Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Nna Tsala fa go Nna le Maemo a a ka Senyang Botsala

Go Nna Tsala fa go Nna le Maemo a a ka Senyang Botsala

Gianni le Maurizio e ntse e le ditsala dingwaga di ka nna 50. Le fa go ntse jalo, nako nngwe go ne ga nna le maemo a a neng a ka senya botsala jwa bone. Maurizio a re: “Nako nngwe fa ke ne ke na le mathata ke ne ka dira phoso e e masisi e e neng ya dira gore botsala jwa rona bo koafale.” Gianni a re: “Maurizio ke ene a nthutileng Baebele. Ke ene a neng a nthusa go tokafatsa kamano ya me le Modimo. Ka jalo, ke ne ke sa dumele se a se dirileng. Ke ne ke utlwile botlhoko tota ka gonne ke itse gore re ka se tlhole re nna ditsala. Ke ne ke ikutlwa e kete ke latlhilwe!”

DITSALA tse di molemo di botlhokwa fela thata, mme gone, ga go itiragalele fela gore batho ba nne ditsala tse di molemo. Fa go lebega e kete botsala jwa gago le mongwe bo a senyega, ke eng se se ka lo thusang gore lo bo nonotshe? Re ka ithuta mo bathong ba go buiwang ka bone mo Baebeleng ba e neng e le ditsala tsa tlhogo ya kgomo mme ba moragonyana botsala jwa bone bo batlileng bo fela.

FA TSALA YA GAGO E DIRA PHOSO

Monna yo e neng e le modisa le kgosi e bong Dafide, o ne a na le ditsala tse di molemo. Nngwe ya ditsala tseo e ne e le Jonathane. (1 Sam. 18:1) Mme Dafide o ne a na le ditsala tse dingwe jaaka moporofeti Nathane. Baebele ga e tlhalose gore ba simolotse leng go nna ditsala. Mme gone, nako nngwe Dafide o ne a bulela Nathane mafatlha jaaka motho a ka dira mo tsaleng ya gagwe. Dafide o ne a batla go agela Jehofa ntlo. Kgosi eno e ne e batla go utlwa maikutlo a ga Nathane ka kgang eno e re ka e ne e le tsala ya gagwe e bile e le monna yo o nang le moya wa ga Jehofa.—2 Sam. 7:2, 3.

Le fa go ntse jalo, go ne ga direga sengwe se se neng se ka dira gore botsala jwa bone bo fele. Kgosi Dafide o ne a dira boaka le Bathesheba mme morago ga moo, o ne a dira gore monna wa gagwe e bong Uria a bolawe. (2 Sam. 11:2-21) Go ne go fetile dingwaga di le dintsi Dafide a ikanyega mo go Jehofa e bile a busa ka tshiamiso. Le fa go ntse jalo, o ne a dira boleo jono jo bo masisi! Go ne go diragetse eng ka kgosi eno e e molemo? A o ne a sa itse gore o dirile boleo jo bo masisi? A o ne a akanya gore Modimo ga a itse sepe ka boleo joo?

Nathane o ne a tla dira eng? A o ne a tla emela gore mongwe a bolelele kgosi ka phoso ya gagwe? Batho bangwe ba ne ba itse gore Dafide o ile a rulaganya gore Uria a bolawe. Ka jalo, a go ne go tlhokega gore Nathane a tsenelele mo kgannyeng eo mme a senye botsala jwa gagwe jo bo molemo le Dafide? Fa Nathane a ne a ka bua ka kgang eo, seo se ne se ka nna sa dira gore a bolawe. Kana e bile, Dafide o ne a dirile gore Uria a bolawe le fa gone a ne a se molato.

Mme gone, Nathane e ne e le mmueledi wa Modimo. O ne a itse gore fa a ka didimala, seo se ne se tla koafatsa botsala jwa gagwe le Dafide e bile o ne a tla nna le segakolodi se se molato. Tsala ya gagwe e ne e dirile sengwe se se neng sa kgopisa Jehofa, ka jalo, o ne a tlhoka go thusiwa gore a baakanye kamano ya gagwe le Jehofa. Eleruri Dafide o ne a tlhoka tsala ya mmatota. Nathane e ne e le tsala e e ntseng jalo. O ne a simolola kgang eo ka go mmolelela setshwantsho se se neng se tla mo fitlhelela pelo e re ka Dafide e ne e kile ya nna modisa. Nathane o ne a bolelela Dafide molaetsa wa Modimo, mme o ne a dira jalo ka tsela e e neng ya dira gore Dafide a lemoge gore diphoso tsa gagwe di masisi go le kana kang le ka tsela e e neng ya dira gore a tseye kgato.—2 Sam. 12:1-14.

O ne o tla dira eng fa tsala ya gago e dira phoso e e seng kana ka sepe kgotsa e dira boleo jo bo masisi? O ka nna wa raelesega go akanya gore fa o ka mmolelela ka phoso eo, seo se ka dira gore botsala jwa lona bo senyege. Kgotsa o ka nna wa tsaya gore fa o ka bolelela bagolwane ka boleo jo a bo dirileng, o tla bo o se tsala e e ikanyegang, le fa gone tota ba ne ba ka kgona go mo thusa go baakanya kamano ya gagwe le Modimo. O ne o tla dira eng?

Gianni yo re buileng ka ene pelenyana, a re: “Ke ne ka lemoga gore sengwe se fetogile. Maurizio o ne a sa tlhole a mpulela mafatlha jaaka pele. Ke ne ka ya go bua le ene, le fa gone go ne go le thata go dira jalo. Ke ne ke ipotsa go re: ‘Ke a go mmolelela eng se a sa se itseng? A ka nna a nkgalefela!’ Mme go akanya ka dilo tse re neng re di ithutile go ne ga nnaya bopelokgale jwa go bua le ene. Kana Maurizio le ene o ne a nthusa fa ke ne ke tlhoka thuso. Ke ne ke sa batle gore botsala jwa rona bo fele, mme gone, ke ne ke batla go mo thusa ka gonne ke mo rata.”

Maurizio a re: “Gianni o ne a le pelontle fa a bua le nna e bile o ne a nepile. Ke ne ke itse gore ke nna ke ipaketseng mathata. E ne e se phoso ya gagwe e bile e ne e se phoso ya ga Jehofa. Ka jalo, ke ne ka amogela kotlhao mme moragonyana ke ne ka kgona go baakanya kamano ya me le Jehofa.”

FA TSALA YA GAGO E LE MO MATHATENG

Dafide o ne a na le ditsala tse dingwe tse di neng di mo ema nokeng ka dinako tsa mathata. Mongwe wa bone e ne e le Hushai yo Baebele e mmitsang “molekane [kgotsa tsala ya] ga Dafide.” (2 Sam. 16:16; 1 Ditir. 27:33) Go ka direga gore Hushai e ne e le modiredi wa ntlo ya segosi yo gape e neng e le tsala e e molemo ya kgosi. Mme ka dinako dingwe, kgosi e ne e mo kopa go dira dilo dingwe tse e leng khupamarama.

Fa morwa Dafide e bong Abesalome a ne a itseela bogosi ka dikgoka, Baiseraele ba le bantsi ba ne ba mo ema nokeng, mme Hushai ene ga a ka a dira jalo. Fa Dafide a ne a tshaba, Hushai o ne a tsamaya le ene. Dafide o ne a utlwile botlhoko tota ka gonne a tlhanogetswe ke morwawe le batho bangwe ba a neng a ba tshepa. Le fa go ntse jalo, Hushai o ne a nna a ikanyega, tota e bile o ne a iketleeleditse go swela Dafide le go dira sepe fela se se neng se tla dira gore leano la ga Abesalome le se ka la atlega. Mme gone, Hushai ga a ka a dira jalo ka gonne seo e ne e le maikarabelo a gagwe. Go na le moo, o ne a dira jalo ka gonne e ne e le tsala e e ikanyegang ya ga Dafide.—2 Sam. 15:13-17, 32-37; 16:15–17:16.

Ruri go a itumedisa go bona bakaulengwe le bokgaitsadi ba ratana thata mme e se ka ntlha ya go bo ba bereka mmogo kgotsa ba dira kabelo nngwe ya phuthego mmogo. Ditiro tsa bone di dira gore go nne e kete ba a re, “Ke tsala ya gago, e se ka gonne ke patelesega go dira jalo, mme ke tsala ya gago ka gonne o botlhokwa mo go nna.”

Seno ke se se neng sa diragalela mokaulengwe mongwe e bong Federico. Tsala ya gagwe e e molemo e bong Antonio, e ne ya mo thusa fa a ne a na le mathata. Federico a re: “Fa Antonio a fudugela mo phuthegong ya rona, re ne ra nna ditsala. Re ne re le batlhanka ba bodiredi e bile re ne re itumelela go bereka mmogo. Nakwana morago ga moo, Antonio o ne a tlhomiwa go nna mogolwane. E ne e se tsala ya me fela, mme gape o ne a ntlhomela sekao se sentle sa kafa ke ka direlang Modimo ka gone.” Mme Federico o ne a dira phoso. O ne a kopa bagolwane gore ba mo thuse, mme gone, o ne a sa tlhole a tshwanelegela go nna mmulatsela kgotsa motlhanka wa bodiredi. Antonio o ne a dira eng?

Fa Federico a ne a na le mathata, tsala ya gagwe e bong Antonio e ne ya mo reetsa le go mo kgothatsa

Federico a re: “Antonio o ne a utlwile botlhoko ka ntlha ya boemo jwa me mme o ne a leka ka bojotlhe go nkgothatsa. O ne a tshwenyegile thata ka kamano ya me le Jehofa e bile ga a ka a ntatlha mme ka metlha o ne a mpolelela gore ke se ka ka ineela.” Antonio a re: “Ke ne ke fetsa nako e ntsi ke na le Federico. Ke ne ke batla gore a gololesege go bua le nna ka sengwe le sengwe, tota le ka dilo tse di mo utlwisang botlhoko.” Se se itumedisang ke gore, morago ga nako, Federico o ne a baakanya kamano ya gagwe le Jehofa mme a boa a nna mmulatsela le motlhanka wa bodiredi. Antonio a re: “Le fa gone re sa tlhole re le mo phuthegong e le nngwe, re atamalane fela thata.”

A O NE O TLA IKUTLWA O TLHANOGETSWE?

O ne o tla ikutlwa jang fa tsala ya gago e o atamalaneng thata le yone e ne e ka go latlha ka nako e o e tlhokang thata? Ga go pelaelo gore seo se ne se tla go utlwisa botlhoko tota. A o ne o tla kgona go mo itshwarela? A botsala jwa lona bo ne bo tla boa bo nonofa gape?

Akanya ka se se diragaletseng Jesu mo malatsing a gagwe a bofelo mo lefatsheng. O ne a feditse nako e ntsi le baaposetoloi ba gagwe ba ba ikanyegang mme seno se ne sa dira gore ba atamalane fela thata. Ke ka moo Jesu a neng a re ke ditsala tsa gagwe. (Joh. 15:15) Le fa go ntse jalo, go ne ga direga eng fa Jesu a ne a tshwarwa? Baaposetoloi ba gagwe ba ne ba tlhanola direthe. Petere o ne a bua phatlalatsa gore ga a kitla a latlha Mong wa gagwe, mme mo go jone bosigo joo, o ne a itatola Jesu!—Math. 26:31-33, 56, 69-75.

Jesu o ne a itse gore o tla lebana le teko ya gagwe ya bofelo a le nosi. Mme gone, go ne go utlwala gore a swabe e bile a utlwe botlhoko. Le fa go ntse jalo, fa a ne a bua le barutwa ba gagwe malatsi a le mmalwa fa a sena go tsosiwa, o ne a sa bontshe gore o swabile, o ngadile kgotsa o ba tshwaretse sekgopi. Jesu ga a ka a nnela go gopotsa barutwa ba gagwe diphoso tsa bone le se ba ileng ba se dira mo bosigong jwa fa a ne a tshwarwa.

Go na le moo, Jesu o ne a gomotsa Petere le baaposetoloi ba bangwe. O ne a bontsha gore o a ba tshepa ka go ba naya ditaelo malebana le tiro ya botlhokwa ya go ruta. Jesu o ne a sa ntse a ba leba e le ditsala tsa gagwe. Ga ba a ka ba lebala tsela e a neng a ba rata ka yone. Ba ne ba tla leka ka natla gore ba se ka ba swabisa Mong wa bone gape. Eleruri ba ile ba atlega go dira kabelo e a neng a e neile balatedi ba gagwe.—Dit. 1:8; Bakol. 1:23.

Kgaitsadi mongwe yo o bidiwang Elvira o gopola nako ya fa a ne a na le kgotlhang le tsala ya gagwe e bong Giuliana. Elvira a re: “Fa a ne a mpolelela gore se ke se dirileng se mo utlwisitse botlhoko, ke ne ka swaba nko go feta molomo. Gone o ne a na le lebaka le le utlwalang la go galefa. Le fa go ntse jalo, se se neng sa nkgatlha ke gore o ne a tshwenyegile thata ka nna le se se tla ntiragalelang. Ke itumelela gore ga a ka a tlhoma mogopolo mo phosong ya me, go na le moo, o ne a tshwenyegile ka mathata a ke ipakelang one. Ke ne ka leboga Jehofa go bo ke na le tsala e e neng e tshwenyegile thata ka nna go na le tsela e ene a ikutlwang ka yone.”

Ka jalo, tsala e e siameng e tshwanetse go itshwara jang fa botsala jwa gagwe le motho yo mongwe bo tloga bo senyega? O tla iketleeletsa go buisana le tsala ya gagwe ka bopelonomi, mme gone a sa mpampetse dilo. O tla bo a tshwana le Nathane le Hushai ba ba neng ba nna ba ikanyega ka dinako tsa mathata. Mme gape o tla bo a tshwana le Jesu yo o neng a iketleeleditse go itshwarela ba bangwe. A o tsala e e ntseng jalo?