Tswelelang Pele mo Thobong!
Tswelelang Pele mo Thobong!
“Ba ba jalang peo ka dikeledi ba tla roba ba goa ka boipelo.”—PESALEMA 126:5.
1. Ke eng fa gompieno re tshwanetse go ‘kopa Mong wa thobo go romela badiri’?
MORAGO ga loeto lwa ga Jesu Keresete lwa boraro lwa go rera kwa Galalea, o ne a raya barutwa ba gagwe a re: “Thobo e kgolo, mme badiri ba babotlana.” (Mathaio 9:37) Go ne go ntse jalo le kwa Judea. (Luke 10:2) E re ka go ne go le jalo dingwaga tse di ka nnang 2 000 tse di fetileng, maemo a ntse jang gompieno? Ebu, mo ngwageng o o fetileng wa tirelo, Basupi ba ga Jehofa ba ba fetang 6 000 000 ba ne ba tswelela pele ka thobo ya tshwantshetso mo gare ga baagi ba lefatshe ba ba 6 000 000 000 ba bontsi jwa bone ‘ba sotlegileng e bile ba gasame jaaka dinku tse di se nang modisa.’ Ka gone kakantsho ya ga Jesu ya gore go “[kopiwe] Mong wa thobo gore a romele badiri mo thobong ya gagwe,” e sa ntse e le botlhokwa gone jaanong fela jaaka e ne e ntse makgolokgolo a dingwaga a a fetileng.—Mathaio 9:36, 38.
2. Ke eng se se dirang gore batho ba re ele tlhoko?
2 Jehofa Modimo, Mong wa thobo, o arabile kopo ya gore a romele badiri. Mme a bo e le boipelo jo bogolo jang ne go nna le seabe mo thobong eno e e okametsweng ke Modimo! Le fa gone re le palo e e potlana fa re bapisiwa le ditšhaba, go nna ga rona le seabe ka tlhagafalo mo tirong ya go rera ka Bogosi le go dira barutwa go dira gore lefatshe le re ele tlhoko. Mo dinageng tse dintsi re umakwa gangwe le gape mo dikgannyeng. Mo diterameng tsa thelebishene, e tle e re fa mongwe a kokota go bo go twe e tshwanetse ya bo e le Basupi ba ga Jehofa. Ee, tiro ya rona ya Bokeresete ya thobo ya tshwantshetso e itsege sentle mo lekgolong leno la bo21 la dingwaga.
3. (a) Re itse jang gore tiro ya go rera ka Bogosi ya lekgolo la ntlha la dingwaga e ne e etswe tlhoko? (b) Ke eng fa re ka re baengele ba re ema nokeng mo bodireding?
1 Bakorintha 4:9) Le rona, boitshoko jwa rona mo go boleleng ka Bogosi le mororo re bogisiwa bo dira gore lefatshe le re ele tlhoko mme seno ke selo se se botlhokwa mo baengeleng. Tshenolo 14:6 ya re: “[Nna moaposetoloi Johane] ka bona moengele yo mongwe a fofa mo gare ga legodimo, o ne a tshotse dikgang tse di molemo tsa bosakhutleng go di bolela e le mafoko a a itumedisang mo go ba ba nnang mo lefatsheng, le mo setšhabeng sengwe le sengwe le lotso le teme le batho.” Ee, re engwa nokeng ke baengele mo bodireding jwa rona—mo thobong ya rona!—Bahebera 1:13, 14.
3 Lefatshe le ne la ela tlhoko le tiro ya go rera ka Bogosi ya lekgolo la ntlha la dingwaga mme la bogisa baboledi ba dikgang tse di molemo. Ka gone moaposetoloi Paulo o ile a kwala jaana: “Mo go nna go bonala e kete Modimo o beile rona baaposetoloi kwa bofelong mo pontsheng jaaka banna ba ba laoletsweng loso, ka gonne [rona baaposetoloi] re fetogile selo sa go bogelwa ke lefatshe, le ke baengele, le ke batho.” (“Ba ba Tlhoilweng ke Batho”
4, 5. (a) Jesu o ne a naya barutwa ba gagwe tlhagiso efe? (b) Ke eng fa batlhanka ba Modimo ba gompieno e le “ba ba tlhoilweng ke batho”?
4 Fa baaposetoloi ba ga Jesu ba ne ba romelwa go nna barobi, ba ne ba reetsa taelo ya gagwe ya gore ba nne “botlhajana jaaka dinoga mme le fa go ntse jalo [ba] le ba ba se nang molato jaaka maphoi.” Jesu o ile a oketsa jaana: “Nnang lo itisitse mo bathong; gonne ba tla lo isa kwa dikgotlatshekelong tsa mafelo a lo leng mo go one, e bile ba tla lo kgwathisa mo disinagogeng tsa bone. Ee, lo tla gogelwa fa pele ga balaodi le dikgosi ka ntlha ya me, gore e nne bosupi mo go bone le mo ditšhabeng. . . . Mme lo tla nna ba ba tlhoilweng ke batho botlhe ka ntlha ya leina la me; mme yo o itshokileng go ya bokhutlong ke ene yo o tla bolokwang.”—Mathaio 10:16-22.
5 Gompieno re “ba ba tlhoilweng ke batho” ka gonne “lefatshe lotlhe le namaletse mo maatleng a yo o boikepo,” Satane Diabolo, yo e leng mmaba yo mogolo wa Modimo le batho ba Gagwe. (1 Johane 5:19) Baba ba rona ba lemoga katlego ya rona ya semoya mme ga ba batle go dumela gore ke Jehofa yo o re thusang go nna le yone. Baganetsi ba rona ba bona difatlhego tsa rona tse di itumetseng le tse di nyenyang fa re ntse re dira tiro ya thobo ka boipelo. Ba gakgamadiwa ke tsela e re leng seoposengwe ka yone! Tota e bile, ba ka akabadiwa ke go bona e re fa ba etetse kwa dinageng tse dingwe, ba bo ba fitlhela Basupi ba ga Jehofa ba dira yone tiro e ba tlholang ba ba bona ba e dira kwa dinageng tsa bone. Ke boammaaruri gore, re a itse gore ka nako e e tshwanetseng, tota le baba ba rona ba tla bo ba itsisitswe ka Jehofa, ene yo o re emang nokeng le yo o re thusang go nna seoposengwe.—Esekiele 38:10-12, 23.
6. Re tlhomamisega ka eng fa re ntse re dira tiro ya thobo, mme go tlhaga potso efe?
6 Mong wa thobo o abetse Morwawe, Jesu Keresete, “taolo yotlhe . . . kwa legodimong le mo lefatsheng.” (Mathaio 28:18) Ka gone Jehofa o dirisa Jesu go okamela thobo ka go dirisa baengele kwa legodimong le “motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale” yo o tloditsweng mono mo lefatsheng. (Mathaio 24:45-47; Tshenolo 14:6, 7) Mme gone, re ka kgona jang go itshokela kganetso ya baba le fa go ntse jalo re nna re itumetse fa re ntse re tsweletse pele ka tiro ya thobo?
7. Ke moya ofe o re tshwanetseng go nna le one fa re ganediwa kana re bogisiwa?
7 Fa re ganediwa kana le e leng go bogisiwa ka tlhamalalo, a re kopeng Modimo go re thusa go ipoloka re na le moya o o tshwanang le wa ga Paulo. O ne a kwala jaana: “Fa re gobololwa, re a segofatsa; fa re bogisiwa, re a itshoka; fa re senngwa leina, re a rapela.” (1 Bakorintha 4:12, 13) Moya o o ntseng jalo fa re o kopanya le go dira bodiredi jwa rona jwa phatlhalatsa ka botswerere, ka dinako tse dingwe o fetola boikutlo jwa baganetsi ba rona.
8. Ke kgothatso efe e o e bonang mo mafokong a ga Jesu a a kwadilweng mo go Mathaio 10:28?
8 Tota le e leng go tshosediwa ka loso ga go koafatse tlhoafalo ya rona mo tirong ya thobo. Re rera molaetsa wa Bogosi phatlalatsa ka bopelokgale ka mo go ka kgonegang ka teng. Mme re kgothadiwa ke mafoko ano a ga Jesu: “Lo se ka lwa boifa ba ba bolayang mmele mme ba sa ka ke ba bolaya moya; mme go na le moo boifang yo o ka senyang moya le mmele mo Gehena.” (Mathaio 10:28) Re a itse gore Rraarona wa selegodimo ke Moneibotshelo. O duela batho ba ba nnang ba ikanyega mo go ene le ba ba tswelelang pele mo tirong ya thobo ka boikanyegi.
Molaetsa o o Namolang Matshelo
9. Batho bangwe ba ne ba tsibogela jang molaetsa wa ga Esekiele, mme selo se se tshwanang se direga jang gompieno?
9 Fa moporofeti Esekiele a ne a bolela molaetsa wa ga Jehofa ka bopelokgale mo “ditšhabeng tsa botsuolodi”—bogosi jwa Iseraele le jwa Juda—batho bangwe ba ne ba itumelela go utlwa molaetsa wa gagwe. (Esekiele 2:3) Jehofa o ne a re: “Bona! mo go bone o tshwana le pina ya lorato lwa maikutlo, jaaka mongwe yo o nang le lentswe le lentle e bile a tshameka seletswa sa megala sentle.” (Esekiele 33:32) Le fa ba ne ba rata mafoko a ga Esekiele, ba ne ba sa dire se a se laelang. Gompieno go direga eng? Fa masalela a batlodiwa le ditsala tsa bone ba bolela molaetsa wa ga Jehofa ka bopelokgale, batho bangwe ba itumelela go utlwa ka masego a a tla tlisiwang ke Bogosi, mme ga ba tseye kgato e e tshwanetseng, ba nna barutwa le go kopanela mo tirong ya thobo.
10, 11. Mo sephatlong sa ntlha sa lekgolo la bo20 la dingwaga, ke eng se se neng se dirwa go phasalatsa molaetsa wa rona o o namolang matshelo, mme go ne ga nna le matswela afe?
10 Ka fa letlhakoreng le lengwe, batho ba le bantsi ba tsibogetse tiro ya thobo ka tsela e e molemo mme ba nnile le seabe mo go boleleng melaetsa ya Modimo. Ka sekai, fa go ne go tshwerwe
motseletsele wa dikopano tsa Bokeresete go tloga ka 1922 go ya go 1928, go ne ga goelediwa melaetsa e e utlwalang sentle ya katlholo kgatlhanong le tsamaiso ya dilo e e boikepo ya ga Satane. Diteishene tsa radio di ile tsa gasa melaetsa eno ya katlholo e e neng ya neelwa kwa dikopanong tseo. Morago ga moo, batho ba Modimo ba ne ba anamisa dikhopi di le dimilionemilione tse di gatisitsweng tsa yone.11 Fa dingwaga tsa bo1930 di fela, go ne ga simololwa mokgwa o mongwe gape wa go neela bosupi—megwanto ya go anamisa molaetsa. Kwa tshimologong, batho ba ga Jehofa ba ne ba rwala dipolakate tse di neng di itsise ka dipuo tsa phatlalatsa. Moragonyana ba ne ba tshola dipolakate tse di nang le melaetsa e e jaaka “Bodumedi ke serai le maano a a boferefere” le “Direla Modimo le Keresete Kgosi.” Fa ba gwanta mo mebileng ba ne ba ngoka kgatlhego ya bafetikatsela. Mokaulengwe mongwe yo o neng a nna le seabe ka metlha mo tirong eno mo mebileng e e tlhanaselang ya Lontone, Engelane, o ne a re: ‘Seno se ne sa dira gore batho ba ele Basupi ba ga Jehofa tlhoko thata mme ga ba dira gore ba nne pelokgale.’
12. Kwantle ga melaetsa ya Modimo ya katlholo, ke eng gape se re se gatelelang mo bodireding jwa rona, mme ke bomang ba gone jaanong ba ileng ba nna seoposengwe mo go rereng dikgang tse di molemo?
12 Fa re ntse re bolela melaetsa ya Modimo ya katlholo, gape re lemotsha batho ka tsholofelo e e molemo e e leng karolo ya molaetsa wa Bogosi. Go neela bosupi ga rona ka bopelokgale mo lefatsheng go re thusa go senka batho ba ba tshwanelang. (Mathaio 10:11) Bontsi jwa maloko a bofelo a setlhopha sa batlodiwa a ne a tsibogela mokgosi wa gore ba tle thobong ka bo1920 le bo1930. Ka nako eo, kwa kopanong ya 1935 go ne ga bolelwa dikgang tse di molemo tsa isagwe e e molemo e “boidiidi jo bogolo” jwa “dinku tse dingwe” bo tla nnang le yone mo lefatsheng la paradaise. (Tshenolo 7:9; Johane 10:16) Ba ne ba sekegela tsebe melaetsa ya Modimo ya katlholo mme ba nna seoposengwe le batlodiwa mo go rereng dikgang tse di molemo tse di namolang matshelo.
13, 14. (a) Pesalema 126:5, 6, e ka re nametsa jang? (b) Go tla direga eng fa re tswelela pele re jala le go nosetsa?
13 Selo sengwe se se nametsang barobi ba Modimo thata, segolobogolo ba ba bogisiwang, ke mafoko a Pesalema 126:5, 6: “Ba ba jalang peo ka dikeledi ba tla roba ba goa ka boipelo. Yo ruri a tsamayang, a lela, a tshotse kgetsi e e tletseng peo, ruri o tla tsena a goa ka boipelo, a tshotse dingata tsa gagwe.” Mafoko ano a mopesalema a a malebana le go jala le go roba a bontsha kafa Jehofa a ileng a tlhokomela le go segofatsa masalela a a neng a boa go tswa kwa botshwarong jwa Babelona wa bogologolo ka teng. Ba ne ba itumetse thata fa ba gololwa mme gone go ka direga gore ba ne ba lela fa ba jala peo mo mmung o o swafetseng o o neng o ntse o sa lengwe mo dingwageng tse 70 tsa fa ba le kwa botshwarong. Le fa go ntse jalo, ba ba neng ba tswelela pele ka ditiro tsa bone tsa go jala le go aga ba ile ba itumelela matswela le go kgotsofalela matsapa a tiro ya bone.
14 Re ka nna ra utlwa botlhoko thata fa re le mo ditekong kana fa rona kana badumedikarona ba boga ka ntlha ya tshiamo. (1 Petere 3:14) Mo tirong ya rona ya thobo, go ka simolola dilo di le bokete ka gonne go bonala go se na sepe se re se robang mo bodireding jwa rona. Mme gone fa re tswelela pele re jala le go nosetsa, Modimo o tla ungwisa, gantsi a dira jalo go feta kafa re neng re akantse ka gone. (1 Bakorintha 3:6) Seno se bonala sentle mo tseleng e re abang Dibaebele le dikgatiso tse di tlhalosang Dikwalo ka yone.
15. Neela sekai se se bontshang kafa dikgatiso tsa Bokeresete di leng mosola ka teng mo tirong ya thobo.
15 Akanya ka sekai sa monna yo o bidiwang Jim. Fa mmaagwe a sena go swa o ne a fitlhela buka ya Life—How Did It Get Here? By Evolution or by Creation? * mo gare ga dithoto tsa gagwe. O ne a e bala ka go e kgatlhegela. Morago ga fa Jim a sena go tlotla le Mosupi mongwe yo o neng a kopana le ene mo mmileng, o ne a dumela gore a etelwe mme seno se ne sa dira gore a tshwarelwe thuto ya Baebele. Jim o ile a gatela pele semoyeng ka bonako, a ineela go Jehofa mme a kolobediwa. O ne a bolelela ba bangwe ba lelapa la gaabo ka se a ithutileng sone. Seno se ne sa dira gore kgaitsadie le mogoloe ba nne Basupi ba ga Jehofa, mme moragonyana Jim o ne a nna le tshiamelo ya go nna moithaopi wa nako e e tletseng kwa Bethele ya Lontone.
Re a Bogisiwa Mme Gone re a Ipela
16. (a) Ke eng fa tiro ya thobo e ile ya atlega? (b) Jesu o ile a ntsha tlhagiso efe malebana le tsela e dikgang tse di molemo di tla amang batho ka teng, mme re bua le batho re na le boikutlo bofe?
16 Ke eng fa go ile ga nna le katlego e kgolo jalo mo tirong ya thobo? Ke ka gonne Bakeresete ba ba tloditsweng le ditsala tsa bone ba ile ba sekegela tsebe ditaelo tseno tsa ga Jesu: “Se ke se lo bolelelang mo lefifing, se bueng mo leseding; le se lo utlwang se sebasebiwa, se rereng kwa godimo ga matlo.” (Mathaio 10:27) Le fa go ntse jalo, re ka lebelela mathata ka gonne Jesu o ile a tlhagisa jaana: “Motho o tla isa morwarraagwe kwa losong, le rre a ise ngwana wa gagwe, le bana ba tla tsogologela batsadi mme ba tla dira gore ba bolawe.” Jesu o ile a oketsa ka go re: “Lo se ka lwa akanya gore ke tlile go tlisa kagiso mo lefatsheng; ke tlile go tlisa, e seng kagiso, mme tšhaka.” (Mathaio 10:21, 34) Jesu o ne a sa ikaelela go kgaoganya malapa ka boomo. Mme ka dinako tse dingwe dikgang tse di molemo di dira jalo. Go ntse fela jalo le ka batlhanka ba Modimo gompieno. Fa re etela malapa a batho ga re a etele ka boikaelelo jwa go dira gore a nne le dikgaogano. Re eletsa fela gore botlhe ba amogele dikgang tse di molemo. Ka gone, re leka go buisana le mongwe le mongwe mo lelapeng ka bopelonomi le kutlwelobotlhoko tse di dirang gore molaetsa wa rona o kgatlhegelwe ke batho ‘ba ba nang le tshekamelo e e siameng ya go bona botshelo jo bo sa khutleng.’—Ditiro 13:48.
17. Batho ba ba ikobelang bolaodi jwa Modimo ba tlhaolegile ka tsela efe, mme sekai sa seno ke sefe?
17 Molaetsa wa Bogosi o tlhaotse batho ba ba ikobelang bolaodi jwa Modimo. Ka sekai, akanya ka tsela e baobamedikarona ba ileng ba itlhaola ka teng ka gonne ba ne ba ‘duela Kaesara dilo tsa ga Kaesara, mme Modimo dilo tsa Modimo,’ mo motlheng wa Bonasi kwa Jeremane. (Luke 20:25) Batlhanka ba ga Jehofa ba ile ba se ka ba tshwana le baeteledipele ba batho ba ba ipitsang Bakeresete ba dikereke tsa Labokeresete, bone ba ile ba ema ba tlhomame ba gana go itlhokomolosa melaometheo ya Baebele. (Isaia 2:4; Mathaio 4:10; Johane 17:16) Porofesa Christine King, yo o kwadileng buka ya The Nazi State and the New Religions, o ile a akgela jaana: “Ke fela mo Basuping Puso ya [Banasi] e se kileng ya atlega ka gonne le fa ba ile ba bolaya dikete tsa bone, tiro ya bone e ne ya tswelela pele mme ka May 1945 mokgatlho wa Basupi ba ga Jehofa o ne o sa ntse o le teng, fa Bonasi jone bo ne bo sa tlhole bo le teng.”
18. Ke boikutlo bofe jo batho ba ga Jehofa ba nang le jone le fa ba bogisiwa?
2 Bakorintha 4:7) Batlodiwa ba re nang le bone ba a tlhomamisega gore ‘maina a bone a kwadilwe kwa magodimong.’ (Luke 10:20) Boitshoko jwa bone bo dira gore ba nne le tsholofelo e e sa swabiseng, mme barobi ba ba ikanyegang ba ba nang le tsholofelo ya mo lefatsheng le bone ba tlhatswegile pelo fela jalo.—Baroma 5:4, 5.
18 Selo se se botlhokwa thata ke boikutlo jo batho ba ga Jehofa ba nnang le jone fa ba bogisiwa. Le fa balaodi ba lefatshe ba ka kgatlhiwa ke tumelo ya rona, ba gakgamadiwa ke gore ga re nne le maikutlo a a sa siamang kana go bontsha bobaba. Ka sekai, Basupi ba ba neng ba falola Polao ya Kgailo gangwe le gape ba bolela fa ba itumela e bile ba kgotsofala fa ba akanya ka se se ba diragaletseng. Ba a itse gore Jehofa o ba neile “maatla a a fetang a a tlwaelegileng.” (Nna le Boitshoko mo Thobong
19. Ke mekgwa efe e e molemo e e ileng ya dirisiwa mo bodireding jwa Bokeresete?
19 Ga re itse gore Jehofa o sa ntse a tla re letla gore re nne le seabe mo thobong ya tshwantshetso ka lobaka lo lo kae. Ka fa letlhakoreng le lengwe, re tshwanetse go gakologelwa gore barobi ba na le mekgwa e e rileng ya go dira tiro ya bone. Le rona re ka tlhomamisega gore re tla nna le matswela a a molemo fa re ka ikanyega mo go diriseng mekgwa eno ya go ruta e e ileng ya lekwa. Paulo o ile a bolelela Bakeresete ka ene jaana: “Jalo, ke a lo rapela, nnang baetsi ba me.” (1 Bakorintha 4:16) Fa Paulo a ne a kopana le bagolwane ba Baefeso kwa Mileto, o ne a ba gakolola gore ga a ka a ikgogona mo go ba ruteng “phatlalatsa le ka ntlo le ntlo.” (Ditiro 20:20, 21) Mopati wa ga Paulo e bong Timotheo o ile a ithuta ditsela tse moaposetoloi a neng a di dirisa mme ka gone o ne a ka di ruta Bakorintha. (1 Bakorintha 4:17) Modimo o ne a segofatsa mekgwa ya go ruta ya ga Paulo mme le rona o tla segofatsa boitshoko jwa rona fa re ntse re rera dikgang tse di molemo phatlalatsa ka ntlo le ntlo, mo maetong a go boela, mo dithutong tsa magae tsa Baebele le gongwe le gongwe fela kwa batho ba ka fitlhelwang gone.—Ditiro 17:17.
20. Jesu o ne a bontsha jang gore go ne go tlile go nna le thobo e kgolo ya semoya, mme seno se itshupile se le boammaaruri jang mo dingwageng tsa bosheng?
20 Morago ga fa Jesu a sena go neela mosadi wa Mosamarea bosupi gaufi le Sikara ka 30 C.E., o ne a bua ka thobo ya semoya. O ne a raya barutwa ba gagwe a re: “Tsholetsang matlho a lona mme lo lebe masimo, gore a masweu go ka rojwa. E bile morobi o setse a amogela dituelo gape o kgetla maungo a botshelo jo bo sa khutleng, gore mojadi le morobi ba tle ba ipele mmogo.” (Johane 4:34-36) Gongwe Jesu o ne a setse a lemogile matswela a go buisana ga gagwe le mosadi wa Mosamarea ka gonne batho ba le bantsi ba ne ba simolola go dumela mo go ene ka ntlha ya go neela bosupi ga mosadi yono. (Johane 4:39) Mo dingwageng tsa bosheng, dinaga tse di farologaneng di ne tsa fedisa dithibelo tse di neng di di beetse Basupi ba ga Jehofa kana di ile tsa simolola go ba letlelela semolao, ka go dira jalo di dira gore go bulege masimo a masha a a ka rojwang. Seno se dira gore go nne le thobo e kgolo ya semoya e e tsweletseng pele. Tota e bile, mo lefatsheng lotlhe, re nna le masego a magolo fa re ntse re semeletse ka boipelo mo thobong ya semoya.
21. Ke eng fa re tshwanetse go tswelela pele ka boipelo mo tirong ya rona ya thobo?
21 Fa dijalo di budule e bile di siametse go ka rojwa, badiri ba tshwanetse go dira ka potlako. Ga ba a tshwanela go diega. Gompieno, re tshwanetse go dira ka natla le ka potlako ka gonne re tshela mo ‘motlheng wa bokhutlo.’ (Daniele 12:4) Ee, re lebana le diteko, mme gone go na le thobo e kgolo go feta le fa e le leng pele ya baobamedi ba ga Jehofa. Ka gone, leno ke letsatsi la boipelo. (Isaia 9:3) Ka jalo, a re tsweleleng pele ka boipelo mo tirong ya rona ya thobo!
[Ntlha e e kwa tlase]
^ ser. 15 E gatisitswe le go abiwa ke Basupi ba ga Jehofa.
O ne O Tla Araba Jang?
• Mong wa thobo o arabile jang kopo ya gore a romele barobi ba ba oketsegileng?
• Ke boikutlo bofe jo re nang le jone le fa re le “ba ba tlhoilweng ke batho”?
• Ke eng fa re nna re ipela le fa re bogisiwa?
• Ke eng fa re tshwanetse go dira tiro ya thobo ka boitshoko le ka potlako?
[Dipotso Tsa Thuto]
[Ditshwantsho mo go tsebe 16, 17]
Ba ba nnang le seabe mo thobong ya semoya ba engwa nokeng ke baengele
[Setshwantsho mo go tsebe 18]
Megwanto ya go anamisa molaetsa e ne ya dira gore batho ba le bantsi ba ele molaetsa wa Bogosi tlhoko
[Setshwantsho mo go tsebe 18]
Re a jala le go nosetsa mme ke Modimo yo o ungwisang