Letsatsi la ga Jehofa la Katlholo le Gaufi!
Letsatsi la ga Jehofa la Katlholo le Gaufi!
“Letsatsi le legolo la ga Jehofa le gaufi. Le gaufi e bile le itlhaganela thata.”—SEFANIA 1:14.
1. Modimo o ne a dirisa Sefania go bolela tlhagiso efe?
JEHOFA MODIMO o tloga a tseela baikepi kgato. Reetsa! O ba tlhagisa jaana: “Ke tla fedisa motho wa mo lefatsheng . . . ke tla kgaola batho mo godimo ga lefatshe.” (Sefania 1:3) Morena Molaodimogolo Jehofa o ne a bua mafoko ao a dirisa moporofeti wa gagwe Sefania, yo gongwe e neng e le setlogotlogolwana sa ga Kgosi Hesekia yo o ikanyegang. Mafoko ao a a neng a buiwa mo motlheng wa ga Kgosi Josia yo o molemo, e ne e se dikgang tse di monate mo baaging ba ba boikepo ba Juda.
2. Ke eng fa dikgato tse di neng tsa tsewa ke Josia di ile tsa se ka tsa kganela letsatsi la ga Jehofa la katlholo?
2 Ga go pelaelo gore go porofeta ga ga Sefania go ile ga thusa Josia yo mmotlana go lemoga botlhokwa jwa go tlosa kobamelo e e leswe mo Juda. Mme gone kgato e kgosi e neng e e tsere go fedisa kobamelo ya maaka mo nageng eo ga ya ka ya nyeletsa boikepo jotlhe mo bathong kana go bipa maleo a ga rraagwemogolo e bong Kgosi Manase yo o neng a ‘tladitse Jerusalema ka madi a a se nang molato.’ (2 Dikgosi 24:3, 4; 2 Ditiragalo 34:3) Ka jalo ruri letsatsi la ga Jehofa la katlholo le ne le tla.
3. Ke eng fa re ka tlhomamisega gore go a kgonega gore re ka falola “letsatsi la bogale jwa ga Jehofa”?
3 Mme gone, go ne go tla nna le batho ba ba tla falolang letsatsi leo le le boifisang. Ka gone, moporofeti wa Modimo o ile a kgothatsa jaana: “Pele molao o belega sepe, pele ga fa letsatsi le fetile fela jaaka mmoko, pele bogale jo bo tukang jwa ga Jehofa bo tla mo go lona, pele letsatsi la bogale jwa ga Jehofa le tla mo go lona, batlang Jehofa, lona lotlhe ba ba pelonolo ba lefatshe, ba lo dirileng tshwetso ya Gagwe ya boatlhodi. Batlang tshiamo, batlang bopelonolo. Gongwe lo ka nna lwa sujwa mo letsatsing la bogale jwa ga Jehofa.” (Sefania 2:2, 3) Re akantse ka tsholofelo ya go falola letsatsi la ga Jehofa la katlholo, mma re sekasekeng buka ya Baebele ya Sefania. E kwaletswe kwa Juda pele ga 648 B.C.E., mme ke bontlhanngwe jwa ‘lefoko la Modimo la boporofeti,’ le rotlhe re tshwanetseng go le ela tlhoko ka pelo yotlhe.—2 Petere 1:19.
Seatla sa ga Jehofa se Otlologile
4, 5. Sefania 1:1-3 e ile ya diragadiwa jang mo baikeping kwa Juda?
4 “Lefoko la ga Jehofa” le le yang kwa go Sefania le simolola ka tlhagiso e e neng ya nopolwa pelenyana. Modimo o bolela jaana: “‘Ruri ke tla fedisa sengwe le sengwe ke se tlosa mo godimo ga lefatshe,’ go bua Jehofa. ‘Ke tla fedisa motho wa mo lefatsheng le phologolo. Ke tla fedisa sebopiwa se se fofang sa magodimo le ditlhapi tsa lewatle, le dikgopi mmogo le baikepi; mme ke tla kgaola batho mo godimo ga lefatshe,’ go bua Jehofa.”—Sefania 1:1-3.
5 Ee, Jehofa o ne a tlile go fedisa boikepo jo bo feteletseng mo nageng ya Juda. Modimo o ne a tlile go dirisa mang go ‘fedisa sengwe le sengwe mo godimo ga lefatshe’? E re ka go bonala Sefania a ile a porofeta mo tshimologong ya puso ya ga Kgosi Josia, e e neng ya simolola ka 659 B.C.E., mafoko ao a boporofeti a ile a diragadiwa fa Juda le motsemogolo wa yone, Jerusalema di ne di swafadiwa ke Bababelona ka 607 B.C.E. Ka nako eo, go ne ga ‘fedisiwa’ baikepi mo Juda.
6-8. Go ne go boleletswe pele eng mo go Sefania 1:4-6, mme boporofeti joo bo ne jwa diragadiwa jang mo Juda wa bogologolo?
6 Fa Sefania 1:4-6 e bolelela pele dikgato tse Modimo a tlileng go di tseela baobamedi ba maaka ya re: “Ke tla otlolola seatla sa me kgatlhanong le Juda le kgatlhanong le banni botlhe ba Jerusalema, le gone ke tla kgaola mo lefelong leno ba ba setseng ba ga Baale, leina la baperesiti ba medimo ya seeng mmogo le baperesiti, le ba ba ikobelang masomosomo a magodimo ba le mo marulelong, le ba ba ikobang, ba direla Jehofa maikano a a ikanetsweng e bile ba dira maikano a a ikanetsweng ka Malekame; le ba ba katang ka morago mo go saleng Jehofa morago le ba ba sa senkang Jehofa e bile ba sa tlhotlhomisa mo go ene.”
7 Jehofa o ne a otlololetse batho ba Juda le ba Jerusalema seatla sa gagwe. O ne a ikemiseditse go fedisa baobamedi ba modimo wa tsalo wa Bakanana e leng Baale ka loso. Medimo e e farologaneng ya koo e ne e bidiwa Bobaale ka gonne baobamedi ba yone ba ne ba akanya gore e na le tlhotlheletso e e rileng mo mafelong mangwe. Ka sekai, go ne go na le Baale yo o neng a obamelwa ke Bamoabe le Bamidiana kwa Thabeng ya Peore. (Dipalo 25:1, 3, 6) Jehofa o ne a tla fedisa baperesiti ba ga Baale le baperesiti ba ba sa ikanyegeng ba Balefi mo Juda yotlhe ba ba neng ba tlola molao wa Modimo ka go itsalanya le bone.—Ekesodo 20:2, 3.
8 Gape Modimo o ne a tla fedisa batho ‘ba ba neng ba ikobela masomosomo a magodimo,’ ba go bonalang ba ne ba inaakantse le tepodinaledi le go obamela letsatsi. (2 Dikgosi 23:11; Jeremia 19:13; 32:29) Modimo gape o ne a tla tshololela kgalefo ya gagwe mo bathong ba ba neng ba leka go tswakanya kobamelo ya boammaaruri le bodumedi jwa maaka ka go “direla Jehofa maikano a a ikanetsweng e bile ba dira maikano a a ikanetsweng ka Malekame.” Go bonala Malekame e le leina le lengwe la ga Moleke, modimo o mogolo wa Baamone. Kobamelo ya ga Moleke e ne e akaretsa go ntsha bana ditlhabelo.—1 Dikgosi 11:5; Jeremia 32:35.
Labokeresete o Tloga a Fedisiwa!
9. (a) Labokeresete o na le molato wa eng? (b) Go farologana le batho ba ba sa ikanyegeng ba Juda, ke eng se re tshwanetseng go ikemisetsa go se dira?
9 Dilo tseno tsotlhe di ka tswa di re gopotsa kafa Labokeresete a tseneng ka tlhogo ka teng mo kobamelong ya maaka le mo tepodinaleding. Mme ruri seabe se a nang le sone mo go ntsheng matshelo a dimilione tsa batho setlhabelo mo dintweng tse di engwang nokeng ke baruti se ferosa sebete tota! A le ka motlha re se tshwane le batho ba Juda ba ba sa ikanyegeng, ba ba neng ‘ba kata ka morago mo go saleng Jehofa morago,’ ba itlhokomolosa dilo mme ba sa tlhole ba mo senka kana go senka kaelo ya gagwe. Go na le moo, a re tsweleleng pele re ikanyega mo Modimong.
10. O ka tlhalosa jang bokao jwa seporofeti jwa Sefania 1:7?
10 Mafoko a a latelang a moporofeti a tshwanela badirabosula ba Juda le baikepi ba motlha wa rona. Sefania 1:7 ya re: “Didimalang fa pele ga Morena Molaodimogolo Jehofa; gonne letsatsi la ga Jehofa le gaufi, gonne Jehofa o baakantse setlhabelo; o itshepisitse balalediwa ba gagwe.” Go ka direga gore “balalediwa” ba go buiwang ka bone e ne e Bakaladia ba e neng e le baba ba Juda. “Setlhabelo” sone e ne e le Juda ka boene, go akaretsa le motsemogolo wa teng. Ka gone Sefania o ne a itsise boikaelelo jwa Modimo jwa gore o tlile go senya Jerusalema, mme boporofeti jono bo itsise le ka go senngwa ga Labokeresete. E bile, e re ka letsatsi la Modimo la katlholo le le gaufi thata, lefatshe lotlhe le tshwanetse go ‘didimala fa pele ga Morena Molaodimogolo Jehofa,’ le go reetsa se a se buang a dirisa “letsomanyane” la balatedi ba ba tloditsweng ba ga Jesu le ditsala tsa bone tsa “dinku tse dingwe.” (Luke 12:32; Johane 10:16) Batho botlhe ba ba se kitlang ba reetsa mme ka gone ba nna kgatlhanong le puso ya Bogosi jwa Modimo ba tlile go nyelediwa.—Pesalema 2:1-2.
Letsatsi la go Bokolela le Tloga le Goroga!
11. Totatota bokao jwa mmatota jwa Sefania 1:8-11 ke eng?
11 Sefania 1:8-11 e oketsa jaana malebana le letsatsi la ga Jehofa: “‘Mme go tla diragala gore mo letsatsing la setlhabelo sa ga Jehofa ke ele tlhoko dikgosana, le bomorwa kgosi, le botlhe ba ba apereng diaparo tsa seeng. Mme ke tla ela tlhoko mongwe le mongwe yo o palamang serala mo letsatsing leo, ba ba tlatsang ntlo ya beng ba bone ka thubakanyo le tsietso. Mme mo letsatsing leo,’ go bua Jehofa, ‘go tla utlwala modumo wa selelo o tswa kwa Kgorong ya Ditlhapi, le go bokolela go tswa kwa karolong ya bobedi ya motse, le go thubagana mo gogolo go tswa kwa dithoteng. Bokolelang lona banni ba Makateshe, gonne batho botlhe ba e leng bagwebi ba didimaditswe; botlhe ba ba lekanyang bokete jwa selefera ba kgaotswe.’”
12. Go tla jang gore bangwe ba fitlhelwe ‘ba apere diaparo tsa seeng’?
12 Kgosi Josia o ne a tla tlhatlhangwa ke Jehoahase, Jehoiakime le Jehoiakine. Morago ga foo go ne go tla latela puso ya ga Sedekia, e Jerusalema e neng e tla senngwa ka nako ya yone. Le mororo ba ne ba lebane le masetlapelo a a ntseng jalo, bangwe ba batho go bonala ba ile ba batla go amogelwa ke ditšhaba tse di mabapi ka go ‘apara diaparo tsa seeng.’ Le gompieno batho ba le bantsi ba bontsha ka ditsela tse di farologaneng gore ga se ba phuthego ya ga Jehofa. Ba tla otlhaiwa e re ka ba itshupa e le ba phuthego ya ga Satane.
13. Go dumalana le boporofeti jwa ga Sefania, go ne go tla direga eng fa Bababelona ba tlhasela Jerusalema?
13 ‘Letsatsi leo’ la gore Juda e ikarabelele le tshwana le letsatsi le Jehofa a tla diragatsang katlholo ya gagwe ka lone mo babeng ba gagwe, go fedisa boikepo le go supa bogolo jwa gagwe. Fa Bababelona ba tlhasela Jerusalema, go tla utlwala selelo go tswa kwa Kgorong ya Ditlhapi. Go ka direga gore e ne e bidiwa jalo ka gonne e ne e le gaufi le mmaraka wa ditlhapi. (Nehemia 13:16) Masole a Bababelona a ne a tla tsena mo karolong e e neng e bidiwa karolo ya bobedi, mme “go thubagana mo gogolo go tswa kwa dithoteng” go ka tswa go kaya modumo wa Bakaladia ba ba atamelang. Banni ba Makateshe ba tla ‘bokolela,’ e gongwe e leng karolo e e kwa godimo ya Mokgatšha wa Tyropoeon. Ke eng fa ba tla bokolela? Ka gonne tiro ya kgwebo e e akaretsang “botlhe ba ba lekanyang bokete jwa selefera,” ga e kitla e tlhola e nna gone.
14. Modimo o tla hukutsa batho ba ba ipitsang gore ke baobamedi ba gagwe ka tsela e e tseneletseng go le kana kang?
14 Jehofa o ne a tlile go hukutsa ba ba ipolelang gore ke baobamedi ba gagwe ka tsela e e tseneletseng go le kana kang? Boporofeti bo tswelela jaana: “Mme go tla diragala gore ka nako eo ke hukutse Jerusalema ka kelotlhoko ka dipone, mme ke tla ela tlhoko batho ba ba itshekileng mo dintsheng tsa bone ba ba buang mo pelong ya bone ba re, ‘Jehofa ga a kitla a dira molemo, e bile ga a kitla a dira bosula.’ Mme khumo ya bone e tla thopiwa le matlo a bone a tla kgakgabadiwa. E bile ba tla aga matlo, mme ga ba kitla ba nna mo go one; le gone ba tla jala masimo a mofine, mme ga ba kitla ba nwa beine ya one.”—Sefania 1:12, 13.
15. (a) Go ne go tlile go direga eng ka baperesiti ba batlhanogi ba Jerusalema? (b) Go tlile go direga eng ka baobamedi ba gompieno ba bodumedi jwa maaka?
15 Baperesiti ba batlhanogi ba Jerusalema ba ne ba tswakanya kobamelo ya ga Jehofa le bodumedi jwa maaka. Le mororo ba ne ba ikutlwa ba sireletsegile, Modimo o ne a tlile go ba batla jaaka e kete o dirisa lebone le le phatsimang thata le le neng le tla bonesa lefifi la semoya le ba neng ba tshabetse mo go lone. Ga go ope wa bone yo o neng a tla falola go bolelwa le go diragadiwa ga katlholo ya Modimo. Batlhanogi bao ba ba sa kgathaleng ba ne ba itshekile kwa tlase jaaka maritsa a beine mo tsageng. Ba ne ba sa batle go kgorelediwa 2 Timotheo 3:1-5; 2 Petere 3:3, 4, 10.
ke polelo epe ya gore Modimo o tlile go tsenya letsogo mo ditiragalong tsa batho, mme gone, ba ne ba se kitla ba kgona go tshabela go diragadiwa ga katlholo ya Modimo mo go bone. Baobamedi ba gompieno ba bodumedi jwa maaka le bone ga ba kitla ba kgona go e tshabela, go akaretsa le maloko a Labokeresete le batho ba ba ileng ba tlhanogela kobamelo ya ga Jehofa. Ba ganetsa gore metlha eno ke ‘metlha ya bofelo,’ ka go bua jaana mo dipelong tsa bone, “Jehofa ga a kitla a dira molemo, e bile ga a kitla a dira bosula.” A bo ba fositse jang ne!—16. Go ne go tlile go direga eng fa katlholo ya Modimo e diragadiwa mo go Juda, mme go itse seo go tshwanetse ga re ama jang?
16 Batlhanogi ba Juda ba ne ba tlhagisitswe gore Bababelona ba ne ba tlile go gapa khumo ya bone, go senya matlo a bone le go ba amoga maungo a masimo a bone a mofine. Dithoto di ne di se kitla di thusa sepe fa katlholo ya Modimo e diragadiwa mo go Juda. Go tla nna jalo le ka nako ya fa letsatsi la ga Jehofa la katlholo le wela tsamaiso ya jaanong ya dilo. Ka gone a re lebeng dilo ka tsela ya semoya mme re ‘ipolokeleng matlotlo kwa legodimong,’ ka go dira gore tirelo ya rona go Jehofa e tle pele mo botshelong jwa rona!—Mathaio 6:19-21, 33.
“Letsatsi le Legolo la ga Jehofa le Gaufi”
17. Go ya ka Sefania 1:14-16, letsatsi la ga Jehofa la katlholo le atametse go le kana kang?
17 Letsatsi la ga Jehofa la katlholo le atametse go le kana kang? Go ya ka Sefania 1:14-16, Modimo o re tlhomamisetsa jaana: “Letsatsi le legolo la ga Jehofa le gaufi. Le gaufi e bile le itlhaganela thata. Modumo wa letsatsi la ga Jehofa o bogalaka. Koo monna yo o thata o a goa. Letsatsi leo ke letsatsi la tšhakgalo, letsatsi la matshwenyego le la tlalelo e e mahehe, letsatsi la matsubutsubu le la kgakgabalo, letsatsi la lefifi le la letobo, letsatsi la maru le letobo le lentshontsho, letsatsi la lonaka le la mokgosi wa tlhagiso, kgatlhanong le metse e e sireletsegileng le kgatlhanong le ditora tse di goletseng kwa godimo tsa dikhutlo.”
18. Ke eng fa re sa tshwanela go akanya gore letsatsi la ga Jehofa la katlholo le kgakala?
18 Baperesiti ba ba boikepo ba Juda, dikgosana le batho ba teng ba ne ba tlhagisitswe gore ‘letsatsi le legolo la ga Jehofa le ne le le gaufi.’ Mo go Juda ‘letsatsi la ga Jehofa le ne le tla itlhaganela thata.’ Le mo motlheng wa rona, a ope a se ka a akanya gore go diragadiwa ga katlholo ya ga Jehofa mo baikeping go sa ntse go le kgakala. Go na le moo, fela jaaka Modimo a ile a tsaya kgato ka potlako kgatlhanong le Juda, letsatsi la gagwe la katlholo le tla ‘itlhaganela’ fela jalo. (Tshenolo 16:14, 16) A bo nako eo e le e e botlhoko jang ne mo bathong botlhe ba ba itlhokomolosang ditlhagiso tsa ga Jehofa tse di tlang ka Basupi ba gagwe le ba ba ganang go amogela kobamelo ya boammaaruri!
19, 20. (a) Dingwe tsa dilo tse di neng tsa direga fa bogale jwa Modimo bo ne bo diragadiwa mo go Juda le Jerusalema ke dife? (b) Ke dipotso dife tse di tlhagang malebana le go bo batho bangwe ba tlile go senngwa fa tsamaiso eno ya dilo e nyelediwa?
19 Go diragadiwa ga bogale jwa Modimo mo go Juda le Jerusalema e ne e le “letsatsi la matshwenyego le la tlalelo e e mahehe.” Batlhasedi ba Bababelona ba ne ba bakela baagi ba Juda matshwenyego a a seng kana ka sepe go akaretsa le go tshwenyega mo mogopolong ka ntlha ya go lebana le loso le tshenyego. ‘Letsatsi leo la matsubutsubu le la kgakgabalo’ e ne e le la lefifi, maru le letobo le lentshontsho, gongwe e se ka tsela ya tshwantshetso fela mme gape le ka tsela ya mmatota, ka gonne go ne go tletse mosi le ditopo gongwe le gongwe. E ne e le “letsatsi la lonaka le la mokgosi wa tlhagiso,” mme ditlhagiso tseo di ne tsa goelediwa lefela.
20 Balebeledi ba Jerusalema ba ne ba tseane fela fa dibetsa tsa thubakanyo tsa Bababelona di ne di thankgola “ditora tse di goletseng kwa godimo tsa dikhutlo.” Dikago tsa phemelo tsa tsamaiso eno ya dilo le tsone ga di kitla di thusa sepe fa Modimo a tla bo a dirisa dibetsa tsa selegodimo tse a ipaakanyeditseng go di dirisa fa a tla bo a senya batho ba a tla tlhophang go ba senya. A o solofetse go bolokwa ka nako eo? A o tsere kgato ya go ema o tlhomame mo letlhakoreng la ga Jehofa, yo o ‘disang botlhe ba ba mo ratang mme a tla nyeletsa botlhe ba ba boikepo’?—Pesalema 145:20.
21, 22. Sefania 1:17, 18 e tla diragadiwa jang mo motlheng wa rona?
21 A bo Sefania 1:17,18 e bolelela pele letsatsi la katlholo le le boitshegang jang ne! Jehofa Modimo a re: “Ke tla baka go tshwenyega thata mo bathong, mme ruri ba tla tsamaya jaaka batho ba ba foufetseng; ka gonne ba leofetse Jehofa. Mme madi a bone a tla tshololwa jaaka lorole, le mala a bone jaaka boloko. Selefera ya bone le fa e le gouta ya bone e ka se kgone go ba golola mo letsatsing la tšhakgalo ya ga Jehofa; mme lefatshe lotlhe le tla lailwa ke molelo wa tlhoafalo ya gagwe, ka gonne o tla tlisa phediso mo banning botlhe ba lefatshe, e le e e boifisang eleruri.”
22 Fela jaaka Jehofa a ile a dira mo metlheng ya
ga Sefania, o tla tloga a leretse “banni botlhe ba lefatshe” ba ba ganang go reetsa tlhagiso ya gagwe matshwenyego. E re ka ba leofela Modimo, ba tla kgarakgatshega jaaka difofu tse di sa kgoneng go ithe sepe, ba sa kgone go bona kgololo. Mo letsatsing la ga Jehofa la katlholo, madi a bone “a tla tshololwa jaaka lorole,” jaaka selo fela se se se nang mosola. Bokhutlo jwa bone e tla nna jo bo tlhabisang ditlhong ruri, gonne Modimo o tla tlatsa lefatshe ka ditopo—le e leng ka mateng—a batho bano ba ba boikepo, “jaaka boloko.”23. Le fa badirabosula ba se kitla ba falola “letsatsi la tšhakgalo ya ga Jehofa,” boporofeti jwa ga Sefania bo re tsholetse tsholofelo efe?
23 Ga go motho ope yo o ka namolang batho ba ba tla tlhabantshanang le Modimo le batho ba gagwe. Selefera le gauta ga di a kgona go namola badirabosula ba Juda, fela jaaka dikhumo le dipipamolomo di se kitla di sireletsa kgotsa di falotsa Labokeresete le tsamaiso eno yotlhe ya dilo “mo letsatsing la tšhakgalo ya ga Jehofa.” Mo letsatsing leo la bofelo la katlholo, “lefatshe lotlhe le tla lailwa” ke molelo wa tlhoafalo ya Modimo fa a nyeletsa baikepi. E re ka re dumela lefoko la Modimo la boporofeti, re tlhatswegile pelo gore jaanong re tseneletse kwa garegare ga “motlha wa bokhutlo.” (Daniele 12:4) Letsatsi la ga Jehofa la katlholo le atametse, mme o tla tloga a ipusolosetsa mo babeng ba gagwe. Le fa go ntse jalo, boporofeti jwa ga Sefania bo re tsholetse tsholofelo ya gore re tla bona kgololo. Mme he, ke eng se re tshwanetseng go se dira gore re sujwe mo letsatsing la bogale jwa ga Jehofa?
O ne O ka Araba Jang?
• Boporofeti jwa ga Sefania bo ne jwa diragadiwa jang mo go Juda le Jerusalema?
• Go tlile go diragala eng ka Labokeresete le baikepi botlhe ba motlha wa rona?
• Ke eng fa re sa tshwanela go akanya gore letsatsi la ga Jehofa la katlholo le kgakala?
[Dipotso Tsa Thuto]
[Setshwantsho mo go tsebe 13]
Sefania o ne a bolela ka bopelokgale gore letsatsi la ga Jehofa la katlholo le atametse
[Motswedi wa Setshwantsho]
From the Self-Pronouncing Edition of the Holy Bible, containing the King James and the Revised versions
[Setshwantsho mo go tsebe 15]
Letsatsi la ga Jehofa le ne la wela Juda le Jerusalema fa Bababelona ba ne ba ba tlhasela ka 607 B.C.E.
[Setshwantsho mo go tsebe 16]
A o solofetse go bolokwa fa Jehofa a senya baikepi?