TSOGANG! July 2014 | Kafa o ka Itshokang ka Teng—Fa o Welwa ke Masetlapelo

Fa o welwa ke masetlapelo, o tla tsiboga jang?

Ditiragalo Tsa Lefatshe

Utlwa ka: lefelo le kwa go lone basadi ba nwang bojalwa bo le bontsi ka gangwe go feta banna, ditshedi tse di nnang kwa lefelong le le neng le sa akanngwa le naga e e duelang batho ba yone ka gouta gore ba fokotse boima jwa mmele.

SETLHOGO SA KA FA NTLE

Fa o Welwa ke Masetlapelo

Baebele e ka go thusa go itshoka.

SETLHOGO SA KA FA NTLE

Go Latlhegelwa ke Dithoto

Kei o latlhegetswe ke dilo tsotlhe mo tsunaming ya 2011 ya kwa Japane. O ne a thusiwa ke ditsala le ke ditheo tsa namolo mme temana nngwe ya Baebele e ne ya mo thusa le go feta.

SETLHOGO SA KA FA NTLE

Go Lwala

Mabel o ne a dira tiro ya go thusa balwetse go sidilega. Mme fa a sena go ariwa tlhagala mo bobokong, o ne a lebana le mathata a a tshwanang le a balwetse ba a neng a ntse a ba thusa go sidilega ba neng ba lebana le one.

SETLHOGO SA KA FA NTLE

Go Swelwa ke Mongwe Yo o Mo Ratang

Batho ba le batlhano ba lelapa la boRonaldo ba ne ba swela mo kotsing ya koloi dingwaga di le 16 tse di fetileng. Le fa a sa ntse a ba gopola, o na le kagiso ya mogopolo.

GO THUSA LELAPA

Tsela ya go Bontsha Maitseo fa o Kwala Melaetsa ka Founo

A ke go tlhoka maitseo gore o kgaosetse motlotlo e le fela gore o tlhole molaetsa wa founo? Kgotsa a ke go tlhoka maitseo gore o itlhokomolose molaetsa wa founo e le fela gore o tsweletse motlotlo?

BATHO LE DINAGA

Go Etela Ireland

Utlwa ka batho ba kwa Ireland ba ba ratang batho.

POTSOLOTSO

Moitsefisikisi yo o Dirang Diteko o Tlhalosa Tumelo ya Gagwe

Dintlha tse pedi tsa konokono ka dilo tsa tlhago di ne tsa tlhatswa Wenlong He pelo gore go na le Mmopi.

SE BAEBELE E SE RUTANG

Bodumedi

Baebele e tlhalosa gore ke ka ntlha yang fa go na le madumedi a mantsi jaana.

A GO TLHAMILWE?

Mokgwa wa go Tsala wa Segwagwa se se Beelang Mae mo Mpeng

Ke ka ntlha yang fa motho yo o dumelang gore dilo di iphetogetse ka botsone fela go nna tse dingwe a ne a re go thata go dumela gore tsela e mmele wa sone o dirang ka yone e ne e ka fetoga ka bonya, kgato ka kgato?

Tse Dingwe

Nka Tlhalosa Jang Se ke Se Dumelang ka Tlhakanelodikobo?

A o ka dirisa Baebele go tlhalosa se o se dumelang ka tlhakanelodikobo fa o ka bodiwa gore ‘A ga o ise o tlhakanele dikobo?’

Nka Dirang fa Batho ba Bua ka Nna?

O ka dirang gore go sebiwa go se ka ga go utlwisa botlhoko kgotsa ga go senya leina?

O ka Tlogela Jang go Beela Dilo Nako e e Tlang?

Bona dintlha tse o ka di dirisang tse di malebana le go tlogela go beela dilo nako e e tlang!

Basha ba Bua ka Madi

Bona dikakantsho kaga go boloka, go dirisa le go leba madi ka tsela e e tshwanetseng.

Losea Moshe lo a Bonwa

Batho ba ba mo setshwantshong ke bomang? Bala polelo ya Baebele e e mo go Ekesodo 2 mme o utlwe.