Nna o Lwela Tshegofatso ya ga Jehofa
“O lole le Modimo le batho mo e leng gore kwa bofelong o ne wa fenya.”—GEN. 32:28.
PINA: 60, 38
1, 2. Batlhanka ba ga Jehofa ba tshwanetse go lwa le dikgwetlho dife?
BATLHANKA ba Modimo ga ba bolo go lebana le dikgwetlho, go tloga ka motho wa ntlha yo o neng a ikanyega e bong Abele go tla go fitlha mo motlheng wa rona. Moaposetoloi Paulo o ne a kwalela Bakeresete ba Bahebera gore ba ne ba “itshokela ntwa e kgolo tlase ga dipogo” fa ba ntse ba leka go amogelwa le go segofadiwa ke Jehofa. (Baheb. 10:32-34) Paulo o ne a bapisa ntwa e Bakeresete ba lebaneng le yone le matsapa a a tsewang ke baatleletiki ba ba gaisanang mo metshamekong ya kwa Gerika, e e jaaka go taboga, go lwa le motshameko wa mabole. (Baheb. 12:1, 4) Gompieno re mo lobelong lwa botshelo mme re lebana le baba le dikgwetlho tse di batlang go re itaya tsebe, go re diga, go re kgoba le go re amoga boitumelo le masego a mo isagweng a re a solofeditsweng.
2 Sa ntlha, re lwa ntwa e e matlho mahibidu kgatlhanong le Satane le lefatshe la gagwe le le boikepo. (Baef. 6:12) Go botlhokwa gore re tile go tlhotlhelediwa ke “dilo tse di nweleletseng kwa teng thata.” Dilo tseno di akaretsa dithuto le difilosofi tsa lefatshe leno le mekgwa e e bosula ya lone e e jaaka boitsholo jo bo maswe, go goga, go nwa bobe le go dirisa diokobatsi ka tsela e e sa siamang. Gape re tshwanetse go nna re lwantsha makoa a rona le go lwantsha bothata jwa go kgobega marapo.—2 Bakor. 10:3-6; Bakol. 3:5-9.
3. Modimo o re thusa jang go lwantsha baba ba rona?
3 A mme re ka kgona go fenya ntwa eno? Ee, mme gone re tla tlhoka go tshwara phage ka mangana. Paulo o ne a bua jaana gongwe a akantse ka sekai sa ramabole wa mo metlheng ya bogologolo: “Tsela e ke lebantshang go itaya ga me ka yone ke gore ke se ka ka itaya phefo.” (1 Bakor. 9:26) Fela jaaka ramabole a lwa le motho yo a gaisanang le ene, le rona re tshwanetse go iphemela mo babeng ba rona. Jehofa o a re thapisa e bile o a re thusa mo ntweng eno. O dirisa Lefoko la gagwe go re naya ditaelo tse di ka bolokang matshelo a rona. Gape o dirisa dikgatiso tse di theilweng mo Baebeleng, dipokano tsa Bokeresete, dikopano tse dinnye le tse dikgolo go re thusa mo ntweng eno. A o dirisa se o se ithutang? Fa o sa dire jalo, o tla bo o “itaya phefo,” mme ga o kitla o kgona go fenya mmaba wa gago.
4. Re ka tila jang go fenngwa ke bosula?
4 Baba ba rona ba ka re tlhasela re sa lebelela e bile ba ka re itaya fa re le bokoa thata, ka jalo, re tshwanetse go nna re ntshitse matlho dinameng. Baebele e re tlhagisa jaana: “Lo se ka lwa itetla gore lo fenngwe ke bosula, mme nnang lo fenye bosula ka molemo.” (Bar. 12:21) Mafoko a a reng, re se ka ra ‘itetla gore re fenngwe ke bosula,’ a bontsha gore re ka kgona go fenya bosula. Re ka kgona go dira jalo fa re nna re lwantsha dilo tse di bosula. Go farologana le seo, fa re ka itebala mme ra tlogela go lwa, re tla fenngwa ke Satane, lefatshe la gagwe le le boikepo le makoa a rona. Le ka motlha o se ka wa letla Satane go go tshosetsa mo o ka feleletsang o ineela!—1 Pet. 5:9.
5. (a) Ke eng se se ka re thusang go nna re lwela go segofadiwa ke Modimo? (b) Re tlile go tlotla ka bomang ba go buiwang ka bone mo Baebeleng?
5 Fa re batla go atlega, re tshwanetse go nna re gopotse lebaka la go bo re le mo ntweng eno. Gore re kgone go bona kamogelo le masego a Modimo, re tshwanetse go nna re akantse ka mafoko ano a a mo go Bahebera 11:6: “Yo o atamelang Modimo o tshwanetse go dumela gore o gone le gore o nna moduedi wa ba ba mmatlang ka tlhoafalo.” Lefoko la Segerika le le ranotsweng e le ‘go batla ka tlhoafalo’ le naya kgopolo ya go tsaya matsapa a magolo. (Dit. 15:17) Baebele e bua ka banna le basadi ba ba molemo ba ba ileng ba tsaya matsapa a magolo gore ba segofadiwe ke Jehofa. Jakobe, Ragele, Josefa le Paulo ba ile ba lebana le maemo a a ileng a ba ama mo maikutlong le mo mmeleng, le fa go ntse jalo, ba ile ba bontsha gore go itshoka go dira gore motho a segofadiwe. Re ka ba etsa jang gompieno?
GO ITSHOKA GO TLA DIRA GORE O SEGOFADIWE
6. Ke eng se se neng sa thusa Jakobe go itshoka, mme o ne a segofadiwa jang? (Bona setshwantsho se se simololang setlhogo.)
6 Fa tlhogo ya lotso e bong Jakobe a ne a lebana le dikgwetlho, o ne a itshoka ka gonne a rata Jehofa, a anaanela dilo tse di amanang le kobamelo ya Modimo e bile a dumela ka botlalo gore Jehofa o tla segofatsa bana ba gagwe. (Gen. 28:3, 4) Leno ke lone lebaka la go bo a ile a dira sotlhe se a ka se kgonang go segofadiwa ke Jehofa; le fa gone a ne a na le dingwaga di ka nna 100, o ne a lwa le moengele yo o neng a iphetotse motho. (Bala Genesise 32:24-28.) A Jakobe o ne a na le maatla a go lwantsha moengele yoo yo o nonofileng? Le e seng! Mme gone o ne a ikemiseditse go fenya e bile o ne a bontsha gore ga se legatlapa! Mme o ne a segofadiwa ka ntlha ya boitshoko jwa gagwe. O ne a newa leina le le mo tshwanelang e leng Iseraele (le le kayang “Motho yo o Lwantshanang le Modimo”). Jakobe o ne a amogela tuelo e rotlhe re e batlang—go amogelwa le go segofadiwa ke Jehofa.
7. (a) Ragele o ne a lebana le maemo afe a a ngomolang pelo? (b) O ne a nna a lwa ka tsela efe mme o ne a segofadiwa jang?
7 Mosadi yo o rategang wa ga Jakobe e bong Ragele, o ne a tlhoafaletse go bona kafa Jehofa a neng a tla diragatsa ka gone se a se solofeditseng monna wa gagwe. Mme go ne go na le sekgoreletsi se a neng a sa kgone go se tlosa. O ne a se na bana. Ka nako eo, go tlhoka bana e ne e le selo se se tlhabisang ditlhong. Ragele o ne a kgona jang go lebana le maemo ao a a kgobang marapo, a a neng a ka se kgone go a laola? Ga a ka a felelwa ke tsholofelo. Go na le moo, o ne a nna a lwa ka tsela ya tshwantshetso ka go rapela ka tlhoafalo. Jehofa o ne a utlwa thapelo ya gagwe e e tswang pelong, mme kgabagare o ne a mo segofatsa ka bana. Ke gone ka moo Ragele a ileng a bua jaana a itumetse: “Ke sokasokane . . . ka tshokatshokano e e batlang maatla a magolo. Mme ke fentse!”—Gen. 30:8, 20-24.
8. Josefa o ne a lebana le maemo afe a a thata, mme ke eng fa tsela e a ileng a tsiboga ka yone e le sekao se se molemo mo go rona gompieno?
8 Ga go pelaelo gore sekao se se molemo sa ga Jakobe le Ragele se ile sa tlhotlheletsa morwaabone e bong Josefa ka tsela e e molemo le go mo thusa go lepalepana le diteko tsa tumelo. Fa Josefa a na le dingwaga di le 17, botshelo jwa gagwe bo ne jwa fetoga gotlhelele. E re ka bomorwarraagwe ba ne ba mo fufegela, ba ne ba mo rekisa go nna lekgoba. Moragonyana, o ne a tshwanelwa ke go fetsa dingwaga di le dintsi mo kgolegelong kwa Egepeto le fa a ne a sa dira sepe se se phoso. (Gen. 37:23-28; 39:7-9, 20, 21) Josefa ga a ka a itetla go kgobega marapo e bile ga a ka a boloka sekgopi mo a neng a ka batla go ipusolosetsa. Go na le moo, o ne a nna a akantse ka kamano ya gagwe e e molemolemo le Jehofa. (Lefi. 19:18; Bar. 12:17-21) Sekao sa ga Josefa se ka re thusa. Ka sekai, le fa re ka tswa re goletse mo maemong a a thata kgotsa fa gone jaanong re lebane le maemo a a thata, re tshwanetse go nna re lwa mme re se ka ra ineela. Re ka tlhomamisega gore fa re dira jalo, Jehofa o tla re segofatsa.—Bala Genesise 39:21-23.
9. Fela jaaka Jakobe, Ragele le Josefa, re tshwanetse go dira eng gore re segofadiwe ke Jehofa?
9 Akanya ka boemo bongwe jo bo thata jo o ka tswang o lebane le jone. Gongwe o diretswe tshiamololo, o a tlhaolwa kgotsa o a sotliwa. Kgotsa mongwe o go latofatsa ka maaka ka gonne a go fufegela. Go na le gore o ineele, gopola gore ke eng se se ileng sa thusa Jakobe, Ragele le Josefa gore ba tswelele ba direla Jehofa ba itumetse. Modimo o ne a ba nonotsha le go ba segofatsa ka gonne ba ne ba nna ba bontsha gore ba anaanela dilo tse di amanang le kobamelo ya Modimo. Ba ne ba nna ba lwa ka tsela ya tshwantshetso le go dira dilo go dumalana le se ba se kopileng mo Modimong. Tsamaiso eno e e boikepo ya dilo e tloga e fela, ka jalo, re tshwanetse go ngangatlela tsholofelo e re nang le yone! A o iketleeleditse go dira ka natla gore o amogelwe ke Jehofa?
NNA O IKETLEELEDITSE GO LWELA MASEGO
10, 11. (a) Re tshwanetse go lwela masego a Modimo ka tsela efe? (b) Ke eng se se ka re thusang go dira ditshwetso tse di siameng le go fenya dilo tse di ka re kgobang marapo le tse di ka re itayang tsebe?
10 Ke maemo afe a a ka dirang gore re tlhoke go lwela masego a Modimo? Bothata bongwe jo batho ba le bantsi ba ileng ba tshwanelwa ke go bo lwantsha ke jwa go fenya makoa a bone. Ba bangwe ba ile ba tshwanelwa ke go dira ka natla gore ba nne ba itumelela bodiredi. Gongwe wena o tshwanelwa ke go itshoka le fa gone o lwala kgotsa o jewa
ke bodutu. Gape ga re a tshwanela go lebala gore bangwe ba fitlhela go le thata go itshwarela mongwe yo o ba utlwisitseng botlhoko kgotsa yo o ba diretseng phoso. Le fa re ka tswa re na le lobaka lo lo kae re direla Jehofa, re tshwanetse go lwantsha dilo tse di ka re kgoreletsang gore re se ka ra direla Modimo ka gonne o segofatsa batho ba ba ikanyegang.11 Boammaaruri ke gore, ga go motlhofo go dira ditshwetso tse di siameng le go nna Mokeresete, segolobogolo fa pelo ya gago e go tlhotlheletsa go dira dilo tse di sa siamang. (Jer. 17:9) Fa o lemoga gore ga o tlhole o dira dilo sentle, rapelela moya o o boitshepo. Go rapela le go kopa moya o o boitshepo go ka go thusa go dira dilo sentle mme seo se tla dira gore Jehofa a go segofatse. Dira dilo go dumalana le se o se kopileng Modimo. Leka go bala Baebele letsatsi le letsatsi, ipeele nako ya go ithuta o le nosi mme lo leke go tshwara Kobamelo ya Lelapa ka metlha.—Bala Pesalema 119:32.
12, 13. Ke eng se se neng sa thusa Bakeresete bangwe ba babedi go laola dikeletso tse di sa siamang?
12 Go na le dikai di le dintsi tse di bontshang kafa Lefoko la Modimo, moya o o boitshepo le dikgatiso tsa Bokeresete di ileng tsa thusa Bakeresete ka gone go fenya dikeletso tse di sa siamang. Mosha mongwe o ne a bala setlhogo se se reng, “O ka Lwantsha Jang Dikeletso Tse di sa Siamang?” se se mo makasineng wa Tsogang! wa December 8, 2003. O ne a tsiboga jang? A re: “Ke leka go laola dikakanyo tse di sa siamang. Setlhogo seo se ne se tlhalosa gore ‘mo bathong ba le bantsi go thata tota go lwa le dikeletso tse di sa siamang,’ mme go bala ntlha eno go ne ga dira gore ke ikutlwe ke le karolo ya phuthego ya Modimo. Ke ne ka bona gore ga se nna fela ke lebaneng le bothata jono.” Gape o ne a bala setlhogo se se reng: “A Modimo o Amogela Mekgwa e Mengwe ya Botshelo?” se se mo makasineng wa Tsogang! wa October 8, 2003. Fa a bala setlhogo seno, o ile a lemoga gore mo go bangwe, bothata jono bo tshwana le “mutlwa mo nameng.” (2 Bakor. 12:7) Fa ba ntse ba leka ka natla go itshwara sentle, ba ka nna le tsholofelo ya gore dilo di tla siama mo isagweng. O ne a re: “Ka ntlha ya seo, nka kgona go nna ke ikanyega letsatsi le letsatsi. Ke lebogela gore Jehofa o dirisa phuthego ya gagwe go re thusa go nna re ikanyega le fa gone re tshela mo tsamaisong eno e e boikepo.”
13 Gape akanya ka maitemogelo a kgaitsadi mongwe wa kwa United States. O ne a kwala jaana: “Ke a lo leboga go bo ka metlha lo re naya se re se tlhokang ka nako e e siameng. Gantsi ke ikutlwa e kete ditlhogo tseno di kwaletswe nna. Ga ke bolo go lwantsha bothata jwa go eletsa selo se Jehofa a se tlhoileng. Ka dinako dingwe, ke batla go ineela. Ke a itse gore Jehofa o kutlwelobotlhoko e bile o a itshwarela, mme e re ka ke na le keletso eno e e sa siamang e bile ke e rata, ke ikutlwa e kete nka se kgone go amogela thuso ya gagwe. Bothata jono bo amile botshelo jwa me fela thata. . . . Fa ke fetsa go bala setlhogo se se reng: ‘A o Na le “Pelo ya go Itse” Jehofa?’ se se mo makasineng wa Tora ya Tebelo wa March 15, 2013, ke ne ka bona gore Jehofa o batla go nthusa.”
14. (a) Paulo o ne a ikutlwa jang ka makoa a gagwe? (b) Re ka lwantsha jang makoa a rona ka katlego?
14 Bala Baroma 7:21-25. Paulo o ne a itse kafa go leng thata ka gone go lwantsha dikeletso le makoa a motho a nang le one. Le fa go ntse jalo, o ne a tlhomamisegile gore a ka kgona go fenya bothata jono fa a rapela Jehofa ka metlha le fa a bontsha tumelo mo setlhabelong sa thekololo sa ga Jesu. Gotweng ka rona? Le rona re ka kgona go fenya makoa a rona. Jang? Fela jaaka Paulo, re tshwanetse go ikaega ka Jehofa e seng ka nonofo ya rona, gape re tshwanetse go bontsha tumelo mo setlhabelong sa thekololo.
15. Thapelo e ka re thusa jang gore re nne re ikanyega le gore re itshokele diteko?
15 Ka dinako dingwe, Modimo a ka nna a re letla go bontsha gore tota re ikutlwa jang ka kgang nngwe. Gotweng fa wena kgotsa mongwe wa losika a kubugelwa ke bolwetse kgotsa a direlwa tshiamololo? O tla bontsha gore o ikanya Jehofa fa o mo rapela ka tlhoafalo gore a go neye nonofo ya go nna o ikanyega, a go thuse gore o nne o itumetse le gore o nne o tlhagafaletse kobamelo ya boammaaruri. (Bafil. 4:13) Se se diragaletseng batho ba le bantsi mo nakong e e fetileng le gone jaanong, se bontsha gore thapelo e ka kgona go re nonotsha le go re naya bopelokgale jwa go tswelela re itshokile.
NNA O LWELA TSHEGOFATSO YA GA JEHOFA
16, 17. O ikemiseditse go dira eng?
16 Diabolo a ka itumela tota fa a ka go bona o ineela. Ikemisetse go ‘ngangatlela se se molemo.’ (1 Bathes. 5:21) Tlhomamisega gore o ka kgona go fenya Satane, lefatshe la gagwe le le boikepo le makoa a gago. O ka kgona go dira jalo fa o ka ikanya gore Modimo a ka kgona go go nonotsha.—2 Bakor. 4:7-9; Bagal. 6:9.
17 Le ka motlha o se ka wa ineela. Nna o ntse o lwa. Nna o kgaratlhe. Nna o itshokile. Tlhomamisega gore Jehofa o tla go ‘tshololela masego go fitlha o sa tlhole o tlhoka sepe.’—Mal. 3:10.