Go ya Go Dira Kwa Ditlhaketlhakeng Tsa Pacific!
Go ya Go Dira Kwa Ditlhaketlhakeng Tsa Pacific!
MAFELO a bapalami ba letang mo go one kwa boemafofaneng jwa boditšhabatšhaba kwa Brisbane le Sydney, Australia, a ne a duma ka boitumelo jo bo seng kana ka sepe. Setlhopha sa batho ba le 46 se ne se tlile go fofela kwa Samoa e e mogote gore se kopane le ba bangwe ba le 39 ba ba tswang kwa New Zealand, Hawaii le United States. Merwalo ya bone e ne e sa tlwaelega—thatathata e ne e le didirisiwa, tse di jaaka dihamore, dishaga le diboro—e se mofuta wa dilo tse motho a tlwaetseng go di tsaya fa a le mo loetong lwa go ya kwa setlhaketlhakeng se sentle seo sa Pacific. Mme le tiro ya bone e ne e sa tlwaelega.
E re ka ba ne ba ituelela ditshenyegelo tsa bone tsa mosepele, ba ne ba tlile go tsaya dibeke di le pedi e le baithaopi ba ba sa duelweng mo thulaganyong ya kago e e neng e okametswe ke Ofisi ya Kgaolo ya Boenjenere kwa ofising ya lekala la Basupi ba ga Jehofa kwa Australia. Thulaganyo eno, e e neng e duelelwa ka meneelo e e ntshiwang ka go rata, e akaretsa go agiwa ga Diholo Tsa Bogosi, Diholo Tsa Dikopano, magae a barongwa le dikago tsa makala kana tsa boranodi ka ntlha ya diphuthego tsa Basupi ba ga Jehofa tse di ntseng di gola ka potlako kwa ditlhaketlhakeng tsa Pacific. Mma re lo itsiseng bangwe ba badiri bano, ba ba neng ba le mo ditlhopheng tse di neng di aga Diholo Tsa Bogosi kwa dinageng tsa bone.
Max, yo e leng moruledi, o tswa kwa Cowra kwa New South Wales, Australia. O nyetse mme o na le bana ba le batlhano. Arnold o tswa kwa Hawaii. Ene le mosadi wa gagwe ba na le barwa ba babedi, mme gape ke mmulatsela, kana modiredi wa nako e e tletseng. Fela jaaka Max, Arnold ke mogolwane kwa phuthegong ya gagabo. Kwantle ga pelaelo, banna bano—fela jaaka bontsi jwa ba bangwe ba ba leng mo thulaganyong eno—ga se baithaopi ka gonne ba na le nako e ntsi. Go na le moo, bone le ba malapa a bone ba bone go tlhokega thuso, mme ba batla go dira se ba ka se kgonang gore ba thuse.
Badiri ba Ditšhabatšhaba ba Dira Tiro e e Botlhokwa Thata
Lefelo lengwe le le neng le tlhoka kitso le ditirelo tsa bone e ne e le la Tuvalu, e leng naga nngwe ya Pacific ya batho ba ka nna 10 500 e e leng karolo ya setlhopha se se kgakala sa ditlhaketlhake tse robong tsa korale tse di gaufi le ekhweitha e bile di le ka fa bokonebophirima jwa Samoa. Boleele le bophara jwa ditlhaketlhake tseno e ka nna palogare ya disekwerekilometara di ka nna 2,5 sengwe le sengwe sa tsone. Ka 1994, Basupi ba koo ba le 61 ba ne ba tlhoka Holo e ntšha ya Bogosi ka bonako le ofisi e kgolwane ya boranodi.
Mo karolong eno ya boboatsatsi jwa Pacific, dikago di tshwanetse tsa dirwa le go agiwa ka tsela e di tla kgonang go emelana le ditsuatsue tse di maatla tse di a tleng di tsubutle kgapetsakgapetsa. Mme ga go na didirisiwa tse dintsi tsa go
aga tse di nonofileng mo ditlhaketlhakeng tseno. Tharabololo e nnile eng? Dilwana tsotlhe—go simolola ka disenke tsa go rulela le ditlhomeso, fanitšhara le digaretene, diboula tsa matlwana a boithomelo le didirisiwa tse di nang le maroba tsa dishawara, tota le dikurufu le dipekere—di ne di tswa kwa Australia ka sekepe.Pele dilwana tseno di goroga, setlhotshwana se se neng se tlile pele se ne se baakantse setsha le go thaya motheo. Go tswa foo badiri ba ditšhabatšhaba ba ne ba goroga gore ba age dikago tseno, ba di pente le go di tsenya fanitšhara.
E bile tota, tiro eno yotlhe ya kwa Tuvalu e ne ya galefisa moruti mongwe wa mo lefelong leo yo o neng a gasa mo radiong gore Basupi ba aga “Tora ya Babele”! Le fa go ntse jalo, boammaaruri e ne e le eng? Modiri wa moithaopi e bong Graeme o akgela jaana: “E ne ya re batho ba ba neng ba aga Tora ya Babele e go buiwang ka yone mo Baebeleng ba lemoga gore ga ba tlhole ba tlhaloganyana ka ntlha ya puo ya bone e Modimo a neng a e tlhakatlhakanya, ba ne ba tshwanelwa ke go tlogela porojeke ya bone mme ba tlogela tora e sa wediwa.” (Genesise 11:1-9) “Ga go a nna jalo fa motho a direla Jehofa Modimo. Le fa gone re farologana ka puo le ditso, gantsi diporojeke tseno di a wediwa.” Mme le eno e ne ya wediwa—mo dibekeng di le pedi fela. Eleruri batho ba le 163, go akaretsa le mosadi wa tonakgolo, ba ne ba le gone mo moketeng wa go kgakola.
Doug, yo o neng a okametse porojeke eno, o bolela jaana malebana le se se neng sa diragala: “Go ne go itumedisa go dira le baithaopi ba ba tswang kwa dinageng tse dingwe. Le fa re dira dilo ka ditsela tse di sa tshwaneng, re di bitsa ka mareo a a sa tshwaneng, le go dirisa ditsela tsa go lekanya tse di sa tshwaneng, ga go na sepe sa dilo tseno se se neng sa baka mathata.” E re ka jaanong a setse a kile a dira mo diporojekeng tseno di le mmalwa, o oketsa jaana: “Seno se gatelela mo mogopolong wa me gore fa Jehofa a eme batho ba gagwe nokeng, ba ka aga gongwe le gongwe mo lefatsheng leno, le mororo go ka tswa go le kgakala go le kana kang kana setsha se le thata go le kana kang. Ke boammaaruri gore re na le banna ba ba ditswerere ba le bantsi, mme ke moya wa ga Jehofa o o dirang gore seno se kgonege.”
Gape moya wa Modimo o tlhotlheletsa malapa a Basupi mo ditlhaketlhakeng tseno go tlamela baeng ka dijo le ka marobalo, tse bangwe ba bone ba di dirang ka go ithontsha dilo dingwe. Mme batho ba ba amogetsweng sentle jalo ba anaanela seo thata. Ken, yo o tswang kwa Melbourne, Australia, o kile a dira mo porojekeng e e tshwanang le eo kwa French Polynesia. O bolela jaana: “Re tlile re le batlhanka fela, mme ra tshwarwa jaaka dikgosi.” Basupi ba mo lefelong leo le bone ba thusa mo tirong ya go aga fa go kgonega. Kwa Solomon Islands, basadi ba ne ba duba taka ka diatla. Banna le basadi ba le lekgolo ba ne ba palamela kwa godimo ga dithaba tse di kolobeditsweng ke pula mme ba tla ba rwele ditone tse di fetang 40 tsa dikota. Basha le bone ba ne ba thusa. Modiri mongwe go tswa New Zealand, o gakologelwa jaana: “Ke gakologelwa mokaulengwe mongwe wa mosha wa mo setlhaketlhakeng yo o neng a rwala dikgetsi tsa semente di le tharo ka nako e le nngwe. Mme o ne a olela makgarapana ka garawe motshegare otlhe mo mogoteng le mo puleng.”
Go akaretsa Basupi ba lefelo leo mo tirong go ba solegela molemo. Ofisi ya lekala la Samoa ya Mokgatlho wa Watch Tower e bega jaana: “Bakaulengwe ba setlhaketlhake seno ba ithutile ditiro tsa diatla tse ba ka di dirisang fa go agiwa Diholo Tsa Bogosi le fa go baakanngwa dikago tse di sentsweng ke setsuatsue le go di aga sesha. Gape go ka ba thusa go itlamela mo lefelong la gagabo, moo batho ba le bantsi ba palelwang ke go dira tiro eo gone.”
Thulaganyo ya go Aga e Neela Bosupi jo bo Molemo
Colin o ne a le kwa Honiara mme a bona go agiwa Holo ya Dikopano ya Solomon Islands. O ne a kgatlhilwe ke seno mo a neng a kwalela ofisi ya lekala ya Mokgatlho wa Watch Tower ya mo lefelong leo molaetsa ono o o neng o kwadilwe ka Seesemane sa Pidgin: “Batho botlhe ba ne ba utlwana e bile go se na ope yo o galefelang ba bangwe, gape ke lelapa le le lengwe fela.” Ka bonako fela morago ga moo, fa a fitlha kwa motsaneng wa gagabo kwa Aruligo, o o bokgakala jwa dikilometara di le 40, ene le lelapa la gagwe ba ne ba ikagela Holo ya Bogosi. Go tswa foo ba ne ba romela molaetsa o mongwe kwa ofising eno: “Holo ya rona ya Bogosi, go akaretsa le serala, e weditswe, ka jalo a re ka tshwarela dipokano mo go yone?” Seno se ne sa rulaganngwa ka bonako, mme batho ba ba fetang 60 ba nna gone ka metlha.
Mogakolodi mongwe wa Dinaga Tse di Kopaneng Tsa Yuropa o ne a bona porojeke ya kwa Tuvalu. O ne a akantsha seno mo modiring yo mongwe: “Ke akanya gore ke se mongwe le mongwe a lo boleletseng sone, mme nna ke bona seno e le kgakgamatso fela!” Mosadi mongwe yo o dirang fa motšhineng wa difouno o ne a botsa moithaopi yo mongwe yo o etileng jaana: “Go tla jang gore lotlhe lo bo lo itumetse jaana? Golo fano go a fisa!” Ba ne ba ise ba ko ba bone Bakeresete ba dira mmogo ka tsela e e molemo jalo le ya go intsha setlhabelo.
Go Intsha Setlhabelo Go ba Sa go Ikotlhaeleng
Baebele e bolela jaana mo go 2 Bakorintha 9:6: “Yo o jalang ka bogolo gape o tla roba ka bogolo.” Badiri, ba malapa a bone, le diphuthego tsa bone ba tswelela pele ba jala ka bopelotshweu ka go thusa Basupikabone kwa Pacific. Ross, yo e leng mogolwane kwa Kincumber, gaufi le Sydney, o bolela jaana: “Phuthego e ke leng mo go yone e ne ya ntuelela madi a a fetang nngwetharong ya madi a sefofane, mme molangwa wa me, yo le ene a neng a le mo loetong leo, o ne a ntlatsa ka madi a a kana ka $500 [R1 900].” Modiri yo mongwe o ne a duelela loeto lwa gagwe ka go rekisa koloi ya gagwe. Yo mongwe ene o ne a rekisa setsha. Kevin o ne a tlhaelelwa ke madi a a kana ka R3 500, ka jalo o ne a dira tshwetso ya go rekisa maeba a gagwe a le 16 a a nang le dingwaga di le pedi. O ne a thusiwa ke tsala ya gagwe gore a bone moreki yo o neng a a reka ka yone R3 500 e a neng a e tlhoka!
“A go ne go tlhokega gore lo dirise madi a a kalo go palama sefofane le a ditshenyegelo tse dingwe, a palogotlhe ya one e neng e ka nna $6 000 [R23 000]?” Danny le Cheryl ba ne ba bodiwa jalo. “Ee! Tota le fa madi ao a ne a menagane gabedi go ne go tla nna go ntse go tshwanela,” ba ne ba araba jalo. Alan, yo o tswang kwa Nelson, New Zealand, o ne a oketsa jaana: “Ka madi a ke a dirisitseng go ya kwa Tuvalu, nkabo ke kgonne go ya Yuropa ka one ka bo ka salelwa ke madi a mangwe. A mme gone nka bo ke amogetse masego a ke nnileng le one, kana ke itiretse ditsala di le dintsi tsa batho ba ba sa tshwaneng, kana ke diretse mongwe sengwe go na le nna? Nnyaa! Tota e bile, le fa nka tswa ke abetse bakaulengwe ba rona ba setlhaketlhake sengwe, ke bone ba ba nkabetseng go feta.”
Selo se sengwe se se dirileng gore thulaganyo eno e atlege ke go tshegediwa ke malapa. Le mororo basadi ba bangwe ba kgona go tsamaya le banna ba bone, tota le go thusa mo setsheng, ba bangwe ba tlhokomela bana ba ba sa ntseng ba tsena sekolo kana go tlhokomela ditiro dingwe tsa lelapa. Clay o ne a bolela jaana: “Tsela e mosadi wa me a neng a ithaopela go sala a tlhokometse bana le legae ka yone fa ke ne ke tsamaile, e ne e le go intsha setlhabelo mo gogolo go feta mo ke neng ke go dirile.” Eleruri, banna botlhe ba ba neng ba sa kgona go tsamaya le basadi ba bone ba ka re “Go Ntse Jalo” mo go se se builweng!
Fa e sa le go wediwa porojeke ya Tuvalu, baithaopi ba setse ba agile Diholo Tsa Bogosi, Diholo Tsa Dikopano, magae a barongwa le diofisi tsa boranodi kwa Fiji, Tonga, Papua New Guinea, New Caledonia le kwa mafelong a mangwe. Diporojeke di le dintsi, go akaretsa le mo mafelong mangwe kwa Borwabotlhaba jwa Asia, di sa ntse di rulaganngwa. A go tla nna le badiri ba ba lekaneng?
Go bonala go ka se nne le bothata. Ofisi ya lekala la Hawaii e kwala jaana: “Mongwe le mongwe fano yo o nnileng le seabe mo diporojekeng tsa go aga tsa boditšhabatšhaba o kopile gore a se ka a lebalwa fa go ka rulaganngwa e nngwe gape. Fa ba tsena kwa gae fela, ba simolola go e bolokela madi.” A thulaganyo eno e ka tlhoka go atlega fa o akanya ka tsela e Jehofa a segofatsang boineelo jo bo ntseng jalo jo e seng jwa bopelotshetlha?
[Setshwantsho mo go tsebe 9]
Dilwana tsa porojeke eno
[Ditshwantsho mo go tsebe 9]
Badiri kwa setsheng sa kago
[Ditshwantsho mo go tsebe 10]
Fa diporojeke tseno di ne di wediwa, re ne ra ipelela se moya wa Modimo o se fitlheletseng