GO THUSA LELAPA | LENYALO
Kafa o ka Tlogelang go Boloka Sekgopi ka Gone
KGWETLHO
Ga o kgone go lebala dilo tse di kgopisang tse molekane wa gago a di buileng kgotsa a di dirileng; mafoko a gagwe a a utlwisang botlhoko le dilo tse a di dirileng tse di supang go sa akanyetse di nweleletse mo mogopolong wa gago. Ka ntlha ya seo, lorato lo o neng o mo rata ka lone le fetogile go mo tenegela. Go bonala go se na sepe se o ka se dirang fa e se go itshokela lenyalo le le se nang lorato. Seo le sone se dira gore o tenegele molekane wa gago.
Tlhomamisega gore dilo di ka tokafala. Le fa go ntse jalo, sa ntlha, ela tlhoko dintlha di le mmalwa malebana le go boloka sekgopi.
SE O TSHWANETSENG GO SE ITSE
Go boloka sekgopi go ka senya lenyalo. Ka ntlha yang? Ka gonne go senya dinonofo tse lenyalo le tshwanetseng go thewa mo go tsone, dinonofo tse di jaaka go ratana le go ikanyana. Ka jalo, go boloka sekgopi ga go direge ka gonne go na le bothata mo lenyalong; ke bothata jwa lenyalo. Go a utlwala go bo Baebele e re: ‘A kgakalo yotlhe ya letlhoo e tlosiwe mo go lona.’—Baefeso 4:31.
Fa o boloka sekgopi, o ikutlwisa botlhoko. Go boloka sekgopi go tshwana le go ipetsa o bo o solofela gore motho yo mongwe e nne ene a utlwang botlhoko. Mark Sichel o kwala jaana mo bukeng ya gagwe ya Healing From Family Rifts: “Motho yo o go kgopisitseng a ka tswa a se na letsapa le le mo fisang pelo, a itumelela botshelo, gongwe e bile se a se dirileng se sa mo tshwenye ka gope.” Sa botlhokwa ke eng? Sichel a re: “Go boloka sekgopi go utlwisa wena botlhoko go feta motho yo o go kgopisitseng.”
Go boloka sekgopi go baka bothata jo bo dirang gore lenyalo la lona le se ka la tswelela pele
Motho o itlhophela go boloka sekgopi. Batho bangwe ba ka tswa ba sa akanye jalo. Ba ka nna ba re, ‘Molekane wa me ke ene a dirileng gore ke mo tenegele.’ Bothata ke gore, go akanya jalo go dira gore sengwe se o ka se kang wa se laola e nne sone se se botlhokwa—e leng se motho yo mongwe a se dirang. Baebele e re thusa go leba dilo ka tsela e nngwe. Ya re: “A motho mongwe le mongwe a sekaseke e e leng tiro ya gagwe.” (Bagalatia 6:4, Baebele e e Boitshepo) Re ka se kgone go laola se motho yo mongwe a se buang kgotsa se a se dirang mme re ka kgona go laola tsela e re tsibogang ka yone. Go boloka sekgopi ga se yone fela tsela e re ka tsibogang ka yone.
SEO O KA SE DIRANG
Rwala maikarabelo a go boloka sekgopi. Gone ke boammaaruri gore go motlhofo go pega molekane wa gago molato. Mme gakologelwa, ke wena o itlhophelang go boloka sekgopi. E bile ke wena o ka tlhophang go itshwarela. O ka nna wa tlhopha go latela kgakololo eno ya Baebele: “A letsatsi le se ka la phirima lo sa ntse lo galefile.” (Baefeso 4:26) Go nna le moya wa go itshwarela go go thusa gore o rarabolole mathata a lenyalo la gago ka mogopolo o o siameng.—Molaomotheo wa Baebele: Bakolosa 3:13.
Itshekatsheke ka boikanyegi. Baebele e dumela gore batho bangwe ba “bogale” e bile ba ‘sekametse mo tšararegong.’ (Diane 29:22) A ke tsela e o ntseng ka yone? Ipotse jaana: ‘A ke rata go galefa? A ke kgopisega ka bonako? A ke rata go godisa dilo tse dinnye ke di dira dikgolo?’ Baebele ya re “yo o nnelang go bua ka kgang o kgaoganya ba ba itsaneng.” (Diane 17:9; Moreri 7:9) Seo se ka direga le mo lenyalong. Ka jalo, fa e le gore o motho yo o bolokang sekgopi, ipotse gore, ‘A nka leka go nna pelotelele le molekane wa me?’—Molaomotheo wa Baebele: 1 Petere 4:8.
Dira tshwetso ya gore ke eng se se leng botlhokwa thata. Baebele ya re go na le “nako ya go didimala le nako ya go bua.” (Moreri 3:7) Ga go tlhokege gore go buiwe ka phosonyana nngwe le nngwe; ka dinako tse dingwe o ka nna wa ‘buela mo pelong ya gago, mo bolaong jwa gago, mme o didimale.’ (Pesalema 4:4) Fa e le gore tota o tlhoka go bua ka sengwe se se go utlwisitseng botlhoko, leta go fitlha o ritibala. Mosadi mongwe yo o bidiwang Beatriz a re: “Fa ke utlwile botlhoko, ke leka go ritibala pele. Ka dinako tse dingwe, moragonyana ke lemoga gore phoso eo e ne e se masisi mo go kalo mme ke kgona go bua ka tlotlo.”—Molaomotheo wa Baebele: Diane 19:11.
Tlhaloganya bokao jwa “go itshwarela.” Mo Baebeleng, ka dinako tse dingwe lefoko “itshwarela” le ranolwa go tswa mo lefokong la puo ya ntlhantlha le le akantshang kgang ya go tlogela sengwe. Ka jalo, go itshwarela ga go kaye gore phoso eo ga e masisi go le kalo kgotsa e kete se se dirilweng ga se ise se tsamaye se direge; go kaya gore o tlogela kgang eo mme o lemoga gore go boloka sekgopi go ka senya botsogo jwa gago le lenyalo la gago go feta kafa o kgopisitsweng ka teng.