KGANG YA BOTSHELO
Jehofa O a Re Segofatsa fa re Dira Se a Se Kopang
“Re tla dira jalo!” Nna le monna wa me gammogo le kgaitsadiake le mosadi wa gagwe, re ne ra bua jalo fa re sena go kopiwa go dira kabelo nngwe. Ke eng fa re dumetse, mme Jehofa o ne a re segofatsa jang? Mma pele ke go bolelele ka botshelo jwa me.
KE TSHOTSWE ka ngwaga wa 1923 kwa toropong ya Hemsworth e e kwa Yorkshire, Engelane. Batsadi ba me ba ne ba na le bana ba babedi, nna le kgaitsadiake e bong Bob. Fa ke na le dingwaga di le robonngwe, rre o ne a batla dibuka tse di neng di senola bodumedi jwa maaka ka gonne o ne a sa rate boitimokanyo jwa madumedi. O ile a kgatlhiwa ke se a neng a se bala. Dingwaga di le mmalwa moragonyana, Bob Atkinson o ne a tla kwa lapeng mme a re tshamekela puo ya ga Mokaulengwe Rutherford ka fonokerafa. Re ne ra lemoga gore puo eo e tswa kwa bathong ba ba neng ba kwadile dibuka tsa ga rre. Batsadi ba me ba ne ba akantsha gore letsatsi le letsatsi Mokaulengwe Atkinson a je dijo tsa maitseboa le rona gore a tle a arabe dipotso tsa rona tsa Baebele. Re ne ra lalediwa kwa dipokanong kwa legaeng la mokaulengwe mongwe le le neng le le dikilometara di se kae go tswa mo lapeng. Re ne ra gatela pele mme go ne ga tlhomiwa phuthego e nnye mo Hemsworth. Go ise go ye kae, re ne ra simolola go amogela batlhanka ba kgaolo mo gae (ba gone jaanong ba bidiwang balebedi ba potologo) e bile re ne re laletsa babulatsela gore ba tle go ja le rona. Go fetsa nako le bone go ne ga ntsholegela molemo tota.
Re ne ra bula kgwebo, mme gone, rre o ne a raya kgaitsadiake a re, “Fa o batla go nna mmulatsela, re tla e rekisa.” Bob o ne a amogela kakantsho eo mme fa a na le dingwaga di le 21, o ne a fuduga mo gae gore a ye go nna mmulatsela. Morago ga dingwaga di le pedi, ke ne ka nna mmulatsela ke le dingwaga di le 16. Gantsi mo gare ga beke, ke ne ke rera ke le nosi ke dirisa karata ya go naya bosupi le fonokerafa. Le fa go ntse jalo, Jehofa o ne a nthusa gore ke nne le motho yo ke ithutang Baebele le ene mme o ne a gatela pele. Bontsi jwa ba lelapa la gagwe ba ne ba amogela boammaaruri. Mo ngwageng o o latelang, nna le Mary Henshall re ne ra nna babulatsela ba ba kgethegileng. Re ne ra abelwa go ya kwa tshimong e e kwa thoko kwa Cheshire.
Ka nako ya Ntwa ya Lefatshe II, basadi ba ne ba laetswe gore ba nne le seabe mo ntweng. Re ne re tsaya gore e re ka re le badiredi ba nako e e tletseng, re tla letlelelwa gore re se ka ra nna le seabe mo ntweng fela jaaka baruti ba madumedi a mangwe. Ka maswabi, kgotlatshekelo ga e a ka ya dumalana le seo, ka jalo, ke ne ka atlholelwa malatsi a le 31 kwa kgolegelong. Ngwaga o o latelang fa ke na le dingwaga di le 19, ke ne Isa. 41:10, 13.
ka ikwadisa go nna motho yo o ganang go tsenela bosole ka ntlha ya segakolodi. Ke ne ka ya kwa dikgotlatshekelong tse pedi mme kgang ya me ga e a ka ya felela gope. Le fa go ntse jalo, ke ne ke itse gore Jehofa o ne a nthusa ka moya wa gagwe le gore o ne a ntshwere ka seatla a dira gore ke nonofe.—KE NNA LE MODIRIMMOGO
Nna le Arthur Matthews re ne ra kopana ka 1946. O ne a sa tswa go fetsa dikgwedi di le tharo kwa kgolegelong ka ntlha ya go gana go tsenela bosole, mme o ne a tlile mo Hemsworth go tla go dira mmogo le monnawe yo e leng mmulatsela yo o kgethegileng e bong Dennis. Rraabone o ne a ba rutile ka Jehofa fa ba sa le bannye mme ba ne ba kolobediwa ba sa ntse ba le basha. Go ise go ye kae, Dennis o ne a abelwa kwa Ireland mme a tlogela Arthur a le esi. E re ka batsadi ba me ba ne ba rata tsela e Arthur a neng a itshwere ka yone, ba ne ba kopa gore a tle go nna le bone. Fa ke ya kwa gae, nna le Arthur re ne re ithaopela go tlhatswa dijana mmogo. Kgabagare re ne ra simolola go kwalelana. Ka 1948, Arthur o ne a atlholelwa dikgwedi di le tharo kwa kgolegelong. Re ne ra nyalana ka January 1949 mme re ne re ikaeletse go tswelela re le mo tirelong ya nako e e tletseng. E re ka Jehofa a ne a re thusa e bile re rulaganya dilo sentle, re ne ra dirisa nako ya boikhutso gore re dire kwa dipolasing mme re nne le madi a a ka re thusang gore re tswelele re le babulatsela.
Ngwaga morago ga moo, re ne ra kopiwa go ya kwa Northern Ireland, re ne ra ya pele kwa Armagh, go tswa foo, re bo re ya kwa Newry, mme bontsi jwa batho ba kwa ditoropong tseno e ne e le Bakatoliki. Batho ba kwa mafelong ano ba ne ba sa tshepe mongwe le mongwe, ka jalo, re ne re tlhoka go nna kelotlhoko le go bontsha temogo fa re bua le bone. Dipokano di ne di tshwarelwa kwa legaeng la banyalani bangwe mme legae la bone le ne le le dikilometara di le 16 go tswa kwa re nnang gone. Go ne go tla batho ba ka nna robedi kwa dipokanong. Fa re kopiwa gore re lale, re ne re robala fa fatshe re bo re ja dijo tse di monate mo mosong. Se se itumedisang ke gore gone jaanong go na le Basupi ba le bantsi kwa lefelong leo.
“RE TLA DIRA JALO!”
Kgaitsadiake le mosadi wa gagwe e bong Lottie e ne e setse e le babulatsela ba ba kgethegileng kwa Northern Ireland, mme ka 1952, re ne ra tsamaya le bone go ya kwa kopanong ya kgaolo kwa Belfast. Mokaulengwe mongwe o ne a re amogela ka lorato kwa legaeng la gagwe mme o ne a amogela le Mokaulengwe Pryce Hughes yo e neng e le motlhanka wa lekala kwa Boritane. Bosigo bongwe re ne ra tlotla ka go gololwa ga bukana e e reng, God’s Way Is Love, e e neng e diretswe segolobogolo batho ba kwa Ireland. Mokaulengwe Hughes o ne a tlhalosa gore go ne go le thata go rerela Bakatoliki ba ba nnang mo Ireland. Bakaulengwe ba ne ba lelekwa mo magaeng a bone e bile ba tlhaselwa ke digongwana tse di rometsweng ke baruti. Mokaulengwe Pryce o ne a re: “Re tlhoka banyalani ba ba nang le dikoloi gore ba nne le seabe mo letsholong le le kgethegileng la go tsamaisa bukana eno mo nageng yotlhe.” * Re ne ra bua re re: “Re tla dira jalo!” Ke one mafoko a ke a buileng kwa tshimologong ya pego ya me.
Babulatsela ba le bantsi ba ne ba itse gore legae lengwe le ba ka gololesegang go ya kwa go lone, ke kwa ga Ma Rutland yo e neng e le kgaitsadi yo o nang le dingwaga di le dintsi a direla Modimo. Fa re sena go ya kwa legaeng la gagwe le go rekisa dithoto dingwe tsa rona, re ne ra pagama sethuthuthu sa ga Bob re bo re ya go batla koloi. Re ne ra reka koloi nngwe ya kgale mme ra kopa mong wa yone gore a re e tlisetse e re ka go ne go se na ope wa rona yo o kgonang go kgweetsa. Arthur o ne a fetsa bosigo jotlhe a ntse fa godimo ga bolao a akanya ka gore koloi e kgweediwa jang. Mo letsatsing le le latelang, fa a ntse a leka go ntsha koloi mo karatšheng, kgaitsadi yo e leng morongwa e bong Mildred Willett o ne a tla. (Moragonyana o ne a nyalwa ke John Barr.) Mildred o ne a itse go kgweetsa! Re ne ra ikatisa go se kae mme ra tsena mo tseleng!
Jaanong re ne re tlhoka marobalo. Re ne re boleletswe gore re se ka ra robala mo kharabeneng e re ka baganetsi ba ka nna ba e ja ka molelo, ka jalo, re ne ra batla legae lengwe mme ra se ka ra bona sepe. Bosigo joo, re ne ra lala mo koloing. Mo letsatsing le le latelang, re ne ra bona kharabene nngwe e e neng e na le malao a mabedi a mannye. E ne ya nna legae la rona. Se se kgatlhang ke gore balemi ba ba botsalano ba ne ba re letla gore re nne re e emisa mo dipolasing tsa bone. Re ne re rera mo mafelong a a neng a le dikilometara di le 16 go ya go 24 go tswa kwa re emeng gone. Fa re sena go rera mo mafelong ao otlhe, re ne re boela kwa bathong ba ba kwa mafelong a re neng re eme kwa go one.
Re ne ra etela magae otlhe a a kwa borwabotlhaba jwa Ireland ntle le matsapa ape ra bo ra tsamaisa dibukana di feta 20 000 mme re ne re romela maina a batho ba ba kgatlhegang kwa ofising ya lekala ya Boritane. Se se itumedisang ke gore gone jaanong go na le Basupi ba bantsi koo!
KE NE KA BOELA KWA ENGELANE LE KWA SCOTLAND
Fa nako e ntse e ya, re ne ra abelwa kwa borwa jwa London. Morago ga dibeke di le mmalwa, Arthur o ne a founelwa ke bakaulengwe ba kwa ofising ya lekala ya kwa Boritane mme a kopiwa gore a simolole tiro ya potologo letsatsi le le latelang! Re ne ra newa thapiso ya beke mme morago ga moo ra ya kwa kabelong ya rona ya ntlha kwa Scotland. Arthur o ne a se na nako e ntsi ya go baakanyetsa dipuo mme tsela e a neng a iketleeleditse go lebana le mathata ka yone mo tirelong ya ga Jehofa e ne ya nkgothatsa tota. Re ne re itumelela kabelo eno fela thata. Re ne ra dira tshimo e e kwa thoko dingwaga di le dintsi mme gone jaanong go ne go itumedisa go kopana le bakaulengwe le bokgaitsadi ba le bantsi.
Fa Arthur a ne a lalediwa go ya kwa sekolong sa Gileade sa dikgwedi di le lesome ka 1962, re ne ra tshwanelwa ke go dira tshwetso ya botlhokwa. Re ne ra swetsa ka gore le fa gone ke tlile go tshwanelwa ke go sala, go tla bo go le molemo gore Arthur a amogele kopo eno. E re ka ke ne ke tlile go sala ke le nosi, ke ne ka busediwa kwa Hemsworth gore ke ye go nna mmulatsela yo o kgethegileng gone. Fa Arthur a boa morago ga ngwaga, o ne a abelwa go nna molebedi wa kgaolo
mme ra ya kwa Scotland, kwa bokone jwa Engelane le kwa Northern Ireland.KABELO E NTŠHA KWA IRELAND
Ka 1964, Arthur o ne a newa kabelo e ntšha ya go nna motlhanka wa lekala kwa Ireland. Re ne re rata tiro ya potologo, ka jalo, kwa tshimologong ke ne ke okaoka go amogela kabelo eo. Le fa go ntse jalo, gone jaanong ke leboga go bo ke ile ka newa tshiamelo ya go direla kwa Bethele. Ke dumela gore fa o ka amogela kabelo epe fela tota le e o sa e rateng, Jehofa o tla go segofatsa. Ke ne ke nna ke tshwaregile ka tiro ya ofisi, go paka dikgatiso, go apaya le go phepafatsa. Gape go ne ga feta nako e e rileng Arthur e le molebedi wa kgaolo mme re ne re kopana le bakaulengwe mo nageng eno yotlhe. Tiro eno gammogo le go bona tsela e baithuti ba rona ba Baebele ba gatelang pele ka yone, di ne tsa dira gore re atamalane thata le bakaulengwe ba rona mo Ireland. Ruri ano ke masego a a molemo tota!
TIRAGALO YA BOTLHOKWA KWA IRELAND
Kopano ya ntlha ya ditšhabatšhaba ya kwa Ireland e ne ya tshwarelwa kwa Dublin ka 1965. * Le fa go ne go na le kganetso e e kgolo, re ne ra kgona go tshwara kopano eno ntle le matsapa ape. Go ne ga tla batho ba le 3 948 mme ga kolobediwa batho ba le 65. Mongwe le mongwe yo o neng a amogela batlakopanong ba le 3 500 ba ba tswang kwa dinageng tse dingwe, o ne a kwalelwa lekwalo la tebogo. Beng ba matlo ba ne ba itumeletse tsela e batlakopanong ba neng ba itshwere ka yone. Eleruri eno e ne e le tiragalo ya botlhokwa mo Ireland.
Ka 1966, karolo ya bokone le ya borwa jwa Ireland di ne tsa kopanngwa gore di tlhokomelwe ke ofisi ya lekala ya kwa Dublin e leng sengwe se se neng se farologane thata le dikgogakgogano tse di neng di le gone mo lefelong leo. Re ne re itumeletse go bona Bakatoliki ba le bantsi ba amogela boammaaruri mme ba dira mmogo le bakaulengwe ba e neng e kile ya nna Baporotesetanta.
KABELO E E FAROLOGANENG
Ka 2011, matshelo a rona a ne a fetoga fa ofisi ya lekala la Boritane e ne e kopanngwa le ya kwa Ireland mme rona re ne ra abelwa go ya kwa Bethele ya London. Seno se ne sa direga ka nako ya fa ke ne ke tshwenyegile ka botsogo jwa ga Arthur. O ne a tshwarwa ke bolwetse jwa Parkinson. Ka May 20, 2015, ke ne ka tlhokafalelwa ke monna wa me yo re feditseng dingwaga di le 66 re le mmogo.
Mo dingwageng tse di sa tswang go feta, ke ne ka utlwa botlhoko, ka ngomoga pelo le go hutsafala. Mo nakong e e fetileng, Arthur o ne a nkema nokeng mo go sengwe le sengwe. Ruri ke mo gopotse! Fa o lebana le maemo a a ntseng jaana, o atamalana thata le Jehofa. Gape go nametsa pelo go itse gore Arthur o ne a ratiwa tota. Ke amogetse makwalo a a tswang kwa bakaulengweng ba rona kwa Ireland, Boritane le kwa United States. Go bala makwalo ano le go kgothadiwa ke monnawe e bong Dennis le mosadi wa gagwe e bong Mavis gammogo le ditlogolo tsa me e bong Ruth le Judy, go ile ga nthusa fela thata.
Temana nngwe e e ileng ya nkgothatsa thata ke Isaia 30:18. Temana eno ya re: “Jehofa o tla nna a lebeletse go lo bontsha kamogelo, mme ka jalo o tla ema a lo bontsha kutlwelobotlhoko. Gonne Jehofa ke Modimo wa katlholo. Go itumela botlhe ba ba nnang ba lebeletse mo go ene.” Ruri go a gomotsa go itse gore Jehofa o letetse nako ya fa a tla bo a baakanya dilo le fa a tla bo a re naya dikabelo tse disha kwa paradaiseng.
Fa ke akanya ka dinako tsa kgale, ke kgona go lemoga gore ruri Jehofa o ile a kaela le go segofatsa tiro ya go rera mo Ireland! Ke itumelela go bo ke nnile le seabe mo koketsegong eo e e kgolo. Eleruri fa re dira se Jehofa a se batlang o tla re segofatsa.