Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Tshwara Batho Kwa Lewatleng la Aegean

Go Tshwara Batho Kwa Lewatleng la Aegean

Go Tshwara Batho Kwa Lewatleng la Aegean

LEWATLE LA AEGEAN le ralala karolo e kgolo ya botlhaba jwa Mediterranean, le potilwe ke naga e kgolo ya Gerika ka fa bokone le ka fa bophirima, setlhaketlhake sa Kereta se le ka fa borwa le Turkey e le ka fa botlhabatsatsi. Lewatle la Aegean le e leng lefelo le ditlhabologo dingwe tse dikgolo tsa bogologolo di neng tsa simolola mo go lone, le dikologilwe ke ditlhaketlhake le ditlhakenyana. Melelwane e e makgawekgawe ya ditlhaketlhake tseno, e e nang le mathosithosi a matlo a mannye a masweu a a phatsimang mo leseding la letsatsi, e ne ya tlhotlheletsa mmoki mongwe gore a di tshwantshe le “dipitse tsa maje tse di nang le meetse e e tlhatlhabetseng.”

Ga go gakgamatse go bo ditlhaketlhake tseno e le dingwe tsa ditlhaketlhake tse di ngokang bajanala thata mo lefatsheng! Bontle jwa tsone bo okediwa thata ke dinonofo tse di molemo tsa banna le basadi ba ba nnang le go bereka koo. Batho bano ba ba atamelesegang e bile ba rata go amogela baeng, le fa go ntse jalo ba gololesegile, ba dira gore lefelo leno e nne le le kgethegileng.

Bontsi jwa batho ba ba nnang mo ditlhaketlhakeng tseno ba itshedisa ka go tshwara ditlhapi mo metsing a Lewatle la Aegean. Le fa go ntse jalo, mofuta o mongwe wa go “tshwara ditlhapi” o o botlhokwa, o na le matswela thata mo lefelong leo. “Batshwarabatho,” e leng baefangele ba dikgang tse di molemo tsa Bogosi jwa Modimo, ba ralala ditlhaketlhake tsa Aegean, ba dira batho barutwa ba Bakeresete.—Mathaio 4:18, 19; Luke 5:10.

Mo makgolong a ka nna 19 a dingwaga a a fetileng, baefangele ba Bakeresete ba ne ba etela ditlhaketlhake tsa Aegean. Mo e ka nnang ka 56 C.E. fa moaposetoloi Paulo a ne a tswa kwa loetong lwa gagwe lwa boraro lwa borongwa, o ne a etela go sekae kwa ditlhaketlhakeng tsa Lésbos, Kiose, Samosa, Kosa le Rodesa. E re ka Paulo e ne e le moreri yo o tlhoafetseng, o tshwanetse a bo a ile a rerela bangwe ba baagi ba ditlhaketlhake tseno. (Ditiro 20:14, 15, 24; 21:1, 2) Fa a sena go nna mo kgolegelong ka dingwaga di le pedi kwa Roma, a ka tswa a ne a etela kwa Kereta mme a dira tiro ya Bokeresete gone koo. Go ela kwa bokhutlong jwa lekgolo la ntlha la dingwaga, moaposetoloi Johane o ne a isiwa botshwarong kwa setlhaketlhakeng sa Patamose “ka ntlha ya go bua ka Modimo le go naya bosupi ka Jesu.” (Tshenolo 1:9) Baboledi ba dikgang tse di molemo ba motlha wa segompieno ba dira jang kwa ditlhaketlhakeng tseno?

Matsholo a go Rera a a Duelang

Go rera mo ditlhaketlhakeng tseno go thata e bile go boima. Go tlhoka boiteko jo bogolo le go intsha setlhabelo. Ditlhaketlhake tse dingwe di katologane thata. Dipalangwa tsa mo lewatleng kana difofane di bonala ka sewelo mo ditlhaketlhakeng tse dingwe mme mo go tse dingwe ga di yo gotlhelele, segolobogolo fa go le mariga. Lewatle le ka nna kotsi, segolobogolo fa go foka diphefo tsa meltemia—tse di tswang ka fa bokone, tse di maatla tse di fetogang go ya ka matlha. Mo godimo ga moo, metsana e e mo ditlhaketlhakeng tseno tse dintsi e katologane mme go thata go fitlha kwa go yone ka gonne batho ba sa kgone go tsamaya mo ditseleng tse di lerole, le tse di sa baakanngwang sentle. Go tsamaiwa ka mekorwana fela go ya kwa metseng e mengwe.

Tsaya ka sekai, setlhaketlhake sa Icaria. Baboledi ba le 11 ba dikgang tse di molemo tsa Bogosi ba ba mo phuthegong e nnye e e gone koo, ga ba kgone go fitlhelela metsana yotlhe ya setlhaketlhake seo le mo ditlhakenyaneng tse di gaufi. Ka gone, bakaulengwe le bokgaitsadi ba Bakeresete ba ba tswang kwa Samosa ba tla go thusa go rerela batho ba Icaria, le batho ba ba mo ditlhaketlhakeng tsa Phournoi, Patamose le Lipsos. Bosheng jaana, mo letsholong lengwe le le tsereng malatsi a mabedi, Basupi ba ne ba kgona go tsamaisa dimakasine di le 650, diboroutšhara di le 99 le dibuka tse dingwe tsa Baebele di le 25! Ba ne ba gakgamadiwa ke gore ba ne ba buisana le batho ba ba neng ba sa itse gore Jehofa ke mang, ba ba kopa gore ba nne go sekae le go ba ruta mo gontsi ka Baebele. Mosadi mongwe o ne a bolelela Mosupi mongwe jaana: “Gone jaanong o a tsamaya. Mme ke sa ntse ke na le dipotso di le dintsi tsa Baebele. Ke tlile go thuswa ke mang?” Kgaitsadi yono wa Mokeresete o ne a solofetsa go boa a buisana le ene ka founo, mme o ne a simolola thuto ya Baebele ka tsela eo.

Fa molebedi yo o etang a ne a le kwa Icaria, o ne a rulaganya gore go rerelwe batho mo setlhaketlhakeng sotlhe ka beke fela. O ne a thusiwa ke baboledi ba Bogosi ba le 30 ba kwa Samosa. Bakaulengwe ba ba etileng ba ne ba tshwanelwa ke go ituelela marobalo a malatsi a le mabedi kwa hoteleng le go hira dikoloi le dikoloi tse di gogang ka maotwana a manè. Go ne go nele pula e ntsi mo malatsing a mabedi, ka gone go ne go le tsididi mo mafelobekeng ao. Mme bakaulengwe ga ba a ka ba letla seno go ba kgoreletsa, ba ne ba gakologelwa mafoko a Moreri 11:4: “Ene yo o tlhokometseng phefo ga a ketla a jala; le yo o gopolang maru ga a ketla a roba.” Kgabagare maemo a bosa a ne a tokafala go sekae, mme fa bakaulengwe ba sena go buisana le batho mo setlhaketlhakeng sotlhe ka molaetsa wa bone o o botlhokwa, ba ne ba boela gae ba itumetse e bile ba kgotsofetse.

Baboledi ba le 16 ba ba nnang mo setlhaketlhakeng sa Andros ba dira boiteko jo bogolo jwa gore ba rerele batho mo setlhaketlhakeng sotlhe. Fa bakaulengwe ba babedi ba ne ba tsena kwa motsaneng mongwe o o kgakala, ba ne ba ikemiseditse go rerela baagi botlhe. Ba ne ba buisana le batho mo malapeng a bone, mo mebileng le mo masimong. Ba ile ba bo ba etela seteishene sa mapodise mme ba ba tlogelela dibuka. Fa ba setse ba tlhomamisegile gore ba buisane le baagi botlhe ba motse, ba ne ba ipaakanyetsa go tsamaya. Fa ba tswa kwa gare ga motse, ba ne ba bona moruti wa Greek Orthodox a tla. Fa ba lemoga gore ga a ise a neelwe bosupi, ba ne ba mo neela kgatiso nngwe e nnye, e a neng a e amogela ka boitumelo. Jaanong ba ne ba tlhomamisegile tota gore ga go na motho ope yo go sa buiwang le ene fa ba ntse ba leka go rerela batho!

Gavdos (kana Cauda)—ke setlhakenyana se se leng mo Kereta se se nang le baagi ba le 38 fela—se tsewa se le mo karolong e e kwa borwa jo bo kgakala jwa Yuropa. (Ditiro 27:16) Molebedi mongwe wa potologo le mosadi wa gagwe, le banyalani bangwe, ba ne ba nna malatsi a mararo ba rera koo. Ba ne ba robala mo tenteng gore ba fokotse ditshenyegelo. Baagi botlhe ba ne ba rerelwa dikgang tse di molemo, mme bakaulengwe ba ne ba itumeletse gore batho ba gone koo ga ba tlhaole batho. Ba ne ba ise ba utlwe sepe—se se molemo kana se se bosula—ka Basupi ba ga Jehofa. Batho ba mo motseng oo, go akaretsa le moruti mongwe, ba ne ba amogela dibuka di le 19 le diboroutšhara di le 13. Fa Basupi ba ntse ba boela kwa Kereta ka mokorwana, lewatle le ne le sa iketla, matshelo a bone a ne a le mo kotsing. Ba ne ba bolela jaana: “Re ne ra leboga Jehofa go bo re ne ra goroga kwa gae re sa ntse re tshela, mme gape re ne ra mo galaletsa go bo a re dumeletse go tlotla leina la gagwe kwa karolong eno ya borwa jo bo kgakala jwa Yuropa.”

Patamose ke setlhaketlhake se moaposetoloi Johane a neng a kwalela buka ya bofelo ya Baebele e bong Tshenolo, kwa go sone. Go tla go fitlha bosheng jaana go ne go se na Mosupi wa ga Jehofa kwa Patamose. Bakaulengwe ba kwa Samosa ba ne ba rulaganya sentle letsholo la go ya go rera kwa setlhaketlhakeng seo. Ba ne ba itse gore ba ka nna ba ganediwa setlhogo ka gonne setlhaketlhake seno ke lefelo le le laolwang thata ke Kereke ya Greek Orthodox. Bokgaitsadi bangwe ba babedi ba ba neng ba bolelela mosadi mongwe dikgang tse di molemo ba ne ba lalediwa go tsena mo legaeng la gagwe. Monna wa mosadi yono o ne a nnela go botsa gore ke mang yo o rometseng bokgaitsadi bano mo ntlong ya bone. Fa ba mo tlhalosetsa gore ba ne ba etela ntlo nngwe le nngwe, o ne a botsa gape jaana: “A lo tlhomamisegile gore ga lo a romelwa ke moagelani mongwe?” Mosadi yono, yo o ileng a simolola go itse ka Basupi ba ga Jehofa fa a ne a le kwa Zaire, moragonyana o ne a tlhalosetsa bokgaitsadi bano ka se se ileng sa diragala mo mosong oo. O ne a re: “Ke ne ke rapela Jehofa, fela jaaka ke ne ke a tle ke dire mo malatsing a mangwe, gore a romele Basupi bangwe mo setlhaketlhakeng seno. Monna wa me o ne a ntshega. Fa ke ne ke lo bona kwa kgorong, ke ne ke gakgametse le monna wa me o ne a gakgametse. Ke lone lebaka le le dirang gore a nnele go lo botsa gore lo rometswe ke mang mo legaeng la rona.” Ba ne ba simolola thuto ya Baebele ka bonako le mosadi yono. Thuto e ne e tshwarwa ka founo mo dikgweding di le lesome, le fa gone seno se ne se tlhoka gore kgaitsadi yono le mosadi yo o kgatlhegang ba duele madi a mantsi thata. O ne a kolobediwa mme jaanong ke ene fela Mosupi kwa setlhaketlhakeng seo, koo Johane a neng a le nosi gone dingwaga tse 1 900 tse di fetileng.

Go “Tshwara Ditlhapi” Kwa Boemakepeng

Dikepe tsa bajanala di ema kwa boemakepeng jo bo farologaneng jwa ditlhaketlhake tsa Aegean ka selemo sengwe le sengwe, di tlisa bajanala ba le bantsi. Ka gone, Basupi ba ga Jehofa ba na le sebaka se se kgethegileng sa go buisana le batho ba ditšhaba di le dintsi le diteme. Diphuthego di na le dibuka tsa Baebele tsa dipuo di le dintsi mo setokong, mme baboledi ba tsamaisetsa bajanala diketekete tsa dimakasine. Dikepe tse dingwe tsa bajanala di tla mo boemakepeng joo beke nngwe le nngwe, se se dirang gore bakaulengwe ba nne le sebaka sa go dira maeto a go boela, tota le go tshwara dithuto tsa Baebele le badiri ba mo dikepeng.

Ka selemo sa 1996, kgaitsadi mongwe yo e leng moreri wa nako e e tletseng kwa Rodesa o ne a neela lekawana lengwe la kwa Jamaica bosupi, le le neng le dira mo sekepeng sa bajanala se se neng se tla mo boemakepeng joo ka Labotlhano mongwe le mongwe. Ka Labotlhano o o latelang monna yono o ne a lalediwa go nna gone kwa kopanong ya kgaolo e e neng e tlile go tshwarwa mo setlhaketlhakeng seo. Kgaitsadi yono wa mmulatsela o ne a mo thusa go tlhaloganya dintlha dingwe tsa boammaaruri jwa Baebele jo bo neng bo tlhalosiwa mo thulaganyong a dirisa Baebele ya Seesemane. Lekawana leno le ne la kgatlhiwa thata ke lorato lo Basupi ba lo bontshitseng kwa kopanong eno. Ka Labotlhano o o latelang o ne a laletsa babulatsela ba babedi go tsena mo sekepeng. Babulatsela bano ba ne ba tshwere dibuka tsa Seesemane le tsa Sepanishe. Dibeke tsa bone di ne tsa boa di se na sepe go ise go fete ura! Lekawana leno la Mo-Jamaica le ne le ithuta Baebele ka Labotlhano mongwe le mongwe go fitlhela selemo se fela. Ka selemo se se latelang o ne a boa gape, a ipaakanyeditse go tswelela pele ka thuto ya gagwe. Le fa go ntse jalo, mo nakong eno o ne a dirile tshwetso ya go fetola tiro ya gagwe gore a tle a kgone go gatela pele semoyeng. Go tswa foo o ne a tsamaya gape. A bo bakaulengwe ba kwa Rodesa ba ne ba itumela jang ne fa ba utlwa gore lekawana leno le kolobeditswe mo masimologong a 1998!

Go Tshwara “Ditlhapi” Tse di Fudugang

Lewatle la Aegean le itsege ka ditlhapi tse dintsi tse di fudugang, tse di jaaka disaredine, swordfish, tse di ralalang metsi a lone mme di wele mo matloweng a batshwari ba ditlhapi ba ba ditswerere. Bareri ba Bogosi le bone ba fitlhela batho ba ba dipelo di ikanyegang gareng ga badiri ba ba fudugelang kwa Gerika ba ba tswang kwa dinageng tse dintsi tsa Yuropa Botlhaba.

Rezi o ne a na le dingwaga di le lesome fa a ne a simolola go bala ka ga Jehofa le ka maikaelelo a gagwe mo dimakasineng tsa Tora ya Tebelo le Tsogang! O ne a le kwa Albania. Dingwaga di le tharo moragonyana o ne a fudugela kwa setlhaketlhakeng sa Rodesa le lelapa la gagabo. Ka letsatsi lengwe, Rezi o ne a rapela Jehofa gore a mo thuse go bona batho ba gagwe mo motseng wa gagabo o mosha. Mo letsatsing le le latelang rraagwe o ne a tla kwa gae a tshwere dimakasine tseo, tse a neng a di tlwaetse, Tora ya Tebelo le Tsogang!, mme Rezi o ne a itumetse thata. Rezi o ne a kopana le kgaitsadi yo o neng a neela rraagwe dimakasine tseno, mme go ise go ye kae o ne a simolola go ithuta buka ya Kitso E E Isang Botshelong Jo bo Sa Khutleng. Ka dinako tse dingwe o ne a kopa gore a ithute gararo mo letsatsing! Morago ga dikgwedi tse pedi o ne a nna mmoledi yo o sa kolobediwang, mme ka March 1998, o ne a kolobediwa a na le dingwaga di le 14. Mo go lone letsatsi leo o ne a simolola bobulatsela jo bo thusang, mme dikgwedi di le thataro morago ga moo o ne a ikwadisetsa go nna mmulatsela wa ka metlha, kana modiredi wa nako e e tletseng.

Mokaulengwe mongwe kwa setlhaketlhakeng sa Kosa o ne a ithuta le batho bangwe ba ba tswang kwa Russia. Fa a ne a ba botsa gore a ba na le ditsala tse di ka ratang go ithuta Baebele, ba ne ba mo isa kwa banyalaning bangwe ba ba tswang kwa Armenia—Leonidas le mosadi wa gagwe, Ophelia—kwa motsaneng mongwe o o bokgakala jwa dikilometara di ka nna 30. Bakaulengwe ba ne ba letetswe ke dilo tse di itumedisang tse ba neng ba sa di lebelela. Banyalani bano ba ba tswang kwa Armenia ba ne ba tla le beke e tletse dibuka tsa Baebele tsa Se-Armenia le Se-Russia tse di gatisitsweng ke Mokgatlho wa Watch Tower! Ba ne ba tlhalosa gore ba kile ba ithuta Baebele le Basupi ba ga Jehofa mme ba ne ba gatela pele go fitlha e nna baboledi ba ba sa kolobediwang. Ka ntlha ya dikhuduego tsa bopolotiki le mathata a itsholelo, ba ne ba tshwanelwa ke go tswa kwa nageng ya gagabo. Fa ba sena go goroga kwa Kosa, ba ne ba simolola go ithuta le mmaagwe Leonidas le kgaitsadie, ba ba neng ba setse ba nna koo. Ka bonako fela, Mosupi yono o ne a setse a na le dithuto tsa Baebele tse disha di le tharo tse a neng a di tshwara—e nngwe a e tshwarela Ophelia, e nngwe Leonidas, mme e nngwe a e tshwarela mmaagwe le kgaitsadie. Seno se ne se tlhoka gore a tsamaye dikilometara di le 30 ka sethuthuthu go ya fela, ka makgetlho a mararo mo bekeng. Leonidas le mosadi wa gagwe ba ne ba kolobediwa dikgwedi di sekae moragonyana. A bo bakaulengwe ba lefelo leo ba ile ba nna le matswela a a molemo jang ne ka ntlha ya moya wa go intsha setlhabelo!

Jehofa o a Godisa

Go bonala Jehofa a segofatsa maiteko a a sa kgaotseng a baboledi ba ba tlhagafetseng ba Bogosi ba ba fetang 2 000 mo ditlhaketlhakeng tseno tsa Aegean. Gone jaanong go na le diphuthego di le 44 le ditlhopha di le 25 tsa Basupi ba ga Jehofa gone koo. Mo ditlhopheng tseo, di le 17 tsa tsone ke tsa dipuo tsa seeng, e re ka e le go rata ga ga Jehofa gore “batho ba mefuta yotlhe ba bolokwe mme ba tle mo kitsong e e leng yone, ya boammaaruri.” (1 Timotheo 2:4) Mo godimo ga moo, babulatsela ba ba kgethegileng ba le 13 ba dira ka natla go fitlhelela batho ba bangwe ba le bantsi kwa ditshimong tseo tse di katologaneng.

Ka makgolokgolo a dingwaga Lewatle la Aegean e ne e le lefelo la ditlhabologo le la kgwebo. Mo masomeng a bosheng jaana a dingwaga le ile la ratiwa thata ke dikete di le makgolokgolo tsa bajanala. Mme se se botlhokwa le go feta, jaaka “batshwarabatho,” baboledi ba Bogosi ba fitlheletse batho ba ba dipelo tse di ikanyegang ba le bantsi mo ditlhaketlhakeng tseno ba tlhagafaletse go baka Jehofa. Ba ile ba arabela thata mo taletsong eno ya boporofeti: “A ba neye Jehofa kgalalelo, ba bolele pako ya gagwe mo ditlhakeng.”—Isaia 42:12.

[Mmapa mo go tsebe 22]

(Go bona mokwalo o o feletseng, leba kgatiso)

Lewatle la Aegean

GERIKA

Lésvos

Kiose

Samosa

Icaria

Phournoi

Patamose

Kosa

Rodesa

Kereta

TURKEY

[Setshwantsho mo go tsebe 23]

Setlhaketlhake sa Lésvos

[Setshwantsho mo go tsebe 24]

Setlhaketlhake sa Patamose

[Setshwantsho mo go tsebe 24]

Setlhaketlhake sa Kereta