BAEBELE YA RENG?
Madi
A madi ke modi wa bosula jotlhe?
“Lorato lwa madi ke modi wa mefuta yotlhe ya dilo tse di utlwisang botlhoko.” —1 Timotheo 6:10.
SE BATHO BANGWE BA SE BUANG
Madi ke modi wa bosula jotlhe.
SE BAEBELE E SE BUANG
“Lorato lwa madi”—e seng madi ka boone—ke lone lo bakang “dilo tse di utlwisang botlhoko.” Mo Baebeleng, Kgosi Solomone yo o botlhale o ne a umaka mefuta e meraro ya dilo tse di utlwisang botlhoko tse gantsi di diragalelang batho ba ba ratang madi. Go tshwenyega: “Letlotlo la yo o humileng ga le mo letle go robala.” (Moreri 5:12) Go se kgotsofale: “Morati wa selefera ga a kitla a kgotsofadiwa ke selefera, le fa e le morati ope wa khumo ga a kitla a kgotsofadiwa ke madi a lotseno.” (Moreri 5:10) Go raelesega go tlola molao: “Yo o potlakelang go nna le dikhumo ga a na go nna a se na molato.”—Diane 28:20.
Madi a thusa ka eng?
‘Madi ke tshireletso.’—Moreri 7:12.
SE BATHO BANGWE BA SE BUANG
Madi a dira gore o sireletsege le gore o itumele.
SE BAEBELE E SE BUANG
Tlhamane ya gore madi a reka boitumelo le polokesego ke karolo ya “maatla a a tsietsang a dikhumo.” (Mareko 4:19) Le fa go ntse jalo, “madi ke one a a arabelang mo dilong tsotlhe.” (Moreri 10:19) Ka sekai, madi a ka reka dilo tse o di tlhokang gore o tshele—tse di jaaka dijo le melemo. —2 Bathesalonika 3:12.
Gape madi a go thusa go tlhokomela lelapa la gago. E bile Baebele ya re: “Fa motho a sa tlamele ba e leng ba gagwe, mme segolobogolo ba e leng maloko a ba ntlo ya gagwe, o itatotse tumelo.” —1 Timotheo 5:8.
O ka dirisa madi jang ka botlhale?
‘Nna fa fatshe pele o bo o bala ditshenyegelo.’—Luke 14:28.
SE BAEBELE E SE BUANG
Dirisa madi ka tsela e Modimo a e amogelang. (Luke 16:9) Go botlhale go dirisa madi ka tekatekano le ka boikanyegi. (Bahebera 13:18) Fa o batla go tila mokgweleo wa go tshela ka se o se nang sone, “a mokgwa wa [gago] wa botshelo e se ka ya nna wa go rata madi.”—Bahebera 13:5.
Le fa Baebele e sa kgale sekoloto, e tlhagisa jaana: “Moadingwa ke motlhanka wa motho yo o mo adimang.” (Diane 22:7) Tila go reka ka go phamoga, ka gonne “mongwe le mongwe yo o mafega ruri o leba kwa letlhokong.” (Diane 21:5) Go na le moo, ‘beela sengwe kwa thoko mo bobolokelong jwa gago go ya kafa o ka tswang o tlhogonolofala ka gone’ mme o boloke madi gore o reke se se leng botlhokwa mo go wena.—1 Bakorintha 16:2.
Baebele e re kgothaletsa gore re ‘itlwaetse go aba.’ (Luke 6:38) Batho ba ba batlang go itumedisa Modimo ba na le lebaka le le utlwalang la go nna pelotshweu, ka gonne “Modimo o rata yo o nayang ka boitumelo.” (2 Bakorintha 9:7) Ka jalo, “[o] se ka [wa] lebala go dira molemo le go abalana dilo le ba bangwe, gonne Modimo o itumedisiwa thata ke ditlhabelo tse di ntseng jalo.” —Bahebera 13:16.