Jehofa o Akanyetsa Batho ba Gagwe
“[Jehofa] o itse popego ya rona sentle, a gakologelwa gore re lorole.”—PES. 103:14.
1, 2. (a) Go farologana le batho ba ba nang le taolo, Jehofa o dirisana jang le batho? (b) Re tla tlotla ka eng mo setlhogong seno?
BATHO ba ba nang le taolo go le gantsi ba rata go “rena” le go gatelela batho ba bangwe. (Math. 20:25; Mor. 8:9) Jehofa ene ga a nna jalo! Le fa gone e le Mothatayotlhe, o a re akanyetsa e bile o bonolo. O akanyetsa maikutlo a rona e bile o itse dilo tse re di tlhokang. O “gakologelwa gore re lorole,” ka jalo, ga a ke a re kopa go dira dilo tse re sa kgoneng go di dira.—Pes. 103:13, 14.
2 Baebele e na le dipego di le dintsi tse di bontshang gore Jehofa o akanyetsa batlhanka ba gagwe. Mma re tlotle ka di le tharo. Sa ntlha, re tla bona kafa Jehofa a ileng a thusa Samuele yo mmotlana go bolelela Moperesiti yo Mogolo e bong Eli molaetsa wa katlholo; sa bobedi, re tla bona kafa Jehofa a neng a le pelotelele ka gone fa Moshe a ne a akanya gore a ka se kgone go etelela Baiseraele pele; sa boraro, kafa Jehofa a ileng a bontsha gore o akanyetsa Baiseraele ka gone fa a ne a ba ntsha kwa Egepeto. Fa re ntse re tlotla ka dipego tseno, ela tlhoko gore di re
ruta eng ka Jehofa le gore re ka dirisa jang dilo tse re di ithutang mo go tsone.JEHOFA O AKANYETSA SAMUELE
3. Ke eng se se ileng sa diragalela Samuele, mme seo se tsosa potso efe? (Bona setshwantsho se se simololang setlhogo.)
3 Samuele o ne simolola go “direla Jehofa” a sa ntse a le monnye. (1 Sam. 3:1) Letsatsi lengwe fa Samuele a sena go robala, go ne ga direga sengwe se se sa tlwaelegang. * (Bala 1 Samuele 3:2-10.) O ne a utlwa mongwe a mmitsa. O ne a akanya gore o bidiwa ke Moperesiti yo Mogolo e bong Eli, ka jalo, o ne a ya kwa go ene a bo a re: “Ke fano, gonne o mpiditse.” Eli o ne a re ga a ise a mmitse. Samuele o ne a ya kwa go Eli makgetlo a le mararo, mme Eli o ile a lemoga gore Jehofa ke ene a neng a bitsa Samuele. Eli o ne a bolelela Samuele gore a arabe a reng mme o ne a dira jalo. Ke eng fa Jehofa a ne a sa bolelele Samuele gore ke ene a mmitsang? Baebele ga e tlhalose, mme dilo tse di ileng tsa direga di bontsha gore Jehofa o ne a akanyetsa Samuele. Re raya jang?
4, 5. (a) Samuele o ile a dira eng fa Jehofa a ne a mo roma gore a ise molaetsa kwa go Eli? (b) Pego eno e re ruta eng ka Jehofa?
4 Bala 1 Samuele 3:11-18. Molao wa ga Jehofa o ne o laela bana gore ba tlotle bagolo, segolobogolo kgosana. (Ekes. 22:28; Lefi. 19:32) Ka jalo, go ne go ka se nne motlhofo gore Samuele a bolelele Eli molaetsa wa ga Jehofa wa katlholo. Tota e bile, Baebele ya re Samuele “o ne a boifa go bolelela Eli kaga [ponatshegelo] eo.” Le fa go ntse jalo, Modimo o ile a dira gore Eli a lemoge gore ke ene a bitsang Samuele. Ka jalo, Eli o ne a raya Samuele a re: “[O se ka wa] mphitlhela lefoko lengwe mo lefokong lotlhe le a le buileng le wena.” Ka jalo, Samuele o ne “a mmolelela mafoko otlhe.”
5 Eli a ka tswa a ne a sa gakgamalela molaetsa oo ka gonne o ne o tshwana le o “monna wa Modimo” a neng a mmoleletse one. (1 Sam. 2:27-36) Pego eno e bontsha gore Jehofa o botlhale e bile o akanyetsa batho.
6. Re ka ithuta eng mo tseleng e Modimo a ileng a thusa Samuele ka yone?
6 A o mosha? Fa go le jalo, pego ya ga Samuele e bontsha gore Jehofa o tlhaloganya dikgwetlho tse o lebanang le tsone le tsela e o ikutlwang ka yone. Gongwe o ditlhong e bile go thata gore o rerele batho ba bagolo mo go wena kgotsa ga go motlhofo gore o se ka wa dira dilo tse dithaka tsa gago di di dirang. Itse gore Jehofa o batla go go thusa. Ka jalo mmolelele gore o ikutlwa jang. (Pes. 62:8) Akanya ka basha ba go buiwang ka bone mo Baebeleng ba ba jaaka Samuele. Gape bua le Bakeresete bangwe ba ba ka tswang ba ile ba lebana le dikgwetlho tse o lebaneng le tsone. Ba ka nna ba go bolelela kafa Jehofa a ileng a ba thusa ka gone, gongwe e le ka tsela e ba neng ba sa e lebelela.
JEHOFA O AKANYETSA MOSHE
7, 8. Jehofa o ile a bontsha jang gore o akanyetsa maikutlo a ga Moshe?
7 Fa Moshe a na le dingwaga di le 80, Jehofa o ile a mo naya kabelo e e thata. O ne a mo laela gore a ye go golola Baiseraele mo bokgobeng kwa Egepeto. (Ekes. 3:10) Moshe o ne a feditse dingwaga di le 40 e le modisa kwa Midiana, ka jalo, o ne a gakgametse fa a ne a newa kabelo eno. O ne a re: “Nna ke mang gore ke ye kwa go Faro le gore ke ntshe bomorwa Iseraele kwa Egepeto?” Jehofa o ne a mo raya a re: “Ke tla nna le wena.” (Ekes. 3:11, 12) Gape o ne a re: Bagolwane ba Iseraele “ruri ba tla reetsa lentswe la gago.” Moshe o ne a raya Jehofa a re: “A re tseye gore . . . ga ba reetse lentswe la me.” (Ekes. 3:18; 4:1) Tota Moshe o ne a re Jehofa a ka tswa a le phoso. Mme gone, Jehofa o ne a tswelela a le pelotelele. O ne a mo naya maatla a go dira dikgakgamatso, tota e bile, Moshe ke ene motho wa ntlha yo go buiwang ka ene mo Baebeleng yo Jehofa a neng a mo naya maatla ano.—Ekes. 4:2-9, 21.
8 Le fa go ntse jalo, Moshe o ne a tla ka seipato se sengwe, o ne a re ga se seleta mo puong. Jehofa o ne a mo raya a re: “Ke tla nna le molomo wa gago e bile ke tla go ruta se o tshwanetseng go se bua.” A Moshe o ne a amogela kabelo eo? Ga go bonale jalo ka gonne o ne a kopa Modimo gore a rome mongwe o sele. Ka jalo, Jehofa o ne a mo galefela. Mme gone, o ile a bontsha gore o akanyetsa maikutlo a ga Moshe ka go tlhoma Arone gore e nne mmueledi wa gagwe.—Ekes. 4:10-16.
9. Tsela e Jehofa a ileng a dirisana le Moshe ka yone e ile ya mo thusa jang mo kabelong ya gagwe?
9 Pego eno e re ruta eng ka Jehofa? Jehofa ke Mothatayotlhe, ka jalo, a ka bo a ile a dirisa maemo a gagwe go tshosetsa Moshe gore a mo ikobele. Ga a ka a dira jalo, go na le moo, o ne a tswelela a le pelotelele e bile a le pelonomi. Mo godimo ga moo, o ne a tlhomamisetsa Moshe gore o tla mo thusa. A go dira jalo go ne ga thusa? Ee! Moshe o ile a nna moeteledipele yo o molemo, a leka go dirisana le batho ka tsela e Jehofa a ileng a dirisa le ene ka yone. O ne a le bonolo e bile a akanyetsa batho.—Dipa. 12:3.
10. Go etsa sekao sa ga Jehofa sa go akanyetsa ba bangwe go re solegela molemo jang?
10 Re ka ithuta eng mo pegong eno? A o monna yo o nyetseng, motsadi kgotsa mogolwane? Fa go le jalo, o na le taolo e e rileng. Ka jalo, go botlhokwa gore o etse Jehofa ka go nna pelonomi, go nna pelotelele le go akanyetsa mosadi wa gago, bana ba Bakol. 3:19-21; 1 Pet. 5:1-3) Fa o leka ka natla go etsa Jehofa le Jesu, go tla nna motlhofo gore batho ba bangwe ba go atamele e bile o tla kgona go ba kgothatsa. (Math. 11:28, 29) Gape o tla tlhomela ba bangwe sekao se se molemo.—Baheb. 13:7.
gago le bakaulengwe le bokgaitsadi mo phuthegong. (MMOLOKI YO O MAATLA MME GONE A AKANYETSA BA BANGWE
11, 12. Fa Jehofa a ntsha Baiseraele kwa Egepeto, o ne a ba thusa jang gore ba ikutlwe ba sireletsegile?
11 Fa Baiseraele ba tswa kwa Egepeto ka 1513 B.C.E., palo ya bone e ka tswa e ne e feta dimilione di le tharo. Mo setlhopheng seo, go ne go na le bana, bagodi e bile ga go pelaelo gore go ne go na le batho ba ba lwalang kgotsa ba ba golafetseng. Gore boidiidi jo bo kalo bo etelelwe pele go tswa kwa Egepeto, go ne go tlhokega Moeteledipele yo o lorato le yo o akanyetsang ba bangwe. Jehofa o ne a itshupa gore ke Moeteledipele yo o ntseng jalo fa a ne a dirisa Moshe. Ka ntlha ya seo, Baiseraele ba ne ba ikutlwa ba sireletsegile fa ba ya kwa lefelong le ba neng ba sa le itse.—Pes. 78:52, 53.
12 Jehofa o ile a thusa jang batho ba gagwe gore ba ikutlwe ba sireletsegile? O ile a dira gore “ba tlhomagane kafa thulaganyong ya tlhabano” fa ba ne ba tswa kwa Egepeto. (Ekes. 13:18) E re ka ba ne ba rulagantswe sentle, ba ne ba kgona go lemoga gore Modimo ke ene a laolang dilo. Gape Jehofa o ne a dirisa “leru motshegare” le “lesedi la molelo bosigo” go ba gopotsa gore o na le bone, o a ba kaela le gore o ba sireleditse. (Pes. 78:14) Eleruri ba ne ba tlhoka kgothatso eo!
13, 14. (a) Jehofa o ne a direla Baiseraele eng se se molemo kwa Lewatleng le Lehibidu? (b) Jehofa o ne a bontsha jang gore o nonofile thata go feta Baegepeto?
13 Bala Ekesodo 14:19-22. A re re o na le Baiseraele mme o mo gare ga masole a ga Faro le Lewatle le Lehibidu. Modimo o tsaya kgato. Pilara ya leru e ya kwa morago ga batho mme e sira Baegepeto e dira gore ba nne mo lefifing. Le fa go ntse jalo, lona lo mo leseding! Go tswa foo, Moshe o tsholeletsa seatla sa gagwe kwa lewatleng mme phefo e e maatla e e tswang kwa botlhaba e bula tsela fa gare ga lewatle. Ka jalo, wena le ba lelapa la gago le diphologolo tsa lona lo kgona go kgabaganya lewatle. Le fa go ntse jalo, lo bona sengwe se se gakgamatsang. Mmu ga o metsi e bile ga go na seretse, go na le moo, o omile, ka jalo, lo kgona go tsamaya sentle mo go one. Ka ntlha ya seo, tota le batho ba ba bonya ba kgona go kgabaganya sentle.
14 Bala Ekesodo 14:23, 26-30. Fa seno se ntse se direga, Faro yo o seeleele e bile a le mabela o itlhaganelela mo teng ga lewatle a lo lelekisa. Moshe o tsholeletsa seatla sa gagwe gape kwa lewatleng. Mo lekgetlong leno, dipilara tse pedi tsa metsi di a wa. Metsi a khurumetsa Faro le masole a gagwe. Ga go na ope wa bone yo o falolang!—Ekes. 15:8-10.
15. Pego eno e go ruta eng ka Jehofa?
15 Pego eno e re ruta gore Jehofa ke Modimo wa thulaganyo mme go itse seno go re thusa gore re ikutlwe re sireletsegile. (1 Bakor. 14:33) Gape e re ruta gore Jehofa ke modisa yo o lorato yo o tlhokomelang batho ba gagwe ka ditsela tse dintsi. O ba bontsha lorato e bile o ba sireletsa mo babeng ba bone. Seno se a re gomotsa fa re ntse re atamela bokhutlo jwa lefatshe leno!—Dia. 1:33.
16. Re ka solegelwa molemo jang ke go ithuta ka tsela e Jehofa a golotseng Baiseraele ka yone?
Tshen. 7:9, 10) Ka jalo, e ka ne re basha kgotsa bagodi, re na le botsogo jo bo siameng kgotsa nnyaa kgotsa gore re golafetse, ga re kitla re boifa sepe ka pitlagano e e kgolo. * Go na le moo, re tla dira sengwe se se farologaneng thata le seo! Re tla gopola mafoko ano a ga Jesu Keresete: “Emang lo tlhamaletse lo bo lo tsholetse ditlhogo tsa lona, ka gonne kgololo ya lona e a atamela.” (Luke 21:28) Re tla tswelela re le pelokgale le fa gone re tlhaselwa ke Gogo e leng setlhopha sa dinaga tse di tla bong di nonofile thata go feta Faro wa bogologolo. (Esek. 38:2, 14-16) Ka ntlha yang? Ka gonne Jehofa ga a fetoge. O tla itshupa gape gore ke Mmoloki yo o lorato le yo o akanyetsang batho ba gagwe.—Isa. 26:3, 20.
16 Gompieno le gone, Jehofa o sa ntse a sireletsa batho ba gagwe e le setlhopha. O tla tswelela a dira jalo fa pitlagano e e kgole e ntse e atamela. (17. (a) Re ka solegelwa molemo jang ke dipego tsa Baebele tse di buang kafa Jehofa a tlhokomelang batho ba gagwe ka gone? (b) Re tla tlotla ka eng mo setlhogong se se latelang?
17 Dikai tse re buileng ka tsone mo setlhogong seno di bontsha gore Jehofa o tlhokomela batho ba gagwe, o a ba kaela e bile o a ba sireletsa. Fa o ntse o tlhatlhanya ka dipego tseno, ela tlhoko dintlha tse di go rutang sengwe ka dinonofo tsa ga Jehofa. Fa o ntse o ithuta ka dinonofo tsa gagwe, o tla mo rata le go feta e bile tumelo ya gago mo go ene e tla nonofa. Setlhogo se se latelang se tla re bontsha kafa re ka etsang Jehofa ka gone ka go akanyetsa ba bangwe. Re tla bua ka lelapa, phuthego le bodiredi.
^ ser. 3 Rahisitori wa Mojuda e bong Josephus a re Samuele o ne a na le dingwaga di le 12.
^ ser. 16 Go a utlwala go swetsa ka gore bangwe ba ba tla falolang Haramagedona ba tla bo ba golafetse. Fa Jesu a le mo lefatsheng, o ne a alafa batho ba ba nang le “bokoa jwa mofuta mongwe le mongwe,” mme a bontsha se a tla se direlang batho ba ba tla falolang Haramagedona. (Math. 9:35) Batho ba ba tla tsosiwang ba tla bo ba setse ba na le mebele e e itekanetseng.