Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

 BAEBELE YA RENG?

Go Tlhatlhanya

Go Tlhatlhanya

Go tlhatlhanya ke eng?

“Ke tla tlhatlhanya ka tiro yotlhe ya gago, ke tla akanya ka ditiro tsa gago.”—Pesalema 77:12.

SE BATHO BA SE BUANG

Go tlhatlhanya go dirwa ka ditsela tse dintsi, mme dingwe tsa tsone di tswa mo madumeding a bogologolo a kwa Botlhaba. Fa mokwadi mongwe a ne a kwala ka kgang eno o ne a re: “Mogopolo o tshwanetse go nna lolea gore o kgone go bona sentle.” Mafoko a gagwe a tlhalosa kgopolo ya gore go dira mogopolo lolea fa motho a ntse a tlhomile mogopolo mo mafokong kgotsa mo ditshwantshong dingwe go dira gore motho a nne le kagiso ya mogopolo le go leba dilo sentle.

SE BAEBELE E SE BUANG

Baebele e tsaya go tlhatlhanya go le botlhokwa thata. (1 Timotheo 4:15) Le fa go ntse jalo, mofuta wa go tlhatlhanya o e o kgothaletsang ga o kaye go dira mogopolo lolea kgotsa go boaboeletsa lefoko lengwe kgotsa polelwana, mo ka dinako tse dingwe go bidiwang mantra. Go na le moo, go tlhatlhanya go go umakwang mo Baebeleng go akaretsa go akanya mo go nang le bokao ka dilo tse di mosola, tse di jaaka dinonofo tsa Modimo, melao ya gagwe le dilo tse a di bopileng. Monna mongwe yo o ikanyegang yo o obamelang Modimo o kile a rapela a re: “Ke tlhatlhantse ka tiro ya gago yotlhe; ke ne ka itlhophela go nna ke tlhatlhanya ka tiro ya diatla tsa gago.” (Pesalema 143:5) Gape o ne a re: “Ke go gakologetswe mo bolaong jwa me, ke tlhatlhanya ka wena mo ditebelong tsa bosigo.”—Pesalema 63:6.

 Go tlhatlhanya go ka go solegela molemo jang?

“Pelo ya mosiami e a tlhatlhanya gore e tle e arabe.”—Diane 15:28.

SE BAEBELE E SE BUANG

Go tlhatlhanya mo go siameng go re thusa go tokafatsa botho jwa rona, go laola maikutlo a rona le maitsholo a rona—mme tseno tsotlhe di dira gore puo ya rona le boitshwaro jwa rona bo nne le temogo le tlhaloganyo. (Diane 16:23) Ka jalo, go tlhatlhanya mo go ntseng jalo gape go thusa gore re nne le botshelo jo bo itumetseng le jo bo kgotsofatsang. Pesalema 1:3 e bua jaana ka motho yo o tlhatlhanyang ka Modimo ka metlha: “O tla nna jaaka setlhare se se jetsweng fa melatswaneng ya metsi, se se ntshang leungo la sone ka paka ya sone, se dikala tsa sone tse di nang le makakaba di sa swabeng, mme sengwe le sengwe se a se dirang se tla atlega.”

Gape go tlhatlhanya go tokafatsa tsela e re tlhaloganyang le e re gopolang dilo ka yone. Ka sekai, fa re ithuta ka ntlha nngwe ka popo kgotsa kgang nngwe ya Baebele, re ithuta dilo tse dintsi tse di kgatlhang. Mme fa re tlhatlhanya ka dintlha tseo, re bona kafa di tsamaisanang ka teng le tse dingwe le kafa di tsamaisanang ka teng le se re se ithutileng mo nakong e e fetileng. Ka jalo, fela jaaka mmetli a ka aga ntlo e ntle ka dikgong, go tlhatlhanya go dira gore re kgone go “kgobokanya” dintlha go dira sengwe se se lomaganeng.

A go tlhatlhanya go tshwanetse go laolwa?

“Pelo e boferefere go gaisa sengwe le sengwe mme e gagamalela se e se batlang. Ke mang yo o ka e itseng?”—Jeremia 17:9.

SE BAEBELE E SE BUANG

“Mo teng, mo pelong ya batho, go tswa dikakanyo tse di utlwisang botlhoko: dikgokafalo, bogodu, dipolao, maakafalo, dikeletso tsa bopelotshetlha, ditiro tse di boikepo, tsietso, boitshwaro jo bo repileng, leitlho le le lefufa, . . . go tlhoka tekatekano.” (Mareko 7:21, 22) Ee, fela jaaka molelo, go tlhatlhanya go tshwanetse go laolwa! Go sa nneng jalo, dikakanyo tse di sa tshwanelang di ka godisa dikeletso tse di sa siamang tse di ka tswang mo taolong mme tsa re gogela mo ditirong tse di bosula.—Jakobe 1:14, 15.

Ka jalo, Baebele e re kgothaletsa go tlhatlhanya ka ‘dilo tse di boammaaruri, tse di tsewang ka masisi, tse di siameng, tse di itshekileng, tse di rategang, tse di buiwang molemo, le tse di tshwanelwang ke pako.’ (Bafilipi 4:8, 9) Fa re tsaya dikakanyo tse di molemo jalo re bo re di jala mo mogopolong wa rona ka tsela ya tshwantshetso, re tla roba dinonofo tse di molemo, puo e e phepa le kamano e e molemo le ba bangwe.—Bakolosa 4:6.