Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

“Ke Mang yo o Kafa Letlhakoreng la ga Jehofa?”

“Ke Mang yo o Kafa Letlhakoreng la ga Jehofa?”

“O boife Jehofa Modimo wa gago. O mo direle, o mo ngaparele.”—DUTE. 10:20.

PINA: 28, 32

1, 2. (a) Ke eng fa go le botlhale go nna mo letlhakoreng la ga Jehofa? (b) Re tla sekaseka eng mo setlhogong seno?

GO TLA bo go le botlhale gore re ngaparele Jehofa. Ga go na ope yo o maatla, yo o botlhale le yo o lorato jaaka Modimo wa rona! Tota ke mang yo a ka se kang a batla go nna mo letlhakoreng la gagwe? (Pes. 96:4-6) Le fa go ntse jalo, bangwe ba baobamedi ba Modimo ba ile ba palelwa ke go tsaya letlhakore la Modimo fa ba ne ba lebane le maemo mangwe a a thata.

2 Mo setlhogong seno, re tla sekaseka dikai tsa batho ba ba neng ba re ba mo letlhakoreng la ga Jehofa, mme gone ba dira dilo tse a di tlhoileng. Se re tla se ithutang mo dipegong tseno, se tla re thusa gore re tswelele re ikanyega mo go Jehofa ka botlalo.

JEHOFA O TLHATLHOBA DIPELO

3. Ke eng fa Jehofa a ile a leka go thusa Kaine, mme O ile a mo raya a reng?

3 Akanya ka se se diragaletseng Kaine. O ne a sa obamele medimo ya maaka. Le fa go ntse jalo, Modimo o ne a sa amogele kobamelo ya gagwe. Go ne go na le dilo tse di bosula mo pelong ya gagwe. (1 Joh. 3:12) Jehofa o ne a raya Kaine a re: “Fa o simolola go dira molemo, a ga o kitla o godisiwa? Mme fa o sa dire molemo, go na le boleo jo bo bobileng fa kgorong, e bile bo a go eletsa; mme wena, a o tla bo fenya?” (Gen. 4:6, 7) Ka mafoko a mangwe, Jehofa o ne a raya Kaine a re, “Fa o ka ikwatlhaya o bo o tsaya letlhakore la me, le nna ke tla go ema nokeng.”

4. Kaine o ne a dira eng fa a newa tshono ya go nna mo letlhakoreng la ga Jehofa?

4 Jehofa o ne a tla amogela Kaine gape fa fela a ne a ka fetola tsela e a akanyang ka yone. Mme gone, Kaine ga a ka a reetsa kgakololo eo. O ile a nna le dikakanyo le dikeletso tse di sa siamang mme tsa dira gore a dire dilo tse di bosula. (Jak. 1:14, 15) Fa Kaine a le mosha, ga a ise a ko a akanye gore o tla nna kgatlhanong le Jehofa. Le fa go ntse jalo, fa nako e ntse e tsamaya, o ne a dira selo se se gakgamatsang tota, o ne a tlhanogela Modimo a bo a bolaya monnawe!

5. Ke eng se se ka dirang gore Jehofa a se ka a tlhola a re amogela?

5 Fela jaaka Kaine, Mokeresete a ka nna a ipolelela gore o direla Jehofa, mme gone a dira dilo tse a di tlhoileng. (Jude 11) Ka sekai, a ka tswa a na le dikakanyo tsa boitsholo jo bo sa siamang, a le bogagapa kgotsa a tlhoile Mokeresetemmogo le ene. (1 Joh. 2:15-17; 3:15) Go akanya ka dilo tseno go ka dira gore a leofe. Mme go ntse go le jalo, a ka nna a bo a tlhagafetse mo bodireding e bile a nna gone ka metlha kwa dipokanong. Batho ba bangwe ba ka nna ba se ka ba bona se re se akanyang le dilo tse re di dirang, mme gone, Jehofa o bona dilo tsotlhe e bile o a itse fa re sa mo direle ka pelo yotlhe.—Bala Jeremia 17:9, 10.

6. Jehofa o re thusa jang go “fenya” makoa a rona?

6 Le fa go ntse jalo, Jehofa ga a re tlhoboge ka bonako. Fa dilo tse motho a di dirang di dira gore a katogele kgakala le Modimo, Jehofa o mo rotloetsa jaana: ‘Boela mo go nna, mme ke tla boela mo go wena.’ (Mal. 3:7) Jehofa o a itse gore re lwantshana le makoa mangwe, mme gone, o batla gore re nne mo letlhakoreng la gagwe mme re nne kgatlhanong le dilo tse di bosula. (Isa. 55:7) Fa re ka dira jalo, le ene o tla re ema nokeng ka go re thusa le go re naya nonofo ya go “fenya” makoa a rona.—Gen. 4:7.

“LO SE KA LWA TSIEDIWA”

7. Go tlile jang gore botsala jwa ga Solomone le Jehofa bo fele?

7 Re ka ithuta go le gontsi mo sekaing sa ga Kgosi Solomone. Fa a le mosha, o ne a batla kaelo ya ga Jehofa. Modimo o ne a dira gore a nne botlhale tota mme a mo naya kabelo ya go aga tempele e e ntle ya kwa Jerusalema. Le fa go ntse jalo, botsala jwa ga Solomone le Jehofa bo ne jwa fela. (1 Dikg. 3:12; 11:1, 2) Molao wa Modimo o ne o tlhalosa ka tlhamalalo gore kgosi ya Mohebera ga e a tshwanela go “ikokeletsa basadi, gore pelo ya [yone] e se ka ya fapoga.” (Dute. 17:17) Solomone ga a ka a ikobela taelo eo mme kgabagare o ne a nyala basadi ba le 700. Mo godimo ga moo, o ne a nna le bagadingwana ba le 300. (1 Dikg. 11:3) Bontsi jwa basadi ba gagwe e ne e se Baiseraele e bile ba ne ba obamela medimo ya maaka. Solomone o ne a tlola molao wa Modimo o o neng o tlhalosa gore Baiseraele ga ba a tshwanela go nyala basadi ba ditšhaba tse dingwe.—Dute. 7:3, 4.

8. Solomone o ile a kgopisa Jehofa jang?

8 Fa nako e ntse e ya, diphoso tsa ga Solomone di ile tsa dira gore a dire dilo tse di bosula tota. Solomone o ile a agela modimo wa mosadi e bong Ashethorethe sebeso e bile o ne a agela modimo wa maaka e bong Kemoshe sebeso se sengwe. Go tswa foo, ene le basadi ba gagwe ba ile ba obamela medimo eno ya maaka. Se se maswe le go feta ke gore, o ne a aga dibeso tseo mo thabeng e e fa pele ga Jerusalema, e a neng a agile tempele ya ga Jehofa mo go yone! (1 Dikg. 11:5-8; 2 Dikg. 23:13) Gongwe Solomone o ile a itsietsa ka go akanya gore Jehofa o tla itlhokomolosa diphoso tsa gagwe fa fela a tswelela a ntsha ditlhabelo kwa tempeleng.

9. Go ile ga direga eng ka gonne Solomone a sa reetsa tlhagiso ya Modimo?

9 Le fa go ntse jalo, Jehofa ga a nke a itlhokomolosa dilo tse di bosula. Baebele ya re: “Jehofa o ne a tukela Solomone bogale, ka gonne pelo ya gagwe e ne e fapogetse kgakala le Jehofa . . . , yo o neng a bonetse mo go ene gabedi. Mme o ne a mo laela malebana le selo seno gore a se ka a sala medimo e sele morago; mme a se ka a boloka seo Jehofa a neng a se laetse.” Ka ntlha ya seo, Modimo ga a ka a tlhola a mo amogela le go mo ema nokeng. Bomorwa Solomone ga ba a ka ba busa setšhaba sotlhe sa Iseraele e bile ba ile ba lebana le mathata a le mantsi.—1 Dikg. 11:9-13.

10. Ke eng se se ka senyang kamano ya rona le Jehofa?

10 Fela jaaka go diragetse ka Solomone, go nna le ditsala tse di sa tlotleng melao ya ga Jehofa go ka senya kamano ya rona le ene. Bangwe ba bone ba ka nna ba bo ba le mo phuthegong mme gone ba se na kamano e e nonofileng le Jehofa. Ba bangwe e ka tswa e le ba lelapa le ba losika, baagelani, badirimmogo le bana ba re tsenang sekolo le bone ba e seng baobamedi ba ga Jehofa. Fa batho ba re fetsang nako e e ntsi le bone ba sa tlotle melao ya ga Jehofa, ba ka senya kamano ya rona e e molemo le Modimo.

Batho ba o itsalanyang le bone ba ama kamano ya gago le Jehofa jang? (Bona serapa 11)

11. Ke eng se se ka re thusang go tlhopha ditsala?

11 Bala 1 Bakorintha 15:33. Bontsi jwa batho ba na le dinonofo dingwe tse di molemo e bile batho ba le bantsi ba e seng Basupi ga ba dire dilo tse di bosula. Fa go le jalo ka batho ba o tlwaelaneng le bone, a seo se raya gore ke ditsala tse di molemo? Go itsalanya le bone go ka ama kamano ya gago le Jehofa jang? A ba tla dira gore e tokafale? Ke eng se ba se ratang? Ka sekai, a ba rata go bua thata ka feshene, madi, didirisiwa tsa ileketeroniki, boitlosobodutu kgotsa dilo tse di ntseng jalo? A ba rata go bua dilo tse di bosula ka batho ba bangwe kgotsa go dira metlae e e leswe? Jesu o ne a re: “Molomo o bua se se tletseng mo pelong.” (Math. 12:34) Fa o lemoga gore batho ba o fetsang nako e ntsi le bone ba ka senya kamano ya gago le Jehofa, tsaya kgato ka bonako ka go fokotsa nako e o e fetsang le bone, gongwe le e leng go fedisa botsala jwa gago le bone.—Dia. 13:20.

JEHOFA O BATLA BOINEELO JO BO FELETSENG

12. (a) Ke eng se Jehofa a neng a se bolelela Baiseraele fa ba sena go tswa kwa Egepeto? (b) Baiseraele ba ile ba dira eng fa Modimo a ba bolelela gore o batla boineelo jo bo feletseng?

12 Gape re ka ithuta mo go se se diragetseng fa Baiseraele ba sena go gololwa kwa Egepeto. Batho ba ne ba kopana fa pele ga Thaba ya Sinai. Jehofa o ne a iponatsha mo go bone ka tsela e e gakgamatsang. Go ile ga nna le leru le lentsho. Jehofa o ile a dira gore go nne le maru, magadima, mosi le modumo o mogolo wa lonaka. (Ekes. 19:16-19) Jehofa o ne a bolelela Baiseraele gore ke “Modimo yo o batlang boineelo jo bo feletseng.” O ne a ba tlhomamisetsa gore o tla ikanyega mo go ba ba mo ratang le ba ba bolokang melao ya gagwe. (Bala Ekesodo 20:1-6.) Ka mafoko a mangwe, Jehofa o ne a raya batho ba gagwe a re, “Fa lo ka nna mo letlhakoreng la me, le nna ke tla nna le lona.” O ne o ka dira eng fa Jehofa Modimo a ne a ka go solofetsa jalo? Ga go pelaelo gore o ne a tla dira jaaka Baiseraele ba ile ba dira. Baebele ya re: “Batho botlhe ba [ne ba] araba ka lentswe le le lengwe ba re: ‘Re iketleeleditse go dira mafoko otlhe a Jehofa a a buileng.’” (Ekes. 24:3) Le fa go ntse jalo, go ise go ye kae, go ne ga direga sengwe se se neng sa leka boikanyegi jwa Baiseraele.

13. Ke eng se se neng sa leka boikanyegi jwa Baiseraele?

13 Baiseraele ba ile ba tshosiwa ke leru le lentsho, magadima le ditshupo tse dingwe tse di gakgamatsang tsa Modimo. Ba ile ba kopa Moshe gore e nne ene a buang le Jehofa mo Thabeng ya Sinai. (Ekes. 20:18-21) Moshe o ne a fetsa nako e ntsi a le kwa thabeng. Go ne go lebega Baiseraele ba gaeletswe mo nageng ba se na Moeteledipele. Go bonala tumelo ya bone e ne e ikaegile thata ka Moshe. Ba ne ba simolola go tlhobaela ba bo ba raya Arone ba re: “Re direle modimo o o tla re etelelang pele, ka gonne fa e le Moshe yono, monna yo o neng a re ntsha kwa lefatsheng la Egepeto, ruri ga re itse gore o diragaletswe ke eng.”—Ekes. 32:1, 2.

14. Baiseraele ba ile ba itsietsa jang, mme Jehofa o ile a dira eng?

14 Baiseraele ba ne ba itse gore go obamela medingwana ke boleo jo bo masisi. (Ekes. 20:3-5) Mme go ise go ye kae ba ne ba obamela namane ya gauta. Le fa ba ile ba tlola molao wa ga Jehofa ka tsela eo, ba ne ba sa ntse ba ipolelela gore ba mo letlhakoreng la gagwe. Tota e bile, Arone o ne a bitsa kobamelo eo ya namane a re ke “moletlo wa ga Jehofa”! Jehofa o ne a dira eng? O ne a raya Moshe a re batho “ba sentse” le gore ‘ba fapogile mo tseleng e a ba laetseng gore ba tsamaye ka yone.’ E re ka Jehofa a ne a ‘tuka bogale,’ o ne a akanyetsa go fedisa setšhaba seo sotlhe.—Ekes. 32:5-10.

15, 16. Moshe le Arone ba ile ba bontsha jang gore ba mo letlhakoreng la ga Jehofa? (Bona setshwantsho se se simololang setlhogo.)

15 Le fa go ntse jalo, Jehofa ga a ka a fedisa Baiseraele. O ne a utlwela botlhoko batlhanka ba gagwe ba ba ikanyegang mme a ba naya tshono ya gore ba tseye letlhakore la gagwe. (Ekes. 32:14) Fa Moshe a bona batho ba goa, ba opela e bile ba bina fa pele ga modingwana, o ne a o thubaganya. Go tswa foo, o ne a re: “Ke mang yo o kafa letlhakoreng la ga Jehofa? A a tle kwa go nna!” “Bomorwa Lefi botlhe ba [ne ba] phuthegela kwa go ene.”—Ekes. 32:17-20, 26.

16 Le fa gone Arone e le ene a neng a dirile namane ya gauta, o ne a ikwatlhaya mme ene le Balefi ba bangwe ba ne ba tsaya letlhakore la ga Jehofa. Ga ba a ka ba tsaya letlhakore la ga Jehofa fela, mme gape, ba ne ba ikgaoganya le badirabosula. Ruri eo e ne e le tshwetso e e molemo ka gonne mo go lone letsatsi leo, batho ba le bantsi ba ile ba bolawa ka ntlha ya go obamela modingwana. Le fa go ntse jalo, Modimo o ne a solofetsa ba ba neng ba le mo letlhakoreng la gagwe gore o tla ba segofatsa.—Ekes. 32:27-29.

17. Re ithuta eng mo go se Paulo a ileng a se kwala ka namane ya gauta?

17 Moaposetoloi Paulo o ile a bua ka tiragalo eo a bo a tlhagisa Bakeresetemmogo le ene jaana: “Dilo tseno di ne tsa nna dikao tsa rona, gore re se ka . . . ra nna baobamedi ba medingwana, jaaka bangwe ba bone ba ne ba dira. Di ne tsa kwalwa gore e nne tlhagiso mo go rona ba bokhutlo jwa ditsamaiso tseno tsa dilo bo gorogileng mo go rona. Ka gone a yo o akanyang gore o eme a tlhokomele gore a se ka a wa.” (1 Bakor. 10:6, 7, 11, 12) Jaaka Paulo a ile a tlhalosa, tota le baobamedi ba boammaaruri ba ka dira dilo tse di sa siamang. Batho ba ba ineelelang dithaelo ba ka akanya gore ba sa ntse ba na le kamano e e molemo le Jehofa. Mme gone, go batla go nna tsala ya ga Jehofa kgotsa go tlhalosa gore o ikanyega mo go ene ga go reye gore Jehofa o a go amogela.—1 Bakor. 10:1-5.

18. Ke eng se se ka dirang gore re katogele kgakala le Jehofa, mme go ka nna le diphelelo dife?

18 Fela jaaka Baiseraele ba ile ba tlhobaela ka gonne Moshe a diega go boa, gompieno Bakeresete le bone ba ka nna ba tlhobaela ka gonne ba akanya gore letsatsi la ga Jehofa la katlholo le lefatshe le lesha di a diega. Go diragadiwa ga ditsholofetso tseno go ka lebega go le kgakala thata kgotsa e kete ke go ijesa dijo tsa ditoro fela. Go akanya ka tsela eo go ka dira gore dilo tse re di batlang di nne botlhokwa thata mo go rona go feta thato ya ga Jehofa. Fa nako e ntse e ya, re ka katogela kgakala le Jehofa mme ra feleletsa re dira dilo tse re iseng re ko re akanye gore re ka di dira.

19. Re tshwanetse go nna re gopotse eng, mme ka ntlha yang?

19 Ga re a tshwanela go lebala gore Jehofa o batla gore re mo ikobele ka pelo yotlhe le gore re obamele ene fela. (Ekes. 20:5) Fa re sa dire dilo tse Jehofa a di batlang, re a go dira se Satane a se batlang, mme seo se tla re leretse mahutsana. Ke ka moo Paulo a re bolelelang jaana: “Ga lo ka ke lwa nwa senwelo sa ga Jehofa le senwelo sa madimona; ga lo ka ke lwa ja mo ‘tafoleng ya ga Jehofa’ le mo tafoleng ya madimona.”—1 Bakor. 10:21.

NGAPARELA JEHOFA!

20. Jehofa a ka re thusa jang fa re dira diphoso?

20 Dipego tsa Baebele tse di buang ka Kaine, Solomone le Baiseraele kwa Thabeng ya Sinai di a tshwana. Batho bano botlhe ba ne ba na le tshono ya go ‘ikwatlhaya le go sokologa.’ (Dit. 3:19) Go bonala sentle gore Jehofa ga a itlhaganelele go tlhoboga batho ba ba dirang diphoso. Jehofa o ile a itshwarela Arone. Gompieno Jehofa o re tlhagisa a dirisa dipego tsa Baebele, dikgatiso tse di theilweng mo Baebeleng kgotsa kgakololo e e tswang mo Bakereseteng ba bangwe. Fa re ikobela tlhagiso eo, Jehofa o tla re utlwela botlhoko.

21. Re tshwanetse go dira eng fa boikanyegi jwa rona mo go Jehofa bo lekwa?

21 Bopelonomi jo bo sa re tshwanelang jwa ga Jehofa bo na le boikaelelo. (2 Bakor. 6:1) Bo re naya tshono ya “gore re gane boikepo le dikeletso tsa selefatshe.” (Bala Tito 2:11-14.) Fa fela re sa ntse re tshela mo ‘tsamaisong eno ya jaanong ya dilo,’ re tla lebana le maemo a a lekang boikanyegi jwa rona mo go Jehofa. A re ikemisetseng go tswelela re le mo letlhakoreng la ga Jehofa ka gonne re tshwanetse go ‘boifa Jehofa Modimo wa rona, go mo direla le go mo ngaparela’!—Dute. 10:20.