Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A o A Gakologelwa?

A o A Gakologelwa?

A o A Gakologelwa?

A o ile wa anaanela go bala dimakasine tsa bosheng tsa Tora ya Tebelo? Fa go ntse jalo, bona gore a o ka kgona go araba dipotso tse di latelang:

Ke eng se se leng botlhokwa fa re rarabolola dikgotlhang le mongwe?

Sa ntlha re tshwanetse go lemoga gore rotlhe re sa ntse re tshwaediwa ke dikakanyo le mekgwa e e sa siamang. Morago ga moo re bo re akanyetsa ka kelotlhoko gore a gone ga se rona re bakileng b4othata, go na le go akanya gore ke motho yo mongwe.—8/15, tsebe 23.

“Dinako tsa go tsosolosiwa ga dilo tsotlhe,” tse di umakilweng mo go Ditiro 3:21, di tla nna gone leng?

Go tsosolosiwa go tla ka dikarolo di le pedi. Sa ntlha, go na le go tsosolosiwa ga paradaise ya semoya mo go ntseng go tsweletse pele fa e sa le ka 1919. Go sa ntse go tla nna le go tsosolosiwa mo gongwe gape mo go tla nnang gone fa lefatshe la rona le tsosolosiwa go nna paradaise ya mmatota.—9/1, ditsebe 17, 18.

Ke ka kgopolo efe tshoswane e se nang molaodi, jaaka go tlhalositswe mo go Diane 6:6-8, mme le fa go ntse jalo e re tlhomela sekao se se molemo?

Mo bonnong jwa ditshoswane, go na le kgosigadi ya tsone, mme le fa go ntse jalo, ke kgosigadi ya tsone fela ka gonne e le yone e beelang mae le go nna mmabonno. Ditshoswane ke dinatla, mme le rona re tshwanetse go nna jalo, re lwele go tokafatsa tiro ya rona, le fa gone re sa bewa leitlho.—9/15, tsebe 26.

A boporofeti jwa ga Huleta, jaaka bo kwadilwe mo go 2 Dikgosi 22:20 bo ne bo le boammaaruri, gore Josia o ne a tla swa “ka kagiso,” e re ka a ne a bolawa setlhogo kwa ntweng?

Ee, o ne a swa ka kagiso ka mogopolo wa gore o ne a swa pele ga masetlapelo a 609-607 B.C.E., fa Bababelona ba ne ba dikanyetsa Jerusalema le go e senya.—9/15, tsebe 30.

Solomone o ne a akgola mosadi jang mme a mo tlhalosa jaaka “kgama e namagadi e e rategang le podi ya mo dithabeng e e bontle bo gogelang”? (Diane 5:18, 19NW)

Podi ya naga kana podi e e namagadi ya mo dithabeng, e bonolo ka tlhago e bile e ntle. Le fa go ntse jalo, e kgona go tshela sentle e bo e tsalela bana ba yone mo mafelong a a matlapa, a go seng bonolo go tsena mo go one koo dijo di bonwang sewelo gone.—10/1, ditsebe 30, 31.

Henry Grew le George Storrs e ne e le bomang?

Banna bano ba babedi ba ne ba tshela ka dingwaga tsa bo1800 mme e ne e le baithuti ba Baebele ba ba tlhagafetseng. Grew o ne a ithuta gore Tharonngwe ga e a theiwa mo Dikwalong, fela jaaka dithuto tsa go sa sweng ga moya le molelo wa dihele. Storrs o ne a lemoga gore bangwe ba tla bona botshelo jo bo sa khutleng mo lefatsheng. Bobedi jwa bone ba ne ba tlhatlhangwa ke Charles Taze Russell, yo o neng a simolola go gatisa makasine ono ka 1879.—10/15, ditsebe 26-30.

Basupi ba ga Jehofa ba leba jang mekgwa ya kalafi ya motho e go dirisiwang madi a gagwe mo go yone?

Ba theile tumelo ya bone mo Baebeleng, ga ba boloke madi a bone mme moragonyana ba bo ba a amogela ka go a tshelwa. Mokeresete mongwe le mongwe o itirela tshwetso ya gore madi a gagwe a tlile go dirisiwa jang ka nako ya karo, ya fa go dirwa diteko tsa kalafi, kana kalafi e e tla bong e dirisiwa ka nako eo. O tshwanetse go akanya ka kelotlhoko se Baebele e se bolelang ka madi le gore a se ka a lebala gore o ineetse ka mo go feletseng mo Modimong.—10/15, ditsebe 30, 31.

Patlisiso e e dirilweng mo masimologong a ngwaga ono e bontshitse gore ke selo sefe sa botlhokwa se Basupi ba ga Jehofa ba se tlhokang go dikologa lefatshe?

Go tlhokega Diholo Tsa Bogosi di le 11 000 mo ditšhabeng tse di tlhabologang, koo go tlhokwang madi gone. Meneelo e e tswang mo Bakereseteng ba le bantsi e a romelwa go thusa gore go agiwe mafelo a a lekaneng a go kopanelwang mo go one.—11/1, tsebe 30.

Ke mafoko afe a mangwe a puo ya ntlha a a dirisitsweng mo Baebeleng a a mabapi le kobamelo?

Le lengwe la one ke lei·tour·giʹa, le le ranotsweng ka gore “tirelosetšhaba.” Le lengwe ke la·treiʹa, le le ranotsweng ka gore “tirelo e e boitshepo.” (Bahebera 10:11; Luke 2:36, 37)—11/15, ditsebe 11, 12.

Ke thuto efe ya botlhokwa e re ka e ithutang mo pegong ya Baebele e e kaga Adame le Efa?

Go ikaketsa gore o ka kgona go nna o sa laolwe ke Jehofa Modimo ke boeleele tota.—11/15, ditsebe 24-7.

Go na le bosupi bofe jo bo tswang mo Dikwalong jwa gore Modimo o naya batlhanka ba gagwe maatla?

Dafide, Habakuke le moaposetoloi Paulo, botlhe ba ne ba ntsha bosupi jwa gore Jehofa Modimo o ne a ba naya maatla, kana a ba nonotsha. (Pesalema 60:12; Habakuke 3:19; Bafilipi 4:13) Ka jalo re ka nna le tshepo ya gore Modimo o iketleeditse go re nonotsha e bile o kgona go dira jalo.—12/1, ditsebe 10, 11.