Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A o Dirile Boammaaruri go Nna Jwa Gago?

A o Dirile Boammaaruri go Nna Jwa Gago?

A o Dirile Boammaaruri go Nna Jwa Gago?

“Lo fetolwe ka go fetola megopolo ya lona, gore lo iponele se thato ya Modimo e e molemo le e e amogelesegang le e e itekanetseng e leng sone.”—BAROMA 12:2.

1, 2. Ke eng fa gompieno go se motlhofo go nna Mokeresete wa boammaaruri?

GO NNA Mokeresete wa boammaaruri mo malatsing ano a bofelo—‘dinako tseno tsa mathata tse go leng boima go lebana le tsone’—ga se kgetsi e potlana. (2 Timotheo 3:1) Ee ruri, motho o tshwanelwa ke go fenya lefatshe gore a latele sekao sa ga Keresete. (1 Johane 5:4) Gakologelwa se Jesu a ileng a se bua ka tsela ya Bokeresete: “Tsenang ka kgoro e tshesane; ka gonne tsela e e isang tshenyegong e atlhame e bile e bulegile, mme ba ba tsenang ka yone ba bantsi; fa kgoro e e isang botshelong yone e le tshesane le tsela e pitlagane, mme ba ba e bonang ba le mmalwa.” Gape o ile a re: “Fa mongwe a batla go ntshala morago, a a iitatole mme a tseye kota ya gagwe ya tlhokofatso malatsi ka go latelana mme a ntshale morago ka metlha.”—Mathaio 7:13, 14; Luke 9:23.

2 Fa Mokeresete a sena go bona tsela e tshesane e e isang botshelong, kgato e e gwetlhang e e latelang eo ke gore a tswelele pele a le mo tseleng eo. Ke eng fa seo e le kgwetlho? Ke ka gonne boineelo jwa rona le go kolobediwa di dira gore Satane a rate go re tlhasela thata ka maano a gagwe a boferefere kana a a bofitlha. (Baefeso 6:11; mokwalo o o kwa tlase mo NW) O ela tlhoko makoa a rona mme o batla go a dirisa ka tsela e e sa siamang gore a re koafatse semoyeng. Kana e bile o ile a leka go koafatsa Jesu, ka jalo go ka tla jang gore rona a re tlogele?—Mathaio 4:1-11.

Maano a a Boferefere a ga Satane

3. Satane o ne a jala dipelaelo jang mo mogopolong wa ga Efa?

3 Leano lengwe le Satane a le dirisang ke go re tsenya dipelaelo mo mogopolong. O batla go bona makoa mangwe mo diaparong tsa rona tsa semoya. Go tloga fela kwa tshimologong o ile a dirisa lone leano leno mo go Efa ka go mmotsa jaana: “A tota go ntse jalo gore Modimo o rile lo se ka lwa ja mo setlhareng sengwe le sengwe sa tshingwana?” (Genesise 3:1) Ka mafoko a mangwe, Satane o ne a re, ‘A ruri Modimo o ka lo beela thibelo e e ntseng jalo? A ruri a ka lo iletsa selo se se molemo jaana? Ebu, Modimo o a itse gore ka letsatsi le lo tla jang mo setlhareng ka lone matlho a lona a tla bulega mme lo tla tshwana le Modimo, lo itse molemo le bosula!’ Satane o ne a jala pelaelo mo go Efa jaaka e kete o jala peo.—Genesise 3:5.

4. Batho bangwe gompieno ba ka amiwa ke dipelaelo dife?

4 Satane o dirisa leano leno jang gompieno? Fa re tlhokomologa go bala Baebele, thuto ya motho ka namana, go rapela le bodiredi jwa rona jwa Bokeresete le dipokano, re ka ipaya mo kotsing ya go fenngwa ke dipelaelo tse di tlang ka batho ba bangwe. Ka sekai: “Re itse jang gore seno ke boammaaruri jo Jesu a neng a bo ruta?” “A ruri metlha eno ke ya bofelo? Kana e bile, re setse re le mo lekgolong la bo21 la dingwaga.” “A re gaufi thata le Haramagedona, kana a e sa ntse e le kgakala?” Fa re ka nna le dipelaelo tse di ntseng jalo, re ka di tlosa jang?

5, 6. Re ka dira eng fa re nna le dipelaelo?

5 Jakobe o ne a neela kgakololo e e molemo fa a ne a kwala jaana: “Fa mongwe wa lona a tlhoka botlhale, a a nne a kope Modimo, gonne o naya botlhe ka bopelotshweu e bile a sa kgobe; mme o tla bo newa. Mme a a nne a kope ka tumelo, a sa belaele ka gope, gonne yo o belaelang o tshwana le lekhubu la lewatle le le kgweediwang ke phefo e bile le phailakwa. Tota e bile, a motho yoo a se ka a tsaya gore o tla amogela sengwe mo go Jehofa; ke motho yo o sa kgoneng go dira tshwetso, yo o sa nitamang mo ditseleng tsotlhe tsa gagwe.”—Jakobe 1:5-8.

6 Re tshwanetse go dira eng he? Re tshwanetse go ‘nna re kopa Modimo’ ka thapelo gore a re neye tumelo le tlhaloganyo le go nonotsha maiteko a go ithuta ka namana malebana le dipotso dipe fela kana dipelaelo. Gape re ka kopa thuso ya batho ba ba nonofileng mo tumelong, re sa belaele ka gope gore Jehofa o tla re ema nokeng ka tsela e re e tlhokang. Gape Jakobe o ile a re: “Ipeyeng mo taolong ya Modimo; ganetsang Diabolo, mme o tla lo tshaba. Atamelang Modimo, mme o tla lo atamela.” Ee, dipelaelo tsa rona di tla nyelela fa re atamelana le Modimo ka go ithuta le go mo rapela.—Jakobe 4:7, 8.

7, 8. Dingwe tsa dilo tsa motheo tse ka tsone re tshwayang mofuta wa kobamelo e Jesu a neng a e ruta ke dife, mme ke bomang ba di ba tshwanelang?

7 Ka sekai, akanya ka potso ya go re: Re itse jang gore re latela mofuta wa kobamelo o Jesu a neng a o ruta? Go araba potso eno, re tshwanetse go akanyetsa ntlha efe? Baebele e bontsha gore Bakeresete ba ba ikanyegang ba tshwanetse go ratana ka lorato lwa boammaaruri. (Johane 13:34, 35) Ba tshwanetse go itshepisa leina la Modimo Jehofa. (Isaia 12:4, 5; Mathaio 6:9) Mme ba tshwanetse go itsise leina leo.—Ekesodo 3:15; Johane 17:26.

8 Selo se sengwe se re tshwayang kobamelo ya boammaaruri ka sone ke ka go tlotla Lefoko la Modimo, Baebele. Ke buka e e sa tshwaneng le epe e e senolang botho jwa Modimo le maikaelelo a gagwe. (Johane 17:17; 2 Timotheo 3:16, 17) Mo godimo ga moo, Bakeresete ba boammaaruri ba bolela Bogosi jwa Modimo e le jone fela jo bo tla dirang gore go nne le botshelo jo bo sa khutleng mo lefatsheng la paradaise. (Mareko 13:10; Tshenolo 21:1-4) Ga ba nne le seabe mo dipolotiking tse di bosula tsa lefatshe leno le tsela ya tsone ya botshelo e e leswafatsang. (Johane 15:19; Jakobe 1:27; 4:4) Ke bomang gompieno ba ba tshwanelang tlhaloso eno? Mabaka a bontsha gore go na le karabo e le nngwe fela—Basupi ba ga Jehofa.

Go Tweng fa re Faraferwe ke Dipelaelo?

9, 10. Ke eng se re ka se dirang go fenya go farafarwa ke dipelaelo?

9 Go tweng fa e le gore re iphitlhela re faraferwe ke dipelaelo? Re tshwanetse go dira eng fa go le jalo? Kgosi Solomone yo o botlhale o araba jaana: “Morwaaka, fa e le gore o tla amogela mafoko a me mme wa boloka ditaelo tsa me mo go wena, gore o tle o tlhwaele botlhale tsebe, gore o tle o sekamisetse pelo ya gago kwa temogong; mo godimo ga moo, fa o tlhaeletsa tlhaloganyo mme o ntshetsa temogo lentswe la gago, fa o nna o e senka jaaka selefera o bo o nna o e batla jaaka matlotlo a a fitlhegileng, foo o tla tlhaloganya go boifa Jehofa, mme o tla bona e e leng kitso ya Modimo.”Diane 2:1-5.

10 A seo ga se selo se se itumedisang thata? Fa e le gore re iketleeleditse go sekegela botlhale jwa Modimo tsebe ka tlhoafalo, re tla “bona e e leng kitso ya Modimo.” Ee, re ka bona kitso ya Morena Molaodimogolo wa lobopo fa e le gore re iketleeleditse go amogela mafoko a gagwe le go a tsaya a le botlhokwa. Seo se bolela gore re retologele kwa go Jehofa ka thapelo le ka thuto ya motho ka namana. Matlotlo a a fitlhegileng a Lefoko la gagwe a ka fedisa dipelaelo dipe tse re nang le tsone le go re thusa go bona lesedi la boammaaruri.

11. Motlhokomedi wa ga Elisha o ile a amiwa jang ke go nna le pelaelo?

11 Sekao se se molemo sa kafa thapelo e ileng ya thusa motlhanka wa Modimo ka gone yo o neng a boifa e bile a na le dipelaelo se fitlhelwa mo go 2 Dikgosi 6:11-18. Motlhokomedi wa ga Elisha o ne a sa bone dilo ka tsela ya semoya. O ne a sa lemoge gore masomosomo a selegodimo a ne a na le bone go tla go ema moporofeti wa Modimo nokeng, yo o neng a tlhaselwa ke masole a Siria. Motlhokomedi o ile a tlhaeletsa jaana a boifa: “Ijoo, mong wa me! Re tla dirang?” Elisha o ile a araba jang? “O se ka wa boifa, gonne ba ba nang le rona ba bantsi go feta ba ba nang le bone.” Mme gone ke eng se se neng se ka tlhatswa motlhokomedi pelo? O ne a sa kgone go bona masomosomo a selegodimo.

12. (a) Dipelaelo tsa motlhokomedi di ne tsa rarabololwa jang? (b) Re ka rarabolola jang dipelaelo dipe tse re ka tswang re na le tsone?

12 “Elisha a simolola go rapela a re: ‘Ao tlhe Jehofa, bula matlho a gagwe, tsweetswee, gore a bone.’ Ka yone nako eo Jehofa a bula matlho a motlhokomedi, mme a bona; mme bona! kgaolo e e dithaba e ne e tletse dipitse le dikara tsa ntwa tsa molelo go dikologa Elisha gotlhe fela.” Ka nako eo Jehofa a dira gore motlhokomedi a bone masole a selegodimo a a neng a sireleditse Elisha. Le fa go ntse jalo, ga re a tshwanela go lebelela gore Modimo a re thuse ka tsela e e ntseng jalo gompieno. Se lebale gore motlhokomedi yoo wa moporofeti o ne a se na Baebele e e feletseng e a neng a ka e ithuta go inonotsha tumelo ka yone. Rona re na le Baebele. Fa re e dirisa ka tsela e e molemo, le rona tumelo ya rona e ka nonotshiwa. Ka sekai, re ka akanya ka dipego di le mmalwa tse di tlhalosang Jehofa a le mo kgotlatshekelong ya gagwe ya selegodimo. Dipego tseno di re tlogela re se na pelaelo gore Jehofa o na le phuthego ya selegodimo e e emang batlhanka ba gagwe nokeng mo tirong ya lefatshe lotlhe ya go ruta gompieno.—Isaia 6:1-4; Esekiele 1:4-28; Daniele 7:9, 10; Tshenolo 4:1-11; 14:6, 7.

Ela Maano a ga Satane Tlhoko!

13. Satane o dirisa eng go koafatsa tsela e re kgomaretseng boammaaruri ka yone?

13 Ditsela tse dingwe tse Satane a koafatsang bomoya jwa rona le go kgomarela ga rona boammaaruri ka tsone ke dife? Nngwe ya tsone ke boitsholo jo bo maswe ka mefuta yotlhe ya jone. Mo lefatsheng la gompieno le le ilweng tlhogong ke tlhakanelodikobo, se se bidiwang go iphitlha le mongwe (e leng go tlhofofatsa se tota e leng go se ikanyege mo lenyalong) kana go intsha bodutu (go gokafala le mongwe le mongwe) e setse e fetogile selo sa letsatsi le letsatsi mo kokomaneng eno e e boikepo e e ratang go ijesa monate ka ditsela tsotlhe. Gompieno dibaesekopo, thelebishene le dibidio di rotloetsa mokgwa o o ntseng jalo wa botshelo. Metswedi ya tshedimosetso, segolobogolo Internet, e tletse ka ditshwantsho tse di hepisang. Batho ba ba ratang dilo ba a raelesega.—1 Bathesalonika 4:3-5; Jakobe 1:13-15.

14. Ke eng fa Bakeresete bangwe ba ile ba tshwarwa ke dirai tsa ga Satane?

14 Bakeresete bangwe ba ile ba letla gore go rata go itse go ba fekeetse mme ba leswafatsa megopolo le dipelo tsa bone ka go lebelela ditshwantsho tse di hepisang tse di maswe kana tse di feteletseng thata. Ba ile ba itetla go wela mo seraing se se gogelang sa ga Satane. Go dira jalo gantsi go dirile gore ba koafale tumelo. Batho ba ba ntseng jalo ba ile ba se ka ba nna “masea malebana le bosula.” Ba ile ba se ka ba gola ka botlalo “mo maatleng a go tlhaloganya.” (1 Bakorintha 14:20) Ngwaga le ngwaga diketekete tsa bone di roba maduo a go se ikobele melaometheo le ditekanyetso tsa Lefoko la Modimo. Ba ile ba tlhokomologa go apara le go tlhokomela “diaparo tse di feletseng tsa tlhabano tse di tswang kwa Modimong.”—Baefeso 6:10-13; Bakolosa 3:5-10; 1 Timotheo 1:18, 19.

Ngomaela se re Nang Naso

15. Ke eng se se ka tswang se dira gore bangwe ba se ka ba anaanela boswa jwa bone jwa semoya?

15 Jesu o ile a re: “Lo tla itse boammaaruri, mme boammaaruri bo tla lo golola.” (Johane 8:32) Bontsi jwa Basupi ba ile ba tshwanelwa ke go ikgaoganya le mekgwa ya bone ya pele ya botshelo le madumedi a bone a pele. Ka gone, ba ka tswa ba itumelela thata tsela e boammaaruri bo ba golotseng ka yone. Kafa letlhakoreng le lengwe, basha bangwe ba ba ileng ba godisiwa ke batsadi ba ba mo boammaaruring ba ka tswa ba sa anaanele boswa jwa bone jwa semoya. Ga ba ise ba ko ba nne karolo ya bodumedi jwa maaka kana karolo ya lefatshe leno le le tlotlomatsang go rata menate, go tshwakgolwa ke diokobatsi le boitsholo jwa lone jo bo maswe. Ka ntlha ya seo, ba ka tswa ba sa bone pharologano e kgolo e e leng gone gareng ga paradaise ya rona ya semoya le lefatshe le le bosula la ga Satane. Tota e bile, bangwe ba ka nna ba bo ba ineelela go latswa botlhole jwa lefatshe leno e le ka go bo ba batla go utlwa gore ba ntse ba fetwa ke eng!—1 Johane 2:15-17; Tshenolo 18:1-5.

16. (a) Ke dipotso dife tse re ka ipotsang tsone? (b) Re rutwa eng e bile re kgothalediwa go dira eng?

16 A tota re tlhoka go iphisa menwana gore re tle re utlwe gore botlhoko bo utlwala jang? A re ka se ithute go tswa mo dilong tse di sa siamang tse di diragaletseng ba bangwe? A re tlhoka go ipitika “mo lorageng” lwa lefatshe leno go bona fa e le gore re ile ra fetwa ke sengwe? (2 Petere 2:20-22) Petere o ile a gakolola Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba ba neng ba kile ba nna karolo ya lefatshe la ga Satane jaana: “Nako e e fetileng e lekane gore lo bo lo dirile thato ya ditšhaba fa lo ne lo tswelela mo ditirong tsa boitshwaro jo bo repileng, dikeletso tse di fekeetsang, go nwa beine mo go feteletseng, mediro ya ditlhapelo, mekete ya go nwa, le kobamelo e e seng kafa molaong ya medingwana.” Ruri ga re tlhoke go tsena mo “lekadibeng leno le le kwa tlase la botlhapelwa” la lefatshe e le gore re iponele ka matlho gore botshelo jono bo ka nna maswe go le kana kang. (1 Petere 4:3, 4) Go na le moo, re rutwa ditekanyetso tsa maemo a a kwa godimo tsa boitsholo tsa ga Jehofa kwa Diholong tsa rona tsa Bogosi, tse e leng mafelo a re rutelwang Baebele mo go one. E bile re kgothalediwa go dirisa maatla a rona a go akanya go itlhatswa pelo gore re mo boammaaruring mme ka gone re dira gore boammaaruri e nne jwa rona.—Joshua 1:8; Baroma 12:1, 2; 2 Timotheo 3:14-17.

Leina la Rona ga se Letshwao Fela

17. Re ka nna jang Basupi ba ba nang le matswela ba ga Jehofa?

17 Fa re dira boammaaruri go nna jwa rona, re tla senka paka nngwe le nngwe e e tshwanelang go bo bolelela batho ba bangwe. Seno ga se bolele gore re tla batla go bo pateletsa batho ba ba sa bo kgatlhegeleng. (Mathaio 7:6) Go na le moo, ga re ne re tshaba go itsise batho gore re Basupi ba ga Jehofa. Fa motho a bontsha kgatlhego go se kae ka go botsa potso a tlhoafetse kana a amogela kgatiso ya Baebele, re tla nna re ipaakanyeditse go mmolelela ka tsholofelo e re nang le yone. Ke boammaaruri gore, seno se tla re tlhoka gore re age re tshotse dikgatiso dingwe gongwe le gongwe kwa re ka tswang re le gone—kwa gae, kwa tirong, kwa sekolong, kwa mabenkeleng, kana kwa mafelong a boitapoloso.—1 Petere 3:15.

18. Go dira gore go bonale sentle gore re Bakeresete go ka nna jang selo se se re tlhotlheletsang ka tsela e e molemo mo botshelong?

18 Fa re dira gore go bonale sentle gore re Bakeresete, re nonotsha tsela e re itshireletsang mo ditlhaselong tsa ga Satane ka yone. Fa go na le moletlo wa matsalo kana wa Keresemose kana go betšha kwa tirong, badirikarona gantsi ba tla re, “Se itshwenye ka yoo. Ke mongwe wa Basupi ba ga Jehofa.” Ka ntlha ya sone seo, batho ba ka nna ba tshaba go dira metlae e e leswe fa re na le bone. Ka gone, go dira gore batho ba itse boemo jwa rona jwa Bokeresete e tla nna selo se se re tlhotlheletsang ka tsela e e molemo mo botshelong, fela jaaka moaposetoloi Petere a ile a re: “Eleruri, ke motho ofe yo o tla lo gobatsang fa lo tlhoafalela se se molemo? Mme le e leng fa lo tshwanetse go boga ka ntlha ya tshiamo, lo itumetse.”—1 Petere 3:13, 14.

19. Re itse jang gore re tseneletse kwa tengteng ga malatsi a bofelo?

19 Molemo o mongwe gape wa go dira gore boammaaruri e nne jwa rona ke gore re tla tlhatswega pelo gore malatsi ano ke malatsi a bofelo a tsamaiso eno ya dilo. Re tla itse gore bontsi jwa dipolelelopele tsa Baebele di tloga di diragala ka botlalo mo motlheng wa rona. * Tlhagiso ya ga Paulo ya gore “mo metlheng ya bofelo go tla nna le dinako tsa mathata tse go leng boima go lebana le tsone” e tlhomamisiwa sentle ke ditiragalo tse di boifisang tse di diragetseng mo lekgolong la dingwaga le le fetileng. (2 Timotheo 3:1-5; Mareko 13:3-37) Setlhogo sa bosheng jaana sa lekwalodikgang se se neng se bua ka lekgolo la bo20 la dingwaga se ne se re, “Le Tla Gopolwa e le Motlha wa go se Tlhabologe.” Setlhogo seno se ile sa re: “1999 e ile ya nna ngwaga o go neng ga nna le dipolao tse dintsi go gaisa tsotlhe tsa sephatlo sa bobedi sa lekgolo la dingwaga le le ileng la nna le dipolao tse dintsi go gaisa.”

20. Gone jaanong ke nako ya go dira eng?

20 Eno ga se nako ya go okaoka. Masego a ga Jehofa a bonala sentle mo tirong ya go ruta Baebele, e leng tiro e kgolo go gaisa tsotlhe tse di kileng tsa dirwa mo lefatsheng lotlhe e le bosupi mo ditšhabeng. (Mathaio 24:14) Dira gore boammaaruri e nne jwa gago, mme o bo itsise batho ba bangwe. Isagwe ya gago ya bosakhutleng e ikaegile ka se o se dirang gone jaanong. Jehofa ga a kitla a re segofatsa fa re ka repisa letsogo. (Luke 9:62) Go na le moo, ke nako ya gore re ‘nitame, re sa tshikhinyege, ka metlha re na le mo gontsi go go dira mo tirong ya Morena, ka re itse gore tiro ya rona e re e dirang ka natla ga se ya lefela mo Moreneng.’—1 Bakorintha 15:58.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 19 Bona Tora ya Tebelo ya January 15, 2000, ditsebe 12-14. Dirapa 13-18 di tlhalosa dilo tse thataro tse e leng bosupi jo bo nonofileng jwa gore re ntse re tshela mo malatsing a bofelo fa e sa le ka 1914.

A o A Gakologelwa?

• Re ka intsha dipelaelo jang?

• Re ka ithuta eng go tswa mo sekaong sa motlhokomedi wa ga Elisha?

• Re tshwanetse go nna re iketse tlhoko mo dithaelong dife tsa boitsholo?

• Ke eng fa re tshwanetse go dira gore go itsege sentle gore re Basupi ba ga Jehofa?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Ditshwantsho mo go tsebe 10]

Go ithuta Baebele ka metlha le go rapela go ka re thusa go intsha dipelaelo

[Setshwantsho mo go tsebe 11]

Dipelaelo tsa motlhokomedi wa ga Elisha di ne tsa rarabololwa ka ponatshegelo

[Setshwantsho mo go tsebe 12]

Re rutwa ditekanyetso tsa ga Jehofa tsa maemo a a kwa godimo tsa boitsholo kwa Diholong tsa Bogosi tse di jaaka eno ya kwa Benin