Tsela e le Yosi Fela ya go Fedisa Letlhoo
Tsela e le Yosi Fela ya go Fedisa Letlhoo
“Ga go na letlhoo le le senang poifo. . . . Re tlhoa se re se boifang, ka gone fa go nang le letlhoo gone, go na le poifo.”—CYRIL CONNOLLY MOTSHWAYADIPHOSO WA DIBUKA LE MOKWADI.
BAITHUTALOAGO ba le bantsi ba dumela gore letlhoo le tseneletse thata mo bothong jwa batho. Moitseanape mongwe mo go tsa dipolotiki o ne a re, “Bontsi jwa lone bo ka tswa e le selo se se tsentsweng mo teng ga motho,” se a tlhagileng a na le sone.
Re kgona go tlhaloganya gore ke ka ntlha yang fa baithuti ba ba ithutang ka tlholego ya motho ba fitlhelela ditshwetso tse di ntseng jalo. Dilo di le dingwe fela tse ba ithutang ka tsone ke banna le basadi ba go ya ka pego e e tlhotlheleditsweng ya Baebele, ba belegetsweng “mo boikepong” le “mo boleong.” (Pesalema 51:5) Tota le Mmopi, fa a ne a sekaseka batho ba ba sa itekanelang dingwaga di le diketekete tse di fetileng, o ne “a bona fa boikepo jwa motho bo le bogolo mo lefatsheng, le go akanya ga megopolo ya pelo ya gagwe gotlhe, go le bosula ka metlha yotlhe.”—Genesise 6:5.
Go tlhaolana ka lotso, tlhaolele, le letlhoo le le bakwang ke gone ke diphelelo tsa bosaitekanelang jo motho a bo ruileng le bopelotshetlha jwa gagwe. (Duteronome 32:5) Ka maswabi, ga go na baemedi bape kgotsa puso epe ya batho e e kgonneng go fetola dipelo tsa batho mo dilong tse di ntseng jalo, go sa kgathalesege gore molao wa yone ke o o ntseng jang. Mokwadi wa merero ya dinaga di sele e bong Johanna McGeary o ne a akgela jaana: “Ga go na lepodise lepe la lefatshe, le fa le ka tswa le le maatla jang, le le ka fedisang letlhoo le le dirileng gore go nne le tshololo e e seng kana ka sepe ya madi kwa Bosnia, Somalia, Liberia, Kashmir, le Caucasus.”
Le fa go ntse jalo, pele re batla ditharabololo, re tshwanetse go tlhaloganya gore totatota ke eng se se tlhotlheletsang letlhoo.
Letlhoo le Bakwa ke Poifo
Go na le mefuta e e farologaneng thata ya letlhoo. Mokwadi e bong Andrew Sullivan o ne a sobokanya kgang eno sentle jaana: “Go na le letlhoo la poifo, le letlhoo la go nyatsa; go na le letlhoo le le supang maatla, le letlhoo le le bakwang ke go tlhoka maatla; go ipusolosetsa le gone go teng, e bile go na le letlhoo le le bakwang ke go fufega. . . . Go na le letlhoo la mogateledi, le letlhoo la yo o gatelelwang. Go na le letlhoo le le golang ka bonya, le letlhoo le le nyelelang. Gape go na le letlhoo le le phatlogang, le letlhoo le le se keng le tuka.”
Ga go na pelaelo gore dilo dingwe tsa konokono tse di dirang gore go nne le dikgotlhang tse di bakwang ke letlhoo mo metlheng ya rona ke maemo a setšhaba le a ikonomi. Maikutlo a a nonofileng a go tlhaola batho ka lotso le letlhoo le le bogalaka gantsi di fitlhelwa mo mafelong a mo go one go nang le setlhopha se sennye sa batho ba ba humileng. Gape, letlhoo le fitlhelwa mo maemo a ikonomi a karolo nngwe mo setšhabeng a bewang mo kotsing ke bontsi jwa batho ba ba gorogang go tswa kwa dinageng di sele.
Bangwe ba ka nna ba akanya gore batho ba ba sa tswang go goroga bano ba tla ba tseela ditiro ka go berekela madi a a kwa tlase, kgotsa ba tla dira gore boleng jwa dithoto bo wele kwa tlase. Gore a poifo e e ntseng jalo e a utlwala kgotsa nnyaa ke kgang e sele. Poifo ya go wa ga ikonomi le poifo ya gore maemo a botshelo mo setšhabeng kgotsa mokgwa wa go tshela e tla nna o o nang le mathata ke mabaka a nonofileng a a tlhotlheletsang batho go tlhaolana ka lotso le go tlhoana.
Kgato ya ntlha e e tshwanetseng go tsewa ya go fedisa letlhoo ke efe? Go fetola maikutlo.
Go Fetola Maikutlo
“Phetogo ya mmatota e tla nna teng fa fela batho ba go buiwang ka bone ba ka fetola maikutlo a bone,” go ne ga bolela jalo McGeary. Mme maikutlo a batho a ka fetolwa jang? Maitemogelo a bontshitse gore tlhotlheletso e e maatla go di gaisa tsotlhe, e e rotloetsang go di gaisa tsotlhe, le e e nnelang ruri e e kgatlhanong le letlhoo e tswa mo Lefokong la Modimo, e leng Baebele. Ke ka gonne “lefoko la Modimo le a tshela e bile le tsenya maatla mme le bogale thata go gaisa tšhaka epe e e bojetlabobedi mme le tlhaba gore le bo le kgaoganye sebele le moya, le malokololo le moko wa one, mme le kgona go lemoga dikakanyo le maikaelelo a pelo.”—Bahebera 4:12.
Mme gone, go tlosiwa ga go tlhaolana ka lotso le letlhoo ga go itlele fela, e bile ga go direge ka bofefo. Mme gone go ka dirwa. Jesu Keresete, motlhotlheletsi yo mogolo wa dipelo le yo o nolofatsang Mathaio 5:44.
digakolodi, o ne a kgona go tlhotlheletsa batho gore ba fetoge. Ba le dimilione ba kgonne go utlwa kgakololo e e botlhale ya ga Jesu Keresete e e reng: “Tswelelang lo rate baba ba lona lo bo lo rapelele ba ba lo bogisang.”—Go dumalana le dithuto tsa gagwe, mo setlhopheng sa ditsala tsa gagwe tse di neng di ikanyega thata, Jesu o ne a akaretsa Mathaio yo pele e neng e le mokgethisi, yo setšhaba sa Bajuda se neng se mo tlhoile e bile se mo kgaphetse kwa thoko. (Mathaio 9:9; 11:19) Mo godimo ga moo, Jesu o ne a tlhoma tsela ya kobamelo e e itshekileng e kwa bofelong e neng e tla akaretsa Baditšhaba ba mo nakong e e fetileng ba neng ba kgaphetswe kwa thoko e bile ba tlhoilwe. (Bagalatia 3:28) Batho ba ba neng ba tswa mo lefatsheng lotlhe le le neng le itsiwe ka nako eo ba ne ba nna balatedi ba ga Jesu Keresete. (Ditiro 10:34, 35) Batho bano ba ne ba itsiwe ka lorato lo logolo lo ba neng ba na le lone. (Johane 13:35) Fa batho ba ba neng ba tletse letlhoo ba ne ba bolaya morutwa wa ga Jesu e bong Setefane ka go mo kgobotletsa ka maje, mafoko a gagwe a bofelo e ne e le: “[Jehofa], o se ka wa ba balela boleo jo.” Setefane o ne a eleletsa ba ba neng ba mo tlhoile molemo.—Ditiro 6:8-14; 7:54-60.
Bakeresete ba boammaaruri ba motlha wa segompieno le bone ba arabetse kgakololo ya ga Jesu ka tsela e e tshwanang ya go dira molemo, e seng go o direla bakaulengwe ba bone ba Bakeresete fela, mme le bao ba ba tlhoileng. (Bagalatia 6:10) Ba dira ka natla go tlosa letlhoo la bopeloetlhoi mo matshelong a bone. Fa ba lemoga moya o o maatla o o ka tsosang letlhoo mo go bone, ba tsaya kgato e e molemo ya go le emisetsa ka lorato. Ee, fela jaaka monna yo o botlhale wa bogologolo a buile, “kilo e tsosa dikgang, mme lorato lo bipa ditlolo tsotlhe.”—Diane 10:12.
Moaposetoloi Johane o ne a bolela jaana: “Mongwe le mongwe yo o tlhoileng mokaulengwe wa gagwe ke mmolayabatho setlhogo, mme lo itse gore ga go na mmolayabatho setlhogo ope yo botshelo jo bo sa khutleng bo nnetseng ruri mo go ene.” (1 Johane 3:15) Basupi ba ga Jehofa ba dumela seo. Ka ntlha ya moo, jaanong ba seoposengwe—go tswa mo ditšhabeng tsotlhe, ditso, bodumedi le dipuso tse di farologaneng—ba fetogile setšhaba se le sengwe fela se se utlwanang sa batho se se senang letlhoo, bokaulengwe jwa boammaaruri jwa lefatshe lotlhe.—Bona mabokoso.
Letlhoo le Tla Fedisiwa!
O ka nna wa re, ‘Seo e ka nna ya tswa e le tharabololo mo bathong bao fela ba go buiwang ka bone. Le fa go ntse jalo, seno ga se ka ke sa dira gore letlhoo le nyelele gotlhelele mo lefatsheng la rona.’ Ke boammaaruri gore le fa o ka tswa o se na letlhoo mo pelong ya gago, wena o ka nna wa bo o tlhoilwe. Ka gone re tshwanetse go leba kwa Modimong go bona tharabololo ya mmatota ya bothata jono jwa lefatshe lotlhe.
Modimo o solofetsa gore go ise go ye kae, matshwao otlhe a letlhoo a tla tlosiwa mo lefatsheng. Seno se tla diragala fa bogosi jwa selegodimo bo busa jo Jesu a re rutileng go bo rapelela jaana: “Rraarona yo o kwa magodimong, a leina la gago le itshepisiwe. A bogosi jwa gago bo tle. A thato ya gago e diragale le mo lefatsheng, jaaka kwa legodimong.”—E tla re fa thapelo eo e arabetswe ka botlalo, dilo tse di tlhotlheletsang letlhoo di tla bo di sa tlhole di le gone. Ditiro tse le bontshiwang ka tsone di tla bo di tlositswe. Go senya batho leina, botlhokakitso, le go tlhaolana ka lotso di tla bo di emiseditswe ka go sedimosediwa, boammaaruri, le tshiamo. Ka nako eo, eleruri Modimo ‘o tla bo a phimotse dikeledi tsotlhe, loso lo tla bo lo seyo, lefa e le khutsafalo lefa e le selelo lefa e le botlhoko di tla bo di sa tlhole di le gone.’—Tshenolo 21:1-4.
Jaanong dikgang tse di molemo le go feta ke tse! Go na le bosupi jo bo ka se kang jwa ganediwa jwa gore re tshela mo “malatsing a bofelo.” Ka gone, re ka nna le tsholofelo ya gore go ise go ye kae re tla bona letlhoo le le boikepo le nyelela mo lefatsheng leno. (2 Timotheo 3:1-5; Mathaio 24:3-14) Mo lefatsheng le lesha le le solofeditsweng la Modimo, go tla bo go rena moya wa boammaaruri wa bokaulengwe ka gonne batho ba tla bo ba itekanedisitswe.—Luke 23:43; 2 Petere 3:13.
Mme ga o tlhoke go ema go fitlha ka nako eo gore o ipelele bokaulengwe jwa boammaaruri. Tota e bile, jaaka dipego di bontshitse, batho ba le dimilione ba setse ba na le lorato lwa Bokeresete mo dipelong tsa bone tse go na le moo di ka bong di tlese letlhoo. Le wena o a lalediwa gore o nne karolo ya bokaulengwe joo jo bo ratanang!
[Lebokoso mo go tsebe 5]
“Jesu O ka Bo a Dirile Eng?”
Ka June 1998, banna ba bararo ba basweu kwa motseselegaeng mongwe wa Texas kwa United States ba ne ba tlhasela James Byrd, yo Mmotlana, yo e leng motho yo montsho. Ba ne ba mo isa kwa lefelong lengwe le le kgakala le le kwa thoko, ba mo itaya ba bo ba mmofaganya maoto. Morago ga moo ba mmofelela kafa morago ga bene mme ba mo goga dikilometara di le tlhano mo tseleng go fitlha mmele wa gagwe o betsagana mo borogong jwa konkereite. Tiragalo eno e ne ya bidiwa tlolomolao e e boitshegang ya letlhoo ya masome a dingwaga (a bo1990).
Bokgaitsadi ba bararo ba ga James Byrd ke Basupi ba ga Jehofa. Ba ikutlwa jang ka batho ba ba dirileng tlolomolao e e setlhogo eno? Botlhe ba ne ba bolela jaana: “Fa mongwe yo lo mo ratang a tlhokofadiwa a bo a bolawa jaana lo nna le boikutlo jo lo sa kgoneng go bo tlhalosa jwa go latlhegelwa le jwa kutlobotlhoko. Motho o tsibogela jang bosetlhogo jo bo ntseng jalo? Ga re ise re ke re akanye ka go ipusolosetsa, puo ya letlhoo kana go bua mafoko a a senyang leina a a tletseng letlhoo. Re ne ra ipotsa jaana: ‘Jesu o ka bo a ile a dira eng? O ka bo a ile a itshwara jang?’ Karabo e ne e tlhamaletse. Molaetsa wa gagwe e ka bo e ile ya nna wa kagiso le tsholofelo.”
Longwe lwa Dikwalo tse di neng tsa ba thusa go thiba letlhoo gore le se ka la nna teng mo dipelong tsa bone e ne e le Baroma 12:17-19. Moaposetoloi Paulo o ne a kwala jaana: “Lo se ka lwa busetsa ope bosula ka bosula. . . . Fa go kgonega, kafa go ka kgonegang ka gone mo go lona, agisanang le batho botlhe. Lo se ka lwa ipusolosetsa, baratwa, mme thibogelang tšhakgalo; gonne go kwadilwe ga twe: ‘Pusoloso ke ya me; ke tla duela, go bua Jehofa.’”
Ba ne ba tswelela jaana: “Re gakologelwa dikakgelo tse di utlwalang sentle mo dikgatisong tsa rona tse di bontshang gore ditshiamololo kana ditlolomolao dingwe di setlhogo thata mo e leng gore go tla nna boima fela thata go re ‘Ke a go itshwarela’ o bo o lebala ka gone. Go itshwarela mo mabakeng a a ntseng jalo go tla raya fela go lebala ka sekgopi gore o tle o tswelele ka botshelo jwa gago gore o se ka wa lwala mo mmeleng kana mo tlhaloganyong ka ntlha ya go nna ka sekgopi.” A bo e le bosupi jo bo nonofileng jang ne jwa maatla a Baebele e nang le one a go thibela letlhoo le le tseneletseng gore le se ka la mela!
[Lebokoso mo go tsebe 6]
Bobaba bo Fetolwa go Nna Botsalano
Mo dingwageng tsa bosheng jaana, batho ba le diketekete go tswa dinageng di sele ba ile ba tsena mo Greece ba tla go batla tiro. Le fa go ntse jalo, maemo a a ntseng a thatafalela pele a ikonomi a dirile gore go se ka ga nna motlhofo go bona ditiro, mme seno se godisitse mathata a go batlana le tiro. Ka ntlha ya seno, go na le bobaba jo bogolo mo gare ga batho ba ditso tse di farologaneng. Sekai sa seno ke kgaisano e e leng teng fa gare ga batho ba ba tswang Albania le ba ba tswang Bulgaria. Mo mafelong a le mantsi a Greece, go nnile le kgaisano e e seng kana ka sepe fa gare ga batho ba ditlhopha tse pedi tseno.
Kwa toropong ya Kiato, kwa bokonebotlhaba jwa Peloponnisos, lelapa lengwe la Ba-Bulgaria le monna mongwe wa Mo-Albania ba ne ba simolola go ithuta Baebele le Basupi ba ga Jehofa mme ba simolola go itsane. Go dirisa melaometheo ya Baebele go ile ga nyeletsa bobaba jo bo neng bo le gone mo go ba le bantsi ba ba tswang mo ditlhopheng tsa merafe eno e mebedi. Seno gape se ile sa dira gore go nne le botsalano jwa boammaaruri jwa bokaulengwe mo gare ga batho bano. Ivan, wa Mo-Bulgaria, o ne a ba a thusa Loulis, wa Mo-Albania, go bona lefelo la bonno gaufi le ntlo ya ga Ivan. Malapa ano a mabedi gantsi a tlhakanela dijo tsa bone le dithoto di le mmalwa tse ba nang le tsone. Banna bao ka bobedi jwa bone jaanong ke Basupi ba ba kolobeditsweng ba ga Jehofa mme ba dirisana mmogo ka kutlwano mo go rereng dikgang tse di molemo. Ga go na pelaelo gore botsalano jono jwa Bokeresete bo lemogwa sentle ke baagelani ba bone.
[Setshwantsho mo go tsebe 7]
Mo Bogosing jwa Modimo matshwao otlhe a letlhoo a tla tlosiwa mo lefatsheng