Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Jesu a etetse matsalaagwe Petere a bo a mo fodisa.—Mathaio 8:14, 15; Mareko 1:29-31

A Badiredi ba Bakeresete Ga ba A Tshwanela go Tsena mo Lenyalong?

A Badiredi ba Bakeresete Ga ba A Tshwanela go Tsena mo Lenyalong?

DIKEREKE di le dintsi tse di jaaka tsa Orthodox, Roma Katoliki, Bobuda le tse dingwe, ga di letlelele baruti le baeteledipele ba tsone go tsena mo lenyalong. Le fa go ntse jalo, batho ba bangwe bone ba re go sa tsene mo lenyalong ke gone go bakang dikgang tsa gore baruti ba na le boitsholo jo bo sa siamang.

Ka jalo, go a utlwala go botsa jaana: A Baebele ya re badiredi ba Bakeresete ga ba a tshwanela go nyala kgotsa go nyalwa? Gore re kgone go araba potso eo, a re sekasekeng gore mokgwa ono o simologile kae le gore Modimo a reng ka one.

BODUMEDI LE GO SA TSENE MO LENYALONG

Buka ya tsedimosetso ya Encyclopædia Britannica ya re mokgwa ono wa go sa tsene mo lenyalong o kaya gore “motho ga a tshwanela go tlhakanela dikobo, mme gantsi batho ba ba tshwanetseng go tshela jalo ke ba ba eteletseng pele kgotsa ba ba ineetseng mo kerekeng.” Ka 2006, Mopapa Benedict XVI o ne a bua le Botsamaisi Jwa Kereke ya Roma a amanya go sa tsene mo lenyalong le “setso se batho ba neng ba tshela ka sone ka dinako tsa Baaposetoloi.”

Le fa go ntse jalo, Bakeresete bao ba bogologolo ba ne ba sa tshele ka moetlo oo. Tota e bile, moaposetoloi Paulo, yo o neng a tshela ka dinako tseo, o ne a raya Bakeresete a re ba ikele tlhoko gore ba se ka ba reetsa ‘dipolelo tse di tsietsang’ le tsa go ‘iletsa batho go tsena mo lenyalong.’—1 Timotheo 4:1-3.

Mokgwa ono o ne wa simolola go tlwaelega ka lekgolo la bo200 la dingwaga kwa dikerekeng tse di ipitsang tsa “Bokeresete” tsa dinaga tsa kwa Bophirima. Go ya ka buka ya Celibacy and Religious Traditions, mokgwa ono o ne o “dumalana le taelo ya Puso ya Roma ya gore batho ba se ka ba tlhakanela dikobo.”

Mo dingwageng di le makgolo tse di latelang, makgotla a dikereke le Borara ba ne ba kgothaletsa baruti gore ba se ka ba nyala. Ba ne ba akanya gore go tlhakanela dikobo go ne go leswafatsa kgotsa go kgoreletsa ditiro tsa boruti. Le fa go ntse jalo, buka ya Encyclopædia Britannica ya re “go ela kwa bowelong jwa lekgolo la bo10 la dingwaga, baruti ba le bantsi le bobishopo bangwe ba ne ba na le basadi.”

Lekgotla la Lateran le le neng le tshwere kopano kwa Roma ka ngwaga wa 1123 le 1139, le ne la re baeteledipele ba kereke ga ba a tshwanela go tsena mo lenyalong. Gompieno Kereke ya Roma Katoliki e santse e dirisa molao oo. Molao oo o ne o dira gore kereke e se ka ya latlhegelwa ke maatla le madi e leng se se neng se bakwa ke gore baruti ba ba mo lenyalong ba dire dithoto tsa kereke boswa jwa bana ba bone.

MODIMO A RENG KA GO SA TSENE MO LENYALONG?

Baebele e tlhalosa sentle tsela e Modimo a ikutlwang ka yone ka go sa tsene mo lenyalong. E na le mafoko a ga Jesu a a buang ka batho ba ba neng ba sa nyala kgotsa ba sa nyalwa “ka ntlha ya bogosi jwa magodimo,” fela jaaka ene. (Mathaio 19:12) Mo godimo ga moo, moaposetoloi Paulo o ile a bua ka Bakeresete ba ba tlhophileng go nna ba se mo lenyalong jaaka ene, “ka ntlha ya bogosi jwa magodimo.”—1 Bakorintha 7:37, 38; 9:23.

Le fa go ntse jalo, Jesu le Paulo ba ne ba sa kgothaletse badiredi ba Bakeresete go nna ba se mo lenyalong. Jesu o ne a re go sa tsene mo lenyalong ke “mpho” mme ga se balatedi botlhe ba gagwe ba nang le yone. Fa Paulo a ne a kwala ka batho ba ba iseng ba tsene mo lenyalong, o ne a re: “Ga ke na taelo e e tswang kwa Moreneng, mme ke ntsha kgopolo ya me.”—Mathaio 19:11; 1 Bakorintha 7:25.

Mo godimo ga moo, Baebele ya re ka lekgolo la ntlha la dingwaga, badiredi ba le bantsi ba Bakeresete, tota le moaposetoloi Petere, ba ne ba nyetse. (Mathaio 8:14; Mareko 1:29-31; 1 Bakorintha 9:5) E re ka boitsholo jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo bo ne bo aname kwa Roma, Paulo o ne a re fa modiredi wa Mokeresete a nyetse, o tshwanetse go nna “monna wa mosadi a le mongwe” e bile “a na le bana ba ba mo taolong.”—1 Timotheo 3:2, 4.

Ga se gore banyalani bao ba ne ba sa tshwanela go tlhakanela dikobo ka gonne Baebele e bua ka tlhamalalo gore ‘monna yo o nyetseng o tshwanetse go naya mosadi wa gagwe tshwanelo ya gagwe’ le gore banyalani ‘ba se ka ba amogana’ mpho ya tlhakanelodikobo. (1 Bakorintha 7:3-5) Go a bonala gore Modimo ga a laela batho gore ba se ka ba tsena mo lenyalong e bile badiredi ba Bakeresete ga ba patelesege go nna ba sa nyala kgotsa ba sa nyalwa.

KA NTLHA YA DIKGANG TSE DI MOLEMO

Fa e le gore motho ga a patelesege go nna a se mo lenyalong, goreng Jesu le Paulo ba ne ba akgola batho ba ba seng mo lenyalong? Ka gonne fa motho a se mo lenyalong, o na le ditshono tse dintsi tsa go bolelela batho ba bangwe dikgang tse di molemo. Batho ba ba seng mo lenyalong ba ka kgona go dirisa nako e ntsi ba direla Modimo ka gonne ga ba lebane le mathata a batho ba ba nyalaneng ba lebanang le one.—1 Bakorintha 7:32-35.

Akanya ka David yo o neng a tlogela tiro e e duelang madi a mantsi kwa Mexico City mme a fudugela kwa motseng mongwe kwa Costa Rica go ya go ruta batho Baebele. A David o akanya gore go nna a sa nyala go mo thusitse gore a kgone go fudugela koo? A re: “Ee, go nthusitse thata. Go ne go le thata go tlwaela setso le maemo a koo mme ga go a ntsaya lobaka ka gonne ke ne ke le nosi.”

Kgaitsadi mongwe yo o sa nyalwang e bong Claudia, yo o fudugetseng kwa nageng e go tlhokegang bareri ba dikgang tse di molemo gone, a re: “Ke itumelela go direla Modimo. Go bona gore Modimo o a ntlhokomela go dira gore tumelo ya me e nonofe le gore ke atamalane thata le ene.”

“Ga go re sepe gore o nyetswe kgotsa ga o a nyalwa, o tla itumela fa o direla Jehofa ka pelo yotlhe.”—Claudia

Go nna o se mo lenyalong ga e tlhoke go nna morwalo. Claudia a re: “Ga go re sepe gore o nyetswe kgotsa ga o a nyalwa, o tla itumela fa o direla Jehofa ka pelo yotlhe.”—Pesalema 119:1, 2.