Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Bolelela ba Bangwe ka Tsholofelo ya Bokeresete Kwa Senegal

Go Bolelela ba Bangwe ka Tsholofelo ya Bokeresete Kwa Senegal

Re Mofuta o o Nang le Tumelo

Go Bolelela ba Bangwe ka Tsholofelo ya Bokeresete Kwa Senegal

TLHAPI ga e bolo go nna yone sejo se segolo go tloga metlheng ya bogologolo. Ka diketekete tsa dingwaga batho ba ile ba tshwara ditlhapi mo mawatleng, mo makadibeng le mo dinokeng tsa lefatshe. Bangwe ba baaposetoloi ba ga Jesu Keresete e ne e le batshwari ba ditlhapi mo Lewatleng la Galalea. Le fa go ntse jalo, Jesu o ne a ba bolelela ka mofuta o mongwe wa go tshwara ditlhapi. E ne e le go tshwara ditlhapi ga semoya go go neng go sa solegele batshwari ba ditlhapi fela molemo mme gape le tsone ditlhapi.

Mo kgannyeng eno Jesu o ne a raya motshwara ditlhapi Petere a re: “Go tloga jaanong go ya pele o tla bo o tshwara batho ba tshela.” (Luke 5:10) Gompieno, mofuta ono wa go tshwara ditlhapi o dirwa mo dinageng tse di fetang 230, go akaretsa le kwa Senegal. (Mathaio 24:14) Fano “batshwarabatho” ba motlha wa rona ba bolelela batho ba bangwe ka bopelokgale ka tsholofelo ya bone ya Bokeresete.—Mathaio 4:19.

Senegal e kwa karolong e e kwa ntlheng e e kwa bophirima thata ya Afrika. E simolola go tloga mo mafelong a a motlhaba a sekaka a a gaufi le Sahara kwa bokone e bo e tswelela go ela kwa mafelong a a bongola a dikgwa tsa kgaolo ya Casamance kwa borwa. Senegal ke naga e e ratwang ke diphefo tse di babolang tsa sekaka le dipheswana tse di tsiditsana tse di lapolosang tsa Atlantic. Mo lefelong leno go nna batho ba ba fetang dimilione di le robongwe. Baagi ba Senegal ba itsege ka moya wa bone wa go amogela baeng. Bontsi jwa bone ga ba ipitse Bakeresete. Bontsi jwa bone ke badisa, mme ba bangwe ke barui ba dikgomo, ba dikamela le dipodi. Go bile go na le balemi, ba ba lemang matonkomane, katune le reise. Ee, go bile go na le batshwari ba ditlhapi, ba ba tlang ba rwele matloa a a tletseng ka ditlhapi tse di tswang kwa Lewatleng la Atlantic le mo dinokeng tse dingwe tse dikgolo tse di ralalang naga eo. Intaseteri ya go tshwara ditlhapi e na le seabe se segolo mo ikonoming ya Senegal. Tota e bile, sejo se se tumileng thata sa setšhaba ke ceebu jën, e leng sejo se se monate sa reise, tlhapi le merogo.

“Batshwarabatho”

Go na le bareri ba ba tlhoafetseng ba Bogosi jwa Modimo ba le 863 kwa Senegal. Go tshwara ditlhapi ga semoya go simologile mono mo tshimologong ya bo1950. Go ile ga bulwa ofisi ya lekala la Mokgatlho wa Watch Tower kwa motsemoshate kwa Dakar, ka 1965. “Batshwari ba ditlhapi” ba barongwa ba ile ba simolola go fitlha ba tswa kwa dinageng tse dintsi tse di kgakala. Ditiro tsa “go tshwara ditlhapi” di ne tsa simologa mme go bolelela ba bangwe ka tsholofelo ya Bokeresete go ile ga tswelela pele ka bonya kwa Senegal. Kgabagare, go ile ga agiwa dikago tsa lekala le lesha kwa Almadies, mo melelwaneng ya Dakar mme tsa neelwa Jehofa ka June 1999. A bo e ne e le nako ya boipelo ruri!

Kgwetlho ya go Amogela Boammaaruri

Gantsi go kopanwa le batho ba ba godisitsweng ka ditsela tse di farologaneng thata mme bangwe ba bone ba ile ba tsibogela molaetsa wa tsholofelo o o fitlhelwang mo Lefokong la Modimo ka tsela e ntle. Le mororo bontsi jwa bone ba se na kitso ya Baebele, ba itumelela go utlwa gore dilo tse Jehofa Modimo a ileng a di solofetsa baporofeti ba ba ikanyegang ba bogologolo di tla tloga di diragadiwa.

Gantsi go tlhokega bopelokgale go emela melaometheo ya Bokeresete o nitame, segolobogolo fa go ama dingwao le ditso tsa lelapa. Ka sekai, go nyala lefufa go dirwa thata kwa Senegal. Akanya ka kgang ya monna mongwe yo o neng a na le basadi ba babedi fa a ne a simolola go ithuta Baebele. Potso e ne e le gore a o ne a tla nna le bopelokgale jwa go amogela boammaaruri jwa Bokeresete a bo a tsamaisana le se se batlegang go ya ka Dikwalo gore monna o tshwanetse go nna le mosadi a le mongwe fela? (1 Timotheo 3:2) Le gore a o ne a tla nna le mosadi wa bosha jwa gagwe, e leng mosadi yo a mo nyetseng pele? O ile a dira fela jalo mme gone jaanong ke mogolwane yo o tlhoafetseng mo go nngwe ya diphuthego tse dikgolwane gaufi le Dakar. Mosadi wa gagwe wa ntlha le ene o amogetse boammaaruri mmogo le bana ba gagwe botlhe ba ba 12, ba le 10 e le ba mosadi wa ntlha le ba le babedi ba mosadi yo pele e neng e le mosadi wa gagwe wa bobedi.

Selo se sengwe se se ka kgoreletsang motho go amogela tsholofelo ya Bokeresete e ka nna go sa itse go bala le go kwala. A seno se raya gore motho yo o sa itseng go bala le go kwala a ka se ka a amogela le go tshela ka boammaaruri? Le e seng. Akanya ka sekai sa ga Marie, mmè yo o dirang ka natla wa bana ba babotlana ba le robedi. O ile a bona ka bonako botlhokwa jwa go tlotla ka temana ya Baebele le bana ba gagwe letsatsi le letsatsi pele ga ba ya sekolong le pele ga ene a ya tirong. Gone mme o ne a tla dira jang seno ka gonne o ne a sa kgone go bala? Phakela moso mongwe le mongwe, o ne a tsaya bukana ya Go Tlhatlhoba Dikwalo ka Malatsi Otlhe a bo a ema mo mmileng o o motlhaba fa pele ga ntlo ya gagwe. Fa batho ba ntse ba feta, o ne a ba botsa gore a ba itse go bala. Fa a bona mongwe yo o kgonang go bala, o ne a mo naya bukana mme a bo a bolela jaana ka bopeloephepa: “Ga ke kgone go bala, a o ka mpalela karolo eno gompieno tsweetswee?” Fa go ntse go balwa o ne a reetsa ka kelotlhoko. Morago ga foo o ne a leboga motho yo o neng a feta ka tsela yoo mme a bo a tsena mo ntlong ka bonako a tlotla temana eo ka matlhagatlhaga le bana ba gagwe pele ga ba ya sekolong!

Go Arabela Batho ba Mefuta Yotlhe

Gantsi kwa Senegal, batho ba ka bonwa ba dutse mo mebileng ba rekisa tlhapi, merogo kana maungo kwa mmarakeng kana ba rapame kafa tlase ga setlhare se segolo sa mowana ba nwa ataya, tee nngwe e tala e e nang le bogalakanyana. Bakaulengwe bangwe ba babedi ba ba neng ba ititeile sehuba gore ba tla bolelela mongwe le mongwe yo ba kopanang nae ka dikgang tse di molemo, ba ne ba bua le monna mongwe yo o golafetseng yo o neng a dula a kopa mo mmileng. Fa ba sena go mo dumedisa, ba ne ba re: “Batho ba le bantsi ba go naya madi mme ga ba eme ba tlotla le wena. Rona re tlile go bua le wena ka sengwe se se botlhokwa thata se se amang isagwe ya gago.” Mokopi yono o ne a gakgametse. Bakaulengwe bano ba ne ba tswelela jaana: “Re rata go go botsa potso, o akanya gore ke ka ntlha yang fa go na le go boga go gontsi jaana mo lefatsheng?” Mokopi o ile a araba ka gore, “Ke go rata ga Modimo.”

Go tswa foo bakaulengwe bao ba ile ba mo araba ka Dikwalo ba bo ba tlhalosa Tshenolo 21:4. Mokopi yoo o ne a amiwa thata ke molaetsa ono wa tsholofelo le ke go bo go na le mongwe yo o amegang thata ka ene mo a kgonneng go ema le go tlotla le ene ka Baebele. Matlho a gagwe a ile a gelela dikeledi. Go na le gore a kope bakaulengwe bano madi, o ne a ba kopa gore ba tseye madi otlhe a a a kopileng a a mo teng ga tshitswana ya gagwe! O ne a gakala thata jaana mo e leng gore o ne a goga tlhokomelo ya mongwe le mongwe yo o fetang ka tsela. E nnile morago ga go kgaratlha thata ga bakaulengwe bao, ba ileng ba kgona go dira gore a tseye madi a gagwe. La bofelo o ne a dumela go a tsaya mme a gatelela thata gore ba mo etele gape.

Yunibesithi e kgolo ya kwa Dakar le yone e oketsa ditlhapi tse di tshwerweng mo letloeng la go tshwara ditlhapi la semoya. Koo moithuti mongwe yo o neng a ithutela bongaka yo go tweng ke Jean-Louis o ne a simolola go ithuta Baebele. O ne a amogela boammaaruri ka bonako, a ineela mo go Jehofa mme a kolobediwa. O ne a batla go direla Modimo ka nako e e tletseng mo tirelong ya bobulatsela mme gape o ne a rata dithuto tsa gagwe tsa bongaka. E re ka a ne a dirile tumalano le naga ya gagabo, o ne a tshwanetse gore a fetse dithuto tsa gagwe. Le fa go ntse jalo, o ne a simolola go direla jaaka mmulatsela yo o thusang ka nako e e tshwanang. Ka bonako morago ga gore a bone dipoloma ya gagwe ya go tshwanelega go nna ngaka, o ne a lalediwa go ya go direla kwa legaeng lengwe le legolo la Bethele kwa Afrika e le ngaka ya lelapa. Lekawana le lengwe le go ileng ga kopanwa le lone kwa Dakar University le lone le direla mo lelapeng la Bethele la naga ya gagabo gone jaanong.

Go tshwara ditlhapi ga semoya kwa Segenal go duela tota. Dikgatiso tsa Baebele tsa Basupi ba ga Jehofa di anaanelwa thata mme gone jaanong di gatisiwa ka puo ya lefelo leo ya Se-Wolof. Go utlwa dikgang tse di molemo ka puo e ba e antseng go ile ga kgothatsa batho ba le bantsi ba ba peloephepa gore ba leboge. Ga go na pelaelo gore ka tshegofatso ya ga Jehofa, go sa ntse go tla tshwarwa ditlhapi tse dintsi tse di oketsegileng tsa tshwantshetso, ka gore “batshwarabatho” ba kwa Senegal ba ba tlhoafetseng ba ntse ba tswelela ba bolelela ba bangwe ka tsholofelo ya Bokeresete ka boikanyegi le ka bopelokgale.

[Mmapa/Setshwantsho mo go tsebe 31]

(Go bona mokwalo o o feletseng, leba kgatiso)

SENEGAL

[Setshwantsho]

Go bolelela ba bangwe ka tsholofelo ya Bokeresete kwa Senegal

[Motswedi wa Setshwantsho]

Mountain High Maps® Copyright © 1997 Digital Wisdom, Inc.