Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A o Ne o Itse?

A o Ne o Itse?

A Jesu o ne a tlhapatsa fa a dira setshwantsho a bua ka “dintšanyana”?

Setshwantsho sa Gerika kgotsa Roma sa ngwana a tshwere ntšanyana (sa magareng ga 100 B.C.E. le 200 C.E.)

Nako nngwe fa Jesu a ne a le gaufi le melelwane ya Jerusalema kwa porofenseng ya Roma kwa Siria, mosadi mongwe wa Mogerika o ne a mo atamela a bo a mo kopa thuso. Jesu o ne a mo araba a dirisa setshwantsho a bapisa batho ba e seng Bajuda le “dintšanyana.” Molao wa ga Moshe o ne a re dintša ke diphologolo tse di seng phepa. (Lefitiko 11:27) A mme Jesu o ne a tlhapatsa mosadi yoo wa Mogerika le batho ba bangwe ba e seng Bajuda?

Le eseng! Jesu o ne a tlhaloseditse barutwa ba gagwe gore maikaelelo a gagwe a magolo ka nako eo e ne e le go thusa Bajuda. Ka jalo, o ne a tswelela ka setshwantsho seo sa gagwe ka go raya mosadi yoo wa Mogerika a re: “Ga go a siama go tsaya senkgwe sa bana se bo se latlhelelwa dintšanyana.” (Mathaio 15:21-26; Mareko 7:26) Bagerika le Baroma ba ne ba tsaya ntša e le phologolo ya mo lapeng e e rategang, e e nnang mo ntlong ya mong wa yone e bile e tshameka le bana. Ka jalo, fa Jesu a ne a re “dintšanyana,” batho ba ka tswa a ile a akanya ka sengwe se se rategang le se se kgatlhang. Mosadi yoo o ne a tlhaloganya se Jesu a neng a se bua mme o ne a araba a re: “Ee, Morena; mme tota dintšanyana ruri di ja matlhotlhora a a wang mo tafoleng ya beng ba tsone.” Jesu o ne a akgola mosadi yoo ka ntlha ya tumelo e a nang le yone a bo a fodisa morwadie.—Mathaio 15:27, 28.

A kakantsho ya ga Paulo ya gore sekepe se se ka sa tsamaya ka nako eo, e ne e siame?

Sekepe se segolo sa dithoto se gabilwe mo logonnyeng (ngwaga wa 100 C.E.)

Sekepe se Paulo a neng a se palame go ya Italy se ne se kgokgoediwa ke diphefo. Fa sekepe se ema golo gongwe mo tseleng, moaposetoloi Paulo o ne a akantsha gore loeto lwa bofelo lwa sekepe lo beelwe nako e nngwe. (Ditiro 27:9-12) Goreng a ne a akantsha jalo?

Batsamaisadikepe ba bogologolo ba ne ba itse gore go tsamaya mo lewatleng la Mediterranean go ne go le kotsi ka mariga. Mo magareng a kgwedi ya November go fitlha mo magareng a kgwedi ya March, go ne go sa letlelelwe gore dikepe di tsamaye. Mme sekepe se Paulo a neng a bua ka sone, se ne se tla tsamaya ka September kgotsa October. Mokwadi mongwe wa Moroma yo o bidiwang Vegetius (ngwaga wa 400), o ne a bua jaana mo bukeng ya gagwe ya Epitome of Military Science ka go tsamaya mo lewatleng leo: “Ka dikgwedi dingwe go siame go tsamaya mo lewatleng, ka tse dingwe o ka se tlhomamisege mme ka tse dingwe ga go kgonege.” O ne a re go ne go sireletsegile go tsaya loeto go tloga ka May 27 go ya go September 14 mme dinako tse go neng go le kotsi go tsamaya ka tsone e ne e le go tloga ka September 15 go ya go November 11 le go tloga ka March 11 go ya go May 26. Paulo o ne a itse seo ka gonne o ne a tlwaetse go tsamaya ka sekepe. Go ka direga gore motsamaisasekepe le mong wa sone ba ne ba itse dilo tseo mme ba bo ba itlhokomolosa kgakololo ya ga Paulo. Sekepe seo se ne sa thubega.—Ditiro 27:13-44.