika.
Batho ba ba nnang kwa metseselegaeng ya kwa Cameroon ke bone ba ratang go amogela baeng thata. Fa baeng ba goroga ba a dumedisiwa le go amogelwa mo gae ba bo ba newa metsi le dijo. Go gana fa mong wa ntlo a go bontsha kamogelo ka tsela eno go tsewa e le tlontlololo, fa go di amogela e le go bontsha kanaanelo.
Motlotlo o simololwa ka go dumedisa ba lelapa le go ba botsa matsogo. Tota e bile go tlwaelegile go botsa gore diruiwa di ntse di ya jang! Joseph yo o tlholegang kwa Cameroon a re: “Fa moeng a tsamaya ga go a lekana go mo raya o re, ‘Tsamaya sentle.’ Gantsi motho yo o amogetseng moeng o tla mmuledisa sekgalanyana a ntse a tlotla le ene. Go tswa foo, moragonyana o tla mo laela a bo a boela gae. Fa moeng a sa tshwarwe ka tsela eno a ka ikutlwa a sa amogelwa.”
Ka dinako tse dingwe setlhopha sa ditsala se jela mmogo mo sejaneng se le sengwe—fa gongwe ba ja ka diatla. Kwa Cameroon, mokgwa ono ke letshwao le legolo la kutlwano. Tota e bile mo maemong mangwe go ile ga dirisiwa mokgwa ono go kopanya batho ba botsala jwa bone bo fedileng ka ntlha ya mabaka mangwe. Ka jalo, go ja mmogo ke tsela nngwe ya go re, “Jaanong re a utlwana.”