Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Etsa Jehofa ka go Akanyetsa ba Bangwe

Etsa Jehofa ka go Akanyetsa ba Bangwe

“Go itumela ope fela yo o dirang ka go akanyetsa motho wa maemo a a kwa tlase.”—PES. 41:1.

PINA: 130, 107

1. Batho ba Modimo ba bontsha jang gore ba a ratana?

BATHO ba Modimo ke lelapa mme ba a ratana. (1 Joh. 4:16, 21) Ga ba bontshane lorato loo fela ka go direlana dilo tse dikgolo mme gape ba lo bontsha ka ditsela tse dinnye tse di jaaka go buisana sentle le go direlana dilo tse di molemo. Fa re akanyetsa batho ba bangwe, re “[nna] baetsi ba Modimo, jaaka bana ba ba rategang.”—Baef. 5:1.

2. Jesu o ile a bontsha lorato jang jaaka Rragwe?

2 Jesu o ne a etsa Rraagwe. O ne a re: “Tlang mo go nna, lona lotlhe ba lo dirang ka natla le ba lo imelwang, mme ke tla lo lapolosa . . . , gonne ke bonolo e bile ke boikokobetso mo pelong.” (Math. 11:28, 29) Fa re etsa Keresete ka go “akanyetsa motho wa maemo a a kwa tlase,” re tla itumedisa Rraarona mme le rona re tla itumela. (Pes. 41:1) Mma re bone kafa re ka akanyetsang batho ba bangwe ka gone mo lelapeng, mo phuthegong le mo bodireding.

AKANYETSA BA BANGWE MO LELAPENG

3. Monna yo o nyetseng a ka bontsha jang gore o akanyetsa mosadi wa gagwe? (Bona setshwantsho se se simololang setlhogo.)

3 Banna ba ba nyetseng ba tshwanetse go tlhoma sekao se se molemo ka go bontsha gore ba amega ka ba bangwe mo lelapeng. (Baef. 5:25; 6:4) Ka sekai, Baebele ya re ba tshwanetse go nna le basadi ba bone “go ya ka kitso,” e leng polelwana e e ka ranolwang gape e le go ba akanyetsa kgotsa go ba tlhaloganya sentle. (1 Pet. 3:7) Go tlhaloganya motho le go mo akanyetsa ke dilo tse di tsamaisanang. Monna yo o tlhaloganyang mosadi wa gagwe o a itse gore le fa gone a farologane le ene ka ditsela tse dintsi, seo ga se reye gore o botoka go na le ene. (Gen. 2:18) Ka jalo, o akanyetsa maikutlo a gagwe e bile o dirisana le ene ka tlotlo le seriti. Mosadi mongwe wa kwa Canada o ile a bua jaana ka monna wa gagwe: “Ga a ke a nyenyefatsa maikutlo a me kgotsa a nthaya a re, ‘Ga wa tshwanela go ikutlwa jalo.’ Gape wa ntheetsa. Fa a nthusa gore ke lebe dilo sentle, o dira jalo ka bopelonomi.”

4. Monna yo o nyetseng a ka bontsha jang gore o akanyetsa mosadi wa gagwe fa a dirisana le basadi ba bangwe?

4 Gape monna yo o nyetseng o tshwanetse go akanyetsa mosadi wa gagwe fa a dirisana le basadi ba bangwe. Le ka motlha ga a dire sepe se se bontshang gore o a ba kgatlhegela kgotsa o batla go ratana le bone e bile ga a dire jalo fa a dirisa Internet kgotsa metswedi ya go ikgolaganya le ba bangwe ka Internet. (Jobe 31:1) O tswelela a ikanyega mo mosading wa gagwe e seng fela ka gonne a mo rata mme gape ka gonne a rata Modimo e bile a tlhoile se se bosula.—Bala Pesalema 19:14; 97:10.

5. Mosadi yo o nyetsweng a ka bontsha jang gore o akanyetsa monna wa gagwe?

5 Fa monna a etsa sekao se se molemo sa ga Jesu Keresete, seo se tla dira gore mosadi wa gagwe a mmontshe “tlotlo e e boteng.” (Baef. 5:22-25, 33) Fa mosadi a tlotla monna wa gagwe jalo, o tla mo akanyetsa fa a tshwanelwa ke go dirisa nako e e oketsegileng mo ditirong tsa phuthego kgotsa fa a imetswe ke mathata. Monna mongwe wa kwa Boritane a re: “Ka dinako dingwe, mosadi wa me o a lemoga fa go na le sengwe se se ntshwenyang. Go tswa foo, o dirisa molaomotheo o o mo go Diane 20:5, le fa seo se ka tswa se raya gore a emele nako e e siameng ya go bua le nna fa e le gore ke sengwe se nka kgonang go mmolelela sone.”

6. Re ka thusa jang bana gore ba akanyetse batho ba bangwe, mme ba tla solegelwa molemo jang?

6 Fa batsadi ba dirisana ka bopelonomi le tlotlo, ba tlhomela bana ba bone sekao se se molemo. Batsadi ba na le boikarabelo jwa go ruta bana ba bone gore ba akanyetse batho ba bangwe. Ka sekai, ba ka ba ruta gore ba se ka ba taboga mo Holong ya Bogosi. Fa ba le kwa dikokoanong, ba ka ruta bana gore ba letle bagolo gore ba tsene pele fa go tsewa dijo. Gone rotlhe mo phuthegong re ka kgona go thusa batsadi. Ka sekai, fa ngwana a re direla sengwe se se molemo, gongwe a re bulela kgoro, re tshwanetse go mo akgola. Go dira jalo go ka solegela ngwana molemo e bile go tla mmontsha gore “go na le boitumelo jo bogolo mo go abeng go na le jo bo leng gone mo go amogeleng.”—Dit. 20:35.

‘AKANYETSANANG’ MO PHUTHEGONG

7. Jesu o ile a bontsha jang gore o akanyetsa monna yo o sa utlweng mo ditsebeng, mme re ka ithuta eng mo sekaong sa gagwe?

7 Letsatsi lengwe fa Jesu a le kwa kgaolong ya Dekapolise, batho ba ne ba “mo tlisetsa monna yo o neng a le susu e bile a na le bothata jwa go bua.” (Mar. 7:31-35) Jesu ga a ka a mo fodisa fa pele ga batho, go na le moo, o ne “a mo isa kwa thoko” a bo a mo fodisa. Ka ntlha yang? Bogole jwa monna yoo bo ka tswa bo ne bo dira gore a se ka a phuthologa fa pele ga batho. Gongwe Jesu o ne a lemoga seo, ka jalo, o ne a mo tseela kwa thoko. Gone ga re kgone go fodisa batho. Le fa go ntse jalo, re tshwanetse go akanya ka dilo tse Bakeresetemmogo le rona ba di tlhokang le go akanyetsa maikutlo a bone. Moaposetoloi Paulo o ne a re: “A re akanyetsaneng gore re tlhotlheletsaneng mo loratong le mo ditirong tse di molemo.” (Baheb. 10:24) Jesu o ne a tlhaloganya gore monna yo o sa utlweng mo ditsebeng o ikutlwa jang, ka jalo o ile a mo akanyetsa. Ruri o re tlhometse sekao se se molemo!

8, 9. Re ka bontsha jang gore re akanyetsa bagodi le ba ba lwalang? (Naya dikai.)

8 Akanyetsa bagodi le ba ba lwalang. Selo sa botlhokwa mo phuthegong ya Bokeresete ke lorato, e seng go wetsa tiro e ntsi mo nakong e e rileng. (Joh. 13:34, 35) Lorato loo lo re tlhotlheletsa gore re thuse bagodi le batho ba ba lwalang gore ba nne gone kwa dipokanong le kwa bodireding. Re tshwanetse go ba thusa le fa gone ba sa kgone go dira go le kalo. (Math. 13:23) Michael yo o tsamayang ka wheelchair o itumelela thuso e a e newang ke ba lelapa la gagwe le bakaulengwe ba mo setlhopheng sa gagwe sa tshimo. A re: “E re ka ba nthusa, ke kgona go nna gone kwa dipokanong le go ya bodireding ka metlha. Ke itumelela go rera phatlalatsa.”

9 Malapa a le mantsi a Bethele a na le bagodi le ba ba lwalang. Balebedi ba ba lorato ba akanyetsa Bakeresete bano ba ba ikanyegang ka go rulaganya gore ba rere ka go kwala makwalo le go founa. Bill yo o nang le dingwaga di le 86 yo o kwalelang batho ba ba nnang kwa mafelong a a kgakala a re: “Ke itumelela tshiamelo eno.” Nancy yo o nang le dingwaga di ka nna 90, a re: “Ga ke tseye go kwala makwalo e le go fetisa nako fela. Ke karolo ya go rera. Batho ba tshwanetse go utlwa boammaaruri!” Ethel yo o tshotsweng ka 1921, a re: “Ke tshelela mo ditlhabing. Malatsi mangwe, go apara ke namane e e tona ya tiro.” Le fa go ntse jalo, o itumelela go rera ka founo e bile o na le dipoelo. Barbara yo o nang le dingwaga di le 85, a re: “E re ka ke le bokoa, go ya bodireding go thata. Mme gone, go rera ka founo go nnaya tshono ya go bua le batho ba bangwe. Ao Jehofa, ke a leboga!” Bagodi bano ba ne ba fetsa diura di le 1 228 mo bodireding, ba kwala makwalo a le 6 265, ba founa makgetlo a le 2 000 le go tsamaisa dikgatiso di le 6 315 mo lobakeng lwa ngwaga! Ga go pelaelo gore ba ile ba itumedisa Jehofa!—Dia. 27:11.

10. Re ka thusa jang Bakeresetemmogo le rona gore ba solegelwe molemo ke dipokano?

10 Akanyetsa ba bangwe kwa dipokanong. Re batla gore Bakeresetemmogo le rona ba solegelwe molemo ke dipokano. Seo se ka kgonega fa re ba akanyetsa. Jang? Sengwe se re ka se dirang ke go goroga ka nako gore re se ka ra ba itaya tsebe go sa tlhokege. Gone dilo dingwe tse di sa bonelwang pele di ka dira gore re nne thari. Mme gone, fa re na le mokgwa wa go nna thari, re tshwanetse go bona gore re ka tokafatsa jang. Gape re tlhoka go gopola gore Jehofa le Morwawe ke bone ba re laletsang go tla dipokanong. (Math. 18:20) Ruri re tshwanetse go ba bontsha tlotlo ka go tshwara nako!

11. Ke eng fa bakaulengwe ba ba nang le dipuo ba tshwanetse go ikobela taelo e e mo go 1 Bakorintha 14:40?

11 Go akanyetsa Bakeresetemmogo le rona gape go akaretsa go ikobela taelo eno: “A dilo tsotlhe di diragale ka mokgwa o montle le ka thulaganyo.” (1 Bakor. 14:40) Bakaulengwe ba ba nang le dipuo kwa dipokanong ba ikobela taelo eo ka go boloka nako. Fa ba dira jalo, ba bontsha gore ba akanyetsa sebui se se latelang le phuthego. Bakaulengwe bangwe ba ka nna ba bo ba tshwanelwa ke go tsamaya sekgala se seleele go ya kwa magaeng a bone. Ba bangwe ba ka tswa ba dirisa dipalangwa tsa botlhe. Mme ba bangwe ba ka tswa ba na le balekane ba e seng Basupi ba ba emetseng gore ba tle gae.

12. Ke eng fa re tshwanetse go rata le go tlotla bagolwane ba ba dirang ka natla? (Bona lebokose le le reng, “ Akanyetsa ba ba Eteletseng Pele.”)

12 Re tshwanetse go rata le go tlotla bagolwane ba ba dirang ka natla mo phuthegong le mo bodireding. (Bala 1 Bathesalonika 5:12, 13.) Ga go pelaelo gore o lebogela dilo tsotlhe tse di molemo tse ba di dirang. O ka bontsha seo ka go dirisana le bone sentle le go ba ema nokeng. Tota e bile, “ba nna ba lebeletse meya ya [rona] jaaka ba ba tla ikarabelelang.”—Baheb. 13:7, 17.

AKANYETSA BA BANGWE MO BODIREDING

13. Re ka ithuta eng mo tseleng e Jesu a neng a tshwara batho ka yone?

13 Isaia o ne a bolelelapele jaana ka Jesu: “Ga a kitla a robaganya lotlhaka lope lo lo phitsegileng; mme fa e le mogala wa lodi o o letobo, ga a kitla a o tima.” (Isa. 42:3) E re ka Jesu a ne a rata batho, o ne a ba utlwela botlhoko. O ne a akanyetsa batho ba ba kgobegileng marapo le ba ba bokoa jaaka ‘lotlhaka lo lo phitsegileng le mogala wa lodi o o letobo.’ Ka ntlha ya seo, o ne a ba bontsha bopelonomi le bopelotelele. Tota le bana ba ne ba mo rata. (Mar. 10:14) Gone ga re botlhale jaaka Jesu e bile ga re kgone go ruta jaaka ene. Mme gone, re tshwanetse go akanyetsa batho ba re ba rerelang. Seo se akaretsa gore re bua le bone jang, gore re bua le bone leng le gone ka lobaka lo lo kae.

14. Ke eng fa re tshwanetse go ela tlhoko tsela e re buang le ba bangwe ka yone?

14 Re tshwanetse go bua jang le batho? Gompieno batho ba le bantsi “ba sotlegile e bile ba gasame” ka ntlha ya borrakgwebo, borradipolotiki le baeteledipele ba bodumedi ba ba boferefere le ba ba setlhogo. (Math. 9:36) Seo se dirile gore batho ba le bantsi ba se ka ba tshepa ba bangwe le gore ba felelwe ke tsholofelo. Ka jalo, go botlhokwa gore re nne pelonomi fa re bua le bone! Batho ba le bantsi ba kgatlhegela molaetsa wa rona e seng fela ka gonne re itse Baebele le gore re ntsha mabaka a a utlwalang, mme gape ka gonne re a ba akanyetsa e bile re a ba tlotla.

15. Re ka bontsha jang gore re akanyetsa batho ba re ba rerelang?

15 Re ka bontsha ka ditsela tse dintsi gore re akanyetsa batho ba re ba rerelang. Ka sekai, fa re botsa batho dipotso, re tshwanetse go dira jalo ka tlotlo. Mmulatsela mongwe yo o neng a rera mo lefelong la batho ba ba ditlhong o ne a tila go ba botsa dipotso tse di ka ba tlhabisang ditlhong. O ne a sa ba botse dipotso tse gongwe ba ka se kgoneng go di araba. Ka sekai, go na le go ba botsa dipotso tse di jaaka, ‘A o itse leina la Modimo?’ kgotsa ‘Bogosi Jwa Modimo ke eng?’, o ne a ba raya a re, “Ke ithutile mo Baebeleng gore Modimo o na le leina. A nka go le bontsha?” Gone batho ga ba tshwane, ka jalo, re tlhoka go fetofetoga le maemo. Le fa go ntse jalo, ka metlha re tshwanetse go akanyetsa batho le go ba tlotla mme seo se akaretsa gore re ba itse sentle.

16, 17. Re ka akanyetsa baagelani ba rona jang (a) fa re tlhopha nako e re ba etelang ka yone? (b) fa go tla mo nakong e re e dirisang re bua le bone?

16 Re tshwanetse go etela batho leng? Fa re tsamaya ka ntlo le ntlo, re baitaletsi. Ka jalo, re tshwanetse go etela batho ka nako e re itseng gore ba tla kgona go bua le rona ka yone. (Math. 7:12) Ka sekai, a batho ba mo tshimong ya lona ga ba rate go tsoga go sa le phakela ka mafelobeke? Fa go le jalo, o ka nna wa simolola pele ka go dira bodiredi jwa mmila, go rera phatlalatsa kgotsa go dira maeto a go boela.

17 Re tshwanetse go nna nako e e kana kang? Batho ba le bantsi ba tshwaregile, ka jalo, go tla bo go le molemo gore re bue ka bokhutshwane, segolobogolo mo loetong lwa ntlha. Go botoka go fetsa go bua ka bonako go na le go nna nako e e telele. (1 Bakor. 9:20-23) Fa batho ba lemoga gore re a ba akanyetsa, ba tla dumela go bua le rona mo nakong e e tlang. Fa re le mo bodireding, re tshwanetse go bontsha dinonofo tse moya wa Modimo o di tlhagisang. Fa re dira jalo, re nna “badirimmogo le Modimo” mme Jehofa a ka re dirisa go thusa mongwe go ithuta boammaaruri.—1 Bakor. 3:6, 7, 9.

18. Fa re akanyetsa batho ba bangwe, re tla segofadiwa jang?

18 A re tswelele re tsaya matsapa go akanyetsa ba malapa a rona, bakaulengwe le bokgaitsadi le batho ba re ba rerelang. Fa re dira jalo, Jehofa o tla re segofatsa gone jaanong le mo isagweng. Pesalema 41:1, 2 ya re: “Go itumela ope fela yo o dirang ka go akanyetsa motho wa maemo a a kwa tlase; Jehofa o tla mo falotsa mo letsatsing la masetlapelo. . . . O tla bolelwa e le yo o itumetseng mo lefatsheng.”