Jehofa—Yo o Maatla a a Boitshegang
Jehofa—Yo o Maatla a a Boitshegang
“Ka ntlha ya bogolo jwa nonofo e kgolo, e bile a le maatla a a boitshegang, ga go le fa e le nngwe ya tsone e e tlhaelang.”—ISAIA 40: 26, NW.
1, 2. (a) Ke motswedi ofe wa maatla o rotlhe re ikaegileng ka one? (b) Tlhalosa gore ke eng fa Jehofa e le ene Motswedi wa konokono wa maatla otlhe.
MAATLA ke sengwe se bontsi jwa rona re se tlhaetsang matlho. Ka sekai, ga re akanye go le kalo ka maatla a motlakase a a re nayang lesedi le mogote kana kafa a re tlhofofaletsang dilo ka teng fa re lomaganya sedirisiwa sepe fela sa motlakase se re nang le sone mo go one. Ke fela fa motlakase o ka tshogana o ole re simololang go lemoga gore kwantle ga one, ditiro tsa ditoropo di ka ema. Bontsi jwa motlakase o re ikaegileng ka one o fetlhwa e se ka tlhamalalo go tswa mo motsweding wa maatla o o ikanyegang go gaisa yotlhe mo lefatsheng—letsatsi. * Mo motsotswaneng mongwe le mongwe, boubelo jono jwa matlhasedi bo tukisa ditone di le dimilione tse tlhano tsa dibeso tsa dituki tsa nuklea.
2 Maatla ano otlhe a letsatsi a tswa kae? Ke mang yo o dirileng madutelo ano a selegodimo a maatla? Ke Jehofa Modimo. Fa Pesalema 74:16 e bua ka ene ya re: “O baakantse lesedi le letsatsi.” Ee, Jehofa ke ene Motswedi wa konokono wa maatla otlhe, fela jaaka gape e le Motswedi wa botshelo. (Pesalema 36:9) Le ka motlha re se tlhaetse maatla a gagwe matlho. Jehofa o dirisa moporofeti Isaia go re gopotsa gore re lebe masedi a legodimo, a a jaaka letsatsi le dinaledi, mme re akanye ka ga gore go tlile jang gore a nne gone. “Tsholeletsang matlho a lona kwa godimo lo bone. Ke mang yo o bopileng dilo tseno? Ke Ene yo o tlisang masomosomo a tsone ka palo, tse a di bitsang tsotlhe ka maina. Ka ntlha ya bogolo jwa nonofo e kgolo, e bile a le maatla a a boitshegang, ga go le fa e le nngwe ya tsone e e tlhaelang.”—Isaia 40:26, NW; Jeremia 32:17.
3. Re solegelwa molemo jang ke ditsela tse maatla a ga Jehofa a neng a bonadiwa ka tsone?
3 E re ka Jehofa a na le maatla a a boitshegang, re ka tshepa re sa belaele sepe gore letsatsi le Pesalema 28:6-9; Isaia 50:2) Baebele e tletse ka dikai tse di bontshang maatla a Jehofa a nang le one go bopa le go rekolola, go namola batho ba gagwe le go nyeletsa baba ba gagwe.
tla tswelela pele le re tlamela ka lesedi le mogote tse botshelo jwa rona bo ikaegileng ka tsone. Le fa go ntse jalo, re ikaega ka maatla a Modimo mo go sengwe se se botlhokwa thata go feta dilo tsa nama tse re di tlhokang. Go rekololwa ga rona mo boleong le mo losong, tsholofelo ya rona kaga isagwe, le go ikanya Jehofa ga rona ke dilo tse di amanang thata le tsela e a dirisang maatla ka yone. (Maatla a Modimo a Lemotshega mo Popong
4. (a) Dafide o ile a amiwa jang ke go leba loapi bosigo? (b) Masedi a legodimo a senola eng malebana le maatla a Modimo?
4 Moaposetoloi Paulo o ile a tlhalosa gore ‘maatla a a sa feleng a Mmopi wa rona a lemogiwa mo dilo tse a di dirileng.’ (Baroma 1:20) Makgolo a dingwaga a se kae pelenyana, mopesalema Dafide, yo ka e ne e le modisa o tshwanetseng a bo a ne a tlhola a leba loapi bosigo, a akanya ka bontle jwa lobopo le bogolo jwa Modiri wa lone. O ile a kwala jaana: “Fa ke akanya magodimo a gago, tiro ya menwana ya gago, kgwedi le dinaledi tse o di baakantseng; kana motho e be e le eng, fa e bo ne ne o mo gopola, le morwa motho, fa e bo ne ne o mo lekola?” (Pesalema 8:3, 4) Le fa Dafide a ne a se na kitso e kalo ka masedi a legodimo, o ile a lemoga gore e ne e se sepe fa a ipapisa le Mmopi wa lobopo lwa rona lo logolo. Gompieno, baithutadinaledi ba itse go le gontsi ka bogolo jwa lobopo le maatla a lo nang le one. Ka sekai, ba re bolelela gore motsotswana mongwe le mongwe letsatsi la rona le tlhagisa maatla a a lekanang le go phatloga ga ditone tse dikgolo di le dimilione di le 100 000 tsa TNT. * Ke karolo e nnye fela ya maatla ao e e fitlhang mo lefatsheng; le fa go ntse jalo, e lekane sentle go ka thusa ditshedi tsotlhe go tswelela pele di tshela mo polaneteng ya rona. Mme gone, letsatsi ga se naledi e e maatla go gaisa tsotlhe kwa legodimong. Mo motsotswaneng o le mongwe fela, dinaledi dingwe di tlhagisa maatla a a lekanang le a letsatsi le a tlhagisang letsatsi lotlhe. Ka jalo, akanya ka maatla a magolo a Ene yo o dirileng masedi ano a legodimo a nang le one! Elihu o ne a nepile fa a tlhaeletsa jaana: “Ka ga Mothatayotlhe, ga re kake ra mo tlhantlhabetsa, o tlotlometse mo thateng.”—Jobe 37:23.
5. Re bona bosupi bofe jwa nonofo ya ga Jehofa mo ditirong tsa gagwe?
5 Fa re ‘tlhotlhomisa ditiro tsa Modimo’ jaaka Dafide, re tla bona sesupo sa maatla a gagwe gongwe le gongwe—mo phefong le mo makhubung, mo tumong ya maru le mo magadimeng, mo dinokeng tse di boitshegang le mo dithabeng tse dikgolo. (Pesalema 111:2; Jobe 26:12-14) Mo godimo ga moo, fela jaaka Jehofa a ile a gakolola Jobe, diphologolo le tsone di supa maatla a Gagwe. Gareng ga tsone go na le Behemothe, kana kubu. Jehofa o ile a raya Jobe a re: “Thata ya yone e mo lothekeng lwa yone . . . Dikgopo tsa yone di tshwana jaaka mephakalego ya tshipi.” (Jobe 40:15-18) Mo motlheng wa Baebele poo ya naga le yone e ne e itsege ka maatla a a boitshegang a e nang le one, mme Dafide o ne a rapela a kopa gore a namolwe “mo molomong wa tau, . . . le mo dinakeng tsa dipoo tsa naga.”—Pesalema 22:21, NW; Jobe 39:9-11.
6. Mo Dikwalong poo e tshwantshetsa eng, mme ka ntlha yang? (Bona mokwalo o o kwa tlase.)
6 Mo Baebeleng, poo e dirisiwa go tshwantshetsa * Ponatshegelo ya ga Johane e e malebana le setulo sa bogosi sa ga Jehofa e bua ka ditshedi tse nnè, tse sengwe sa tsone se neng se na le sefatlhego sa poo. (Tshenolo 4:6, 7) Go bonala maatla e le nngwe ya dinonofo tse nnè tse dikgolo tsa ga Jehofa tse di tlhalosiwang ke ditšheruba tseno. Tse dingwe ke lorato, botlhale le tshiamiso. E re ka maatla e le karolo e e botlhokwa ya botho jwa Modimo, re ka kgona go nna le botsala jo bogolo thata le ene fa re ka tlhaloganya maatla a gagwe sentle le tsela e a a dirisang ka yone mme ga re thusa go etsa sekao sa gagwe ka go dirisa maatla ape fela a re ka tswang re na le one ka tsela e e siameng.—Baefeso 5:1.
maatla a ga Jehofa ka ntlha ya nonofo ya yone.“Jehofa wa Masomosomo, Yo o Maatla”
7. Re ka tlhomamisega jang gore molemo o tla fenya bosula?
7 Mo Dikwalong, Jehofa o bidiwa “Modimo Mothatayotlhe,” e leng sereto se se re gakololang gore le ka motlha ga re a tshwanela go tlhaetsa maatla a gagwe matlho kana go belaela bokgoni jo a nang le jone jwa go ka nyeletsa baba ba gagwe. (Genesise 17:1; Ekesodo 6:3) Tsamaiso e e boikepo ya dilo ya ga Satane e ka lebega e sireletsegile, mme gone, mo go Jehofa “merafe e ntse jaaka lerothodi la nkgwana fela; e kaiwa jaaka lorojanyana lo lo mo selekanyong se se [b]egang.” (Isaia 40:15) Ga go na pelaelo gore ka ntlha ya maatla ano a Modimo a nang le one, molemo o tla fenya bosula. Ka nako ya fa boikepo bo aname thata, re ka namediwa pelo ke go itse gore “Jehofa wa masomosomo, Yo o Maatla wa Iseraele” o tla fedisa bosula go ya go ile.—Isaia 1:24, NW; Pesalema 37:9, 10.
8. Jehofa o laola masomosomo afe a selegodimo, mme ke eng se se bontshang gore a na le maatla?
8 Mafoko a a reng “Jehofa wa masomosomo,” a a tlhagang ka makgetlo a le 285 mo Baebeleng, ke selo se sengwe se se re gakololang ka maatla a Modimo. “Masomosomo” a go buiwang ka one fano ke matsholo a dibopiwa tsa semoya tse Jehofa a di laolang. (Pesalema 103:20, 21; 148:2) Mo bosigong bo le bongwe moengele a le mongwe fela o ile a kgemetha masole a Baasiria a le 185 000 a a neng a tshosetsa Jerusalema. (2 Dikgosi 19:35) Fa re tsaya tsia maatla a masomosomo a ga Jehofa a selegodimo a nang le one, ga re kitla re tshosiwa motlhofo ke baganetsi ba rona. Moporofeti Elisha o ile a se ka a tshoga fa a ne a dikanyeditswe ke masole a a neng a mo senka ka gonne, go farologana le motlhanka wa gagwe, ene o ne a kgona go bona ka matlho a tumelo gore o engwe nokeng ke lesomosomo le legolo la masole a selegodimo.—2 Dikgosi 6:15-17.
9. Jaaka Jesu, ke eng fa re tshwanetse go ikanya tsela e Modimo a sireletsang ka yone?
9 Jesu le ene o ne a itse gore baengele ba mo eme nokeng ka nako ya fa segopa sa batho se ne se mo tlhasela ka ditšhaka le melamu kwa tshimong ya Gethesemane. Morago ga gore Jesu a laele Petere gore a busetse tšhaka ya gagwe mo mannong a yone, o ile a mmolelela gore fa go tlhokega O ne a ka ikuela kwa go Rraagwe a kopa “mephato e feta e le lesome le bobedi ya baengele.” (Mathaio 26:47, 52, 53) Fa le rona re anaanela masomosomo a selegodimo a Modimo a nang le one, re tla ikanya Modimo ka botlalo gore o tla re ema nokeng. Moaposetoloi Paulo o ile a kwala jaana: “He, re tla reng ka dilo tseno? Fa e le gore Modimo o kafa go rona, ke mang yo o tla nnang kgatlhanong le rona?”—Baroma 8:31.
10. Jehofa o dirisa maatla a gagwe go thusa bomang?
10 Ka gone, re na le mabaka a a molemo a go ikanya tsela e Jehofa a sireletsang ka yone. Ka metlha o dirisa maatla a gagwe ka tsela e e molemo le e e dumalanang le dinonofo tsa gagwe tse dingwe—tshiamiso, botlhale le lorato. (Jobe 37:23; Jeremia 10:12) Le mororo batho ba ba nang le maatla gantsi ba rata go gatelela bahumanegi le batho ba ba boikokobetso e le gore ba solegelwe molemo ka namana, Jehofa ene ‘o kakatlolola mohumanegi mo loroleng’ e bile ke “mothata mo go bolokeng.” (Pesalema 113:5-7; Isaia 63:1) Fela jaaka Marea, mmaagwe Jesu yo o bori e bile a se boikgogomoso a ile a tlhaloganya gore “Yo o maatla” o dirisa maatla a gagwe go thusa ba ba mmoifang, a kokobetsa ba ba ikgogomosang mme a tlotlomatsa ba ba ikokobeditseng.—Luke 1:46-53.
Jehofa o Senolela Batlhanka ba Gagwe Maatla a Gagwe
11. Baiseraele ba ile ba bona bosupi bofe jwa maatla a Modimo mo ngwageng wa 1513 B.C.E.?
11 Jehofa o ile a bontsha batlhanka ba gagwe maatla a gagwe ka makgetlo a le mmalwa. Lengwe Ekesodo 19:5, 8) Go tswa foo Jehofa o ile a bontsha sesupo se se bonalang sentle sa maatla a gagwe. Thaba ya Sinai e ne ya kua mosi e roroma go utlwala tumo e kgolo ya maru le dikgadima le modumo o mogolo wa lonaka. Batho ba ne ba emela kgakala ba tsenwe ke letshogo. Mme gone, Moshe o ne a ba itsise gore tiragalo eno e tshwanetse ya ba ruta go nna le poifomodimo, poifo e e neng e tla ba tlhotlheletsa go ikobela Modimo wa bone yo o maatla otlhe le yo o boammaaruri, Jehofa.—Ekesodo 19:16-19; 20:18-20.
la makgetlo ao e ne e le kwa Thabeng ya Sinai ka 1513 B.C.E. Mo ngwageng oo, Baiseraele ba ne ba setse ba bone sesupo se se gakgamatsang sa maatla a Modimo. Dipetso tse di lesome tse di boitshegang di ne di senotse nonofo e kgolo e Jehofa a nang le yone le gore medimo ya Egepeto e ne e sa thuse sepe. Go ise go ye kae morago ga moo, go kgabaganya Lewatle le Lehibidu ka kgakgamatso le go nyelediwa ga masole a ga Faro go ne ga ba neela bosupi jo bongwe gape jwa nonofo e Modimo a nang le yone. Dikgwedi di le tharo morago ga moo, Jehofa o ne a kopa Baiseraele fa ba le mo Thabeng ya Sinai gore ba nne “thuo ya [gagwe] e e kgethegileng mo ditšhabeng tse dingwe tsotlhe.” Mme bone ba ile ba mo solofetsa jaana: “Gotlhe mo Jehofa o go buileng re tlaa go dira.” (12, 13. Ke maemo afe a a neng a dira gore Elija a tlogele kabelo ya gagwe, mme gone Jehofa o ile a mo nonotsha jang?
12 Makgolo a se kae a dingwaga moragonyana, mo motlheng wa ga Elija, go ne ga direga tiragalo e nngwe e e bontshang maatla a Modimo mo Thabeng ya Sinai. Moporofeti yono o ne a setse a kile a bona maatla a Modimo a bonadiwa. Modimo o ne a “tswala legodimo” ka dingwaga di le tharo ka ntlha ya botlhanogi jwa setšhaba sa Iseraele. (2 Ditirafalo 7:13) Ka nako eo ya leuba, mahukubu a ne a fepa Elija kwa mokgatšheng wa Ketithe, mme moragonyana a fepiwa ka kgakgamatso ka masalelanyana a bupe le lookwane tse di neng tsa totisiwa tsa motlholagadi mongwe. Jehofa o ile a ba a naya Elija maatla a go tsosa morwa wa motlholagadi yono. Kgabagare, molelo o ne wa fologela mo Thabeng ya Karemele o tswa legodimong mme wa laila setlhabelo sa ga Elija fa go ne go tsogile kgang e kgolo ya gore ke mang yo e leng Modimo. (1 Dikgosi 17:4-24; 18:36-40) Le fa go ntse jalo, go ise go ye kae morago ga foo, Elija o ne a tsenwa ke poifo le go kgobega marapo fa Jesebele a ne a tshosetsa go mmolaya. (1 Dikgosi 19:1-4) O ne a tshaba kwa nageng eo a akanya gore tiro ya gagwe ya boporofeti e fedile. Ka bopelonomi Jehofa o ne a mo nonotsha le go mo kgothatsa ka go mmontsha sesupo se se bontshang maatla a gagwe a bomodimo.
13 Ka nako ya fa Elija a ne a iphitlhile mo legageng, o ne a bona pono e e boitshegang ya dilo tse tharo tse Jehofa a laolang maatla a tsone: phefo e e maatla, thoromo ya lefatshe le molemo. Le fa go ntse jalo, fa Jehofa a bua le Elija, o ne a bua le ene ka “lentswe le lesesane, le le kokobetseng.” O ne a mo abela tiro e e oketsegileng go e dira a ba a mo itsise gore go ne go sa ntse go na le baobamedi ba ga Jehofa ba ba ikanyegang ba le 7 000 mo nageng eo. (1 Dikgosi 19:9-18) Fa go ka direga gore le rona re ikutlwe re kgobegile marapo jaaka Elija, ka ntlha ya go se bone matswela mo bodireding, re ka kopa Jehofa gore a re fe “maatla a a fetang a a tlwaelegileng”—maatla a a ka re nonotshang go tswelela pele re rera dikgang tse di molemo re sa lape.—2 Bakorintha 4:7.
Maatla a ga Jehofa a re Tlhomamisetsa go Diragadiwa ga Ditsholofetso Tsa Gagwe
14. Leina la ga Jehofa le senola eng, mme leina la gagwe le amana jang le maatla a gagwe?
14 Maatla a ga Jehofa gape a amana thata le leina la gagwe le go diragadiwa ga thato ya gagwe. Leina le le sa tshwaneng le lepe, e bong Jehofa, le le kayang “O Dira Gore go Diragale,” le senola gore o dira gore ene ka boene e nne Modiragatsi wa ditsholofetso. Ga go sepe kana motho ope yo o ka thibelang Modimo go diragatsa maikaelelo a gagwe, le fa babelaedi ba ba ratang go tatalala ba ka akanya jalo. Go ntse fela jaaka Jesu a kile a raya baaposetoloi ba gagwe a re, “mo Modimong dilo tsotlhe di a kgonega.”—Mathaio 19:26.
15. Aborahame le Sara ba bile ba gopodiwa jang gore Jehofa ga a palelwe ke sepe?
15 Ka sekai, Jehofa o kile a solofetsa Aborahame le Sara gore o tla dira ditlogolwana tsa bone setšhaba se segolo. Le fa go ntse jalo, ba ile ba fetsa dingwaga di le dintsi ba se na bana. Boobabedi ba ne ba tsofetse thata fa Jehofa a ne a ba itsise gore tsholofetso eo e ne e tla tloga e diragadiwa, mme Sara o ne a tshega. Moengele o ile a araba ka go re: “A go na le sengwe se se ka retelelang Jehofa?” (Genesise 12:1-3; 17:4-8; 18:10-14) Makgolo a le manè a dingwaga morago ga foo, ka nako ya fa kgabagare Moshe a ne a kokoanya ditlogolwana tsa ga Aborahame—tse jaanong e neng e le setšhaba se segolo—mo Dipoeng Tsa Moabe, o ne a ba gopotsa gore Modimo o ne a diragaditse tsholofetso ya gagwe. Moshe o ile a re: “E re ka [Jehofa] a rata borraago, ke gone ka fa o ne a itshenkela losika lwa bone ka gone morago ga bone, a go ntsha ka sebonalo sa gagwe mo Egepeto, ka thata ya gagwe e kgolo; go tla a leleka fa pele ga gago merafe e megolo le e e thata bogolo go wena, le go go isa mo teng, go go ruisa lefatshe la bone jaaka go ntse gompieno.”—Duteronome 4:37, 38.
16. Ke eng fa Basadukai ba ile ba dira phoso ya go gana go dumela mo tsogong ya baswi?
16 Makgolo a dingwaga moragonyana, Jesu o ne a kgala Basadukai, ba ba neng ba sa dumele gore go na le tsogo ya baswi. Ke eng fa ba ne ba gana go dumela tsholofetso ya Modimo ya gore o tla tsosa baswi? Jesu o ne a ba raya a re: “Ga lo itse Dikwalo lefa e le maatla a Modimo.” (Mathaio 22:29) Dikwalo di re tlhomamisetsa gore ‘botlhe ba ba mo mabitleng a kgakologelo ba tla utlwa lentswe la Morwa motho mme ba tla tswa.’ (Johane 5:27-29) Fa re itse se Baebele e se buang ka tsogo, tsela e re tshepang maatla a Modimo ka yone e tshwanetse go re tlhatswa pelo gore baswi ba tla tsosiwa. Modimo “ruri o tla kometsa loso ka bosaengkae, . . . gonne Jehofa ka boene o go buile.”—Isaia 25:8.
17. Ke mo letsatsing lefe le le tlang mo go tla tlhokegang teng gore re tshepe Jehofa ka tsela e e sa tshwaneng le epe?
17 Gautshwane fela jaana, go tla fitlha nako e ka yone mongwe le mongwe wa rona a tla tshwanelwang ke go ikanya maatla a Modimo a nang le one a go re namola ka tsela e e kgethegileng. Satane Diabolo o tla tlhasela batho ba Modimo, ba ba tla bong ba lebega ba sa sireletsega. (Esekiele 38:14-16) Go tswa foo Modimo o tla re namola ka go dirisa maatla a gagwe a magolo mme mongwe le mongwe o tla itse gore ke Jehofa. (Esekiele 38:21-23) Ke nako ya gore gone jaanong re age tumelo ya rona le tshepo ya rona mo go Modimo Mothatayotlhe e le gore re se ka ra reketla ka nako eo e e masisi.
18. (a) Ke melemo efe e re e bonang fa re tlhatlhanya ka maatla a ga Jehofa? (b) Ke potso efe e e tla sekasekwang mo setlhogong se se latelang?
18 Ga go pelaelo gore, go na le mabaka a mantsi a a tshwanetseng go re dira gore re tlhatlhanye ka maatla a ga Jehofa. Fa re ntse re akanya ka ditsela tsa gagwe, ka boikokobetso re tlhotlheletsega go baka Mmopi wa rona yo Mogolo le go mo lebogela gore o dirisa maatla a gagwe ka tsela e e molemo le e e lorato. Fa re ikanya masomosomo a ga Jehofa ga re kitla re ineela fa re tshosediwa. Tumelo ya rona mo ditsholofetsong tsa gagwe ga e kitla e reketla. Le fa go ntse jalo, se lebale gore re bopilwe mo setshwanong sa Modimo. Ka gone, le rona re na le maatla—le fa gone e le a a lekanyeditsweng. Re ka etsa Mmopi wa rona jang ka tsela e re dirisang maatla a rona ka yone? Kgang eno e tla sekasekwa mo setlhogong se se latelang.
[Dintlha tse di kwa tlase]
^ ser. 1 Go dumelwa thata gore ditukisi tse di jaaka lookwane le magala—dilo tsa konokono tse di dirisiwang go tlhagisa maatla mo diteisheneng tsa motlakase—di monya maatla a tsone go tswa mo letsatsing.
^ ser. 4 Go farologana le moo, bomo ya nuklea e e maatla go gaisa tsotlhe e e kileng ya lekelediwa, e ne e na le maatla a go phatloga a a lekanang le ditone tse dikgolo di le 57 tsa TNT.
^ ser. 6 Go ka direga gore poo ya naga e go buiwang ka yone mo Baebeleng ke kgomo ya sekanare (ka Selatine urus) (Bos primigenius). Dingwaga di le sekete tse di fetileng, diphologolo tseno di ne tsa fitlhelwa kwa Gaul (e jaanong e leng Fora), mme Julius Caesar o ile a kwala jaana a di tlhalosa: “Dikgomo tseno tsa sekanare ga di dinnye go le kalo mo tloung ka bogolo, mme di tshwana le poo go ya kafa di lebegang ka teng, ka mmala wa tsone le popego ya tsone. Di na le nonofo e kgolo, e bile di lebelo tota: ga di rekegele motho le fa e le phologolo epe fa di ka lebana le yone.”
A o Ka Araba Dipotso Tseno?
• Popo e supa jang gore Jehofa o maatla?
• Ke masomosomo afe a Jehofa a ka a dirisang go ema batho ba gagwe nokeng?
• Ke makgetlo afe a mo go one Jehofa a neng a bontsha maatla a gagwe?
• Ke eng se se re tlhomamisetsang gore Jehofa o tla diragatsa ditsholofetso tsa gagwe?
[Dipotso Tsa Thuto]
[Ditshwantsho mo go tsebe 10]
“Tsholeletsang matlho a lona kwa godimo lo bone. Ke mang yo o bopileng dilo tseno?”
[Motswedi wa Setshwantsho]
Photo by Malin, © IAC/RGO 1991
[Ditshwantsho mo go tsebe 13]
Go tlhatlhanya ka ditsela tse Jehofa a bontshang maatla a gagwe ka tsone go nonotsha tumelo ya rona mo ditsholofetsong tsa gagwe