Lorato Lwa Gago lo Akaretsa go le Kana Kang?
Lorato Lwa Gago lo Akaretsa go le Kana Kang?
“O tshwanetse go rata moagelani wa gago jaaka o ithata.”—MATHAIO 22:39.
1. Fa re rata Jehofa, ke eng fa re tshwanetse go rata le moagelani wa rona?
FA Jesu a ne a bodiwa gore taelo e kgolo go gaisa tsotlhe ke efe, o ile a araba jaana: “O tshwanetse go rata Jehofa Modimo wa gago ka pelo yotlhe ya gago le ka moya otlhe wa gago le ka mogopolo otlhe wa gago.” Go tswa foo o ne a nopola taelo ya bobedi e e tshwanang le ya ntlha: “O tshwanetse go rata moagelani wa gago jaaka o ithata.” (Mathaio 22:37, 39) Ee, go rata moagelani ke selo se se tlhaolang Mokeresete. Ee ruri, fa re rata Jehofa, re tshwanetse go rata le moagelani wa rona. Ka ntlha yang? Ka gonne re bontsha go rata Modimo ka go ikobela Lefoko la gagwe, mme Lefoko la gagwe le re laela gore re rate moagelani. Ka gone, fa re sa rate bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona, lorato lo re ratang Modimo ka lone e tla bo e se lwa boammaaruri.—Baroma 13:8; 1 Johane 2:5; 4:20, 21.
2. Re tshwanetse go rata moagelani wa rona ka lorato lo lo ntseng jang?
2 Fa Jesu a ne a re re tshwanetse go rata moagelani wa rona, o ne a sa bue fela ka kgang ya botsala. E bile o ne a bua ka lorato lo lo farologaneng le lo ka tlholego fela lo nnang gone gareng ga ba lelapa kana gareng ga monna le mosadi. O ne a bua ka lorato lo Jehofa a ratang batlhanka ba gagwe ba ba ineetseng mo go ene ka lone le lo ba mo ratang ka lone. (Johane 17:26; 1 Johane 4:11, 19) Mokwadi mongwe wa Mojuda—yo go ya kafa Jesu a ileng a mo lemoga ka teng, a neng a bua ka tsela ya botlhale—o ile a dumalana le Jesu gore motho o tshwanetse go rata Modimo ‘ka pelo yotlhe ya gagwe le ka moya otlhe wa gagwe le ka mogopolo otlhe wa gagwe le ka nonofo yotlhe ya gagwe.’ (Mareko 12:28-34) O ne a nepile. Lorato lo Mokeresete a ratang Modimo le moagelani ka lone lo akaretsa maikutlo a rona le tlhaloganyo. Lo tswa pelong mme lo kaelwa ke mogopolo.
3. (a) Jesu o ne a ruta jang “monna mongwe yo o itseng Molao fela thata” gore o tshwanetse go itse fa moagelani wa gagwe a akaretsa batho ba ba farologaneng? (b) Setshwantsho sa ga Jesu se ama Bakeresete jang gompieno?
Luke 10:25-37) Monna yono yo o itseng Molao thata a ka tswa a ile a gakgamala tota go utlwa Jesu a re Mosamarea o ne a ka nna moagelani yo o botoka go feta moperesiti le Molefi. Ga go pelaelo gore Jesu o ne a thusa monna yono gore a rate moagelani wa gagwe ka tsela e e akaretsang batho ba ba farologaneng. Bakeresete le bone ba rata batho ka tsela e e ntseng jalo. Akanya ka batho botlhe ba lorato lwa bone lo ba akaretsang.
3 Go ya kafa Luke a ileng a bega ka teng, e ne ya re fa Jesu a re re tshwanetse go rata moagelani wa rona, “monna mongwe yo o itseng Molao fela thata” a botsa jaana: “Ke mang tota yo o leng moagelani wa me?” Jesu o ile a mo araba ka setshwantsho. Monna mongwe o ne a itewa, a thukhutwa mme a tlogelwa fa thoko ga tsela a le gaufi le go swa. O ne a fetwa pele ke moperesiti mme morago ke Molefi. Boobabedi ba ne ba mo tlhokomologa. Kgabagare ga feta Mosamarea, a bona monna yono yo o gobetseng, mme a mo thusa ka bopelonomi jo bogolo. Ke mang mo borarong jono yo o neng a itshupa e le moagelani wa monna yono yo o gobetseng? Karabo e ne e le mo pepeneneng. (Lorato mo Lelapeng
4. Mokeresete o bontsha lorato kae pele?
4 Bakeresete ba rata ba malapa a bone—basadi ba rata banna ba bone, banna ba rata basadi ba bone, batsadi ba rata bana. (Moreri 9:9; Baefeso 5:33; Tito 2:4) Ke boammaaruri gore, bontsi jwa malapa a na le lorato loo lwa tlholego. Le fa go ntse jalo, dipego tsa malapa a a kgaoganeng, go sotlwa ga balekane le go tlhokomologwa kana go sotlwa ga bana, di bontsha gore malapa a mo mathateng gompieno, mme lorato lwa tlholego lwa ba lelapa lo ka nna lwa bo lo sa lekana go le boloka le le mmogo. (2 Timotheo 3:1-3) Bakeresete ba tshwanetse go nna le mofuta wa lorato lo Jehofa le Jesu ba nang le lone e le gore ba kgone go atlega mo botshelong jwa lelapa.—Baefeso 5:21-27.
5. Batsadi ba senka thuso ya ga mang fa ba ntse ba godisa bana ba bone, mme matswela a gone e ile ya nna afe?
5 Batsadi ba Bakeresete ba tsaya bana ba bone e le boswa jo Jehofa a ba fileng jone, mme ba senka thuso ya gagwe fa ba ntse ba ba godisa. (Pesalema 127:3-5; Diane 22:6) Ka tsela eno ba nna le lorato lwa Bokeresete lo lo ba thusang go dibela bana ba bone mo ditlhotlheletsong tse di sa siamang tse basha ba ka faposiwang ke tsone. Ka ntlha ya seo, batsadi ba le bantsi ba Bakeresete ba ile ba nna le boipelo jo bo tshwanang le jwa mmè mongwe wa kwa Netherlands. O ne a kwala jaana morago ga go lebelela morwawe a kolobediwa, e le mongwe wa batho ba le 575 ba ba ileng ba kolobediwa kwa Netherlands ngogola: “Ka ono motsotso ke bona maduo a matsapa a me a dingwaga tse 20 tse di fetileng. Jaanong ke lebetse ka nako le maatla a ke neng ke tle ke a dirise—le kutlobotlhoko, matsapa le khutsafalo.” A bo a itumetse jang ne go bo morwawe a itlhophetse go direla Jehofa ka bogagagwe. Tlhora ya baboledi ba le 31 089 ba ba ileng ba bega kwa Netherlands ngogola e akaretsa batho ba le bantsi ba ba ileng ba ithuta go rata Jehofa go tswa mo batsading ba bone.
6. Lorato lwa Bokeresete lo ka thusa motho jang go nonotsha lenyalo la gagwe?
6 Paulo o ile a bitsa lorato a re ke “sebofo se se itekanetseng sa boseoposengwe,” mme lo ka namola lenyalo mo dinakong tsa mathata. (Bakolosa 3:14, 18, 19; 1 Petere 3:1-7) Fa monna mongwe kwa Rurutu, e leng setlhaketlhake se sennye se se ka nnang dikilometara di le 700 go tswa kwa Tahiti, a ne a simolola go ithuta Baebele le Basupi ba ga Jehofa, mosadi wa gagwe o ne a mo ganetsa tota. La bofelo mosadi o ne a tsaya bana, a mo tlogela mme a ya go nna kwa Tahiti. Le fa go ntse jalo, monna yono o ne a mmontsha lorato ka go mo romelela madi ka metlha le go mo founela a mmotsa gore a go na le sengwe se ene kana bana ba neng ba se tlhoka. Ka gone o ile a dira sotlhe se a ka se kgonang go diragatsa maikarabelo a gagwe a Bokeresete. (1 Timotheo 5:8) O ne a rapela ka metlha gore lelapa la gagwe le boelane gape, mme kgabagare mosadi wa gagwe o ne a boela gae. Fa a sena go boa, monna yono o ne a dirisana le ene ka “lorato, boitshoko, bori jwa maikutlo.” (1 Timotheo 6:11) Ka 1998, o ne a kolobediwa mme moragonyana o ile a itumela tota fa mosadi wa gagwe a ne a dumela go ithuta Baebele. Thuto eo e ne e le nngwe ya tse 1 351 tse di neng tsa tshwarwa ngogola mo tshimong e e tlhokometsweng ke lekala la Tahiti.
7. Go ya ka monna mongwe wa kwa Jeremane, ke eng se se ileng sa nonotsha lenyalo la gagwe?
7 Kwa Jeremane monna mongwe o ne a sa batle mosadi wa gagwe a kgatlhegela boammaaruri jwa
Baebele mme o ne a dumela gore Basupi ba ga Jehofa ba ne ba batla go mo tsietsa. Le fa go ntse jalo, moragonyana o ne a kwalela Mosupi yo o neng a kopana la ntlha le mosadi wa gagwe jaana: “Ke go lebogela go bo o ile wa thusa mosadi wa me go kopana le Basupi ba ga Jehofa. Kwa tshimologong ke ne ke tshwenyegile thata ka gonne ke ile ka utlwa dilo tse dintsi tse di sa itumediseng ka bone. Mme jaanong, morago ga go nna gone kwa dipokanong le mosadi wa me, ke lemoga kafa ke neng ke fositse ka teng. Ke a itse gore seno ke boammaaruri, mme se ile sa nonotsha lenyalo la rona thata.” Basupi ba ga Jehofa ba ba 162 932 kwa Jeremane—le ba ba 1 773 kwa ditlhaketlhakeng tse di tlhokometsweng ke lekala la Tahiti—ba akaretsa malapa a mantsi a a ileng a dirwa seoposengwe ke lorato lwa bomodimo.Go Rata Bakaulengwe ba Rona ba Bakeresete
8, 9. (a) Ke mang yo o re rutang go rata bakaulengwe ba rona, mme lorato lo re tlhotlheletsa go dira eng? (b) Neela sekai sa kafa lorato lo ka thusang bakaulengwe go thusana ka teng.
8 Paulo o ile a raya Bakeresete ba Thesalonika a re: “Lona ka bolona lo rutwa ke Modimo gore lo ratane.” (1 Bathesalonika 4:9) Ee, batho “ba ba rutiwang ke Jehofa” ba a ratana. (Isaia 54:13) Ba bontsha lorato lwa bone ka ditiro, fela jaaka Paulo a ile a bontsha fa a ne a re: “Ka lorato nnang batlhanka mongwe go yo mongwe.” (Bagalatia 5:13; 1 Johane 3:18) Ka sekai, seno ba se dira ka go etela bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba lwalang, go kgothatsa ba ba tshwenyegileng thata mo maikutlong le go nonotsha ba ba bokoa. (1 Bathesalonika 5:14) Lorato lwa rona lwa mmatota lwa Bokeresete lo dira gore paradaise ya rona ya semoya e gole.
9 Kwa Phuthegong ya Ancón—nngwe ya diphuthego tse 544 tsa Ecuador—bakaulengwe ba ile ba bontsha lorato lwa bone ka ditiro. Mathata a tsa madi a ile a ba tlogela ba se na mmereko kana lotseno, ka jalo baboledi ba ile ba dira tshwetso ya go ikokoanyetsa madi ka go rekisetsa batshwaraditlhapi ba motse wa bone dijo fa ba boela gae morago ga go fetsa bosigo ba tshwara ditlhapi. Botlhe ba ne ba tsenya letsogo, go akaretsa le bana. Ba ne ba tshwanelwa ke go simolola ka ura ya bongwe mo mosong e le gore dijo di bo di siame ka ura ya bonè mo mosong fa batshwaraditlhapi ba boa. Bakaulengwe ba ne ba kgaoganya madi ano a ba ileng ba ikgobokanyetsa one go ya ka dilo tse ba di tlhokang. Go thusana jalo go ne ga bontsha lorato lwa mmatota lwa Bokeresete.
10, 11. Re ka bontsha jang go rata bakaulengwe ba re sa ba itseng ka namana?
10 Le fa go ntse jalo, lorato lwa rona ga lo akaretse 1 Petere 2:17) Re rata bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona botlhe ka gonne botlhe ke baobamedimmogo le rona ba ga Jehofa Modimo. Dinako tsa masetlapelo di ka re neela tshono ya go bontsha lorato lono. Ka sekai, mo ngwageng wa tirelo wa 2000, merwalela e megolo e ne ya ganyaola Mozambique, mme ntwa e e sa feleng ya bana ba mpa e ne ya tlogela batho ba le bantsi mo lehumeng kwa Angola. Bontsi jwa bakaulengwe ba ba 31 725 kwa Mozambique le ba ba 41 222 kwa Angola ba ile ba amiwa ke ditiragalo tseno. Ka gone, Basupi ba Afrika Borwa e e agisaneng le dinaga tseno ba ile ba romela dilwana tse dintsi go namola bakaulengwe ba bone ba koo. Tsela e ba neng ba iketleeleditse ka yone go abela bakaulengwe ba bone ba ba tlhokang “mo go setseng” ga bone e ile ya bontsha lorato lo ba nang le lone.—2 Bakorintha 8:8, 13-15, 24.
fela Bakeresete ba re ba itseng ka namana. Moaposetoloi Petere o ile a re: “Nnang le lorato mo lesomong lotlhe la bakaulengwe.” (11 Gape lorato lo bonala fa bakaulengwe ba dinaga tse dintsi ba ntsha meneelo ya go agiwa ga Diholo Tsa Bogosi le Diholo Tsa Dikopano kwa dinageng tse di dikobo di magetleng. Sekai sengwe ke sa kwa Solomon Islands. Le fa ngogola dinaga tsa Solomon Islands di ne di aparetswe ke dikhuduego tse dikgolo, di ile tsa nna le koketsego ya baboledi ya diperesente di le 6, ka tlhora ya ba le 1 697. Ba ne ba rulaganya go aga Holo ya Dikopano. Le mororo bontsi jwa baagi ba ditlhaketlhake tseo ba ne ba tshaba mo nageng, baithaopi ba ba tswang kwa Australia ba ne ba tla go thusa ka kago eo. Kgabagare baithaopi ba ne ba tshwanelwa ke go tsamaya, mme legale ba ne ba se ka ba tsamaya ba ise ba thapise bakaulengwe ba lefelo leo gore ba feleletse motheo wa holo. Ditlhomeso tsa tshipi tsa holo eo tse di neng di setse di dirilwe di ne tsa romelwa ka sekepe go tswa kwa Australia, mme go wediwa ga kago eno e ntle ya kobamelo—fa dikago tse dingwe tse dintsi di tlogetswe di sa fela—go tla neela bosupi jo bo molemo ka leina la ga Jehofa le ka lorato lo bakaulengwe ba nang le lone.
Jaaka Modimo, Re Rata Lefatshe
12. Re etsa Jehofa jang malebana le boikutlo jo re nang le jone ka batho ba e seng ba bodumedi jwa rona?
12 A lorato lwa rona lo akaretsa fela ba malapa a rona le bakaulengwe ba rona? Nnyaa, e seng fa e le gore re “baetsi ba Modimo.” Jesu o ile a re: “Modimo o ratile lefatshe mo go kalo mo o bileng wa ntsha Morwaone yo o tsetsweng a le esi, e le gore mongwe le mongwe yo o supang tumelo mo go ene a tle a se ka a senngwa mme a nne le botshelo jo bo sa khutleng.” (Baefeso 5:1; Johane 3:16) Jaaka Jehofa Modimo, re bontsha go rata batho botlhe—go akaretsa le ba e seng ba bodumedi jwa rona. (Luke 6:35, 36; Bagalatia 6:10) Ka ntlha ya seno, re rera dikgang tse di molemo tsa Bogosi le go bolelela batho ba bangwe ka tiro e kgolo ya lorato e Modimo a ba diretseng yone. Seno se ka thusa batho bape ba ba re reetsang go bona poloko.—Mareko 13:10; 1 Timotheo 4:16.
13, 14. Dingwe tsa ditiragalo tsa bakaulengwe ba ba neng ba bontsha batho ba e seng Basupi lorato ke dife, tota le eleng fa ba ne ba na le dilo tse di ba kgoreletsang?
13 Akanya ka babulatsela ba ba kgethegileng ba le banè ba kwa Nepal. Ba ne ba abetswe go dira kwa toropong nngwe e e kwa borwabophirima jwa naga eo, mme ba feditse dingwaga tse tlhano tse di fetileng ba bontsha lorato lwa bone ka go rera ka bopelotelele mo toropong eo le mo metseng e e fa thoko. Ba bereka tshimo eno yotlhe ka go tsamaya diura tse dintsi ka dibaesekele mo mogoteng wa didikirii tsa Celsius di feta 40. Lorato lwa bone le “boitshoko mo tirong e e molemo” di ile tsa tlhagisa matswela a a molemo fa go ne go tlhongwa setlhopha sa thuto ya buka kwa go mongwe wa metse eno. (Baroma 2:7) Ka March 2000, batho ba le 32 ba ne ba tla go reetsa puo ya phatlalatsa e e neng e neelwa ke molebedi wa potologo yo o neng a ba etetse. Ngogola Nepal e nnile le tlhora ya baboledi ba le 430—koketsego ya diperesente di le 9. Ruri Jehofa o segofatsa tlhagafalo le lorato lwa bakaulengwe ba naga eo.
14 Kwa Colombia babulatsela ba ba kgethegileng ba nakwana ba ile ba ya go rera kwa metseng ya Baindia ba Ba-Wayuu. Ba ne ba tshwanelwa ke go ithuta puo e ntšha e le gore ba kgone go dira jalo, le fa go ntse jalo, tsela e ba neng ba kgatlhegela batho ka yone ka lorato e ile ya duelwa ka gore go tle batho ba le 27 kwa puong ya phatlalatsa le mororo go ne go na pula ya matsorotsoro. Tlhagafalo ya lorato e e ntseng jaaka e e neng ya bontshiwa ke babulatsela bano e ile ya dira gore go nne le koketsego ya diperesente di le 5 kwa Colombia le tlhora ya baboledi ba le 107 613. Kwa Denmark kgaitsadi mongwe yo o godileng o ne a batla go abela batho ba bangwe dikgang tse di molemo, le fa go ntse jalo, o ne a golafetse. Seo ga se a ka sa mo kgoba marapo, mme o ne a ikgolaganya le batho ba ba kgatlhegang ka go
ba kwalela makwalo. Gone jaanong, o kwalelana le batho ba le 42 mme o tshwara dithuto tsa Baebele le batho ba le 11. Ke mongwe wa tlhora ya baboledi ba le 14 885 ba ba neng ba bega kwa Denmark ngogola.Rata Baba ba Gago
15, 16. (a) Jesu o ile a re lorato lwa rona lo tshwanetse go akaretsa le bomang? (b) Bakaulengwe ba ba eteletseng pele ba ile ba dirisana jang ka lorato le motho yo o neng a latofatsa Basupi ba ga Jehofa ka maaka?
15 Jesu o ile a raya monna yo o itseng Molao fela thata a re Mosamarea o ne a ka tsewa e le moagelani. Jesu o ile a tlhalosa kgang eno go ya pele ka go bua jaana mo Therong ya gagwe ya mo Thabeng: “Lo ne lwa utlwa gore go ne ga twe, ‘O tshwanetse go rata moagelani wa gago mme o tlhoe mmaba wa gago.’ Lefa go ntse jalo, ke a lo raya ka re: Tswelelang lo rate baba ba lona lo bo lo rapelele ba ba lo bogisang; gore lo tle lo itshupe lo le barwa ba ga Rraalona yo o kwa magodimong.” (Mathaio 5:43-45) Tota le fa mongwe a re ganetsa, re leka go ‘nna re fenya bosula ka molemo.’ (Baroma 12:19-21) Fa go kgonega, re mo abela letlotlo la rona le legolo go gaisa otlhe e leng boammaaruri.
16 Kwa Ukraine setlhogo sengwe sa lokwalodikgang lwa Kremenchuk Herald se ne sa tlhalosa Basupi ba ga Jehofa e le lekoko le le kotsi. Kgang eno e ne e le masisi ka gonne kwa Yuropa batho bangwe ba bua ka Basupi ba ga Jehofa ka tsela eno e le go tlhotlheletsa batho gore ba dumele gore ditiro tsa Basupi di tshwanetse go ilediwa kana go thibelwa. Ka gone, go ile ga buisanwa le mogatisi mme a kopiwa gore a phasalatse setlhogo se se baakanyang seno. O ne a dumela go dira jalo, mme gone mo setlhogong seo o ne a kwala mafoko a gore setlhogo sa ntlha se ne se theilwe mo tshedimosetsong e e boammaaruri. Ka gone bakaulengwe ba ba eteletseng pele ba ne ba ikgolaganya le ene gape ka tshedimosetso e e oketsegileng. Kwa bofelong mogatisi yono o ne a lemoga gore setlhogo sa pele se ne se le phoso, mme a gatisa se sengwe se se baakanyang kgang. Go dirisana le ene jalo ka tlhamalalo le ka bopelonomi e ne e le tsela e e lorato ya go rarabolola kgang eo, mme go ne ga felela ka matswela a a molemo.
Re ka Nna le Lorato Jang?
17. Ke eng se se bontshang gore go ka nna ga se ka ga nna motlhofo gore re dirisane le batho ba bangwe ka lorato ka metlha?
17 Fa lesea le tsholwa, ka bonako fela batsadi ba lone ba simolola go le rata. Ga se ka metlha go dirisana ka lorato le batho ba ba godileng go itiragalelang jalo ka tsela ya tlholego fela. E ka tswa e le lone lebaka la go bo gangwe le gape Baebele e re laelang gore re ratane—ke selo se re tshwanetseng go se kgaratlhela. (1 Petere 1:22; 4:8; 1 Johane 3:11) Jesu o ne a itse gore lorato lwa rona lo tla lekwa fa a ne a re re tshwanetse go itshwarela mokaulengwe wa rona “go fitlha go makgetlo a le masome a supa le bosupa.” (Mathaio 18:21, 22) Paulo le ene o ile a re kgothaletsa go ‘tswelela re iphapaanyelana.’ (Bakolosa 3:12, 13) Ke gone ka moo re laelwang jaana: “Latelelang lorato”! (1 Bakorintha 14:1) Re ka dira seo jang?
18. Ke eng se se tla re thusang gore re rate batho ba bangwe?
18 Sa ntlha, re ka nna re akantse ka metlha ka lorato lo re ratang Jehofa Modimo ka lone. Lorato lono ke selo se segolo se se re tlhotlheletsang go rata moagelani. Ka ntlha yang? Ka gonne fa re dira jalo, seno se bua bontle ka Rraarona wa selegodimo e bile se dira gore a galalediwe le go bakwa. (Johane 15:8-10; Bafilipi 1:9-11) Sa bobedi, re ka leka go leba dilo go ya kafa Jehofa a di lebang ka teng. Nako le nako fa re leofa, re a bo re leofela Jehofa; le fa go ntse jalo, gangwe le gape o a re itshwarela e bile o tswelela pele a re rata. (Pesalema 86:5; 103:2, 3; 1 Johane 1:9; 4:18) Fa re leka go leba dilo kafa Jehofa a di lebang ka teng, re tla tlhotlheletsega go rata batho ba bangwe le go ba itshwarela ditlolo tsa bone. (Mathaio 6:12) Sa boraro, re ka dirisana le batho ba bangwe ka tsela e re ratang ba dirisana le rona ka yone. (Mathaio 7:12) E re ka re sa itekanela, gantsi le rona re tlhoka gore ba bangwe ba re itshwarele. Ka sekai, fa re bua dilo tse di utlwisang ba bangwe botlhoko re tle re lebelele gore ba gopole gore nako le nako batho botlhe ba a leofa ka maleme a bone. (Jakobe 3:2) Fa re batla gore batho ba bangwe ba dirisane le rona ka lorato, le rona re tshwanetse go dirisana le bone ka lorato.
19. Re ka senka jang thuso ya moya o o boitshepo gore o re thuse go nna lorato?
19 Sa bonè, re ka senka thuso ya moya o o boitshepo ka gonne lorato ke lengwe la maungo a moya. (Bagalatia 5:22, 23) Gantsi go itlela fela ka tlholego gore re rate ditsala tsa rona, ba losika le baratiwa ba rona. Mme gone, re tlhoka moya wa ga Jehofa gore o re thuse go nna le lorato lo Jehofa a nang le lone, lorato lo e leng sebofo se se itekanetseng sa kutlwano. Re ka senka thuso ya moya o o boitshepo ka go bala Baebele e e tlhotlheleditsweng. Ka sekai, fa re ithuta ka botshelo jwa ga Jesu, re tla bona kafa a ileng a dirisana le batho ka teng, mme re ka ithuta go mo etsa. (Johane 13:34, 35; 15:12) Mo godimo ga moo, re ka kopa Jehofa moya o o boitshepo, segolobogolo fa re le mo maemong a go leng thata go dirisana le ba bangwe ka lorato mo go one. (Luke 11:13) Sa bofelo, re ka nna le lorato ka go kgomarela phuthego ya Bokeresete. Go nna le bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona ba ba lorato go re thusa go nna lorato.—Diane 13:20.
20, 21. Basupi ba ga Jehofa ba ile ba bontsha lorato ka ditsela dife tse dikgolo mo ngwageng wa tirelo wa 2000?
20 Ngogola, go ile ga nna le tlhora ya baboledi ba dikgang tse di molemo ba le 6 035 564 mo lefatsheng lotlhe. Basupi ba ga Jehofa ba ile ba fetsa palogotlhe ya diura di le 1 171 270 425 ba senka batho ba ba ka ba bolelelang dikgang tse di molemo. Ke lorato lo lo ileng lwa ba thusa go itshokela mogote, pula le serame fa ba ntse ba dira tiro eno. Ke lorato lo lo ileng lwa ba tlhotlheletsa go bua le ba ba tsenang sekolo le bone, badirikabone le go bua le batho ba ba sa ba itseng mo mebileng le mo mafelong a mangwe. Bontsi jwa batho ba Basupi ba neng ba ba etela ba ne ba sa kgatlhege, ba se kae ba bone ba ne ba ba ganetsa. Le fa go ntse jalo, bangwe ba ne ba bontsha go kgatlhega mo e leng gore go ile ga dirwa maeto a go boela a le 433 454 049 ga ba ga tshwarwa dithuto tsa Baebele di le 4 766 631. *
21 A bo seno sotlhe e le bosupi jo bogolo jang ne jwa lorato lo Basupi ba ga Jehofa ba ratang Modimo le baagelani ba bone ka lone! Le ka motlha lorato loo lo ka se ka lwa tsidifala. Re dumela re se na pelaelo gore batho ba tla neelwa bosupi jo bo fetang joo mo ngwageng wa tirelo wa 2001. E kete Jehofa a ka tswelela pele a segofatsa baobamedi ba gagwe ba ba ikanyegang le ba ba tlhagafetseng fa ba ntse ba leka gore ‘merero ya bone yotlhe e diragale ka lorato’!—1 Bakorintha 16:14.
[Ntlha e e kwa tlase]
^ ser. 20 Go bona dintlha ka botlalo tsa Pego ya Ngwaga wa Tirelo wa 2000, bona tšhate e e mo go tsebe 18-21.
A o Ka Tlhalosa?
• Re etsa mang fa re rata moagelani wa rona?
• Lorato lwa rona lo tshwanetse go akaretsa le bomang?
• Dingwe tsa ditiragalo tse di bontshang lorato lwa Bokeresete ke dife?
• Re ka dira jang gore re nne le lorato lwa Bokeresete?
[Dipotso Tsa Thuto]
[Tšhate mo go tsebe 18-21]
PEGO YA BASUPI BA GA JEHOFA LEFATSHE KA BOPHARA YA NGWAGA WA TIRELO WA 2000
(Leba kgatiso)
[Ditshwantsho mo go tsebe 15]
Lorato lwa Bokeresete lo ka boloka lelapa le le mmogo
[Ditshwantsho mo go tsebe 17]
Lorato lo re tlhotlheletsa go bolelela ba bangwe tsholofelo e re nang le yone