SETLHOGO SE SE ITHUTIWANG 15
O Ikutlwa Jang ka Batho Ba o ba Rerelang?
“Tsholetsang matlho a lona mme lo lebe masimo, gore a masweu go ka rojwa.”—JOH. 4:35.
PINA 64 Go Ipelela go Nna le Seabe mo Thobong
SE RE TLA TLOTLANG KA SONE *
1-2. Ke eng se se ka tswang se dirile gore Jesu a bue mafoko a a mo go Johane 4:35 le 36?
FA JESU a ne a ya kwa Galalea, o ne a feta mo masimong. Gongwe masimo ao e ne e le a mabele a a sa tswang go tlhoga. (Joh. 4:3-6) Go ne go setse dikgwedi di ka nna nnê gore mabele ao a siamele go ka rojwa. Mme Jesu o ile a bua sengwe se se gakgamatsang. O ne a re: “Tsholetsang matlho a lona mme lo lebe masimo, gore a masweu go ka rojwa.” (Bala Johane 4:35, 36.) O ne a raya jang?
2 Go bonala Jesu a ne a sa bue ka go phuthiwa ga mabele, go na le moo,o ne a bua ka go phuthiwa ga batho. Akanya ka se se neng se sa tswa go direga. Le fa gone Bajuda ba ne ba sa nosane metsi le Basamarea, Jesu o ne a sa tswa go rerela mosadi wa Mosamarea mme o ile a mo reetsa. Mosadi yoo o ile a ya go bolelela batho mo motseng wa bone dilo tse a neng a di utlwile mo go Jesu. Ka jalo, fa Jesu a ne a re masimo a “masweu go ka rojwa,” Basamarea ba ne ba tla kwa go ene gore ba tle go ithuta mo go oketsegileng. (Joh. 4:9, 39-42) Moithuti mongwe wa Baebele o bua jaana ka pego eno: “E re ka Basamarea ba ile ba itlhaganela jaana go ya kwa go Jesu, seno se bontsha gore ba ne ba tshwana le masimo a a siametseng go ka rojwa.”
3. Fa o tsaya batho ba tshwana le masimo a a siametseng go ka rojwa fela jaaka Jesu, o tla dirang?
3 Wena o ikutlwa jang ka batho ba o ba rerelang? A o akanya gore ba tshwana le masimo a a siametseng go ka rojwa? Fa go le jalo, o tla dira dilo tseno tse tharo: Sa ntlha, ga o kitla o goga dinao mo tirong ya go rera. Nako ya thobo e khutshwane, ka jalo, ga re a tshwanela go senya nako. Sa bobedi,o tla itumelela go dira ka natla mo tirong ya go rera dikgang tse di molemo. Isa. 9:3) Sa boraro, fa o rerela motho, ga o kitla o tsaya gore motho yoo a ka se fetoge. O tla itse gore le ene a ka kgona go nna morutwa wa ga Jesu, ka jalo, o tla bua le ene ka dilo tse a di kgatlhegelang.
Baebele ya re Batho ba a “ipela ka nako ya thobo.” (4. Mo setlhogong seno, re tla ithuta eng mo go moaposetoloi Paulo?
4 Barutwa bangwe ba ga Jesu ba ka tswa ba ne ba akanya gore Basamarea ba ka se fetoge. Mme Jesu ene o ne a sa akanye jalo. O ne a itse gore ba ka kgona go nna barutwa ba gagwe. Le rona ga re a tshwanela go akanya gore batho ba ba mo tshimong ya rona ba ka se fetoge. Moaposetoloi Paulo o re tlhometse sekao se se molemo. Re ka ithuta eng mo go ene? Mo setlhogong seno, re tla bona gore ke eng se se mo thusitseng (1) go itse gore batho ba a ba rerelang ba dumela eng, (2) go itse gore ba rata eng le gore (3) ke eng se se mo thusitseng go bona gore batho bao le bone ba ka nna barutwa ba ga Jesu.
BA DUMELA ENG?
5. Ke eng fa Paulo a ne a itse dilo tse Bajuda ba di dumelang?
5 Go le gantsi, Paulo o ne a rera mo disinagogeng tsa Bajuda. Ka sekai, kwa sinagogeng kwa Thesalonika, o ne a fetsa ‘bosabata ba le bararo a bontsha [Bajuda] mabaka go tswa mo Dikwalong.’ (Dit. 17:1, 2) Paulo a ka tswa a ne a ikutlwa a phuthologile fa a le kwa sinagogeng ka gonne le ene e ne e le Mojuda. (Dit. 26:4, 5) O ne a itse dilo tse Bajuda ba di dumelang ka jalo go ne go le motlhofo gore a ba rerele.—Bafil. 3:4, 5.
6. Batho ba kwa marekisetsong a kwa Athena ba ne ba farologane jang le batho ba Paulo a neng a ba rerela kwa sinagogeng?
6 Fa Paulo a sena go lelekwa kwa Thesalonika le kwa Berea, o ne a ya kwa Athena. Fa a le kwa motseng oo, o ne a “simolola go bontshana mabaka le Bajuda mo sinagogeng le batho ba bangwe ba ba neng ba obamela Modimo.” (Dit. 17:17) Mme fa a ne a rera kwa marekisetsong, o ile a kopana le batho ba e seng Bajuda. Bangwe ba bone e ne e le batho ba ba ratang dithuto tsa filosofi le Baditšhaba bangwe ba ba neng ba re molaetsa wa ga Paulo ke “thuto e ntšha.” Ba ne ba mo raya ba re o bua dilo tse di sa tlwaelegang.—Dit. 17:18-20.
7. Go ya ka Ditiro 17:22 le 23, Paulo o ile a fetola jang tsela e a neng a rera dikgang tse di molemo ka yone?
7 Bala Ditiro 17:22, 23. Paulo o ne a sa rerele Baditšhaba ba kwa Athena ka tsela e a neng a rerela Bajuda ba kwa sinagogeng ka yone. A ka tswa a ile a ipotsa gore, ‘Batho ba Athena ba dumela eng?’ O ile a ela tlhoko tikologo ya bone le dilo tsa bodumedi tse ba neng ba di dira. Go tswa foo,o ne leka go bona gore ke dilo dife tse di mo Dikwalong tse ba di dumelang. Moithuti mongwe wa Baebele a re: “E re ka Paulo e ne e le Mojuda e bile e le Mokeresete, o ne a itse gore Bagerika ga ba obamele Modimo yo Bajuda le Bakeresete ba neng ba re ke ene wa boammaaruri. Go na le moo, o ne a leka go bontsha Baathena gore Modimo yo a rerang ka ene, ke ene yo ba mo obamelang.” Paulo o ne a iketleeleditse go fetola tsela e a rerang ka yone. O ne a bolelela batho ba kwa Athena gore molaetsa o a o rerang o tswa kwa ‘Modimong O o Sa Itsiweng’ o ba neng ba leka go mo obamela. Le fa gone batho bao ba ne ba sa itse Dikwalo, Paulo ga a ka a ba tlhoboga. Go na le moo,o ne a tsaya gore ba tshwana le masimo a a siametseng go ka rojwa. Ka jalo, o ne a fetola tsela e a rerang dikgang tse di molemo ka yone.
8. (a) Ke eng se se ka go thusang go bona gore batho ba ba mo tshimong ya lona ba dumela eng? (b) Fa mongwe a go raya a re o na le kereke ya gagwe, o ka mo raya o reng?
8 Nna kelotlhoko. Fa o etetse motho, leka go bona dilo dingwe tse di ka go bontshang gore o dumela eng. O kgabisitse ntlo kgotsa koloi ya gagwe ka eng? A leina la gagwe, tsela e a apereng kgotsa e a buang ka yone di kgona go bontsha gore o tsena kereke efe? Gongwe e bile o ile a go bolelela gore o na le kereke ya gagwe. Kgaitsadi mongwe yo o bidiwang Flutura a re fa mongwe a mo raya jalo, ene o mo raya a re: “Ga ke a tlela go go pateletsa gore o dumele se ke se dumelang, gona le moo, ke tlile go bua le wena ka kgang eno . . . ”
9. O ka tlotla ka eng le motho yo o tsenang kereke?
9 O ka tlotla ka eng le motho yo o tsenang kereke? Tlotla le ene ka dilo tse lo dumalanang ka tsone. Ka sekai, a ka tswa a obamela Modimo a le mongwe fela, a ka tswa a dumela gore Jesu ke ene Mmoloki wa batho kgotsa a ka tswa a dumela gore re tshela mo metlheng ya bofelo e e tletseng ka mathata. Dirisa dilo tseo go tlotla le ene ka tsela e e tla dirang gore a kgatlhegele molaetsa wa Baebele.
10. Re tshwanetse go leka go dira eng, mme ka ntlha yang?
10 Nna o gopotse gore batho ba ka tswa ba sa dumele sengwe le sengwe se se rutiwang kwa dikerekeng tsa bone. Ka jalo, le fa motho a ka go bolelela gore o tsena kereke efe, mmotse dipotso, o leke go bona gore ene o dumela eng. Mokaulengwe wa kwa Australia yo o bidiwang David a re: “Gone jaanong batho ba le bantsi ba tlhakanya dithuto tsa bodumedi le filosofi.” Kgaitsadi mongwe wa kwa Albania yo o bidiwang Donalta a re: “Batho bangwe ba re kopanang le bone ba re ba tsena kereke, mme moragonyana, ba tlhalosa gore tota bone ga ba dumele mo Modimong.” Mokaulengwe mongwe 1 Bakor. 9:19-23.
yo e leng morongwa kwa Argentina a re batho bangwe ba ba reng ba dumela thuto ya Tharonngwe, tota ga se gore ba dumela gore Rara, Morwa le moya o o boitshepo, ke Modimo a le mongwe. A re: “Go itse gore motho a ka tswa a sa dumele dilo tsotlhe tse di rutwang kwa kerekeng ya bone go nthusa gore ke tlotle le ene ka dilo tse a di dumelang.” Ka jalo, leka go itse se tota batho ba se dumelang. Fa o dira jalo, o tla nna “dilo tsotlhe mo bathong ba mefuta yotlhe” fela jaaka Paulo.—BA RATA ENG?
11. Go ya ka Ditiro 14:14-17, Paulo o ile a kgona jang go rerela batho ba kwa Lisetera?
11 Bala Ditiro 14:14-17. Paulo o ne a kgona go lemoga gore batho ba rata eng a bo a tlotla le bone ka dilo tseo. Ka sekai, batho ba a neng a bua le bone kwa Lisetera ba ne ba itse go le go nnye kgotsa ba sa itse sepe ka Dikwalo. Ka jalo, o ile a bua le bone ka dilo tse ba di itseng. O ne a bua le bone ka temo le ka dilo tse di re thusang go itumelela botshelo. O ile a dirisa mafoko le dikai tse batho ba neng ba di tlhaloganya.
12. O ka lemoga jang gore motho o rata eng o bo o fetola motlotlo wa gago?
12 Leka go lemoga gore batho ba mo tshimong ya lona ba rata eng mme o nne o fetofetola motlotlo go ya ka se ba se ratang. Fa o etetse motho, ke eng se se ka go thusang go bona gore o rata eng? Nna kelotlhoko. Gongwe motho yo o mo etetseng o bereka mo tshingwaneng, o bala buka, o baakanya koloi kgotsa o dira sengwe fela. O ka nna wa simolola go tlotla le ene ka se a se dirang. (Joh. 4:7) Tota le se a se apereng se ka go thusa go bona gore ke wa naga efe, o bereka kae kgotsa o rata setlhopha sefe sa metshameko. Gustavo a re: “Nako nngwe ke ne ka tlotla le mosha mongwe yo o neng a apere sekipa se se nang le setshwantsho sa moopedi yo o tumileng. Ke ne ka mmotsa dipotso ka sekipa sa gagwe mme o ne a ntlotlela gore ke eng fa a rata moopedi yoo. Moragonyana ke ne ka simolola go ithuta Baebele le ene mme gone jaanong ke Mosupi.”
13. O ka buelela jang thuto ya Baebele ka tsela e e kgatlhang?
13 Fa o buelela thuto ya Baebele, leka go bontsha motho gore go ithuta Baebele go Joh. 4:13-15) Ka sekai, kgaitsadi mongwe yo o bidiwang Poppy o ne a etela mosadi mongwe yo o neng a bontsha a kgatlhegela go ithuta Baebele. Fa a le kwa ntlong ya gagwe, o ile a bona setifikeiti se se bontshang gore mosadi yoo ke porofesa wa tsa thuto. Poppy o ile a mo tlhalosetsa gore Basupi ba ga Jehofa le bone ba ruta batho ka go ithuta Baebele le bone kwa malapeng a bone le kwa dipokanong. Mosadi yoo o ne dumela go ithuta Baebele le Poppy mme mo letsatsing le le latelang o ne a ya dipokanong. Moragonyana ga foo o ne a ya kopanong. Morago ga ngwaga, o ile a kolobediwa. Ipotse jaana: ‘Batho ba ke kopaneng le bone mo bodireding ba kgatlhegela eng? A ke kgona go buelela thuto ya Baebele ka tsela e e tla dirang gore ba e kgatlhegele?’
tla mo thusa jang. (14. Ke eng se se ka go thusang go fitlhelela pelo ya batho ba o ithutang le bone?
14 O tshwanetse go baakanyetsa thuto nngwe le nngwe ka gonne batho ga ba tshwane. Fa o baakanyetsa, akanyetsa maemo a motho yo o yang go ithuta le ene, le dilo tse a di ratang. Gape tlhopha makwalo a o tlileng go a bala, dibidio tse o tlileng go di tshameka le dikai tse o ka di dirisang go mo thusa gore a tlhaloganye dilo tse a di ithutang. Ipotse jaana: ‘Ke eng se se ka mo amang pelo?’ (Dia. 16:23) Mosadi mongwe wa kwa Albania o ne a raya Kgaitsadi Flora a re: “Nna ga ke dumele gore baswi ba tla tsosiwa.” Flora ga a ka a leka go mo pateletsa go dumela gore baswi ba tla tsosiwa. A re: “Ke ne ka lemoga gore mosadi yono o tlhoka go itse Jehofa pele, ka gonne seo se tla mo thusa go dumela gore a ka kgona go tsosa baswi.” Fa e sale go tloga ka nako eo, fa ba ithuta, Flora o ne a thusa mosadi yoo go lemoga gore Jehofa o a re rata, o botlhale e bile o maatla. Seo se ne sa mo thusa go dumela gore Jehofa a ka kgona go tsosa baswi. Gone jaanong ke Mosupi.
BA LEBE E LE BAKAULENGWE LE BOKGAITSADI BA KAMOSO
15. Go ya ka Ditiro 17:16-18, Baathena ba ne ba itshwere jang mme ke ka ntlha yang fa Paulo a sa ba tlhoboga?
15 Bala Ditiro 17:16-18. Paulo ga a ka a tlhoboga batho ba kwa Athena le fa gone ba ne ba obamela medimo ya maaka, ba dira boitsholo jo bo maswe jwa tlhakanelodikobo e bile ba dumela dithuto tsa maaka. Mo godimo ga moo, o ne a tswelela a ba rerela le fa gone ba ne ba sa mo tshware sentle. Paulo le ene pele e nna Mokeresete, e ne e le “motlhapatsi le mmogisi le motho yo o se nang maitseo.” (1 Tim. 1:13) Fela jaaka Jesu a ne a dumela gore Paulo a ka fetoga, Paulo le ene o ne a dumela gore batho ba kwa Athena ba ka fetoga, mme ga ba a ka ba mo swabisa.—Dit. 9:13-15; 17:34.
16-17. Re itse jang gore batho ba mefuta yotlhe ba ka kgona go nna barutwa ba ga Jesu? Naya sekai.
16 Mo lekgolong la ntlha la dingwaga, batho ba merafe e e farologaneng ba ne ba nna barutwa ba ga Jesu. Fa Paulo a ne a kwalela Bakeresete ba kwa Korintha, o ile a tlhalosa gore bangwe ba bone e kile ya bo e le dikebekwa kgotsa ba dira dilo tse di tsitsibanyang mmele. Mme gape o ne a re: “Mme lo tlhapisitswe lwa nna phepa.” (1 Bakor. 6:9-11) A wena o ka bo o ile wa dumela gore batho bao ba ka kgona go fetoga ba bo ba nna barutwa ba ga Jesu?
17 Batho ba le bantsi gompieno ba fetola matshelo a bone ba bo ba nna barutwa ba ga Jesu. Ka sekai, kgaitsadi mongwe wa kwa Australia yo o bidiwang Yukina o ile a lemoga gore batho ba mefuta yotlhe ba kgona go kgatlhegela molaetsa wa Baebele. Letsatsi lengwe o ile a kopana le lekgarebe lengwe le le neng le na le di-tattoo di le dintsi e bile le apere diaparo tse di malabulabu. Yukina a re: “Ke simolotse pele ke okaoka, mme ke ne ka feleletsa ke buile le ene. Fa ke ntse ke tlotla *
le ene, ke ne ka lemoga gore o rata Baebele thata. Tota e bile, di-tattoo dingwe tsa gagwe e ne e le ditemana tse di tswang mo bukeng ya Dipesalema.” Lekgarebe leo le ne la simolola go ithuta Baebele le go ya dipokanong.18. Ke eng fa re sa tshwanela go akanya gore batho ba ka se fetoge?
18 A Jesu o ile a re masimo a siametse go ka rojwa ka gonne a ne a lebeletse gore batho ba le bantsi ba tla nna balatedi ba gagwe? Nnyaa. Dikwalo di ne di setse di boleletse pele gore ke batho ba le mmalwa fela ba ba neng ba tla dumela mo go ene. (Joh. 12:37, 38) Mo godimo ga moo, Jesu o ne a kgona go bona se se mo dipelong tsa batho, ka jalo, o ne a itse gore bontsi jwa bone ga ba kitla ba dumela mo go ene. (Math. 9:4) Le fa gone Jesu a ne a fetsa nako e ntsi a na le batho ba ba dumelang mo go ene, o ne a rerela batho botlhe. E re ka re sa kgone go itse se se mo dipelong tsa batho, ga re a tshwanela go akanya gore ba ka se fetoge. Go na le moo, re tshwanetse go nna re gopotse gore batho ba re ba rerelang ba ka kgona go nna barutwa ba ga Jesu. Morongwa mongwe wa kwa Burkina Faso yo o bidiwang Marc a re: “Go le gantsi, batho ba ke neng ke akanya gore ba tla gatela pele, ba tlogela go ithuta. Mme ba ke neng ke ithaya ke re ba tla felela mo tseleng, ke bone ba gatelang pele. Ka jalo, ke ile ka ithuta gore re tshwanetse go letla moya wa ga Jehofa o re kaela gore re kgone go bona batho ba ba batlang go ithuta boammaaruri.”
19. Re tshwanetse go ikutlwa jang ka batho ba re ba rerelang?
19 Go ka nna ga lebega e kete batho ba le bantsi mo tshimong ya lona ba ka se fetoge, mme gone, o se ka wa lebala gore Jesu o ile a raya barutwa ba gagwe a reng. O ile a re masimo a masweu e bile a siametse go ka rojwa. Batho ba ka kgona go fetoga ba bo ba nna barutwa ba ga Jesu. Jehofa o a itse gore batho ba ba mo tshimong ya lona ba ka kgona go fetoga ba bo ba nna “dilo tse di eletsegang.” (Hag. 2:7) Fa le rona re dumela gore batho ba ka kgona go fetoga, re tla ipha nako go itse maemo a bone le dilo tse ba di ratang. Re tla ba tsaya jaaka bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona ba kamoso.
PINA 57 Go Rerela Batho ba Mefuta Yotlhe
^ ser. 5 O ikutlwa jang ka batho ba ba mo tshimong ya lona? Seo se ka ama jang tsela e o rerang le e o rutang ka yone? Mo setlhogong seno, re tla bona gore Jesu le moaposetoloi Paulo ba ne ba ikutlwa jang ka batho ba ba neng ba ba rerela. Re tla bona gore re ka ba etsa jang ka go akanyetsa dilo tse batho ba ba mo tshimong ya rona ba di dumelang, tse ba di ratang le ka go tlhaloganya gore batho ba re kopang le bone mo bodireding le bone ba ka kgona go nna barutwa ba ga Jesu.
^ ser. 17 Ditlhogo tsa “Baebele e Fetola Matshelo a Batho,” di na le dikai di le dintsi tse di bontshang gore batho ba kgona go fetoga. Ditlhogo tseno di ne di tlhagelela mo makasineng wa Tora ya Tebelo go fitlhelela ka 2017. Gone jaanong di tlhagelela mo jw.org.® Leba KA GA RONA > MAITEMOGELO.
^ ser. 57 TLHALOSO YA DITSHWANTSHO: Fa banyalani ba le mo bodireding jwa ntlo le ntlo, ba bona (1) ntlo e e phepa e bile e kgabisitswe ka malomo; (2) ntlo ya batho ba ba nang le bana; (3) ntlo e e tlhakatlhakaneng e bile e sa tlhokomelwe le (4) ntlo ya batho ba ba ratang bodumedi. O akanya gore o ne o ka kopana le motho yo a ka nnang morutwa wa ga Jesu mo ntlong efe?