1919—Dingwaga di le Lekgolo Tse di Fetileng
NTWA ya Lefatshe I e e neng ya tsaya dingwaga di le nnê, e ne ya fela kwa bowelong jwa 1918. Mo ngwageng o o latelang ka January 18, 1919, go ne ga tshwarwa pokano e e neng ya bidiwa Paris Peace Conference. Kwa pokanong eo, go ile ga dirwa tumalano e e bidiwang Treaty of Versailles e e neng ya fedisa ntwa magareng ga Jeremane le dinaga tse di neng di lwa le yone. Tumalano eo e ne ya saeniwa ka June 28, 1919.
Gape tumalano eo e ne ya tlhoma Lekgotla la Kgolagano ya Ditšhaba. Maikaelelo a Lekgotla leo e ne e le “go rotloetsa tirisanommogo ya merafe yotlhe le go fitlhelela kagiso le polokesego ya merafe yotlhe.” Madumedi a le mantsi a a ipitsang a Bokeresete a ne a ema Lekgotla leno nokeng. Mokgatlho wa Federal Council of the Churches of Christ wa kwa Amerika o ne wa buelela Lekgotla leno mo o neng wa re e ne e le “tsela ya sepolotiki ya go tlisa Bogosi Jwa Modimo mo lefatsheng.” Mokgatlho ono o ne wa romela baemedi kwa pokanong ya Paris Peace Conference e le go bontsha gore ba ema nokeng Lekgotla la Kgolagano ya Ditšhaba. Mongwe wa baemedi bao o ne a re pokano eo e ne e le “tshimologo ya motlha o mosha mo hisitoring ya lefatshe.”
Gone e ne e le tshimologo ya motlha o mosha, mme e se ka ntlha ya banna ba ba neng ba le mo pokanong eo. Ka 1919, go ne ga simologa motlha o mosha mo tirong ya go rera fa Jehofa a naya batlhanka ba gagwe maatla a gore ba rere go feta tsela e ba neng ba rera ka yone pele. Mme pele seo se direga, go ne go tlhokega gore Baithuti ba Baebele ba dire diphetogo tse dikgolo.
TSHWETSO E E SENG MOTLHOFO
Go ne go rulagantswe gore ka Matlhatso wa January 4, 1919, go nne le ditlhopho tsa ngwaga le ngwaga tsa go tlhopha batsamaisi ba Watch Tower Bible and Tract Society. Ka nako eo, Joseph F. Rutherford, yo o neng a eteletse phuthego ya ga Jehofa pele, o ne a le kwa kgolegelong kwa Atlanta kwa U.S.A. O ne a na le bakaulengwe ba bangwe ba le supa. Potso e ne e le gore, a bakaulengwe ba ba neng ba tshwerwe ba e neng e le batsamaisi, ba ne ba ka tlhophiwa gape kgotsa go ne go tlhoka go tlhophiwa ba bangwe?
Fa Mokaulengwe Rutherford a ntse a le kwa kgolegelong, o ne a tshwenyegile thata ka se se neng se tla diragalela phuthego. O ne a itse gore bakaulengwe bangwe ba ne ba batla gore go tlhophiwe poresidente e nngwe. Ka ntlha ya seo, o ne a kwalela ba ba neng ba tlile ditlhophong lekwalo a akantsha gore go tlhophiwe Evander J. Coward gore e nne poresidente. Mokaulengwe Rutherford o ne a tlhalosa gore mokaulengwe yoo o “bonolo,” o “botlhale” e bile o “ikanyega mo Moreneng. “ Le fa go
ntse jalo, bakaulengwe ba le bantsi ba ne ba bona go le botoka gore ditlhopho di dirwe morago ga dikgwedi di le thataro. Setlhopha sa babueledi se se neng se buelela bakaulengwe ba ba neng ba tshwerwe se ne sa dumalana le kakantsho eo. Fa motlotlo ono o ntse o tsweletse, bangwe ba bakaulengwe ba ne ba tseega maikutlo.Go ne ga direga sengwe se Mokaulengwe Richard H. Barber a reng go ne go se motlhofo go se rarabolola. Mokaulengwe mongwe yo o neng a le mo pokanong eo o ne a re: “Ga ke itse go le kalo ka molao, mme ke a itse gore boikanyegi ke eng. Modimo o batla gore batho ba ikanyege. Fa re ka tlhopha Mokaulengwe Rutherford gore e nne poresidente gape, re tla bo re bontsha gore re ikanyega mo Modimong.”—Pes. 18:25.
Mokaulengwe A. H. Macmillan a re mo letsatsing le le latelang, Mokaulengwe Rutherford o ne a kokota mo leboteng la sele ya gagwe a bo a mo neela lekwalo le bakaulengwe ba neng ba le mo romeletse morago ga ditlhopho. Lekwalo leo le ne le na le tshwetso e e neng e tserwe. Mokaulengwe Macmillan o ne a setse a itse gore lekwalo leo le ne le reng. Le ne le bontsha gore bakaulengwe botlhe ba e neng e le batsamaisi ba ne ba tla tswelela e le batsamaisi le gore Joseph Rutherford le William Van Amburgh ba ne ba tlhophilwe gape go nna baokamedi. Seo se ne se raya gore Mokaulengwe Rutherford, o ne a tla tswelela e le poresidente.
BA A GOLOLWA!
Fa bakaulengwe bano ba le robedi ba ntse ba le kwa kgolegelong, Baithuti ba Baebele ba ne ba kopa batho gore ba saene makwalo a a neng a ikuela kwa pusong gore bakaulengwe bano ba gololwe. Go kopa batho ba e seng Baithuti ba Baebele go saena makwalo ano go ne go tlhoka bopelokgale. Le fa go ntse jalo, bakaulengwe le bokgaitsadi ba ne ba saenisa batho ba ba fetang 700 000. Ka Laboraro March 26, 1919, pele makwalo ao a romelwa, Mokaulengwe Rutherford le bakaulengwe ba a neng a na le bone ba ne ba gololwa.
Fa Mokaulengwe Rutherford a goroga, o ne a neela ba ba neng ba tlile go mo amogela puo. O ne a re: “Ke tlhatswegile pelo gore se se re diragaletseng, se re baakanyetsa maemo a a thata a a larileng kwa pele . . . Tiro ya botlhokwa mo go lona e ne e se go golola bakaulengwe ba lona kwa kgolegelong. Seo e ne e se sone sa botlhokwa. . . . Go na le moo, tiro ya lona e ntse e le go dira gore Jehofa a galalediwe. Mme ba ba ntseng ba dira jalo, ba bone masego a a seng kana ka sepe.”
Se se neng se direga ka nako ya fa bakaulengwe bano ba ne ba sekisiwa, se ka tswa se bontsha gore Jehofa ke ene a neng a kaela dilo. Ka May 14, 1919, kgotlatshekelo ya boikuelo e ne ya dira tshwetso eno: “Batho ba ba latofadiwang mo kgetsing eno ga ba a ka ba . . . sekisiwa ka tsela e e siameng e ba neng ba tshwanetse go sekisiwa ka yone, ka jalo, katlholo ya bone e busediwa morago.” Ke eng fa tshwetso eo e ne e le molemo? Bakaulengwe bano ba ne ba atlholetswe melato e e masisi. Fa ba ka bo ba ile ba itshwarelwa fela kgotsa ba fokolediwa dingwaga tse ba di atlholetsweng, ba ne ba sa ntse ba tlile go nna le rekoto *
ya go tlola molao. Le fa go ntse jalo, e re ka katlholo e ile ya busediwa morago e bile ba sa latofadiwa ka sepe, rekoto ya bone ya tlolomolao e ne ya phimolwa. Ka ntlha ya seo, Mokaulengwe Rutherford o ne a tswelela a na le makwalo a semolao a go buelela batho ba ga Jehofa kwa kgotlatshekelokgolo ya kwa United States mme o ne a nna a dira seo makgetlo a le mantsi fa a sena go gololwa.BA IKEMISEDITSE GO TSWELELA BA RERA
Mokaulengwe Macmillan o ne a re: “Re ne re se kitla re nna fela re sa dire sepe re emetse gore Morena a re ise legodimong. Re ne ra lemoga gore re tshwanetse go dira sengwe gore re bone gore Morena o batla gore re direng.”
Mme bakaulengwe kwa ntlokgolo ba ne ba sa kgone go tswelela ka tiro. Ka ntlha yang? Ka gonne fa bakaulengwe ba ne ba le kwa kgolegelong, dilo tse di neng di dirisediwa go printa dikgatiso di ne tsa senngwa. Ba ne ba kgobegile marapo, e bile bangwe ba bone ba ne ba ipotsa gore a ba tla tlhola ba rera.
A go ne go sa ntse go na le bangwe ba ba neng ba kgatlhegela molaetsa wa Bogosi o o neng o rerwa ke Baithuti ba Baebele? Go bona karabo, Mokaulengwe Rutherford o ne a dira tshwetso ya gore a neele puo ya phatlalatsa. Go ne go tla lalediwa mongwe le mongwe kwa go yone. Mokaulengwe Macmillan o ne a re: “Re ne ra ipolelela gore fa go sa tle ope, seno se ne se tla bo se bontsha gore tiro ya go rera e fedile.”
Ka jalo, ka Sontaga, May 4, 1919, le fa gone Mokaulengwe Rutherford a ne a lwala, o ne a neela puo ya setlhogo se se reng: “The Hope for Distressed Humanity” kwa California. Go ne go na le batho ba ka nna 3 500 mme ba bangwe ba le bantsi ba ne ba busiwa ka gonne go ne go tletse. Letsatsi le le latelang, go ne ga tla batho ba le 1 500. Bakaulengwe ba ne ba lemoga gore batho ba ne ba sa ntse ba kgatlhega.
Go tswa foo, bakaulengwe ba ile ba dira sengwe
se se neng sa ama tsela e Basupi ba ga Jehofa ba rerang ka yone go tla go fitlha gompieno.BA BAAKANYEDIWA TIRO E E LARILENG KWA PELE
Makasine wa Tora ya Tebelo wa August 1, 1919 o ne wa re go tla nna le kopano ka September kwa Ohio. Mokaulengwe mongwe wa kwa Missouri e bong Clarence Beaty o ne a re: “Rotlhe re ne re batla go ya kwa kopanong eo.” Go ne ga tla bakaulengwe le bokgaitsadi ba feta 6 000, e leng palo e e neng e sa lebelewa. Sengwe gape se se itumedisang ke gore go ne ga kolobediwa batho ba feta 200 kwa kopanong eo.
Ka September 5, 1919, ka letsatsi la botlhano la kopano, Mokaulengwe Rutherford o ne a golola makasine o mosha o o bidiwang The Golden Age. * Mokaulengwe Rutherford o ne a re makasine oo o dirisa ditemana tsa Baebele go tlhalosa dilo tse di neng di direga ka nako eo.
Baithuti ba Baebele botlhe ba ne ba kgothalediwa gore ba rere ba dirisa makasine ono. Lekwalo lengwe le le tlhalosang kafa tiro eo e neng e tla dirwa ka gone le ne la re: “A mongwe le mongwe yo o kolobeditsweng a gopole gore ke tshiamelo go direla Morena. Ka jalo, re tshwanetse go dira sotlhe se re ka se kgonang mo tirong ya go rera.” Ba le bantsi ba ile ba dirisa tshono eno. Ka December, go ne go setse go na le batho ba feta 50 000 ba ba neng ba romelelwa makasine ono.
Kwa bowelong jwa 1919 batho ba ga Jehofa ba ne ba setse ba rulagantswe sentle e bile ba tlhagafetse. Mo godimo ga moo, boporofeti bongwe jo bo buang ka metlha ya bofelo bo ne bo diragaditswe. Jaaka go ne go boleletswe pele mo go Malaki 3:1-4, batho ba ga Jehofa ba ne ba itshekisitswe e bile ba ntlafaditswe. E ne e sa tlhole e le magolegwa a “Babelona o Mogolo.” Mo godimo ga moo, Jesu o ne a tlhomile “motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale.” * (Tshen. 18:2, 4; Math. 24:45) Jaanong Baithuti ba Baebele ba ne ba siametse go dira tiro e Jehofa a neng a ba e neile.
^ ser. 13 Mokaulengwe Rutherford e ne e le mmueledi e bile e le moatlhodi. Gape o ne a bidiwa Moatlhodi Rutherford.
^ ser. 22 Makasine wa The Golden Age o ne wa bidiwa Consolation ka 1937 mme ka 1946 o ne wa bidiwa Tsogang!
^ ser. 24 Bona makasine wa Tora ya Tebelo wa July 15, 2013, ts. 10-12, 21-23; le wa March 2016, ts. 29-31.