Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ditlwaelo Tsa Keresemose—A ke Tsa Bokeresete?

Ditlwaelo Tsa Keresemose—A ke Tsa Bokeresete?

Ditlwaelo Tsa Keresemose—A ke Tsa Bokeresete?

PAKA ya Keresemose e gorogile. Seno se bolelang mo go wena, mo lelapeng la gago, le mo ditsaleng tsa gago? A ke nako ya dilo tsa semoya, kana a ke paka fela ya mekete le go itlhapedisa? A ke nako ya go akanya ka go tsalwa ga ga Jesu Keresete kana ya go se itshwenye le e seng ka melao ya Bokeresete?

Fa o ntse o akanya ka dipotso tseno, se lebale gore dingwao tsa Keresemose di ka nna tsa bo di sa tshwane, go ya ka gore o nna kae. Ka sekai, kwa Mexico le kwa dinageng tse dingwe tsa Latin America go dirisiwa le leina le sele. Saetlopedia nngwe e bolela gore lefoko la Seesemane la Keresemose “le tswa mo puong ya metlha ya bogologolo e leng Christes Masse, Mmisa wa ga Keresete.” Le fa go ntse jalo, La Navidad, kana Botsalo Jwa Morena, jaaka fa e bidiwa mo dinageng tseno tsa Latin America, e raya go tsalwa, kana go tsholwa, ga ga Keresete. Ka lobakanyana akanyetsa dintlha dingwe go tswa kwa Mexico. Seno se ka go thusa go baakanya pono ya gago ka paka eno ya malatsi a boikhutso.

Di-posada, “Banna ba Bararo ba ba Botlhale,” le Nacimiento

Paka ya mekete e simolola ka December 16 ka di-posada. Buka ya Mexico’s Feasts of Life e akgela jaana: “Ke nako ya di-posada, malatsi a le robongwe pele ga Bosigo jwa go tsogwa e le Keresemose, a mo go one go dirwang maselamose, paka e mo go yone go gakologelwang nako ya go kgarakgatshega ga ga Josefa le Marea ba jewa ke bodutu mo motseng wa Bethelehema le nako ya fa kgabagare ba ne ba bona boutlwelobotlhoko le lefelo la go baya tlhogo. Ba losika le ditsala ba kopana mmogo bosigo bongwe le bongwe go tla go tshameka ditiragalo tsa malatsi a a tlang pele ga botsalo jwa ga Keresete.”

Ka tlwaelo, go nna le setlhopha sa batho ba tshwere ditshwantsho tsa ga Marea le Josefa ba tsena mo legaeng lengwe e bile ba opela pina ya go kopa lefelo la go baya tlhogo, kana posada. Ba ba mo ntlong le bone ba araba ka go opela go fitlhelela kgabagare baeng ba letlwa go tsena. Go tswa foo go simolola moletlo, moo bangwe—ba bipilwe matlho e bile ba tshwere thobane mo seatleng—ba nnang ba refosana ba leka go thuba piñata, e leng pitsa e kgolo ya letsopa e e kgabisitsweng e e akgegang mo mogaleng. Fa e sena go thubiwa, batho ba ba tlileng moletlong ba tsaya dilo tse di mo teng (dimonamone, maungo le tse dingwe tse di tshwanang le tseo). Morago ga moo go latela dijo, dino, mmino le go bina. Go tshwarwa meletlo e le robedi ya posada go tloga ka December 16 go ya go December 23. Ka di 24, go ketekwa Nochebuena (Bosigo Jwa Pele ga Keresemose), mme ba losika ba leka go nna mmogo gore ba je mmogo dijo tse di kgethegileng.

Go ise go ye kae go tla bo go tla Letsatsi la Ngwaga o Mosha, le le ketekwang ka meletlo e e modumo. Mo bosigong jwa January 5, Tres Reyes Magos (“banna ba bararo ba ba botlhale”) gatwe ba tla bo ba tlisetsa bana ditshamekisi. Tiragalo eno e fitlhelela setlhoa sa yone fa go dirwa moletlo ka January 6, fa go tla bo go jewa rosca de Reyes (kuku e e bopegileng jaaka mohitshana). Fa go ntse go jewa kuku eno, mongwe o tla bona mo kukung ya gagwe mpopinyana o monnye o o tshwantshetsang lesea Jesu. Motho yo o boneng mpopi ono o tshwanetse go rulaganya moletlo wa bofelo ka February 2 o bo o tshwarelwe kwa ga gagwe. (Mo mafelong mangwe go na le bompopi ba bararo ba bannye, ba ba tshwantshetsang “banna ba bararo ba ba botlhale.”) Jaaka o ka bona, meletlo e e tsamaisanang le Keresemose ga e fele.

Mo lobakeng lono, se se tlhagelelang thata ke nacimiento (go bona Botsalo jwa Morena). Tiragalo eno e akaretsang? Ebu, mo mafelong a botlhe le mo dikerekeng le mo magaeng, o bona go na le ditshwantsho (tse dikgolo kana tse dinnye) tse di dirilweng ka taka, logong kana letsopa. Di emela Josefa le Marea ba khubame fa pele ga bojelo jwa diruiwa jo lesea le le sa tswang go tsholwa le leng mo go jone. Gantsi go a bo go na le badisa le Los Reyes Magos (“banna ba ba botlhale”). Go bontshiwa tiragalo eno e direga mo setaleng, mme go ka nna ga bo go na le diphologolo dingwe moo go dira gore go bonale e le selo se se feletseng. Le fa go ntse jalo, selo sa konokono se go beilweng tlhokomelo e kgolo mo go sone ke lesea le le sa tswang go tsholwa, le ka Se-Spain le bidiwang el Niño Dios (Modimo Ngwana). Setshwantsho seno se go beilweng tlhokomelo e kgolo thata mo go sone se ka nna sa bewa koo Bosigo jwa e tsoga e le Keresemose.

Go Ela Tlhoko Dingwao Tsa Botsalo Jwa Morena

The Encyclopedia Americana e bolela jaana fa e bua ka go keteka Keresemose jaaka fa e itsiwe mo lefatsheng lotlhe: “Bontsi jwa ditlwaelo tse gone jaanong di tsamaisanang le Keresemose ga di a simolola e le ditlwaelo tsa Keresemose mme e ne e le ditlwaelo tse di neng di latelwa pele ga nako ya Bokeresete e bile e se tsa Bokeresete mme tsa amogelwa ke kereke ya Bokeresete. Ditlwaelo di le dintsi tsa go itlhapedisa tsa Keresemose di dirwa go ya ka tsela e go neng go ketekwa Saturnalia ka yone, e leng mokete wa Roma o o neng o ketekwa mo bogareng jwa kgwedi ya December. Ka sekai, mokgwa ono wa go dira mekete e e feteletseng, go naana dimpho, le go tshuba dikerese o tserwe go tswa mo go one mokete ono.”

Kwa Latin America, go ka nna ga bo go latelwa ditlwaelo tseo tsa konokono tsa go keteka Botsalo Jwa Morena, mmogo le tse dingwe tse dintsinyana. O ka nna wa ipotsa gore ‘E le gore di tswa kae?’ Fa re bua boammaaruri fela, ba le bantsi ba ba batlang go latela se Baebele e se rutang ba lemoga gore dingwe tsa ditlwaelo tseno ke meetlo fela ya Ba-Aztec. El Universal, e leng lokwalodikgang lwa kwa Mexico City, e ne ya akgela jaana: “Baitlami go tswa mo makgotleng a a farologaneng a bodumedi ba ne ba dirisa ntlha ya go bo mekete ya meetlo ya Se-India e ne e tsamaisana le ya ditirelo tsa sedumedi tsa Katoliki, ka jalo ba ne ba dirisa seno go tshegetsa tiro ya bone ya go rera Efangele le ya borongwa. Ba ne ba dira gore mo boemong jwa go keteka ba ketekela medimo ya pele ga motlha wa bo-Hispanic, ba keteke ba ketekela medimo ya Bokeresete, ba ne ba akaretsa le mekete ya Yuropa le ditiro tsa teng mme gape ba tsenya le mekete ya Se-India, mo go neng ga dira gore ditumelo le ditlwaelo tsa ditso tse di farologaneng di kopakopane go nna selo se le sengwe fela mme ga dirisiwa mafoko a tota a simolotseng e le a Se-Mexico.”

The Encyclopedia Americana e tlhalosa jaana: “Go tshameka terama ya ditiragalo tsa Botsalo Jwa Morena e ne ya nna karolo ya go keteka Keresemose go tloga kwa tshimologong . . . Go bolelwa gore ditshwantsho tsa kereke tse di bontshang botsalo jwa Morena [mo bojelong jwa diruiwa] di simolotswe ke Moitshepi Francis.” Diterama tseno tse di bontshang go tsholwa ga ga Keresete di ne di tshamekiwa mo dikerekeng mo masimologong a go dirwa ga Mexico naga ya kolone. Di ne tsa rulaganngwa ke baitlami ba Ba-Francis gore ba rute Ba-India ka Botsalo Jwa Morena. Moragonyana ga simololwa ga latelwa di-posada thata. Le fa lebaka e ka tswa e le lefe la go simololwa ga di-posada tseno, tsela e di tshwarwang ka yone gompieno e senola se tota di leng sone. Fa o le kwa Mexico ka paka eno, o kgona go bona kana go utlwa sengwe se mokwadi mongwe yo o neng a kwalela El Universal a neng a se tlhalosa mo kakgelong ya gagwe: “Di-posada, tse e neng e le tsela ya go re gakolola ka go kgarakgatshega ga batsadi ba ga Jesu ba batlana le lefelo le Modimo Ngwana a neng a ka tsholelwa mo go lone, gompieno jaana ke malatsi fela a botagwa, go feteletsa dilo, go ja bobe, go ithamaka le bokebekwa jo bontsintsi.”

Kgopolo ya nacimiento e simolotse ka nako ya go dirwa ga Mexico naga ya kolone fa go ne go tshamekiwa diterama tsa mmatota mo dikerekeng. Le fa gone bangwe ba di bona di kgatlha, a di bontsha sentle se Baebele e se buang? Potso eno e botlhokwa. Fa banna bano ba go tweng ke banna ba bararo ba ba botlhale—ba tota e neng e le balepadinaledi—ba ne ba eta, Jesu le lelapa la gabone ba ne ba sa tlhole ba nna mo setaleng. Go ne go setse go fetile nakonyana, mme lelapa leno le ne le nna mo ntlong. O tla go fitlhela go kgatlha go bona ntlha eno mo pegong e e tlhotlheleditsweng e e mo go Mathaio 2:1, 11. O ka ela tlhoko gape gore Baebele ga e bolele gore balepadinaledi bano ba ne ba le bakae. *

Kwa Latin America, go dirisiwa banna ba bararo ba ba botlhale mo boemong jwa Santa Claus. Mme le teng, fela jaaka fa go dirwa kwa dinageng tse dingwe, batsadi ba le bantsi ba fitlha ditshamekisi mo gae. Mme e re mo mosong wa January 6, bana ba bo ba simolola ba batlana le tsone, jaaka e kete banna ba bararo ba ba botlhale ba di lerile. Eno ke nako e batho ba ba rekisang ditshamekisi tsa bana ba dirang madi a mantsi ka yone, mme bangwe ba dirile madi a mantsi thata ka se batho ba le bantsi ba ba peloephepa ba se lemogang e le go ijesa dijo tsa ditoro fela. Batho ba le bantsi, tota le bana ba bannye, ga ba tlhole ba dumela tlhamane eno e e kaga banna ba bararo ba ba botlhale. Le fa batho bangwe ba sa itumelele gore tlhamane eno ga e tlhole e dumelwa ke batho ba le bantsi, motho o ne a ka lebelelang mo ditorong tse di dumelwang fela gore go tswelelwe go bolokwa ngwao e bile go dirwa madi ka tsone?

Bakeresete ba ntlha ba ne ba sa keteke Keresemose, kana Botsalo Jwa Morena. Saetlopedia nngwe fa e bua ka seno ya re: “Mokete ono o ne o sa ketekwe mo makgolong a ntlha a dingwaga a kereke ya Bokeresete, gonne Bakeresete ka kakaretso ba ne ba keteka loso lwa motho yo o tlhomologileng e seng botsalo jwa gagwe.” Baebele e amanya go ketekwa ga malatsi a botsalo le baheitane, e seng le baobamedi ba boammaaruri ba Modimo.—Mathaio 14:6-10.

Mme legale seno ga se reye gore ga go molemo go ithuta le go gakologelwa ditiragalo tsa mmatota tse di amanang le go tsholwa ga Morwa Modimo. Pego e e boammaaruri ya Baebele e naya botlhe ba ba batlang go dira thato ya Modimo tshedimosetso le thuto e e botlhokwa.

Go Tsalwa ga ga Jesu Go ya Ka Baebele

O tla fitlhela tshedimosetso e e boammaaruri kaga botsalo jwa ga Jesu mo Dibukeng tsa Efangele tsa Mathaio le Luke. Di bontsha gore moengele Gabariele o ne a etela mosadi mongwe yo mmotlana yo o sa nyalwang yo leina la gagwe e neng e le Marea kwa motseng wa Galalea wa Nasaretha. O ne a mo tliseditse molaetsa ofe? “Bona! o tla ithwala mo sebopelong sa gago o bo o tshole morwa, mme o tshwanetse go mo raya leina o re Jesu. Yono o tla nna mogolo mme o tla bidiwa Morwa Mogodimodimo; mme Jehofa Modimo o tla mo naya setulo sa bogosi sa ga Dafide rraagwe, mme o tla busa e le kgosi godimo ga ntlo ya ga Jakobe ka bosaengkae, mme bogosi jwa gagwe ga bo na go nna le bokhutlo.”—Luke 1:31-33.

Marea o ne a gakgamadiwa thata ke molaetsa ono. E re ka a ne a sa nyalwa, o ne a re: “Seno se tla nna jang, e re ka ke sa tlhakanele dikobo le monna?” Moengele o ne a araba jaana: “Moya o o boitshepo o tla tla mo go wena, le maatla a Mogodimodimo a tla go tshutifalela. Ka lebaka leo le se se tsalwang se tla bidiwa boitshepo, Morwa Modimo.” E ne ya re fa Marea a lemoga gore seno e ne e le thato ya Modimo, o ne a re: “Bona! Mosetsana wa motlhanka wa ga Jehofa! E kete go ka ntiragalela kafa polelong ya gago.”—Luke 1:34-38.

Moengele o ne a bolelela Josefa ka tsalo eno ya kgakgamatso gore a se ka a tlhala Marea, e leng selo se a neng a ikaeletse go se dira fa a sena go utlwa ka go ima ga gagwe. Mme morago ga moo o ne a iketleeditse go amogela boikarabelo jwa go tlhokomela Morwa Modimo.—Mathaio 1:18-25.

Go tswa foo taelo e e tswang kwa go Kaesara Aguseto e ne ya patelela Josefa le Marea go tsaya loeto go tswa kwa Nasaretha kwa Galalea go ya Bethelehema kwa Judea, e leng motse wa borraabone mogolo, gore ba ye go kwadisiwa. “Fa ba ntse ba le koo, malatsi a fitlha mo botlalong gore a belege. Mme a belega morwawe, motsalwapele, mme a mo phuthela ka dihapo tsa matsela mme a mo latsa mo bojelong jwa diruiwa, ka gonne ba ne ba se na bonno mo phaposing ya baeng.”—Luke 2:1-7.

Luke 2:8-14 e tlhalosa se se neng sa latela: “Gape mo go yone naga eo go ne go na le badisa ba nna kwa nageng mme ba ntse ba dira ka ditebelo mo matsomaneng a bone bosigo. Mme ka tshoganyetso moengele wa ga Jehofa a ema fa go bone, mme kgalalelo ya ga Jehofa ya nyedima go ba dikologa, mme ba boifa thata. Mme moengele a ba raya a re: ‘Se boifeng, gonne, bonang! ke lo bolelela dikgang tse di molemo tsa boipelo jo bogolo jo batho botlhe ba tla nnang le jone, ka gonne lo tsaletswe Mmoloki gompieno, yo e eleng Keresete Morena, mo motseng wa ga Dafide. Mme seno ke sesupo mo go lona: lo tla fitlhela lesea le phuthetswe ka dihapo tsa matsela mme le letse mo bojelong jwa diruiwa.’ Mme ka tshoganyetso letshutitshuti la lesomosomo la selegodimo la bo le na le moengele yono, le baka Modimo le re: ‘Kgalalelo e nne go Modimo kwa magodimong a a kwa godimo, mme mo lefatsheng go nne kagiso gareng ga batho ba ba amogelwang.’”

Balepadinaledi

Pego ya ga Mathaio e bolela gore balepadinaledi go tswa kwa Botlhabatsatsi ba ne ba tla Jerusalema ba batlana le lefelo le Kgosi ya Bajuda e tsholetsweng kwa go lone. Kgosi Herode o ne a kgatlhegela seno fela thata—mme e seng ka maikaelelo a mantle. “E rile a ba roma kwa Bethelehema, a re: ‘Tsamayang lo batle ngwana yo mmotlana yono ka kelotlhoko, mme fa lo sena go mmona boang lo mpegele, gore le nna ke tle ke ye ke obame fa pele ga gagwe.’” Balepadinaledi ba ne ba bona ngwana yo mmotlana mme “ba bula matlotlo a bone mme ba mo naya dimpho, gouta le lebano le mera.” Mme ga ba ka ba boela gape kwa go Herode. “Ba ne ba neilwe tlhagiso ya bomodimo mo torong gore ba se ka ba boela kwa go Herode.” Modimo o ne a dirisa moengele go tlhagisa Josefa ka maikaelelo a ga Herode. Go tswa foo Josefa le Marea ba ne ba tshabela kwa Egepeto ka morwabone. Morago ga moo ka maiteko a go fedisa Kgosi eno e ntšha, Kgosi Herode yo o setlhogo o ne a laela gore go bolawe basimane kwa Bethelehema. Basimane bafe? Ba ba dingwaga di pedi go ya kwa tlase.—Mathaio 2:1-16.

Re ka Ithuta Eng go Tswa mo Pegong Eno?

Balepadinaledi ba ba etileng bano—le fa ba ne ba ka tswa ba le bakae—ba ne ba sa obamele Modimo wa boammaaruri. Thanolo ya Baebele ya La Nueva Biblia Latinoamérica (Kgatiso ya 1989) e bolela jaana mo ntlhanyaneng ya yone e e kwa tlase: “Bo-Magi bano e ne e se dikgosi, mme e ne e le batho ba ba bolelelang pele isagwe le baperesiti ba ditumelo tsa seheitane.” Ba tlile ka ntlha ya kitso ya bone ya dinaledi tse ba neng ba ineetse mo go tsone. Fa Modimo o ne o batlile go ba kaela kwa ngwaneng yo mmotlana, ba ka bo ba ile ba kaelwa kwa lefelong le le tshwanetseng kwantle ga gore ba tshwanelwe ke go ya pele kwa Jerusalema le kwa lefelong la ga Herode. Moragonyana, Modimo o ne wa tsenelela mo kgannyeng go fetola tsela ya bone gore a sireletse ngwana.

Ka nako ya Keresemose gantsi pego eno e tlala ka ditlhamane le masaitsiweng a o fitlheleng a sira ntlha e e botlhokwatlhokwa: gore lesea leno le ne la tsholwa gore le nne Kgosi e kgolo, jaaka fa Marea le badisa ba ne ba itsisewe. Nnyaa, Jesu Keresete ga e tlhole e le lesea, kana ngwana. Ke Kgosi e e busang ya Bogosi jwa Modimo, e go iseng go ye kae e tlileng go fedisa dipuso tsotlhe tse di emelaneng le thato ya Modimo, mme o tlile go rarabolola mathata otlhe a batho. Ke jone Bogosi jo re bo rapelelang mo Thapelong ya Morena.—Daniele 2:44; Mathaio 6:9, 10.

Ka se baengele ba neng ba se bolelela badisa, re ithuta gore botlhe ba ba ratang go utlwa molaetsa wa dikgang tse di molemo ba bulegetswe ke sebaka sa go bolokwa. Batho ba ba amogelwang ke Modimo ba nna “batho ba ba amogelwang.” Go na le ditebelelo tse dintle thata tsa kagiso mo lefatsheng lotlhe tlase ga Bogosi jwa ga Jesu Keresete, mme batho ba tshwanetse ba bo ba iketleeditse go dira thato ya Modimo. A paka ya Keresemose e thusa gore maemo ano a nne teng e bile a e bontsha keletso eo? Batho ba le bantsi ba ba dipelo di ikanyegang ba ba batlang go latela se Baebele e se buang ba na le maikutlo a gore karabo e mo pepeneneng.—Luke 2:10, 11, 14.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 13 Go na le ntlha e nngwe e e sa tshwanelang go itlhokomolosiwa: Mo nacimiento ya kwa Mexico, lesea le bidiwa “Modimo Ngwana” ka kgopolo ya gore ke Modimo ka boone yo o neng a tla mo lefatsheng e le ngwana. Le fa go ntse jalo, Baebele e bontsha gore Jesu ke Morwa Modimo yo o neng a tsholwa mo lefatsheng; e ne e se ene Jehofa, Modimo mothatayotlhe, kana a sa lekane le ene. Sekaseka boammaaruri malebana le seno, jaaka bo tlhalosiwa mo go Luke 1:35; Johane 3:16; 5:37; 14:1, 6, 9, 28; 17:1, 3; 20:17.

[Lebokoso mo go tsebe 4]

BANGWE BA NE BA TLA GAKGAMALA

Mo bukeng ya gagwe ya The Trouble With Christmas, mokwadi e bong Tom Flynn o tlhalosa ditshwetso tse di neng tsa fitlhelelwa morago ga gore go fediwe dingwaga di le dintsi go dirwa dipatlisiso ka Keresemose:

“Meetlo e mentsi thata e gone jaanong re e amanyang le Keresemose e simolotse mo meetlong ya bodumedi ya boheitane ya pele ga Bokeresete. Mengwe ya yone e na le dilo tsa loago, tsa tlhakanelodikobo, kana tsa thutalobopo tse di ka nnang tsa dira gore batho ba gompieno ba ba rutegileng, ba ba itseng segabone ba latlhe meetlo eno fa ba setse ba tlhaloganya kwa e tswang teng sentle.”—Tsebe 19.

Fa Flynn a sena go tlhalosa tshedimosetso e ntsintsi e e tshegetsang ntlha ya gagwe, o boela gape kwa ntlheng ya konokono: “Sengwe sa dilo tse dikgolo tse di gakgamatsang ka Keresemose ke go bona ka tsela e dilo tsa yone tse tota e leng tsa Bokeresete di leng dinnye thata ka gone. Fa re ntsha dilo tsa pele ga Bokeresete, bontsi jwa se se salang ke sa morago ga tshimologo ya Bokeresete, e seng se tota se simologileng le Bokeresete jwa mmatota.”—Tsebe 155.

[Setshwantsho mo go tsebe 7]

Kitsiso ya go tsalwa ga ga Jesu e ne e thaya motheo wa seabe sa gagwe sa mo isagweng fa e tla bo e le Kgosi e e itshenketsweng ya Modimo