Basha, lo ka Kgona go Nna le Botshelo jo bo Itumedisang
‘O dira gore ke itse tselana ya botshelo.’—PES. 16:11.
1, 2. Se se diragaletseng Tony se re bontsha jang gore batho ba kgona go fetoga?
MOSIMANE mongwe yo o bidiwang Tony o ne a batla go tlogela sekolo. O ne a se na rre, a sa rate sekolo e bile ka mafelobeke o ne a rata go ya go lebelela difilimi kgotsa go etela ditsala tsa gagwe. O ne a sa rate ntwa e bile a sa dirise diritibatsi, ke fela gore o ne a sa itse gore o tshelelang. Gape o ne a ipotsa gore a ruri Modimo o teng. Letsatsi lengwe o ne a kopana le banyalani ba Basupi mme o ile a bua le bone ka dilo tse di neng di mo tshwenya le go ba botsa dipotso tse a neng a na le tsone. Ba ile ba mo naya boroutšhara jo bo nang le setlhogo se se reng The Origin of Life—Five Questions Worth Asking le jo bo nang le setlhogo se se reng Botshelo—A ke Tiro ya Mmopi?
2 Fa banyalani bao ba mo etela gape, tsela e a akanyang ka yone e ne e fetogile. O ne a badile diboroutšhara tseo gantsintsi mo e leng gore di ne di sosobane e bile di menegile. O ne a re: “Modimo o tshwanetse a bo a le teng.” O ile a dumela gore banyalani bao ba ithute Baebele le ene mme ka bonya ka bonya, o ne a simolola go itse gore o tshelelang. Mo godimo ga moo, o ile a simolola go dira bontle thata kwa sekolong. Tota le mogokgo wa sekolo, yo o neng a itse gore Tony o ithuta le Basupi, o ne a gakgametse. O Pes. 68:5.
ne a re: “O itshwere sentle e bile o dira bontle tota mo sekolong. A ke ka gonne o ithuta le Basupi ba ga Jehofa?” Tony o ne a re ee mme a mmolelela dilo tse a di ithutang mo Baebeleng. O ile a fetsa sekolo mme gompieno ke mmulatsela wa ka metlha gape ke motlhanka wa bodiredi. O itumelela gore o na le Rre yo o lorato e bong Jehofa.—REETSA JEHOFA MME O TLA ATLEGA
3. Jehofa o gakolola basha gore ba direng?
3 Se se diragaletseng Tony se bontsha gore Jehofa o a lo rata basha. O batla gore lo atlege e bile lo itumelele botshelo. Ka jalo, o lo kgothaletsa gore lo ‘gakologelwe Mmopi wa lona yo Mogolo mo malatsing a bokau [kgotsa a bokgarebe] jwa lona.’ (Mor. 12:1) Gone ke boammaaruri gore ga go motlhofo go dira jalo. Le fa go ntse jalo, go a kgonega. Modimo a ka go thusa gore o atlege, e seng fela fa o sa le mosha mme botshelo jotlhe jwa gago. Mma re tlotle ka gore ke eng se se thusitseng Baiseraele go tsena kwa Lefatsheng le le Solofeditsweng le se se thusitseng Dafide go fenya Goliathe.
4, 5. Tsela e Baiseraele ba ileng ba fenya Bakanana le tsela e Dafide a ileng a fenya Goliathe ka yone e re ruta thuto efe ya botlhokwa? (Bona ditshwantsho tse di simololang setlhogo.)
4 Fa Baiseraele ba ne ba le gaufi le go tsena kwa Lefatsheng le le Solofeditsweng, Modimo ga a ka a ba laela gore ba ithapisetse ntwa. (Dute. 28:1, 2) Go na le moo, o ne a ba raya a re ba ikobele ditaelo tsa gagwe e bile ba mo tshepe. (Josh. 1:7-9) Go ne go ka lebega kgakololo eo e sa utlwale. Mme gone, e ne e le kgakololo e e molemo ka gonne gangwe le gangwe Jehofa o ile a thusa batho ba bagwe go fenya Bakanana. (Josh. 24:11-13) Re tlhoka tumelo gore re reetse Modimo, mme go dira jalo go re solegela molemo ka metlha. Go ne go ntse jalo mo nakong e e fetileng, e bile go ntse jalo le gompieno.
5 Goliathe e ne e le motlhabani yo o nonofileng, a le boleele jwa dimetara di le 2,9 e bile a tshotse dibetsa. (1 Sam. 17:4-7) Dafide ene o ne a na le dilo tse pedi: motsekedi le tumelo mo Modimong wa gagwe e bong Jehofa. Ga go pelaelo gore Dafide o ne a bonala e le seeleele mo bathong ba ba senang tumelo, mme boammaaruri ke gore Goliathe e ne e le ene seeleele.—1 Sam. 17:48-51.
6. Re tlile go tlotla ka eng?
6 Setlhogo se se fetileng se ne se tlotla ka dilo di le nnê tse di ka re thusang gore re itumele e bile re atlege mo botshelong. Dilo tseo ke: go kgotsofatsa keletso ya rona ya go ithuta ka Modimo, go rata ditsala tse Jehofa a re neileng tsone, go ipeela mekgele e e siameng le go anaanela kgololesego e Modimo a re neileng yone. Mma re tlhatlhobe ditlhogo tseno mo go oketsegileng re dirisa melaometheo mengwe e e mo go Pesalema 16.
KGOTSOFATSA KELETSO YA GAGO YA GO ITHUTA KA MODIMO
7. (a) Motho yo o ratang Modimo o ntse jang? (b) “Kabelo” ya ga Dafide e ne e le eng, mme seno se ne se mo ama jang?
7 Motho yo o ratang Modimo o na le tumelo mo Modimong e bile o leba dilo jaaka ene. O letla Modimo gore a mo kaele e bile o ikemiseditse go mo ikobela. (1 Bakor. 2:12, 13) Dafide o ne a ntse jalo. O ile a re: “Jehofa ke karolo ya kabelo e ke e neilweng le ya senwelo sa me.” (Pes. 16:5) “Kabelo” eo e ne e akaretsa kamano ya ga Dafide le Jehofa mme o ne a batla tshireletsego mo go ene ka metlha. (Pes. 16:1) Ka ntlha ya seo, Dafide o ile a re: “[Ke] sekametse mo go ipeleng.” Go ne go se na sepe se se itumedisang Dafide jaaka kamano ya gagwe le Jehofa.—Bala Pesalema 16:9, 11.
8. Ke dilo dife tse di ka dirang gore re itumelele botshelo?
8 Batho ba ba tlhomileng mogopolo mo dikhumong le mo menateng ga ba ka ke ba nna le boitumelo jo Dafide a neng a na le 1 Tim. 6:9, 10) Mokaulengwe mongwe wa kwa Canada o ne a re: “Ga re nne le boitumelo jwa mmatota ka ntlha ya se re nang le sone mo botshelong, go na le moo, re nna le jone ka ntlha ya dilo tse re di direlang Jehofa Modimo.” (Jak. 1:17) Go nna le tumelo le go direla Jehofa go tla dira gore o kgotsofale e bile o itumelele botshelo. O ka nonotsha tumelo ya gago jang? O tshwanetse go bala Lefoko la Modimo, go anaanela popo ya gagwe le go akanya ka dinonofo tsa gagwe tse di molemo, go akaretsa tsela e a go ratang ka yone.—Bar. 1:20; 5:8.
jone. (9. Fela jaaka Dafide, o ka letla gore Lefoko la Modimo le go fetole jang?
9 Ka dinako tse dingwe, Modimo o bontsha gore o a re rata ka go re kgalemela. Dafide o ne a amogela kgalemelo ya ga Jehofa. O ne a re: “Ke tla baka Jehofa, yo o nneileng kgakololo. Ruri, diphilo tsa me di ntshiamisitse mo masigong.” (Pes. 16:7) Dafide o ne a tlhatlhanya ka melao ya Modimo e bile o ne a e letla gore e mo fetole. Fa o dira se se tshwanang, le wena o tla rata Modimo fela thata e bile o tla mo ikobela ka metlha. Mo godimo ga moo, o tla nna le tumelo e e nonofileng le temogo. Kgaitsadi mongwe yo o bidiwang Christin a re: “Fa ke dira dipatlisiso ke bo ke tlhatlhanya, ke ikutlwa e kete dilo tse ke di balang Jehofa o di kwaletse nna.”
10. Go ya ka Isaia 26:3, go rata Modimo go re thusa jang?
10 Fa o rata Modimo, o tla nna le kitso le temogo mme seno se tla go thusa gore o lebe lefatshe leno le bokamoso jaaka Jehofa a di leba. Ke eng fa Modimo a go thusa gore o nne le kitso eo le temogo? O batla gore o ipeele mekgele e e molemo, o dire ditswetso tse di siameng e bile o batla gore o nne le tsholofelo ya gore dilo di tla siama mo nakong e e tlang. (Bala Isaia 26:3.) Mokaulengwe mongwe yo o nnang kwa United States yo o bidiwang Joshua a re: “Go nna le kamano e e molemo le Jehofa go re thusa gore re lebe dilo ka tsela e e siameng.” Ruri seno ke boammaaruri e bile go dira jalo go re thusa gore re itumele!
ITIRELE DITSALA TSA BOAMMAARURI
11. Dafide o ne a re ke eng se se ka re thusang go nna le ditsala tsa boammaaruri?
11 Bala Pesalema 16:3. Dafide o ne a itse gore a ka bona jang ditsala tsa boammaaruri. O ne a ‘itumelela’ go nna le batho ba ba ratang Jehofa. O ne a ba bitsa “baitshepi” ka gonne ba ne ba tshela ka melao ya ga Jehofa ya boitsholo. Mokwadi yo mongwe wa Dipesalema le ene o ne a ikutlwa jalo ka ditsala tsa gagwe. O ne a re: “Ke molekane wa botlhe ba ba go boifang, le wa ba ba bolokang ditaelo tsa gago.” (Pes. 119:63) Jaaka re bone mo setlhogong se se fetileng, o ka itirela ditsala di le dintsi tse di molemo mo phuthegong e bile ga go tlhokege gore ba lekane le wena.
12. Ke eng fa Dafide le Jonathane e ne e le ditsala?
12 Mopesalema Dafide o ne a sa tsalane le dithaka tsa gagwe fela. A o gopola leina la yo o “tlotlometseng” yo o neng a nna tsala ya gagwe e kgolo? E ne e le Jonathane. Tota e bile ke batho ba le mmalwa fela mo Baebeleng ba ba neng ba na le botsala jo bo tshwanang le jwa ga Dafide le Jonathane. Mme gone, a o ne o itse gore Jonathane o ne a feta Dafide ka dingwaga di ka nna 30? Ke eng se se neng se dira gore e nne ditsala? Boobabedi ba ne ba na le tumelo mo Modimong e bile ba tlotlana. Mo godimo ga moo, ba ne ba bontsha pelokgale fa ba lwantsha baba ba Modimo.—1 Sam. 13:3; 14:13; 17:48-50; 18:1.
13. Ke eng se se ka go thusang gore o nne le ditsala di le dintsi? Naya sekai.
13 Fela Jaaka Dafide le Jonathane, le rona re ‘itumelela’ go nna le batho ba ba ratang Jehofa le ba ba bontshang gore ba na le tumelo mo go ene. Keira yo o nang le dingwaga di le dintsi a direla Modimo a re: “Ke na le ditsala di le dintsi mo lefatsheng lotlhe, mme
ke batho ba ditso tse di farologaneng e bile ba godile ka ditsela tse di farologaneng.” Le wena fa o ka dira se se tshwanang, o tla iponela gore ka ntlha ya Lefoko la Modimo le moya o o boitshepo, re seoposengwe.IPEELE MEKGELE E E MOLEMO
14. (a) Ke eng se se tla go thusang go ipeela mekgele e e molemo? (b) Basha bangwe ba ikutlwa jang ka go ipeela mekgele mo tirelong ya ga Jehofa?
14 Bala Pesalema 16:8. Selo sa botlhokwa thata mo go Dafide e ne e le go direla Modimo. Fa go direla Modimo go le botlhokwa thata mo go wena e bile o ipeela mekgele o akantse ka se Modimo a se batlang, le wena o tla itumela. Mokaulengwe mongwe yo o bidiwang Steven a re: “Go ipeela mokgele le go o fitlhelela go dira gore ke itumele fela thata.” Mokaulengwe mongwe yo mosha wa kwa Jeremane yo o direlang kwa nageng e nngwe o ne a re: “Ga ke batle gore fa ke setse ke godile, ke fitlhele e le gore ga ke a direla Jehofa sepe.” Re solofela gore le wena o ikutlwa jalo. Fa e le gore o ikutlwa jalo, dirisa bokgoni jwa gago go direla Modimo le go thusa batho ba bangwe. (Bagal. 6:10) Ipeele mekgele mo tirelong ya ga Jehofa mme o mo kope gore a go thuse go e fitlhelela. Ga go pelaelo gore o tla go araba.—1 Joh. 3:22; 5:14, 15.
15. O ka ipeela mekgele efe? (Bona lebokose le le reng “ Mekgele E o Ka Ipeelang Yone.”)
15 O ka ipeela mekgele efe? O ka ipeela mokgele wa go arabela ka mafoko a gago kwa dipokanong, go nna mmulatsela kgotsa go direla kwa Bethele. Gape o ka ipeela mokgele wa go ithuta puo e nngwe gore o ye go direla kwa go buiwang puo eo gone. Mosha mongwe yo o mo tirelong ya nako e e tletseng yo o bidiwang Barak a re: “Go itse gore ke dirisa maatla a me letsatsi le letsatsi mo tirelong ya ga Jehofa go dira gore ke itumele fela thata.”
ANAANELA KGOLOLESEGO E MODIMO A GO NEILENG YONE
16. Dafide o ne a ikutlwa jang ka melao ya Modimo mme ka ntlha yang?
16 Jaaka re bone mo setlhogong se se fetileng, melao le melaometheo e e siameng ya Modimo e a re golola ka gonne e re thusa go rata se se siameng le go tlhoa se se sa siamang. (Amos. 5:15) Mopesalema Dafide o ne a lemoga gore molemo wa ga Jehofa o mogolo. (Pes. 31:19) Molemo ke go nna le boitsholo jo bo siameng. Dafide o ne a dira ka natla go etsa sekao sa Modimo le go rata dilo tse Modimo a di ratang. Gape o ne a leka go tlhoa dilo tse Modimo a di tlhoileng. Seno se akaretsa kobamelo ya medingwana, tlwaelo e e digang batho seriti e bile e dira gore Jehofa a se ka a newa kgalalelo e e mo tshwanetseng.—Isa. 2:8, 9; Tshen. 4:11.
17, 18. (a) Dafide o ne a reng ka ditlamorago tsa kobamelo ya maaka? (b) Ke eng se se dirang gore batho ba nne le ‘ditlhabi di le dintsi’?
17 Ka nako ya go kwalwa ga Baebele, kobamelo ya maaka e ne e akaretsa boitsholo jo bo maswe jwa tlhakanelodikobo. (Hos. 4:13, 14) Batho ba ne ba rata kobamelo ya maaka ka gonne ba ne ba rata boitsholo joo mme gone, e ne e sa dire gore ba itumele. Go na le moo, Dafide o ne a re ba ba obamelang medimo ya maaka ba nna le ‘ditlhabi tse dintsi.’ (Pes. 16:4) Gape kobamelo eo e ne e dira gore ba bolaye bana. (Isa. 57:5) Jehofa o ne a tlhoile dilo tse ba neng ba di dira. (Jer. 7:31) Fa o ne o tshela ka nako eo, ga go pelaelo gore o ne o tla leboga tota fa batsadi ba gago ba ne ba na le tumelo mo go Jehofa e bile ba mo ikobela.
18 Le gompieno, madumedi a maaka a sa ntse a letlelela boitsholo jo bo maswe jwa tlhakanelodikobo le go ratana ga batho ba bong jo bo tshwanang. Mme gone ditlamorago tsa go dira boitsholo jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo di sa ntse di tshwana le ka nako ya fa Baebele e ne e kwalwa. (1 Bakor. 6:18, 19) Ka ntlha ya seo, “ditlhabi di nna dintsi.” Ka jalo, basha, reetsang Rraalona yo o kwa legodimong. Tlhomamisegang gore fa lo mo reetsa ke lona lo tla solegelwang molemo. Tlhomamisegang gore go ja monate wa boleo ka nakwana go tlisa mathata a mantsi fela thata. (Bagal. 6:8) Joshua yo re buileng ka ene pelenyana o ile a re, “re ka dirisa kgololesego e re nang le yone ka tsela e re e batlang, mme gone fa re sa e dirise sentle re ka se itumele.”
19, 20. Basha ba ba nang le tumelo mo go Jehofa e bile ba mo reetsa ba tla bona masego afe?
19 Jesu o ne a raya balatedi ba gagwe a re: “Fa lo nnela ruri mo lefokong la me, ruri lo barutwa ba me, mme lo tla itse boammaaruri, mme boammaaruri bo tla lo golola.” (Joh. 8:31, 32) Re gololesega mo kobamelong ya maaka, mo botlhokakitsong le mo tumelobotlhoding. Mme gone ga go felele foo, mo isagweng re tla nna le “kgololesego e e galalelang ya bana ba Modimo.” (Bar. 8:21) Re ka kgona go bona kgololesego eo ka go ‘nnela ruri mo lefokong la ga Keresete’ kgotsa dithuto tsa gagwe. Fa re dira jalo, re tla kgona go “itse boammaaruri” e seng fela ka gonne re bo ithutile mme gape ka gonne re dirisa se re se ithutileng.
20 Basha, anaanelang kgololesego e Modimo a lo neileng yone. Dirisa kgololesego eo ka botlhale gore o kgone go dira ditshwetso tse di siameng mo isagweng. Mokaulengwe mongwe yo mosha o ne a re: “Go dirisa kgololesego ka botlhale o sa ntse o le mosha go go thusa moragonyana fa o godile fa o tshwanelwa ke go dira ditshwetso tse di jaaka go tlhopha tiro, go tlhopha gore a o tla tsena mo lenyalong kgotsa a o tla tswelela o se mo lenyalong ka nako e e rileng.”
21. O ka tswelela o le mo tseleng e e isang kwa ‘botshelong jwa mmatota’ jang?
21 Botshelo ga bo a tlhomama e bile bo bokhutshwane. Ga re itse gore re tla diragalelwa ke eng mo botshelong. (Jak. 4:13, 14) Ka jalo, go tla bo go le botoka gore re tswelele re le mo tseleng e e isang kwa ‘botshelong jwa mmatota’ e leng botshelo jo bo sa khutleng. (1 Tim. 6:19) Ke boammaaruri gore Modimo ga a re pateletse go dira jalo. Ke tshwetso ya rona. Dira Jehofa “kabelo” ya gago. Anaanela ‘dilo tse di molemo’ tse Jehofa a go neileng tsone. (Pes. 103:5) Nna le tumelo ya gore o tla dira gore o ‘ipele’ le go nna le ‘boitumelo ka bosaengkae.’—Pes. 16:11.