SETLHOGO SE SE ITHUTIWANG 7
Taolo e Bagolwane ba Nang le Yone mo Phuthegong
“Keresete le ene a le tlhogo ya phuthego, ka ene e le mmoloki wa mmele ono.”—BAEF. 5:23.
PINA 137 Basadi ba ba Ikanyegang
SE RE TLA TLOTLANG KA SONE *
1. Ke eng se se thusang gore go nne le kutlwano mo phuthegong?
RE ITUMELELA go direla Jehofa le batho ba gagwe. Ke eng se se thusang gore go nne le kagiso le kutlwano mo phuthegong? Lengwe la mabaka ke gore rotlhe re dira ka natla go tlotla ba ba nang le taolo mo phuthegong. Tota e bile, fa re tlhaloganya sentle thulaganyo ya botlhogo e Jehofa a e dirileng, seo se tla thusa gore go nne le kutlwano e e nnelang ruri mo phuthegong.
2. Re tlile go araba dipotso dife mo setlhogong seno?
2 Mo setlhogong seno, re tla ithuta gore ke bomang ba ba nang le taolo mo phuthegong. Gape re tla araba dipotso tseno: Bokgaitsadi ba na le tiro efe mo phuthegong? A mokaulengwe mongwe le mongwe ke tlhogo ya kgaitsadi mongwe le mongwe? A bagolwane ba na le taolo e banna ba ba nyetseng ba nang le yone mo malapeng a bone? Mma re simolole ka go tlotla ka gore re tshwanetse go tshwara bokgaitsadi jang.
RE TSHWANETSE GO TSHWARA BOKGAITSADI JANG?
3. Ke eng se se ka re thusang go tsaya tiro e bokgaitsadi ba e dirang e le botlhokwa?
3 Re rata bokgaitsadi ka gonne ba dira ka natla go tlhokomela ba malapa a bone, ba dira ka natla mo tirong ya go rera gape ba thusa ba bangwe mo phuthegong. Fa re akanya ka tsela e Jehofa le Jesu ba ba lebang ka yone, seo se tla dira gore re ba rate le go feta. Gape re tla ithuta gore re ka tshwara bokgaitsadi jang mo sekaong sa ga Paulo.
4. Baebele e bontsha jang gore Jehofa o tsaya banna le basadi ba le botlhokwa?
4 Baebele ya re Jehofa o tsaya banna le basadi ba le botlhokwa. Ka sekai, e tlhalosa gore ka motlha wa baaposetoloi, Dit. 2:1-4, 15-18) Jehofa o tloditse banna le basadi gore ba ye go busa le Jesu kwa legodimong. (Bagal. 3:26-29) Gape o tlile go naya banna le basadi botshelo jo bo sa khutleng mo lefatsheng. (Tshen. 7:9, 10, 13-15) E bile Jehofa o neile banna le basadi tiro ya go rera dikgang tse di molemo. (Math. 28:19, 20) Ka sekai, buka ya Ditiro e bua ka kgaitsadi mongwe yo o bidiwang Peresila. Ene le monna wa gagwe e bong Akhwila, ba ile ba tlhalosetsa monna mongwe yo o neng a rutegile e bong Apolose boammaaruri.—Dit. 18:24-26.
Jehofa o ile a naya banna le basadi moya wa gagwe o o boitshepo gore ba kgone go bua dipuo tse di farologaneng. (5. Luke 10:38, 39 le 42 e bontsha jang gore Jesu o ne a tlotla basadi?
5 Jesu o ne a tlotla basadi. O ne a sa tshware basadi ka tsela e Bafarasai ba neng ba ba tshwara ka yone. Bafarasai ba ne ba akanya gore banna ba botlhokwa go feta basadi. Ba ne ba sa bue le basadi fa pele ga batho e bile ba sa bue le bone gotlhelele ka Dikwalo. Jesu ene o ne a bua le basadi le banna ka dilo tse di botlhokwa tse di tswang mo Dikwalong. * (Bala Luke 10:38, 39, 42.) Gape o ne a letla gore basadi ba tsamaye le ene fa a ne a ya go rera kwa mafelong a mangwe. (Luke 8:1-3) Gape Jesu o ile a letla gore basadi e nne bone ba bolelelang baaposetoloi gore o tsositswe mo baswing.—Joh. 20:16-18.
6. Moaposetoloi Paulo o ile a bontsha jang gore o tlotla basadi?
6 Moaposetoloi Paulo o ile a bolelela Timotheo gore a tlotle basadi. Paulo o ile a mo raya a re a tshware ‘basadi ba bagolwane jaaka bommaagwe’ le ‘makgarebana jaaka bokgaitsadie.’ (1 Tim. 5:1, 2) Le fa Paulo a ile a thusa Timotheo gore a nne le tumelo e e nonofileng, o ne a itse gore mmaagwe Timotheo le nkokoagwe, ke bone ba ba ileng ba simolola go mo ruta Dikwalo tse di boitshepo. (2 Tim. 1:5; 3:14, 15) Fa Paulo a ne a kwalela Baroma, o ile a dumedisa bokgaitsadi a ba bitsa ka maina. Paulo o ne a lemoga gore bokgaitsadi ba dira ka natla e bile o ile a ba bolelela gore o lebogela tiro e ba e dirang.—Bar. 16:1-4, 6, 12; Bafil. 4:3.
7. Re tla tlotla ka dipotso dife?
7 Mo dirapeng tse di fetileng, re ithutile gore Baebele ya re bokgaitsadi le bone ba botlhokwa fela jaaka bakaulengwe. Bokgaitsadi ba thusa fela thata mo phuthegong e bile bagolwane ba a ba ikanya ka gonne ba a itse gore ba thusa gore go nne le kutlwano le kagiso mo phuthegong. Mme gone, re tlhoka go araba dipotso tse di latelang. Goreng Jehofa a batla gore bokgaitsadi ba rwale ka dinako dingwe? E re ka bakaulengwe e le bone fela ba ba tlhomiwang go nna bagolwane le batlhanka ba bodiredi, a seo se raya gore mokaulengwe mongwe le mongwe ke tlhogo ya kgaitsadi mongwe le mongwe mo phuthegong?
A MOKAULENGWE MONGWE LE MONGWE KE TLHOGO YA KGAITSADI MONGWE LE MONGWE?
8. Go ya ka Baefeso 5:23, a mokaulengwe mongwe le mongwe ke tlhogo ya kgaitsadi mongwe le mongwe? Tlhalosa.
8 A mokaulengwe mongwe le mongwe ke tlhogo ya kgaitsadi mongwe le mongwe? Karabo ya potso eno ke nnyaa! (Bala Baefeso 5:23.) Mo lelapeng, monna o na le taolo mo mosading wa gagwe. Ngwana wa mosimane yo o kolobeditsweng, ga se tlhogo ya ga mmaagwe. (Baef. 6:1, 2) Mo phuthegong, bagolwane ba na le taolo e e rileng fela mo bakaulengweng le mo bokgaitsading. (1 Bathes. 5:12; Baheb. 13:17) Mme gotweng ka kgaitsadi yo o iseng a nyalwe e bile a sa tlhole a nna le batsadi ba gagwe? O tshwanetse go tswelela a tlotla batsadi ba gagwe mme gone, rraagwe ga e sa tlhole e le tlhogo ya gagwe. O tswelela a tlotla bagolwane mme fela jaaka bakaulengwe botlhe mo phuthegong, tlhogo ya gagwe ke Jesu.
9. Goreng ka dinako dingwe bokgaitsadi ba tlhoka go rwala?
9 Gone Jehofa o tlhomile banna gore e nne bone ba ba rutang mo phuthegong mme ga a a naya basadi maikarabelo ao. (1 Tim. 2:12) Goreng? Fela jaaka Jehofa a tlhomile Jesu go nna tlhogo ya monna, o tlhomile banna gore e nne bone ba ba rutang gore go nne le thulaganyo mo phuthegong. Mme fa maemo a pateletsa kgaitsadi gore a dire tiro e gantsi e dirwang ke bakaulengwe, Jehofa o lebeletse gore kgaitsadi yoo, a rwale. * (1 Bakor. 11:4-7) Jehofa o batla gore bokgaitsadi ba rwale, e seng ka gonne a batla go ba tlhabisa ditlhong mme e le ka gonne a batla gore ba bontshe tlotlo mo go ba a ba neileng taolo. A jaanong re arabeng potso e e reng: Taolo e ditlhogo tsa malapa le bagolwane ba nang le yone e felela kae?
TAOLO E DITLHOGO TSA MALAPA LE BAGOLWANE BA NANG LE YONE
10. Goreng mogolwane a ka batla go beela bakaulengwe le bokgaitsadi melao?
10 Bagolwane ba rata Keresete le “dinku” tse Jehofa le Jesu ba ba kopileng gore ba di tlhokomele. (Joh. 21:15-17) Mogolwane a ka nna a itsaya e le rre wa batho botlhe mo phuthegong ka gonne a rata bakaulengwe le bokgaitsadi. Ka jalo, a ka nna a akanya gore fela jaaka tlhogo ya lelapa a na le maikarabelo a go dira melao e e ka sireletsang lelapa la gagwe, mogolwane le ene a ka dira melao e e tla sireletsang batho ba Modimo. Mme bakaulengwe le bokgaitsadi bangwe ba ka dira gore bagolwane ba dire jalo, ka go ba kopa gore ba ba direle ditshwetso mo dilong dingwe. Mme gone, a bagolwane le ditlhogo tsa malapa ba na le taolo e e tshwanang?
11. Taolo e ditlhogo tsa malapa le bagolwane ba nang le yone di tshwana ka tsela efe?
11 Moaposetoloi Paulo o ile a tlhalosa gore taolo e ditlhogo tsa malapa le bagolwane ba nang le yone, di na le fa di tshwanang gone. (1 Tim. 3:4, 5) Ka sekai, Jehofa o batla gore basadi le bana ba ikobele tlhogo ya lelapa. (Bakol. 3:20) Gape o batla gore botlhe mo phuthegong ba ikobele bagolwane. Jehofa o lebeletse gore ditlhogo tsa malapa le bagolwane, ba rute ba ba mo taolong ya bone gore ba mo rate. Gape ba tshwanetse go netefatsa gore ba tshwara batho bao sentle. Mme fela jaaka ditlhogo tsa malapa ba thusa ba malapa a bone, bagolwane le bone ba thusa ba ba mo phuthegong fa ba na le mathata. (Jak. 2:15-17) Gape Jehofa o lebeletse gore bagolwane le ditlhogo tsa malapa ba thuse ba ba mo taolong ya bone gore ba ikobele melao ya gagwe. Gape o ba tlhagisa gore ba se ka ba “ya ka kwa ga dilo tse di kwadilweng” mo Baebeleng.—1 Bakor. 4:6.
12-13. Go ya ka Baroma 7:2, taolo e tlhogo ya lelapa a nang le yone le e bagolwane ba nang le yone di farologane jang?
12 Mme gone, taolo e mogolwane a nang le yone e farologane thata le e tlhogo ya lelapa a nang le yone. Ka sekai, Jehofa o tlhomile bagolwane gore e nne baatlhodi. O neile bagolwane maikarabelo a go tlosa batho ba ba sa ikwatlhaeleng maleo a bone mo phuthegong.—13 Le fa go ntse jalo, Jehofa o neile ditlhogo tsa malapa taolo e a sa e nayang bagolwane. Ka sekai, o neile tlhogo ya lelapa maikarabelo a go baya melao le go netefatsa gore ba lelapa la gagwe ba ikobela melao eo. (Bala Baroma 7:2.) Ka sekai, tlhogo ya lelapa o na le tshwanelo ya go bolelela bana ba gagwe gore ba tle nako mang mo gae. Gape o na le tshwanelo ya go otlhaya bana ba gagwe fa ba sa ikobele melao eo. (Baef. 6:1) Gone pele a dira tshwetso, o tshwanetse go bua le mosadi wa gagwe ka gonne boobabedi “ke nama e le nngwe.” *—Math. 19:6.
TLOTLA KERESETE KA GONNE KE TLHOGO YA PHUTHEGO
14. (a) Ke eng se se buiwang mo go Mareko 10:45, se se bontshang gore go a tshwanela go bo Jehofa a ile a tlhoma Jesu go nna tlhogo ya phuthego? (b) Ke maikarabelo afe a Setlhopha se se Laolang se nang le one? (Bona lebokoso le le reng, “ Maikarabelo a Setlhopha se se Laolang.”)
14 Jehofa o rekolotse batho botlhe mo phuthegong le batho ba bangwe botlhe ba ba ka dumelang mo go Jesu a dirisa thekololo. (Bala Mareko 10:45; Dit. 20:28; 1 Bakor. 15:21, 22) Ka jalo, go a utlwala go bo Jehofa a tlhomile Jesu go nna tlhogo ya phuthego, ka gonne Jesu o ile a ntsha botshelo jwa gagwe e le thekololo. Ke lone lebaka la go bo Jesu a na le taolo ya go baya melao ya gore motho mongwe le mongwe, malapa le batho botlhe mo phuthegong, ba tshwanetse go dira eng. Mme o na le tshwanelo ya go tlhomamisa gore batho botlhe ba ikobela melao eo. (Bagal. 6:2) Mme gone, Jesu ga a tlhome melao fela. O a re tlhokomela e bile o a re rata.—Baef. 5:29.
15-16. O ithuta eng mo go se kgaitsadi Marley le mokaulengwe Benjamin, ba se buileng?
15 Bokgaitsadi ba bontsha gore ba ikobela Keresete ka go ikobela ditaelo tse banna ba a ba tlhomileng ba di ntshang. Bokgaitsadi ba le bantsi ba dumalana le se kgaitsadi mongwe wa kwa United States e bong Marley, a se buang. A re: “Ke tsaya maikarabelo a me a go nna mosadi yo o nyetsweng le a go nna kgaitsadi mo phuthegong a le botlhokwa. Ke dira ka natla gore ke tlotle taolo e Jehofa a e neileng monna wa me le bagolwane. Mme gone, monna wa me le bagolwane ba dira gore go nne motlhofo gore ke kgone go ba ikobela ka gonne ba a ntlotla e bile ba lebogela se ke se dirang.”
16 Bakaulengwe ba bontsha gore ba tlhaloganya thulaganyo ya botlhogo ka go tlotla bokgaitsadi. Mokaulengwe mongwe wa kwa England, yo o bidiwang Benjamin, a re: “Ke ithutile go le gontsi mo dikakgelong tsa bokgaitsadi kwa dipokanong le mo dikakantshong tsa bone tsa gore motho a ka ithuta jang le gore a ka dira eng gore a atlege mo bodireding. Ke akanya gore tiro e ba e dirang e botlhokwa.”
17. Goreng re tshwanetse go tlotla thulaganyo ya ga Jehofa ya go naya ba bangwe taolo?
17 Fa banna, basadi, ditlhogo tsa malapa le bagolwane, ba tlhaloganya gore Jehofa o neile bangwe taolo e bile ba tlotla thulaganyo eo, go tla nna le kagiso mo phuthegong. Mme sa botlhokwa le go feta, seo se tla galaletsa Rraarona e bong Jehofa.—Pes. 150:6.
PINA 123 Ikobele Thulaganyo ya Phuthego ya Modimo
^ ser. 5 Jehofa o neile bokgaitsadi tiro efe mo phuthegong? A mokaulengwe mongwe le mongwe ke tlhogo ya kgaitsadi mongwe le mongwe? A taolo e bagolwane ba nang le yone e tshwana le e ditlhogo tsa malapa ba nang le yone? Mo setlhogong seno, re tla bona gore Baebele e re thusa jang go araba dipotso tseno.
^ ser. 5 Bona serapa 6 mo setlhogong se se reng, “Kgothatsa Bokgaitsadi mo Phuthegong,” mo makasineng wa Tora ya Tebelo wa September 2020.
^ ser. 9 Bona lebokoso le le reng, “ Kgaitsadi o Tlhoka go Rwala Leng?”
^ ser. 13 Go bona gore ke mang yo o tshwanetseng go dira tshwetso ya gore lelapa le tla direla kwa phuthegong efe, bona serapa 17-19 mo setlhogong se se reng, “Tlotla ba Bangwe mo Phuthegong” mo makasineng wa Tora ya Tebelo wa August 2020.
^ ser. 59 Go bona tshedimosetso e e oketsegileng ka kgang eno, bona buka ya “Ipolokeng mo Loratong Lwa Modimo,” ts. 209-212.
^ ser. 64 Go bona tshedimosetso e e oketsegileng ka maikarabelo a Setlhopha se se Laolang se nang le one, bona makasine wa Tora ya Tebelo wa July 15, 2013, ts. 20-25.