SETLHOGO SE SE ITHUTIWANG 42
‘Go Itumela ba ba Ikanyegang’ mo go Jehofa
“Go itumela batho ba ba se nang molato [kgotsa ba ba ikanyegang] . . . , ba ba tsamayang mo molaong wa ga Jehofa.”—PES. 119:1.
PINA 124 Re Ikanyege ka Metlha
SE RE TLA TLOTLANG KA SONE *
1-2. (a) Dipuso dingwe di ne tsa ganetsa batho ba Modimo jang, mme bone ba ne ba itshwara jang? (b) Goreng re ka itumela fa re bogisiwa? (Akgela ka setshwantsho se se mo khabareng.)
GONE jaanong tiro ya rona e thibetswe mo dinageng di feta 30 mo lefatsheng lotlhe. Mo dinageng tseo, puso e tsentse bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona mo dikgolegelong. A go na le sengwe se se phoso se ba se dirileng? Nnyaa, ga go na sepe se Jehofa a ba bonang molato ka sone. Ba ne ba bala e bile ba ithuta Baebele, ba rerela batho ba bangwe e bile ba nna ba kopana le badumedimmogo le bone kwa dipokanong. Gape ba ne ba tswelela ba sa tseye letlhakore. Le fa batlhanka bano ba Modimo ba ba ikanyegang ba ne ba bogisiwa setlhogo, ba ne ba tswelela ba ikanyega, * ba bontsha gore ba ineetse mo go Jehofa ka botlalo. E bile seo se dira gore ba itumele.
2 Gongwe o kile wa bona dinepe tsa bangwe ba Basupi bao ba ba pelokgale, mme wa lemoga gore ba a smaela. Ba itumetse ka gonne ba a itse gore Jehofa o itumelela go bo ba ikanyega mo go ene. (1 Ditir. 29:17a) Jesu o ne a re: “Go itumela batho ba ba bogisediwang go bo ba dira se se siameng . . . Itumeleng lo bo lo ipele thata, e re ka tuelo ya lona e le kgolo kwa magodimong.”—Math. 5:10-12.
SEKAO SE RE KA SE ETSANG
3. Ditiro 4:19 le 20 e a re baaposetoloi ba ga Jesu ba ne ba dira eng fa ba bogisiwa, mme goreng ba ile ba dira jalo?
3 Bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona ba diragalelwa ke se se diragaletseng baaposetoloi fa ba ne ba bogisiwa ka gonne ba rera ka Jesu. Baatlhodi ba kgotlatshekelo e kgolo ya Bajuda ba ne ba nna ba ba “laela gore ba tlogele go bua ka leina la ga Jesu.” (Dit. 4:18; 5:27, 28, 40) Baaposetoloi ba ne ba itshwara jang? (Bala Ditiro 4:19, 20.) Ba ne ba itse gore Mongwe yo o nang le taolo e e fetang ya baatlhodi, o ne a ba ‘laela gore ba rerele batho le go ba tlhalosetsa ka botlalo’ ka ga Keresete. (Dit. 10:42) Petere le Johane, ba ba neng ba ba buelela, ba ne ba bolelela baatlhodi bao ka bopelokgale gore ba tshwanetse go ikobela Modimo go na le go ikobela bone le gore ga ba kitla ba tlogela go bua ka Jesu. Go ne go ntse jaaka e kete ba botsa baatlhodi bao jaana, ‘A lo akanya gore lo na le taolo e e fetang ya Modimo?’
4. Ditiro 5:27-29 e a re baaposetoloi ba ne ba dira eng, mme re ka ba etsa jang?
4 Baaposetoloi ba ne ba tlhoma sekao se se molemo se Bakeresete botlhe ba boammaaruri ba se latelang fa e sa le ka nako eo, e leng go “ikobela Modimo e le mmusi go na le go ikobela batho.” (Bala Ditiro 5:27-29.) Fa baaposetoloi ba sena go itewa ka gonne ba ikanyega mo go Jehofa, ba ne ba tswa kwa kgotlatshekelo e kgolo ya Bajuda “ba itumetse, ka gonne Modimo o ne a ba neile tshiamelo ya go bogisiwa ka ntlha ya leina la ga Jesu” e bile ba ne ba tswelela ba rera.—Dit. 5:40-42.
5. Ke dipotso dife tse re tshwanetseng go di araba?
5 Sekao sa baaposetoloi se dira gore re ipotse dipotso dingwe. Ka sekai, baaposetoloi ba ne ba ka ikobela Modimo go na le go ikobela batho jang, mme gape ba ikobela taelo eno e e tswang mo Dikwalong ya gore re “ikobele balaodi ba bagolo”? (Bar. 13:1) Fela jaaka moaposetoloi Paulo a ile a bua, rona gompieno re ka ‘ikobela dipuso le balaodi’ jang mme gape re ikanyega mo Modimong, e bong Mmusi yo o gaisang botlhe?—Tito 3:1.
“BALAODI BA BAGOLO”
6. (a) “Balaodi ba bagolo” ba go buiwang ka bone mo go Baroma 13:1 ke bomang, mme re tshwanetse go dirisana le bone jang? (b) Ke eng se re tshwanetseng go se itse ka babusi botlhe?
6 Bala Baroma 13:1. Mo temaneng eno, polelwana “balaodi ba bagolo” e kaya babusi ba ba laolang batho ba bangwe. Bakeresete ba tshwanetse go ikobela dipuso tseno. Di dira gore go nne le thulaganyo, di netefatsa gore batho ba ikobela melao e bile ka dinako dingwe di sireletsa batho ba ga Jehofa. (Tshen. 12:16) Ka jalo, re tshwanetse go naya “balaodi ba bagolo” lekgetho, sehuba, poifo le tlotlo tse ba di batlang. (Bar. 13:7) Le fa go ntse jalo, dipuso tseo di na le taolo ka gonne Jehofa ke ene a di neileng taolo eo. Jesu o ne a dira gore molaomotheo oo o utlwale sentle fa Mmusi wa Moroma e bong Ponto Pilato a ne a mmotsolotsa. Fa Pilato a ne a bolelela Jesu gore o na le taolo ya go boloka botshelo jwa gagwe kgotsa ya go mmolaya, Jesu o ne a mo raya a re: “O ka bo o se na taolo epe mo go nna gotlhelele fa o ne o sa e newa go tswa kwa godimo.” (Joh. 19:11) Fela jaaka taolo e Pilato a neng a e neilwe e ne e lekanyeditswe, taolo e babusi botlhe le boradipolotiki ba nang le yone gompieno, le yone e lekanyeditswe.
7. Ke mo maemong afe mo re sa tshwanelang go ikobela babusi, mme bone ba tshwanetse go nna kelotlhoko ka eng?
7 Bakeresete ba tshwanetse go ikobela dipuso fa e le gore ga di kgatlhanong le melao ya Modimo. Le fa go ntse jalo, ga re a tshwanela go ikobela babusi fa ba batla gore re dire dilo tse Modimo a sa batleng gore re di dire, kgotsa fa ba gana gore re dire dilo tse Modimo a batlang gore re di dire. Ka sekai, ba ka nna ba laela gore makawana a tsenele sesole sa naga mme a ye go lwa. * Ba ka nna ba thibela Baebele le dikgatiso tsa rona kgotsa ba re thibela go rera le go obamela Jehofa mmogo. Fa babusi ba sa dirise taolo e ba nang le yone sentle, ka sekai ba bogisa barutwa ba ga Keresete, ba tla ikarabelela mo Modimong. Jehofa o bona sengwe le sengwe se ba se dirang!—Mor. 5:8.
8. Go na le pharologanyo efe fa gare ga “balaodi” le Jehofa Modimo?
8 “Balaodi” ba ka nna le taolo, ba dira dilo tse di molemo ba bo ba laola batho ba bangwe. Le fa go ntse jalo, seo ga se reye gore ga ba na boleo le gore ba feta batho ba bangwe botlhe. Go na le Mongwe yo o se nang boleo e bile a feta dibopiwa tsotlhe, e bong Jehofa Modimo. Mo Baebeleng, Jehofa Modimo o bidiwa “Mogodimodimo” ka makgetlo a le manê.—Dan. 7:18, 22, 25, 27.
“MOGODIMODIMO”
9. Moporofeti Daniele o ne a bona eng mo diponatshegelong?
9 Moporofeti Daniele o ne a bona diponatshegelo tse di bontshang sentle gore taolo e Jehofa a nang le yone, e feta taolo epe fela e balaodi ba bangwe botlhe ba nang le yone. Sa ntlha, Daniele o ne a bona dibatana tse dikgolo tse nnê tse di emelang mebusomegolo e e neng e busa mo nakong e e fetileng e leng Babelona, Bameda le Baperesia, Gerika le Roma, mmogo le mmusomogolo o o busang gone jaanong wa Maesemane le Maamerika. (Dan. 7:1-3, 17) Go tswa foo, Daniele o ne a bona Jehofa Modimo a ntse mo setulong sa gagwe sa bogosi go na le tsheko kwa legodimong. (Dan. 7:9, 10) Sengwe gape se moporofeti yono yo o ikanyegang a se boneng, ke sengwe se babusi ba gompieno ba tshwanetseng go se ela tlhoko.
10. Go ya ka Daniele 7:13, 14 le 27 Jehofa o naya bomang taolo ya go busa lefatshe, mme seo se bontsha eng ka Ene?
10 Bala Daniele 7:13, 14, 27. Modimo o tsaya taolo yotlhe e dipuso tsa batho di nang le yone a bo a e naya ba ba tshwanelegang le ba ba nang le maatla go di feta. O e naya bomang? O e naya “mongwe yo o tshwanang le morwa motho” e bong Jesu Keresete le “ba ba boitshepo ba Mogodimodimo” e leng ba ba 144 000 ba ba tlileng go busa “ka bosakhutleng le go ya go ile.” (Dan. 7:18) Ruri Jehofa ke “Mogodimodimo” ka gonne ke ene fela a nang le maatla a go dira jalo.
11. Ke eng gape se Daniele a ileng a se kwala se se bontshang gore Jehofa o na le taolo e e fetang ya batho?
11 Se se diregang mo ponatshegelong e Daniele a e boneng se dumalana le sengwe se a neng a se bua pelenyana ga foo. Daniele o ne a re: “Modimo yo o kwa legodimong . . . o tlosa dikgosi e bile o tlhoma dikgosi.” Gape o ne a kwala gore “Mogodimodimo o na le taolo mo bogosing jwa batho [e bile] o bo naya ope fela yo a batlang go bo mo naya.” (Dan. 2:19-21; 4:17) A go na le nako e Jehofa a ileng a tlosa kgotsa a tlhoma babusi? Ee, e teng!
12. Naya sekai sa kafa Jehofa a ileng a tlosa dikgosi mo ditulong tsa tsone tsa bogosi ka gone mo nakong e e fetileng. (Bona setshwantsho.)
12 Jehofa o bontshitse gore o na le taolo e e fetang ya “balaodi ba bagolo.” Akanya ka dikai tseno tse tharo. Kgosi Faro wa kwa Egepeto o ne a dirile batho ba ga Jehofa makgoba e bile o ne a gana go ba golola ka makgetlo a le mantsi. Le fa go ntse jalo, Modimo o ne a ba golola a bo a nwetsa Faro mo Lewatleng le Lehibidu. (Ekes. 14:26-28; Pes. 136:15) Kgosi Beleshasare wa kwa Babelona o ne a dira moletlo, mme a “ikgodisetsa Morena wa magodimo” a bo a “baka medimo ya selefera le gauta,” go na le go baka Jehofa. (Dan. 5:22, 23) Le fa go ntse jalo, Modimo o ne a kokobetsa monna yoo yo o neng a ikgodisa. “Mo go jone bosigo joo” Beleshasare o ne a bolawa mme bogosi jwa gagwe jwa newa Bameda le Baperesia. (Dan. 5:28, 30, 31) Kgosi Herode Ageripa I wa kwa Palesetina o ne a laela gore moaposetoloi Jakobe a bolawe mme go tswa foo a tsenya moaposetoloi Petere mo kgolegelong ka boikaelelo jwa gore le ene a mmolaye. Le fa go ntse jalo, Jehofa o ne a thibela Herode go dira se a neng a se ikaeletse. “Moengele wa ga Jehofa o ne a dira gore a lwale,” mme o ne a swa.—Dit. 12:1-5, 21-23.
13. Naya sekai sa kafa Jehofa a ileng a fenya ka gone babusi ba ba neng ba ikopantse.
13 Gape Jehofa o ne a bontsha gore o na le taolo e e fetang ya babusi botlhe ba ikopantse. O ne a lwela Baiseraele a bo a ba thusa gore ba fenye dikgosi di le 31 tsa Bakanana tse di neng di dirile kgolagano le gore ba gape dikarolo tsa Lefatshe le le Solofeditsweng. (Josh. 11:4-6, 20; 12:1, 7, 24) Gape Jehofa o ne a thusa Baiseraele gore ba fenye Kgosi Bene-hadade le babusi ba bangwe ba Basiria ba le 32 ba ba neng ba tlhabana le bone.—1 Dikg. 20:1, 26-29.
14-15. (a) Kgosi Nebukadenesare le Kgosi Dario ba ne ba reng ka bolaodi jwa ga Jehofa? (b) Mopesalema o ne a reng ka Jehofa le batho ba Gagwe?
14 Jehofa o ne a bontsha ka makgetlo a le mantsi gore ke Mogodimodimo. Fa Kgosi Nebukadenesare wa Babelona a ne a ikgantsha ka ‘nonofo ya gagwe le ka maatla a gagwe, kgalalelo le tlotlomalo ya gagwe’ go na le go lemoga gore Jehofa ke Ene a tshwanelwang ke go bakwa, Jehofa o ne a dira gore a latlhegelwe ke tlhaloganyo. Fa Nebukadenesare a sena go boelwa ke tlhaloganyo, o ne a “baka Mogodimodimo” e bile o ne a lemoga gore “puso ya [ga Jehofa] ke puso e e nnelang ruri.” Gape o ne a re: “Ga go na ope yo o ka mo thibelang.” (Dan. 4:30, 33-35) Fa tsela e Daniele a ikanyegang ka yone mo Modimong e sena go lekiwa, e bile Jehofa a mo golotse mo khuting e e nang le ditau, Kgosi Dairo o ne a ntsha taelo eno: “Batho ba boife Modimo wa ga Daniele ba bo ba mo tlotle, ka gonne ke Modimo yo o tshelang e bile o nnetse ruri. Bogosi jwa gagwe ga bo kitla bo senngwa, le puso ya gagwe ke ya bosakhutleng.”—Dan. 6:7-10, 19-22, 26, 27, ntlh.
15 Mopesalema o ne a re: “Jehofa o tlhakatlhakantse maano a ditšhaba; o kgoreleditse dithulaganyo tsa merafe.” Gape o ne a re: “Go itumela setšhaba se Modimo wa sone e leng Jehofa, batho ba a ba tlhophileng gore e nne ba gagwe.” (Pes. 33:10, 12) Leo ke lebaka le le utlwalang la gore re ikanyege mo go Jehofa.
NTWA YA MAKGAOLAKGANG
16. Re ka tlhatswega pelo ka eng ka “pitlagano e kgolo,” mme ka ntlha ya eng? (Bona setshwantsho.)
16 Re bone se Jehofa a se dirileng mo nakong e e fetileng. Jaanong ke eng se re ka solofelang gore se tla direga mo nakong e e tlang? Re ka tlhatswega pelo gore Jehofa o tla sireletsa batho ba gagwe ba ba ikanyegang ka nako ya “pitlagano e kgolo.” (Math. 24:21; Dan. 12:1) O tla dira jalo fa ditšhaba tse di ikopantseng, tse di bidiwang Gogo wa Magogo, di tla bo di tlhasela mo go setlhogo batho ba ba ikanyegang mo go Jehofa ba ba mo lefatsheng lotlhe. Tota le fa ditšhaba tseo di ka nna maloko otlhe a le 193 a Lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng, ga di kitla di kgona go lwa le Mogodimodimo le masomosomo a gagwe a kwa legodimong! Jehofa o solofetsa jaana: “Ke tla bontsha bogolo jwa me le gore ke Modimo yo o boitshepo e bile ke tla dira gore ditšhaba di le dintsi di nkitse; mme ba tla tshwanelwa ke go itse gore ke nna Jehofa.”—Esek. 38:14-16, 23; Pes. 46:10.
17. Baebele e a re go tla direga eng ka dikgosi tsa lefatshe le ka batho ba ba ikanyegang mo go Jehofa?
17 Tlhaselo ya ga Gogo e tla re lebisa kwa ntweng ya makgaolakgang ya Aramagedona fa Jehofa a tla bo a fedisa ‘dikgosi tse di mo lefatsheng lotlhe.’ (Tshen. 16:14, 16; 19:19-21) Mme “batho ba ba siameng ke bone fela ba ba tla agang mo lefatsheng, e bile batho ba ba thokgameng [kgotsa ba ba ikanyegang] ba tla sala mo go lone.”—Diane 2:21, ntlh.
RE TSHWANETSE GO TSWELELA RE IKANYEGA MO MODIMONG
18. Bakeresete ba le bantsi ba boammaaruri ba ikemiseditse go dira eng, mme ka ntlha ya eng? (Daniele 3:28)
18 Fa dingwaga di ntse di tsamaya, Bakeresete ba le bantsi ba boammaaruri ba ntse ba itetla gore ba se ka ba nna le kgololesego e batho ba bangwe ba nang le yone e bile ba tsenya matshelo a bone mo kotsing ka gonne ba rata Jehofa, e bong Mmusi wa bone yo o laolang dilo tsotlhe. Bakeresete bao ba boammaaruri, ba ikemiseditse go tswelela ba ikanyega mo go Jehofa. Ba tshwana le Bahebera ba bararo ba ba neng ba tswelela ba ikanyega mo Mogodimodimong yo o neng a ba golola mo leubelong la molelo.—Bala Daniele 3:28.
19. Fa Jehofa a atlhola batho o a bo a lebile eng, mme seo se tlhoka gore re dire eng gone jaanong?
19 Mopesalema Dafide o ne a tlhalosa botlhokwa jwa go ikanyega mo Modimong jaana: “Jehofa o tla atlhola ditšhaba. Nkatlhole, tlhe Jehofa, mme o bone gore ke siame e bile ke thokgame [kgotsa ke a ikanyega].” (Pes. 7:8, ntlh.) Gape Dafide o ne a re: “E kete nka sirelediwa ka gonne ke se na molato [kgotsa ke ikanyega] e bile ke dira se se siameng.” (Pes. 25:21) Tota le fa re ka nna le mathata, re ka itumelela botshelo fa re tswelela re ikanyega mo go Jehofa e bile re sa dire sepe se se ka senyang botsala jwa rona le ene. Seo se tla dira gore re ikutlwe ka tsela e mopesalema a neng a ikutlwa ka yone fa a ne a re: “Go itumela batho ba ba se nang molato [kgotsa ba ba ikanyegang] . . . , ba ba tsamayang mo molaong wa ga Jehofa.”—Pes. 119:1.
PINA 122 Nitamang, lo sa Tshikhinyege!
^ Baebele e laela Bakeresete gore ba ikobele balaodi ba bagolo, e leng dipuso tsa lefatshe leno. Le fa go ntse jalo, dipuso dingwe di ganetsa Jehofa le batlhanka ba gagwe phatlalatsa. Re ka ikobela babusi jang mme re ntse re ikanyega mo go Jehofa?
^ TLHALOSO: Go ikanyega mo go Jehofa go kaya go tswelela re mo ikobela le go ikanyega mo bolaoding jwa gagwe, tota le fa go le thata.
^ Bona setlhogo se se reng, “Baiseraele ba Bogologolo Ba ne Ba ya Dintweng—Goreng Rona Re sa Ye?” se se mo makasineng ono.