“Nnang lo [Kgothatsane] Letsatsi Lengwe le Lengwe”
“Fa e le gore lo na le lefoko lengwe la kgothatso go le naya batho bano, le boleleng.”—DIT. 13:15.
PINA: 121, 45
1, 2. Tlhalosa gore ke eng fa go le botlhokwa go kgothatsa ba bangwe.
MOSETSANA mongwe wa dingwaga di le 18 yo o bidiwang Cristina [1] a re: “Batsadi ba me ga nke ba nkgothatsa, go na le moo, ba rata go nkgala. Mme mafoko a bone a nkutlwisa botlhoko fela thata. Ba re ke tletse bongwana, ga nkitla ke tlhalefa e bile ke mokima. Seno se dira gore ke nne fela ke lela e bile ga ke rate go bua le bone. Ke ikutlwa ke se motho wa sepe.” Ruri fa re sa kgothadiwe, re kgobega marapo!
2 Ka fa letlhakoreng le lengwe, go kgothatsa ba bangwe go ka nna le diphelelo tse di molemo. Monna mongwe yo o bidiwang Rubén a re: “Ga ke bolo go ikutlwa ke se motho wa sepe. Mme letsatsi lengwe ke ne ke le mo bodireding le mogolwane mongwe yo o neng a lemoga gore ga le a ntlhabela. O ne a ntheetsa ka tlhoafalo fa ke ntse ke mmulela mafatlha. Go tswa foo o ne a mpolelela ka dilo tse di molemo tse ke di dirang. Gape o ne a nkgakolola mafoko a ga Jesu a gore mongwe le mongwe o botlhokwa go feta dithaga tse dintsi. Le gone jaanong fa ke gopola temana eo, pelo ya me e nna tshweu. Mafoko a mogolwane yoo a ne a nkgothatsa fela thata.”—Math. 10:31.
3. (a) Moaposetoloi Paulo o ne a reng ka go kgothatsa ba bangwe? (b) Re tla sekaseka eng mo setlhogong seno?
3 Ga go gakgamatse go bo Baebele e re re tshwanetse go kgothatsana Baheb. 3:12, 13) Fa o gopola kafa o neng wa itumela ka gone fa mongwe a ne a go kgothatsa, o tshwanetse o a bo o itse gore go botlhokwa go kgothatsa ba bangwe. Ka jalo, a re sekasekeng dipotso tseno: Goreng go le botlhokwa go kgothatsa ba bangwe? Re ithuta eng mo tseleng e Jehofa, Jesu le Paulo ba neng ba kgothatsa ba bangwe ka yone? Mme re ka kgothatsa ba bangwe jang ka tsela e e ba fitlhelelang pelo?
ka metlha. Moaposetoloi Paulo o ne a kwalela Bakeresete ba Bahebera jaana: “Elang tlhoko bakaulengwe, gore ope wa lona a se ka a nna le pelo e e boikepo e e se nang tumelo ka go katogela kgakala le Modimo yo o tshelang; mme nnang lo rotloetsane letsatsi lengwe le lengwe, . . . e se re kgotsa mongwe wa lona a kgwaraladiwa ke maatla a a tsietsang a boleo.” (RE TLHOKA GO KGOTHADIWA
4. Ke bomang ba ba tlhokang go kgothadiwa, mme goreng batho ba le bantsi ba sa kgothatse ba bangwe?
4 Rotlhe re tlhoka go kgothadiwa, segolobogolo fa re gola. Morutabana mongwe e bong Timothy Evans a re: “Fela jaaka dimela di tlhoka metsi, bana . . . le bone ba tlhoka go kgothadiwa. Fa ngwana a kgothadiwa ka metlha, seo se dira gore a ikutlwe a le botlhokwa e bile a ratiwa.” Mme re tshela mo dinakong tse di thata. Batho ba ikakanyetsa ba le bosi, ga ba ratane e bile ga ba kgothatse ba bangwe. (2 Tim. 3:1-5) Batsadi bangwe ga ba akgole bana ba bone ka gonne batsadi ba bone ba ne ba sa ba akgole. Badiri ba le bantsi ba a ngongorega ka gonne ga ba akgolwe kwa ditirong tsa bone.
5. Re ka kgothatsa ba bangwe jang?
5 Tsela nngwe e re ka kgothatsang ba bangwe ka yone ke ka go ba akgola fa ba dirile sengwe se se molemo. Gape re ka kgothatsa ba bangwe ka go ba tlhomamisetsa gore ba na le dinonofo tse di molemo kgotsa ka go ‘bua ka tsela e e gomotsang le meya e e tshwenyegileng maikutlo.’ (1 Bathes. 5:14) Lefoko la Segerika le le ranotsweng e le “kgothatso” le kaya “go biletsa mongwe fa go wena.” Fa re ntse re dira mmogo le bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona, re nna le ditshono tsa go ba kgothatsa. (Bala Moreri 4:9, 10.) A re dirisa ditshono tse re nang le tsone go bolelela ba bangwe gore ke eng fa re ba rata? Pele re araba potso eo, go molemo gore re akanye ka seane seno: “A bo lefoko ka nako ya lone e e tshwanetseng le le molemo jang ne!”—Dia. 15:23.
6. Goreng Diabolo a batla go re kgoba marapo? Naya sekai.
6 Satane Diabolo o batla go re kgoba marapo ka gonne o a itse gore fa re kgobegile marapo, re tla koafala e bile kamano ya rona le Jehofa e ka senyega. Diane 24:10 ya re: “A o itshupile o kgobegile marapo mo letsatsing la matshwenyego? Maatla a gago a tla tlhaela.” Satane o ne a dirisa masetlapelo le ditatofatso go leka go kgoba Jobe marapo, mme leano leo le le bosula le ile la itaya sefololetse. (Jobe 2:3; 22:3; 27:5) Re ka kgona go emelana le Diabolo ka go kgothatsa ba malapa a rona le bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona. Seno se tla dira gore magae a rona le Diholo tsa rona tsa Bogosi e nne mafelo a mo go one re ikutlwang re itumetse e bile re sireletsegile.
DIKAO TSE DI MO BAEBELENG
7, 8. (a) Ke eng se se bontshang gore Jehofa o tsaya go kgothatsa ba bangwe go le botlhokwa? (b) Batsadi ba ka etsa Jehofa jang? (Bona setshwantsho se se simololang setlhogo.)
7 Jehofa. Mopesalema o ne a opela jaana: “Jehofa o gaufi le ba ba pelo e phatlogileng; mme o boloka ba ba moya o pitlaganeng.” (Pes. 34:18) Fa Jeremia a ne a tshogile e bile a kgobegile marapo, Jehofa o ne a nonotsha moporofeti yoo yo o ikanyegang. (Jer. 1:6-10) Mme akanya kafa moporofeti yo o godileng e bong Daniele a neng a kgothala ka gone fa Modimo a ne a romela moengele gore a mo nonotshe. Moengele yoo o ne a bitsa Daniele “monna yo o rategang thata!” (Dan. 10:8, 11, ) Le wena o ka dira se se tshwanang ka go kgothatsa baboledi, babulatsela le bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba godileng ba ba sa tlholeng ba na le maatla. 18, 19
8 Modimo ga a ka a tsaya gore e re ka ene le Morwawe ba feditse dingwaga di le dintsi ba dira mmogo, go ne go sa tlhokege gore a mo akgole le go mo kgothatsa ka nako ya fa a ne a le mo lefatsheng. Go na le moo, mo makgetlong a mabedi, Jesu o ne a utlwa Rraagwe a bua go tswa kwa legodimong a re: “Yono ke Morwaake, moratwa, yo ke mo amogetseng.” (Math. 3:17; 17:5) Ka go bua jalo, Modimo o ne a akgola Jesu a bo a mo tlhomamisetsa gore o dira sentle. Jesu o ne a utlwa mafoko ao fa a ne a simolola le fa a ne a tloga a wetsa bodiredi jwa gagwe jwa mo lefatsheng, mme seo se tshwanetse sa bo se ile sa mo kgothatsa fela thata. Mo bosigong jwa pele Jesu a bolawa, Jehofa o ne a romela moengele kwa go ene gore a mo nonotshe ka gonne a ne a tshwenyegile thata. (Luke 22:43) Fa e le gore re batsadi, a ka metlha re etseng Jehofa ka go kgothatsa le go akgola bana ba rona fa ba dira dilo sentle. Gape re tshwanetse go ba thusa fa boikanyegi jwa bone bo lekwa kwa sekolong.
9. Tsela e Jesu a neng a dirisana le baaposetoloi ba gagwe ka yone e re ruta eng?
9 Jesu. Mo bosigong jwa fa Jesu a ne a tlhoma Sejo sa Morena sa Maitseboa, o ne a lemoga gore baaposetoloi ba gagwe ba ne ba na le bothata jwa go ikgogomosa. Jesu o ne a ba tlhomela sekao sa go ikokobetsa ka go ba tlhapisa dinao, le fa go ntse jalo, ba ne ba sa ntse ba ngangisana ka gore ke mang mo go bone yo mogolo; mme Petere o ne a na le bothata jwa go itshepa thata. (Luke 22:24, 33, 34) Le fa go ntse jalo, Jesu o ne a akgola baaposetoloi bano ba ba ikanyegang ka gonne ba ile ba mo ema nokeng fa a ne a lebane le diteko. O ne a bolelela pele gore ba tla dira ditiro tse dikgolo go gaisa tsa gagwe a bo a ba tlhomamisetsa gore Modimo o a ba rata. (Luke 22:28; Joh. 14:12; 16:27) Re ka nna ra ipotsa jaana: ‘A nka etsa sekao sa ga Jesu ka go akgola bongwanake le batho ba bangwe ka dilo tse di molemo tse ba di dirang go na le go tlhoma mogopolo mo makoeng a bone?’
10, 11. Moaposetoloi Paulo o ne a bontsha jang gore o tsaya go kgothatsa ba bangwe go le botlhokwa?
10 Moaposetoloi Paulo. Fa Paulo a ne a kwala makwalo a gagwe, o ne a bua dilo tse di molemo ka Bakeresetemmogo le ene. Le fa a ne a kile a tsaya maeto le bone e bile a itse makoa a bone, o ne a bua dilo tse di molemo ka bone. Ka sekai, o ne a re Timotheo ke ‘ngwana wa gagwe yo o rategang le yo o ikanyegang mo Moreneng,’ le gore o ne a tla thusa Bakeresete ba bangwe ka dilo tse ba di tlhokang. (1 Bakor. 4:17; Bafil. 2:19, 20) Gape o ne a akgola Tito mo phuthegong ya Korintha a re: “Ke motlhakanedi le nna le modirimmogo gore lo solegelwe molemo.” (2 Bakor. 8:23) Mafoko a Paulo a ileng a a bua, a tshwanetse a bo a ile a kgothatsa Timotheo le Tito fela thata!
11 Paulo le Barenabase ba ne ba tsenya matshelo a bone mo kotsing ka go boela kwa mafelong a kwa go one ba ileng ba tlhaselwa. Ka sekai, ba ne ba boela kwa Lisetera go ya go kgothatsa barutwa ba basha gore ba tswelele ba ikanyega le fa ba ile ba ganediwa botlhoko koo. (Dit. 14:19-22) Fa Paulo a ne a le kwa Efeso, o ne a kopana le boidiidi jo bo galefileng. Ditiro 20:1, 2 ya re: “Fa pheretlhego e . . . kokobela, Paulo a roma gore barutwa ba bidiwe, mme e rile a sena go ba kgothatsa le go ba sadisa sentle, a tswelela go tsaya loeto a ya kwa Makedonia. Fa a sena go ya mo dikarolong tseo e bile a kgothatsa ba ba koo ka mafoko a le mantsi, a tla mo Gerika.” Ruri Paulo o ne a tsaya go kgothatsa ba bangwe go le botlhokwa.
GO KGOTHATSA BA BANGWE GOMPIENO
12. Dipokano tsa rona di re thusa jang gore re kgothatsane?
12 Lebaka lengwe la go bo Rraarona yo o Bahebera 10:24, 25.) Fela jaaka balatedi ba ga Jesu ba bogologolo, le rona re kopana mmogo gore re ithute le go kgothatsana. (1 Bakor. 14:31) Cristina, yo go builweng ka ene kwa tshimologong ya setlhogo seno, a re: “Ke rata go ya dipokanong ka gonne fa ke le koo bakaulengwe le bokgaitsadi ba mpontsha gore ba a nthata e bile ba a nkgothatsa. Ka dinako dingwe fa ke fitlha kwa Holong ya Bogosi, ke ikutlwa ke kgobegile marapo. Mme fa ke kopana le bokgaitsadi, ba a ntlamparela ba bo ba mpolelela gore ke montle. Ba mpolelela gore ba a nthata le gore ba itumelela go bona gore ke nonotsha kamano ya me le Modimo. Fa ba nkgothatsa, seo se dira gore ke ikutlwe botoka!” Ruri go a lapolosa fa mongwe le mongwe wa rona a nna le seabe mo go ‘kgothatsaneng’!—Bar. 1:11, 12.
kwa legodimong a rulagantse gore re nne le dipokano beke le beke ke gore re kgothatsane fa re le kwa go tsone. (Bala13. Goreng batlhanka ba Modimo ba ba sa bolong go mo direla lobaka lo loleele ba tlhoka go kgothadiwa?
13 Tota le batlhanka ba Modimo ba ba sa bolong go mo direla lobaka lo loleele ba tlhoka go kgothadiwa. Akanya ka Joshua. O ne a direla Modimo ka boikanyegi dingwaga di le dintsi. Le fa go ntse jalo, Jehofa o ne a bolelela Moshe jaana gore a kgothatse Joshua: “O tlhome Joshua o mo kgothatse o bo o mo nonotshe, ka gonne ke ene yo o tla kgabaganyang kwa pele ga setšhaba seno e bile ke ene yo o tla dirang gore se rue lefatshe le o tla le bonang.” (Dute. 3:27, 28) Joshua o ne a tla nna le boikarabelo jo bogolo jwa go etelela Baiseraele pele go ya kwa Lefatsheng le le Solofeditsweng. O ne a tlile go lebana le dikgwetlho e bile sesole sa gagwe se ne se tla fenngwa gangwe. (Josh. 7:1-9) Ruri Joshua o ne a tlhoka go kgothadiwa le go nonotshiwa! Ka jalo, a re kgothatseng bagolwane le balebedi ba potologo ba ba dirang ka natla go tlhokomela letsomane la Modimo. (Bala 1 Bathesalonika 5:12, 13.) Molebedi mongwe wa potologo o ne a re: “Ka dinako dingwe bakaulengwe ba re romelela makwalo ba tlhalosa gore ba a leboga e bile ba itumeletse go bo re ba etetse. Re boloka makwalo ano re bo re a bala gape fa re kgobegile marapo. A re kgothatsa tota.”
14. Ke eng se se bontshang gore go akgola ba bangwe le go ba kgothatsa go ba thusa gore ba amogele kgakololo?
14 Bagolwane ba Bakeresete le batsadi ba a itse gore fa ba kgothaletsa ba bangwe go dirisa melao ya Modimo, go botlhokwa gore ba dire jalo ka go ba akgola le go ba kgothatsa. Fa Bakorintha ba sena go dirisa kgakololo ya ga Paulo, o ne a ba akgola mme seo se tshwanetse sa bo se ile sa ba kgothaletsa gore ba tswelele ba dira dilo tse di molemo. (2 Bakor. 7:8-11) Monna mongwe yo o bidiwang Andreas, yo o nang le bana ba babedi a re: “Fa o kgothatsa bana, o ba thusa gore ba se ka ba dira ditshwetso ba tseegile maikutlo le gore ba tokafatse tsela e ba direlang Jehofa ka yone. Go ba kgothatsa go ka ba tlhotlheletsa gore ba dirise kgakololo ya gago. Le fa gone bana ba rona ba itse se se siameng, fa re nna re ba kgothatsa, ba tla tlwaela go dira dilo tse di siameng.”
DITSELA TSA GO KGOTHATSA BA BANGWE
15. Ke kgato efe e re ka e tsayang go kgothatsa ba bangwe?
15 Bontsha gore o anaanela maiteko le dinonofo tse di molemo tsa bakaulengwe le bokgaitsadi ba gago. (2 Ditir. 16:9; Jobe 1:8) Jehofa le Jesu ba itumelela sotlhe se re se dirang go tshegetsa tiro ya Bogosi, le fa gone maemo a rona a sa re letle go dira mo go oketsegileng kgotsa go ntsha meneelo e e oketsegileng. (Bala Luke 21:1-4; 2 Bakorintha 8:12.) Ka sekai, bakaulengwe le bokgaitsadi bangwe ba ba godileng ba tsaya matsapa a magolo gore ba nne gone kwa dipokanong, ba nne le seabe mo go tsone le go nna gone mo bodireding ka metlha. A go tla bo go se molemo gore re ba kgothatse le go ba akgola?
16. Ke eng fa re tshwanetse go kgothatsa ba bangwe?
16 Dirisa tshono nngwe le nngwe go kgothatsa ba bangwe. Fa mongwe a dirile sengwe se se molemo, re tshwanetse go mo akgola. Akanya ka se se neng sa direga fa Paulo le Barenabase ba ne ba le kwa Antioka kwa Pisidia. Batlhanka ba ba okametseng sinagoge ya koo ba ne ba ba raya ba re: “Banna, bakaulengwe, fa e le gore lo na le lefoko lengwe la kgothatso go le naya batho bano, le boleleng.” Paulo o ne a ba araba ka go neela puo e e monate. (Dit. 13:13-16, 42-44) Fa re nna le tshono ya go kgothatsa mongwe, re tshwanetse go dira jalo. Fa re itlwaetsa go kgothatsa ba bangwe, le bone ba tla re kgothatsa.—Luke 6:38.
17. Re ka dira eng gore re kgothatse batho ka tsela e e molemo?
17 Akgola motho go tswa pelong mme o mo akgolele sengwe se se rileng. Mafoko a a tlwaelegileng a kgothatso le a go akgola a molemo, mme se Jesu a neng a se bolelela Bakeresete ba kwa Thiatira se bontsha gore go botoka go akgolela mongwe sengwe se se rileng. (Bala Tshenolo 2:18, 19.) Ka sekai, batsadi ba ka bolelela bana ba bone gore ke eng se ba se ratang ka tsela e bana ba bone ba direlang Jehofa ka yone. Re ka bolelela mmè yo o godisang bana a le esi gore ke eng se se re kgatlhang ka tsela e a godisang bana ba gagwe ka yone le fa gone go se motlhofo gore a dire jalo. Ruri go molemo tota gore re kgothatse batho le go ba akgola ka tsela eo!
18, 19. Re ka thusa jang batho ba ba tlhokang go kgothadiwa?
18 Jehofa a ka se re bolelele gore re kgothatse mongwe jaaka a ile a bolelela Moshe gore a kgothatse le go nonotsha Joshua. Le fa go ntse jalo, Modimo o a itumela fa re kgothatsa badumedimmogo le rona le batho ba bangwe. (Dia. 19:17; Baheb. 12:12) Ka sekai, re ka bolelela mokaulengwe yo o neetseng puo kafa puo ya gagwe e re kgothaditseng kgotsa e re thusitseng ka gone go tlhaloganya temana nngwe. Kgaitsadi mongwe o ne a kwalela mokaulengwe yo o neng a tlile go ba neela puo jaana: “Le fa gone re buile ka bokhutshwane, o ne wa lemoga tsela e ke ikutlwang ka yone mme o ne wa nkgomotsa le go nnonotsha. Fa o ne o bua ka bonolo kwa seraleng le fa o ne o bua le nna, mafoko a gago a ne a tshwana le mpho e e tswang kwa go Jehofa.”
19 Re tla bona ditsela di le dintsi tsa go kgothatsa ba bangwe fa re ikemiseditse go dirisa kgakololo eno ya ga Paulo: “Nnang lo gomotsane lo bo lo agane, fela jaaka tota e bile lo dira.” (1 Bathes. 5:11) Re tla itumedisa Jehofa fa re ‘nna re kgothatsana letsatsi lengwe le lengwe.”
^ [1] (serapa 1) Maina mangwe a fetotswe.