A O TLHAMILWE?
Mokgwa wa go Tsala wa Segwagwa se se Beelang Mae mo Mpeng
SEGWAGWA sa kwa Australia se se beelang mae mo mpeng se go tsewang gore ga se bolo go fela mo lefatsheng ka 2002, se ne se na le mokgwa o o sa tlwaelegang wa go tsala. Se se namagadi se ne se metsa mae a sone a a nontshitsweng ke peo se bo se a elama mo mpeng ka dibeke di ka nna thataro. Moragonyana bana ba sone ba ne ba tswa mo leganong la sone ba setse ba bopegile sentle.
Gore segwagwa se se namagadi se se ka sa sila mae a sone, se ne se tshwanetse go kgaotsa go ja le go tlhagisa esiti ya mo mpeng. Go bonala dikhemikale tse di tswang mo maeng le mo digwagweng tse dinnye tse di sa tswang go thujwa di ne di thibela gore go se ka ga nna le esiti.
Segwagwa se se namagadi se ne se elama mae a ka nna 24. Fa se tsala, bana ba sone ba ne ba ka dira mo e ka nnang diperesente di le 40 tsa boima jotlhe jwa mmele wa sone. Seno se ka tshwana le mosadi yo o neng a le boima jwa dikilogerama di le 68 pele a ima, a imile masea a le 24 mme lengwe le lengwe le le boima jwa dikilogerama di le 1,8! Bana ba segwagwa ba ne ba ngamola dimpa tsa mmaatsone go fitlha dimpa di gatelela makgwafo thata, mme seo se mo pateletsa go hema ka letlalo.
Gantsi digwagwa tse dinnye di ne di tswa ka bongwe ka bongwe mo lobakeng lwa malatsi a le mmalwa fa di setse di siametse go tswa. Mme fa mmaatsone a lemoga kotsi, o ne a di tsala ka go di tlhatsa. Nako nngwe babatlisisi ba ne ba bona segwagwa se se namagadi se tlhatsa digwagwana tse thataro ka nako e le nngwe, se di kgwela sekgala sa mmetara mo moyeng.
Fa e ne e le gore thulaganyo ya go tsala ya segwagwa se se elamang mae mo mpeng e ne e itlhagetse fela ka boyone, jaaka bangwe ba bolela, segwagwa seno se ne se tla tshwanelwa ke gore ka gangwe fela se dire diphetogo tse dintsi mo tseleng e se bopegileng ka yone le mo tseleng e se dirang dilo ka yone. Moitsesaense mongwe yo o dumelang gore dilo di iphetogetse ka botsone go nna tse dingwe e bong Michael J. Tyler a re: “Go thata go akanya gore mokgwa wa sone wa go tsala o ne o ka fetoga ka bonya, kgato ka kgato. Mokgwa ono o ka atlega tota kgotsa o ka palelwa gotlhelele.” Tyler a re tlhaloso e le yosi fela e e utlwalang ke gore go ile ga nna le “phetogo e kgolo e e ileng ya direga ka gangwe fela.” Bangwe ba ka re phetogo e kgolo eo ke popo. *
O akanyang? A mokgwa wa go tsala wa segwagwa se se beelang mae mo mpeng o nnile gone ka boone fela? A kgotsa o tlhamilwe?
^ ser. 7 Charles Darwin o ne a kwala jaana mo bukeng ya gagwe ya Origin of Species: “Go itlhophela ga tlhago mofuta wa ditshedi tse di tla tshelang mo tikologong e e rileng go direga fela ka diphetogo tse dinnye tse di diregang ka go latelana; go ka se direge . . . ka gangwe fela.”