Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Leroborobo la Letlhoo

Leroborobo la Letlhoo

Leroborobo la Letlhoo

“Batho ga ba ke ba tlhaloganya batho bao ba ba tlhoileng.”—JAMES RUSSELL LOWELL, MOKWADI WA DITLHAMO LE MODIPOLOMATE.

GO BONALA re dikologilwe ke letlhoo fela gompieno. Maina a a tshwanang le East Timor, Kosovo, Liberia, Littleton, le Sarajevo—mmogo le moemedi wa puso ya Nazi, senokwane, le puso ya basweu—a ile a nwelelela mo megopolong ya rona mmogo le ditshwantsho tse di sa phimogeng mo megopolong ya rona tsa matlotla a a fisitsweng, mabitla a magolo a a sa tswang go epiwa a go fitlhwang batho ba le bantsi ba ba suleng mo teng ga one, le ditopo.

Tsholofelo ya go nna le isagwe e e senang letlhoo, dikgotlhang le thubakanyo e nyeletse. Danielle Mitterand, mosadi wa poresidente e e tlhokafetseng ya Fora, o ne a gakologelwa nako ya gagwe ya bosha jaana: “Batho ba ne ba eletsa go tshela ka kgololesego mo setšhabeng se se botsalano se ba neng ba ka se ikanya; ba le mo kagisong ba tshela mo gare ga batho e bile ba tshedisana le bone; ba ne ba eletsa go tshela botshelo jo bo nang le botsogo jo bo itekanetseng, jo bo nang le kagiso le seriti mo lefatsheng le le humileng le le abang ka bopelotshweu e bile le ba tlhokomela.” Go diragetseng ka dikeletso tseo tsa bone? O ne a bua jaana ka khutsafalo: “Morago ga halofo ya lekgolo la dingwaga, ruri keletso eno ya rona e ne ya tlhaselwa.”

Go tsoga gape ga letlhoo gone jaanong ga go ka ke ga tlhokomologiwa fela. Le aname fela thata, e bile batho ba tswelelapele ba le bontsha fela ba sa iphitlhe. Go ikutlwa ga batho ba sireletsegile, mo dimilione tsa batho di sa go iseng tlhogong go le kalo go fokoditswe ke ditiro tse di seng kana ka sepe tsa letlhoo tse di se nang tlhaloganyo tse nngwe le nngwe ya tsone e bonalang e le e e tshosang go gaisa e e fetileng. Le fa e le gore ga re a tlhoiwa mo legaeng la rona kgotsa mo nageng ya rona, re letetswe ke letlhoo golo gongwe. Ga go na pelaelo gore re bona bosupi jwa seno letsatsi le letsatsi mo dikgannyeng tsa thelebishene le mo ditiragalong tse di gasiwang tsa bosheng. Lengwe la lone le tsene le mo teng ga Internet. Akanya fela ka dikai tseno di le mmalwa.

Moya wa bosetšhaba o ile wa tlhatloga ka selekanyo se o iseng o ke o tlhatloge ka sone mo dingwageng di le lesome tse di fetileng. Joseph S. Nye yo Mmotlana, e bong motsamaisi wa Harvard Center for International Affairs o ne a bolela jaana: “Moya wa bosetšhaba o tswelelapele o nonofa mo dikarolong tse dintsi tsa lefatshe, ga o koafale. Go na le gore lefatshe lotlhe e nne motse o le mongwe fela, go na le metse e e farologaneng mo lefatsheng lotlhe e batho ba yone ba sa rataneng. Seo se dira gore go nne motlhofo gore dikgotlhang di tsoge.”

Mefuta e mengwe ya letlhoo ke e e sa lemotshegeng ka tlhamalalo, e iphitlhile mo nageng yotlhe kgotsa mo baagelaning ba gago. Fa dinokwane di le tlhano di ne di bolaya motsofe mongwe wa Bodumedi jwa Sehindu kwa Canada, tiragalo eno e ne ya “tlhomolola se bangwe ba se lebang e le go tsoga gape ga ditiro tsa bonokwane tsa letlhoo mo nageng e gantsi e neng e buiwa bontle gore ke e e sa tshwenyeng batho ba ditso tse dingwe.” Kwa Jeremane, morago ga gore go tlhaselwa ga batho ba merafe e mengwe go kokobale mo dingwageng tse di fetileng, go tlhaselwa ga bone ke batho ba ba ratang go dira jalo go ne ga gola ka diperesente di le 27  ka 1997. “Ke selo se se kgobang marapo eletota,” go ne ga akgela jalo Tona ya Merero ya Selegae e bong Manfred Kanther.

Kwa Albania bokone pego nngwe e ne ya bontsha gore bana ba ka nna 6 000 ba batla ba fetogile magolegwa mo teng ga matlo a bone ka ba boifa gore ba ka tloga ba hulwa ke baba ba malapa a bone. Bana bano ba tshosediwa ke bobaba jo bo leng gone fa gare ga malapa, “jo bo tshwentseng botshelo jwa malapa a le diketekete.” Kwa United States, go ya ka Federal Bureau of Investigation (FBI), “go feta halofo ya ditiro di le 7 755 tsa bonokwane tse di tlhotlheleditsweng ke letlhoo tse di neng tsa dirwa ka 1998, tse di neng tsa begelwa FBI, di bakilwe ke go tlhaolana ga batho ka lotso.” Mangwe a mabaka a a dirang gore go dirwe bonokwane jwa mefuta e mengwe jo bo tlhotlhelediwang ke letlhoo ke go nna le maikutlo a a sa siamang ka bodumedi, lotso kgotsa bomorafe jwa motho, le go sa atlege mo dilong dingwe.

Mo godimo ga moo, letsatsi lengwe le lengwe ditlhogo tsa makwalodikgang di bua ka leroborobo la go boifa batswakwa le go ba ila, e leng selo se se dirwang segolobogolo mo batshabing ba palo ya bone jaanong e fetang dimilione di le 21. Se se utlwisang botlhoko ke gore, bontsi jwa ba ba tlhoileng batswakwa ke basha, ba ba tlhotlhelediwang ke boradipolotiki ba ba sa ikanyegeng le ba bangwe ba ba batlang batho ba ba ka ba tlhoang. Ditshupo tse dingwe tse di sa lemotshegeng tsa letlhoo di akaretsa go sa tshepe ba bangwe, go palelwa ke go ba itshokela, le go dira gore batho ba ba sa tshwaneng le bone ba se ka ba nna le megopolo e e bulegileng.

Mabaka mangwe a go bo go na le leroborobo leno la letlhoo ke afe? Ke eng se se ka dirwang go fedisa letlhoo leno? Setlhogo se se latelang se tla araba dipotso tseno.

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 2]

Cover, top: UN PHOTO 186705/J. Isaac

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 3]

Daud/Sipa Press