Anaanela Mpho e o Nang le Yone ya go Itlhophela
“Koo moya wa ga Jehofa o leng gone, go na le kgololesego.”—2 BAKOR. 3:17.
PINA: 62, 65
1, 2. (a) Batho ba akanya eng ka kgang ya kgololesego ya go itlhophela? (b) Baebele e re ruta eng ka kgololesego ya go itlhophela, mme re tla sekaseka dipotso dife?
MOSADI mongwe yo o neng a tlhoka go itirela tshwetso, o ne a raya tsala ya gagwe a re: “Ga ke batle go akanya; wena mpolelele fela gore ke dire eng. O tla bo o nthusitse fa o ka dira jalo.” Mosadi yoo o ne a batla go bolelelwa gore a dire eng, go na le go dirisa mpho e Mmopi a mo neileng yone e leng kgololesego ya go itirela ditshwetso. A wena o dirisa mpho eno? A o rata go itirela ditshwetso kgotsa o batla batho ba di go direla? O akanya eng ka kgang ya kgololesego ya go itlhophela?
2 Eno ga e bolo go nna kgang ya moruthuta ka dingwagangwaga. Bangwe ba akanya gore batho ga ba na kgololesego ya go itlhophela, ka jalo, ba dumela gore Modimo ke ene a laolang gore motho o tla dira ditshwetso dife mo botshelong. Ba bangwe bone ba a re re ka nna le kgololesego ya mmatota ya go itlhophela fa fela re na le kgololesego e e feletseng. Le fa go ntse jalo, gore re kgone go tlhaloganya kgang eno sentle, re tshwanetse go utlwa gore Lefoko la Modimo, Baebele, le a reng. Ka ntlha yang? Ka gonne Jehofa o re bopile re na le kgololesego ya go itlhophela, kgotsa bokgoni jwa go itirela ditshwetso tse di botlhale. (Bala Joshua 24:15.) Gape Baebele e na le dikarabo tsa dipotso tseno: Re tshwanetse go dirisa jang kgololesego ya rona ya go itirela ditshwetso? A e lekanyeditswe? Tsela e re dirisang kgololesego ya go ithophela ka yone, e ka bontsha jang gore re rata Jehofa go tswa pelong? Re ka bontsha jang gore re tlotla ditshwetso tsa batho ba bangwe?
SE RE ITHUTANG SONE MO GO JEHOFA LE JESU
3. Jehofa o ne a tlhoma sekao jang mo tseleng e a dirisang kgololesego ya gagwe ka gone?
3 Jehofa ke ene fela a nang le kgololesego e e feletseng, mme tsela e a e dirisang ka yone, e re ruta sengwe. Ka sekai, o ne a tlhopha setšhaba sa Iseraele gore se bidiwe ka leina la gagwe gore se nne “thuo [ya gagwe] e e kgethegileng.” (Dute. 7:6-8) O ne a sa dira tshwetso eno fela ntle le lebaka. Jehofa o ne a diragatsa se a neng a sa bolo go se solofetsa tsala ya gagwe e bong Aborahame. (Gen. 22:15-18) Mo godimo ga moo, Jehofa o nna a dirisa kgololesego ya gagwe ka lorato le ka tshiamo. Seno se bonala sentle mo tseleng e ka yone a neng a otlhaya Baiseraele ba gangwe le gape ba neng ba tlogela kobamelo ya boammaaruri. Fa ba ne ba ikwatlhaya go tswa pelong, Jehofa o ne a ba bontsha lorato le kutlwelobotlhoko, mme a re: “Ke tla fodisa go sa ikanyegeng ga bone. Ke tla ba rata ka go rata ga me.” (Hos. 14:4) Ruri o tlhomile sekao se se molemo sa go dirisa kgololesego ya gagwe go solegela ba bangwe molemo!
4, 5. (a) Ke mang wa ntlha yo o neng a nna le kgololesego ya go itlhophela, mme o ne a dirisa jang? (b) Mongwe le mongwe wa rona o tshwanetse go ipotsa potso efe?
4 Fa Jehofa a ne a bopa batho, o ne a ba bopa ba na le kgololesego ya go itlhophela. Motho wa ntlha go nna le mpho eo ke morwawe wa leitibolo yo e leng “setshwano sa Modimo yo o sa bonaleng.” (Bakol. 1:15) Tota le pele Jesu a tla mo lefatsheng, o ne a tlhopha go nna a ikanyega mo go Rraagwe le go tila go tlhanoga le Satane. Moragonyana, fa Jesu a le mo lefatsheng, o ne a dirisa kgololesego ya gagwe ya go itlhophela ka go gana go raelwa ke Satane. (Math. 4:10) Mo bosigong jwa pele a bolawa, o ne a rapela ka tlhoafalo a tlhalosa gore o ikemiseditse go tswelela a dira thato ya Modimo. O ne a re: “Rara, fa o eletsa, tlosa senwelo seno mo go nna. Le fa go ntse jalo, a go diragale thato ya gago, e seng ya me.” (Luke 22:42) A re etseng Jesu ka go dirisa kgololesego ya rona ya go itlhophela gore re tlotle Jehofa le go dira thato ya gagwe! A mme seo se a kgonega?
5 Eleruri re ka kgona go etsa sekao sa ga Jesu, ka gonne le rona re bopilwe mo setshwanong sa Modimo. (Gen. 1:26) Le fa go ntse jalo, go na le dilo dingwe tse re ka se kang ra kgona go di dira. Ga re na kgololesego e e feletseng jaaka Jehofa. Lefoko la Modimo le a re kgololesego ya rona e lekanyeditswe le gore re tshwanetse go ikobela melao e Jehofa a re beetseng yone. Mo godimo ga moo, basadi ba tshwanetse go ikobela banna ba bone e bile bana ba tshwanetse go utlwa batsadi ba bone. (Baef. 5:22; 6:1) Melao eno e ama jang tsela e re dirisang kgololesego ya rona ka gone? Karabo ya potso eno e ka ama matshelo a rona go ya go ile.
BA BA DIRISITSENG KGOLOLESEGO YA GO ITLHOPHELA KA TSELA E E SIAMENG LE E E SA SIAMANG
6. Dira sekai se se bontshang botlhokwa jwa go bo kgololesego ya rona e lekanyeditswe.
6 A go nna le kgololesego ya go itlhophela e e lekanyeditsweng go dira gore o nne le kgololesego ya mmatota? Ee, go ntse jalo! Ke eng fa re rialo? Ke ka gonne melao e a re sireletsa. Ka sekai, re ka tlhopha go kgweetsa go ya kwa toropong e e kgakala. Le fa go ntse jalo, a re ne re tla ikutlwa re sireletsegile fa re tsamaya mo tseleng e e se nang melao ya tsela, e mo go yone mongwe le mongwe a itlhophelang gore o batla go kgweetsa ka lobelo lo lo kana kang kgotsa gore o batla go tsamaya mo letlhakoreng lefe la tsela? Legoka! Rotlhe re tlhoka melao gore re kgone go itumelela masego a go nna le kgololesego ya mmatota. A re sekasekeng dikai dingwe tsa mo Baebeleng gore re kgone go
lemoga mosola wa go dirisa kgololesego ya rona ya go itlhophela go dumalana le melao ya ga Jehofa.7. (a) Adame o ne a farologane jang le ditshedi tsa kwa Edene? (b) Adame o ile a dirisa jang kgololesego ya gagwe ya go itlhophela?
7 Fa Modimo a ne a bopa motho wa ntlha e bong Adame, o ne a mo naya mpho e a e neileng baengele, e leng kgololesego ya go itlhophela. Mpho eno e ne ya dira gore Adame a farologane le diphologolo, ka gonne tsone di ne di se na kgololesego eo. Akanya kafa Adame a ileng a dirisa kgololesego eno ka tsela e e siameng. Diphologolo di ne tsa bopiwa pele Adame a bopiwa. Le fa go ntse jalo, Jehofa o ne a batla gore Adame a itumelele go naya diphologolo tseo maina. Modimo o ne “a di tlisa kwa monneng go bona gore o ne a tla raya nngwe le nngwe ya tsone leina a reng.” Fa Adame a sena go naya diphologolo maina, Jehofa ga a ka a fetola maina ao. Go na le moo, setshedi sengwe le sengwe “se a neng a se bitsa . . . e ne e le leina la [sone].”—Gen. 2:19.
8. Adame o ile a dirisa jang kgololesego ya gagwe ka tsela e e sa siamang, mme go ne ga felela jang?
8 Ka maswabi, Adame o ne sa kgotsofalela kabelo e Modimo a neng a mo naya yone ya go tlhokomela paradaise. O ne a sa kgotsofalela kgololesego eno e Modimo a mo neileng yone: “Atang lo ntsifale lo tlatse lefatshe lo bo lo le fenye, mme lo laole ditlhapi . . . , dibopiwa tse di fofang . . . le sebopiwa sengwe le sengwe se se tshelang se se tsamayang mo lefatsheng.” (Gen. 1:28) Go na le moo, o ne a tlhopha go se ikobele Modimo ka go ja leungo le le ileditsweng. Adame o ile a dirisa kgololesego ya gagwe ya go itlhophela ka tsela e e botlhaswa, mme seno se dirile gore ene le ditlhogolwana tsa gagwe ba boge lobaka lo loleele. (Bar. 5:12) E re ka re itse gore tshwetso ya ga Adame e ile ya dira gore a boge, seno se tshwanetse go re tlhotlheletsa gore re dirise kgololesego ya rona go ya kafa Jehofa a e lekanyeditseng ka gone le go e dirisa ka tsela e e siameng.
9. Jehofa o ne a neile Baiseraele kgololesego ya go dira eng, mme ba ne ba dira eng?
9 Adame le Efa ba dirile gore ditlogolwana tsa bone di rue bosaitekanelang le loso. Le fa go ntse jalo, ditlogolwana tsa bone di sa ntse di na le kgololesego ya go itlhophela. Seno se bonala mo tseleng e Jehofa a neng a dirisana le Baiseraele ka yone. Jehofa o ne a naya batho tetla ya go amogela kgotsa go gana tshiamelo ya go nna thuo ya Gagwe e e kgethegileng. (Ekes. 19:3-6) Ba ne ba dira eng? Ba ne ba itlhophela go bidiwa ka leina la Modimo, mme ba re: “Re iketleeleditse go dira sotlhe se Jehofa a se buileng.” (Ekes. 19:8) Ka maswabi, Baiseraele ga ba a ka ba dirisa kgololesego ya bone ka tsela e e siameng, go na le moo, ba ile ba fetoga batlhanka ba mafoko a bone. A re tseyeng tlhagiso eno tsia mme re dirise kgololesego ya rona sentle ka go nna re atamalana le Jehofa le go ikobela melao ya gagwe.—1 Bakor. 10:11.
10. Ke dikao dife tse di bontshang gore batho ba ba sa itekanelang ba ka kgona go dirisa kgololesego ya go itlhophela gore ba ikobele Modimo? (Bona setshwantsho se se simololang setlhogo.)
10 Bahebera kgaolo 11 e umaka batlhanka ba Modimo ba le 16 ba ba ileng ba dirisa kgololesego ya bone go ya ka melao ya ga Jehofa. Ka jalo, ba ile ba nna le masego a mantsi le tsholofelo ka isagwe. Ka sekai, Noa o ile a bontsha gore o na le tumelo e bile o ne a tlhopha go ikobela ditaelo tsa Modimo tsa go aga araka gore ene, ba lelapa la gagwe le dikokomana tsa mo isagweng, ba sireletsege. (Baheb. 11:7) Aborahame le Sara ba ile ba latela ditaelo tsa ga Jehofa tsa gore ba ye kwa ‘lefatsheng la tsholofetso,’ mme ba ile ba dira jalo ka go rata. Le fa ba ne ba setse ba simolotse loeto loo, ba ne ba sa ntse ba na le tsholofelo ya go boela kwa motseng o o humileng wa Ure. Le fa go ntse jalo, ba ile ba nna ba akantse ka “go diragadiwa ga ditsholofetso [tsa Modimo]”; ba ne “ba gagamalela lefelo le le botoka.” (Baheb. 11:8, 9, 13, 15, 16) Moshe o ile a gana dikhumo tsa kwa Egepeto, mme “a tlhopha go tshwarwa setlhogo le batho ba Modimo go na le go ja monate wa boleo ka nakwana.” (Baheb. 11:24-26) A re etseng tumelo ya batlhanka bano ba Modimo ba bogologolo ka go anaanela kgololesego e re nang le yone mme re e dirisetse go dira thato ya Modimo.
11. (a) Re nna le tshiamelo efe fa re dirisa kgololesego ya rona ya go itlhophela? (b) Ke eng se se go tlhotlheletsang gore o dirise kgololesego ya gago sentle?
11 Le fa go ka nna motlhofo gore batho ba bangwe ba re direle ditshwetso, fa re ba letla go dira jalo, re a bo re itima tshiamelo ya go nna le kgololesego ya go itlhophela. Tshiamelo eo e umakiwa mo go Duteronome 30:19, 20. (E bale.) Temana 19 e tlhalosa kgololesego e Modimo a e neileng Baiseraele ya gore ba itlhophele. Mo temana 20, Jehofa o ba neile tshono ya gore ba mmontshe se se neng se le mo dipelong tsa bone. Le rona re ka tlhopha go obamela Jehofa. Ruri ke tshiamelo e kgolo go dirisa kgololesego ya go itlhophela go bontsha gore re rata Jehofa e bile re a mo tlotla!
O SE KA WA DIRISA KGOLOLESEGO YA GO ITLHOPHELA KA TSELA E E SA SIAMANG
12. Ke eng se re sa tshwanelang go se dira ka kgololesego ya rona ya go itlhophela?
12 A re re o neile tsala ya gago mpho e e tlhwatlhwakgolo. Ruri o ne o tla swaba nko go feta molomo fa o mmona a latlhela mpho ya gago kwa matlakaleng, kgotsa a e dirisetsa go gobatsa mongwe! Jaanong akanya kafa Jehofa a ikutlwang ka gone fa a bona batho ba le bantsi ba dirisa kgololesego ya bone ka tsela e e sa siamang fa ba dira ditshwetso e bile ba e dirisetsa go utlwisa ba bangwe botlhoko. Baebele e boleletse pele gore “mo metlheng ya bofelo,” batho ba tla nna “ba ba sa lebogeng.” (2 Tim. 3:1, 2) A re bontsheng gore re anaanela mpho eno e Jehofa a re neileng yone ka go e dirisa ka tsela e e siameng. Mme gone, re ka e dirisa jang ka tsela e e siameng?
13. Re ka tila jang go dirisa kgololesego ya rona ka tsela e e sa siamang?
13 Rotlhe re na le kgololesego ya go itlhophela ditsala, boitlosobodutu le tsela e re aparang le e re ipaakanyang ka yone. Le fa go ntse jalo, kgololesego ya rona e ka nna “jaaka sesiro sa bosula” fa re tlhopha go nna makgoba a dikeletso tsa rona tsa nama kgotsa fa re etsa mekgwa e e maswe ya lefatshe leno. (Bala 1 Petere 2:16.) Go na le go dirisa kgololesego ya rona “jaaka tlhotlheletso ya nama,” re batla go ikemisetsa go dira ditshwetso tse di tla dirang gore re ikobele kgakololo eno: “Dirang dilo tsotlhe kgalaletsong ya Modimo.”—Bagal. 5:13; 1 Bakor. 10:31.
14. Go ikanya Jehofa go amana jang le tsela e re dirisang kgololesego ya rona ka yone?
14 Tsela e nngwe e ka yone re ka dirisang kgololesego ya rona sentle, ke ka go ikanya Jehofa le go mo letla gore a re kaele go ya ka melao e a re beetseng yone. Ke ene ‘Yo o re rutang gore re solegelwe molemo, Yo o dirang gore re gate mo tseleng e re tshwanetseng ra tsamaya mo go yone.’ (Isa. 48:17) Re tshwanetse go dumela mafoko ano a a tlhotlheleditsweng: “Tsela ya motho wa mo lefatsheng ga se ya gagwe. Ga se ga motho yo o tsamayang ka dinao go kaela dikgato tsa gagwe.” (Jer. 10:23) A re se ka ra tlhopha go ikaega ka ditlhaloganyo tsa rona jaaka Adame le Baiseraele ba ile ba dira. Go na le moo, a re ‘ikanye Jehofa ka dipelo tsa rona tsotlhe.’—Dia. 3:5.
GO TLOTLA DITSHWETSO TSA BATHO BA BANGWE
15. Re ithuta eng mo molaomotheong o o mo go Bagalatia 6:5?
15 Tsela nngwe e kgololesego ya rona e lekanyeditsweng ka yone ke ya gore re tshwanetse go tlotla kgololesego e batho ba nang le yone ya go itirela ditshwetso. Ka ntlha yang? Ka gonne ga go kgonege gore ka metlha Bakeresete ba babedi ba dire ditshwetso tse di tshwanang, tota le ditshwetso tse di amanang le boitsholo le kobamelo. Akanya ka molaomotheo o o mo go Bagalatia 6:5. (E bale.) Fa re gopola gore Mokeresete mongwe le mongwe o tshwanetse go “rwala morwalo wa gagwe,” re tla tlotla kgololesego e ba bangwe ba nang le yone ya go itlhophela.
16, 17. (a) Bakeresete ba kwa Korintha ba ile ba nna le bothata jwa go dirisa kgololesego ya go itlhophela ka tsela efe? (b) Paulo o ile a rarabolola jang bothata joo, mme seo se re ruta eng ka kgololesego e batho ba bangwe ba nang le yone?
16 Akanya ka sekai se se mo Baebeleng se se bontshang lebaka la go bo re tshwanetse go tlotla kgololesego ya bakaulengwe ba rona ya go itirela ditshwetso mo dilong tse di amanang le segakolodi. Bakeresetse ba kwa Korintha ba ile ba nna le dikgotlhang malebana le kgang ya go ja nama e e ka tswang e ile ya isediwa medingwana mme morago ga moo, e bo e rekisiwa kwa marekisetsong. Bangwe ba ne ba re: ‘E re ka modingwana e se sepe, ga go na bothata fa motho a ka ja nama eo.’ Le fa go ntse jalo, bangwe ba ba kileng ba obamela medingwana eo, ba ne ba re go ja nama eo go tshwana fela le go obamela medingwana. (1 Bakor. 8:4, 7) Eno e ne e le kgang e e masisi e e neng e ka baka dikgaogano mo phuthegong. Paulo o ne a thusa jang Bakeresete ba kwa Korintha gore ba lebe kgang eno jaaka Modimo a e leba?
17 Sa ntlha, Paulo o ne a ba gopotsa gore dijo ga di kitla di dira gore ba atamalane le Modimo. (1 Bakor. 8:8) Go tswa foo, o ne a ba tlhagisa gore ba se ka ba letla gore kgololesego ya bone ya go itlhophela “e nne sekgopi mo go ba ba [neng ba le] bokoa.” (1 Bakor. 8:9) Morago ga moo, o ne a laela ba ba neng ba tsaya dilo masisi thata gore ba se ka ba atlhola ba ba tlhophileng go ja nama eo. (1 Bakor. 10:25, 29, 30) Ka jalo, Mokeresete mongwe le mongwe o ne a tshwanetse go dira tshwetso go ya ka segakolodi sa gagwe malebana le kgang eno e e botlhokwa ya kobamelo. Le rona re tshwanetse go tlotla kgololesego e bakaulengwe ba rona ba nang le yone ya go itirela ditshwetso.—1 Bakor. 10:32, 33.
18. O tla bontsha jang gore o anaanela kgololesego ya gago ya go itlhophela?
18 Jehofa o re neile kgololesego ya go itlhophela mme eno ke kgololesego ya mmatota. (2 Bakor. 3:17) Re anaanela mpho eno ka gonne re kgona go itirela ditshwetso tse di bontshang gore re rata Jehofa. A re nneng re bontsha gore re anaanela mpho eno e e tlhwatlhwakgolo ka go e dirisetsa go tlotla Modimo le ka go tlotla kgololesego ya go itlhophela e batho ba bangwe ba nang le yone.