Ke Itumelela Ditiragalo Tse di Molemo Tsa Nako e e Fetileng!
Kgang Ya Botshelo
Ke Itumelela Ditiragalo Tse di Molemo Tsa Nako e e Fetileng!
JAAKA GO BOLETSE DRUSILLA CAINE
E ne e le ka ngwaga wa 1933, mme ke ne ke sa tswa go nyalana le Zanoah Caine, yo le ene e neng e le morekisi wa dibuka jaaka nna—moreri wa nako e e tletseng. Ke ne ke itumetse thata e bile ke rulaganya go tsamaya le monna wa me mo kabelong ya gagwe, mme gore ke kgone seo, ke ne ke tlhoka baesekele—sengwe se se turang se ke neng ke ise ke tsamaye ke kgone go se reka ka gonne botshelo bo ne bo le thata ka nako ya kwelotlase ya ikonomi. Ke ne ke tla dirang?
FA BOMONNAWE monna wa me ba basimane ba utlwa ka bothata jwa me, ba ne ba ya go phuruphutsa kwa dithotobolong tsa matlakala ba batla dikarolo tse di latlhilweng tsa dibaesekele gore ba ntirele baesekele. Ba ne ba di bona mme ba kgona go dira baesekele! Fela fa ke sena go ithuta go e palama, nna le Zanoah re ne ra wela tsela, ra tsamaya ka dibaesekele re itumetse go ralala metse ya Maesemane ya Worcester le Hereford, re rerela botlhe ba re neng re kopana le bone.
Ke ne ke sa lemoge gore kgato eno e e seng ya sepe ya tumelo e ne e tla re leretse botshelo jo bo tletseng ditiragalo tse di monate tse re ka se di lebaleng. Le fa go ntse jalo, batsadi ba me ba ba rategang ke bone ba theileng motheo wa botshelo jwa me jwa semoya.
Dingwaga Tse di Thata Tsa Ntwa e Kgolo
Ke tshotswe ka December 1909. Moragonyana fela ga foo mmè o ne a nna le buka ya The Divine Plan of the Ages, mme ka 1914 batsadi ba me ba ne ba tsamaya le nna re ya go bona “Photo-Drama of Creation,” kwa Oldham, kwa Lancashire. (Ka bobedi jwa tsone di gatisitswe ke batho ba gompieno ba itsiweng e le Basupi ba ga Jehofa.) Le fa ke ne ke le mmotlana, ke gakologelwa sentle gore fa re le mo tseleng ya go boela gae ke ne ke tsamaya ke tlolatlola, ke itumeletse se ke neng ke se bone! Go tswa foo
Frank Heeley o ne a simolola setlhopha sa thuto ya Baebele kwa Rochdale, kwa re neng re nna teng. Go nna teng kwa thutong eno go ne ga re thusa jaaka lelapa gore re simolole go tlhaloganya Dikwalo.Kagiso ya matshelo a rona e ne ya fela ka one ngwaga oo fa go ne go runya Ntwa e Kgolo—Ntwa ya Lefatshe I, jaaka e bidiwa jaanong. Rre o ne a bilediwa bosoleng mme a se ka a tsaya letlhakore. Kwa kgotlatshekelong, go ne go twe ke “monna yo o siameng tota,” mme go ne ga tlisiwa makwalo a le mokawana a tswa kwa go “borre ba ba neng ba re ba dumela gore o gana ka bopeloephepa go ya ntweng,” go ne ga bega jalo pampiri ya dikgang ya lefelo leo.
Le fa go ntse jalo, mo boemong jwa go rebolwa gotlhelele, rre o ne a kwadisiwa jaaka yo o rebotsweng mo “Tirelong ya go Lwa fela.” Gone fela foo o ne a simolola go sotliwa, fela jaaka nna le mmè. Kgabagare, kgang ya gagwe e ne ya sekasekwa sesha, mme o ne a newa tiro ya go lema, mme balemi bangwe ba ne ba mo ja ntsoma ka go mo duela go le gonnye kgotsa ba sa mo duele gotlhelele. Mmè o ne a tshegetsa lelapa ka go bereka ka thata—a berekela madi a e seng a sepe—mo botlhatswetsong jwa motho mongwe. Mme ke gone ke bonang gore go tshela bokete jalo mo dingwageng tsa me tsa bosha go nnonotshitse jang; go ne ga nthusa go anaanela dilo tse di botlhokwa thata tsa semoya.
Re Simolola re le Palopotlana
Moragonyana re ne ra itsane le Daniel Hughes, moithuti yo o tlhoafetseng wa Baebele. O ne a dira mo mmaeneng wa magala kwa Ruabon, motse o o dikilometara di le 20 go tswa kwa Oswestry, kwa re neng re fudugetse teng. Malome Dan, jaaka ke ne ke mmitsa, o ne a na le go tlhola lelapa la rona, mme nako le nako fa a tlile go re bona, o ne a bua fela ka kgang e e mo Dikwalong. O ne a se ke a bua ditlontlokwane. Go ne ga simololwa setlhopha sa go ithuta Baebele kwa Oswestry ka 1920, mme Malome Dan o ne a mpha buka ya The Harp of God ka 1921. Ke ne ke e rata thata ka gonne e ne e nthusa go tlhaloganya dithuto tsa Baebele motlhofo tota.
Gape go ne go na le Pryce Hughes, * yo moragonyana a neng a nna modiredi yo o okametseng ofisi ya lekala la kwa Lontone la Basupi ba ga Jehofa. O ne a nna le lelapa la gagwe gaufi fela mo Bronygarth, mo molelwaneng wa Wales, mme kgaitsadie e leng Cissie, o ne a nna tsala e kgolo ya ga mmè.
Ke gakologelwa kafa go neng go le monate ka teng ka 1922 fa go ne go tla taletso ya gore re ‘itsise Kgosi le bogosi jwa gagwe.’ Mo dingwageng tse di neng tsa latela, le fa ke ne ke sa ntse ke le kwa sekolong, ke ne ka kopanela ka tlhoafalo mo go anamiseng dipampitshana tse di kgethegileng, bogolo jang Ecclesiastics Indicted ka 1924. Fa ke akanya ka lesome leo la dingwaga, a bo e ne e le tshiamelo jang ne go itsane le bakaulengwe le bokgaitsadi ba bantsi jaana ba ba ikanyegang—bangwe ba bone e le Maud Clark * le mopati wa gagwe Mary Grant, * Edgar Clay, * Robert Hadlington, Katy Roberts, Edwin Skinner, * mmogo le Percy Chapman le Jack Nathan, * ba ka bobedi jwa bone ba neng ba ya kwa Canada go ya go thusa ka tiro koo.
Puo e e theilweng mo Baebeleng e e reng “Dimilione Tse di Tshelang Jaanong ga di Kitla di Swa” e ne ya neela bosupi ka nako e e tshwanetseng mo tshimong ya rona e kgolo. Ka May 14, 1922, go ne ga tla mongwe wa losika lwa ga Pryce Hughes e bong Stanley Rogers, a tswa kwa Liverpool a tlile go neela puo eno kwa Chirk, motse o o kwa bokone fela jwa motse wa rona, a bo a e naya gape mo maitseboeng ao kwa Holong ya Dibaesekopo kwa Oswestry. Ke sa ntse ke na le nngwe ya dipampitshana tsa taletso tse di neng di gatiseditswe yone tiragalo eo. Mo nakong eo yotlhe, setlhotshwana sa rona se ne sa nna sa nonotshiwa ke maeto a balebedi ba bararo ba ba etang—re ne re ba bitsa baeti ba sedumedi—Herbert Senior, Albert Lloyd le John Blaney.
Nako ya go Dira Tshwetso
Ka 1929, ke ne ka itirela tshwetso ya gore ke kolobediwe. Ke ne ke le dingwaga di le 19, mme ka yone nako eo ke ne ka lebana le teko ya me ya ntlha. Ke ne ka kopana le lekawana lengwe le rraalone e neng e le rapolotiki. Ke ne ke mo rata le ene a nthata a ba a nkopa lenyalo. Buka ya Government e ne e golotswe ngwaga pele ga foo, ka jalo ke ne ka mo fa e le nngwe. Mme go ise go ye kae, ke ne ka bona gore Duteronome 7:3; 2 Bakorintha 6:14.
o ne a sa kgatlhegele puso ya selegodimo, e buka eno e tlotlang ka yone. Ke ne ke ithutile gore Baiseraele ba bogologolo ba ne ba laetswe gore ba se ka ba nyalana ka gope le ba e seng badumedi le gore molaomotheo ono o ne o dira mo Bakereseteng. Ka jalo ke ne ka mo gana, le fa go ne go le thata go dira jalo.—Ke ne ka nonotshiwa ke mafoko ano a ga moaposetoloi Paulo: “A re se leseng go dira se se molemo, gonne re tla roba mo pakeng e e leng yone fa re sa lape.” (Bagalatia 6:9) Malome Dan yo o rategang le ene o ne a nthusa ka go kwala jaana: “Fa o lebane le diteko tse dinnye le tse dikgolo, dirisa Baroma 8, temana 28,” e e reng: “Jaanong re a itse gore Modimo o dira gore ditiro tsotlhe tsa gagwe di dirisane mmogo molemong wa ba ba ratang Modimo, e leng ba ba neng ba bidiwa go ya ka boikaelelo jwa gagwe.” Go ne go se motlhofo, mme ke ne ke itse gore ke ne ke dirile tshwetso e e tshwanetseng. Mo ngwageng oo ke ne ka ikwadisa go nna morekisi wa dibuka.
Go Lebana le Kgwetlho
Ka 1931 re ne ra nna le leina le lesha, Basupi ba ga Jehofa, mme ka ngwaga oo re ne ra tswa letsholo ka tlhoafalo re dirisa bukana e e reng The Kingdom, the Hope of the World. Rapolotiki, moruti, le rakgwebo mongwe le mongwe o ne a newa bukana e le nngwe. Tshimo ya me e ne e tloga kwa Oswestry e fitlha kwa Wrexham, dikilometara di ka nna 25 go ya bokone. Go ne go se motlhofo go e dira yotlhe.
Kwa kopanong ya kgaolo kwa Birmingham ngwaga o o latelang, go ne ga kopiwa baithaopi ba le 24. Ba le 24 ba rona re ne ra ikwadisetsa mofuta o mosha wa tirelo o re neng re sa itse gore e ne e tla nna eng. Akanya kafa re ileng ra gakgamala ka teng fa re abelwa go tsamaya ka bobedi ka bobedi re tsamaisa yone bukana eo, The Kingdom, the Hope of the World, re kgwageditse dipolakate tse di bokete mo magetleng tse di itsiseng ka Bogosi.
Fa ke ne ke dira mo kgaolong ya kerekekgolo, ke ne ke tlhabiwa ke ditlhong tota, mme ke ikgomotsa ka gore batho ba motse oo ga ba nkitse. Mme motho wa ntlha yo ke neng ka kopana le ene e ne e le mongwe yo ke neng ke tsene sekolo nae bogologolo, yo o neng a nkgotolela matlho a bo a re: “Gatwe e a bo e le eng o ikgwageditse dilo mo magetleng?” Tiragalo eo e ne ya nthusa gore ke se ka ka tlhola ke boifa ope!
Go ya Kwa Tshimong e Nngwe
Ka 1933, ke ne ka nyalana le Zanoah, moswagadi yo o mphetang ka dingwaga di le 25. Mosadi wa gagwe wa ntlha e ne e le Moithuti yo o tlhoafetseng wa Baebele, mme Zanoah o ne a ile a tswelela pele ka boikanyegi mo kabelong ya gagwe fa mosadi a sena go tlhokafala. Go ise go ye kae re ne ra fuduga kwa Engelane ra ya kwa tshimong ya rona e ntšha kwa Wales Bokone, e e neng e le bokgakala jwa dikilometara di ka nna 140. Dibokose, dipotomente le dilwana tse dingwe tsa rona tsa botlhokwa di ne di pegilwe ka tsela e e kotsinyana mo dinakeng tsa dibaesekele tsa rona, di sometswe fa gare ga ditshipi mme di lepeleditswe kafa le kafa, mme ra goroga! Mo kabelong eo, dibaesekele tsa rona di ne di bereka tota—di re isa gongwe le gongwe, le e leng gaufi le setlhoa sa Cader Idris, thaba nngwe kwa Wales e e batlileng e nna bogodimo jwa dimetara di le 900. Go ne go nametsa tota go kopana le batho ba ba neng ba eletsa go utlwa “dikgang tse di molemo tseno tsa bogosi.”—Mathaio 24:14.
Re ne re ise re nne teng lobaka lo loleele fa batho ba re bolelela gore go ne go na le monna yo go tweng Tom Pryce yo o neng a ntse a ba rerela fela jaaka rona. Kgabagare re ne ra mmona Tom, yo o neng a nna mo Thabeng ya Long, gaufi le Welshpool—mme a bo re ne ra gakgamala! Mo
metlheng ya fa ke ne ke sa ntse ke simolola go rera, ke ne ka mo tsamaisetsa buka ya Reconciliation e e thusang motho go ithuta Baebele. O ne a e ithuta a le esi, a kwalela kwa Lontone gore a romelelwe dibuka tse di oketsegileng, mme a nna a bolelela batho ka tumelo ya gagwe e ntšha fa e sa le ka nako eo. Re ile ra itumelela nako e ntsi ya go itisa mmogo ka boitumelo, gantsi boraro jwa rona bo ithuta mmogo le go kgothatsana.Masetlapelo a Felela ka Masego
Ka 1934 barekisi botlhe ba dibuka ba ba neng ba le gaufi le Wales Bokone ba ne ba lalediwa go ya kwa toropong ya Wrexham go ya go thusa go anamisa bukana ya Righteous Ruler. Letsatsi pele re simolola letsholo leno le le kgethegileng, go ne go nnile le masetlapelo a a amang setšhaba sotlhe. Go ne go thuntse kwa mmaeneng wa magala wa Gresford, dikilometara di le tharo kwa bokone jwa Wrexham, mme ga swa badiri ba le 266. Bana ba feta 200 ba ne ba swetswe ke borraabone mme basadi ba le 160 ba ne ba swetswe ke banna ba bone.
Re ne re tshwanetse go dira lenaane la ba ba swetsweng, re ba etele, re bo re ba tlogelele bukana. Lengwe la maina a ke neng ka a newa e ne e le la ga Mmè Chadwick yo o neng a swetswe ke morwa wa dingwaga tse 19. Fa ke mo etela, ke ne ka fitlhela a etetswe ke morwa yo mogolwane e bong Jack, a tlile go gomotsa mmaagwe. Lekawana leno le ne la ntemoga mme la se ka la mpolelela. Ka jalo, o ne a bala bukana a bo a batla The Final War, bukana e nngwe e ke neng ke e mo tlogeletse dingwaga di se kae pele ga foo.
Jack le mosadi wa gagwe May, ba ne ba bona kwa ke neng ke nna teng mme ba tla go kopa dibuka tse di oketsegileng. Ka 1936 ba ne ba dumela go tshwara dipokano kwa legaeng la bone kwa Wrexham. Morago ga go etelwa ke Albert Lloyd dikgwedi di le thataro moragonyana, go ne ga tlhongwa phuthego e molebedi wa yone yo o okamelang e neng e le Jack Chadwick. Jaanong go na le diphuthego di le tharo kwa Wrexham.
Go Nna mo Kharabeneng ya Se-Gypsy
Go tla go fitlha ka nako eno, re ne re nna gongwe le gongwe fa re fiwang boroko teng fa re ntse re tsamaya go tswa lefelong le lengwe re ya kwa go le lengwe, mme Zanoah o ne a dira tshwetso ya gore jaanong e ne e le nako ya gore re nne le legae la rona, le le neng le ka fudusiwa go tswa lefelong le lengwe go ya kwa go le lengwe. Monna wa me e ne e le mmetli yo o setswerere wa lotso lwa Ba-Gypsy, mme o ne a re agela kharabene ya Se-Gypsy. Re ne ra e bitsa Elizabeth, leina la Baebele le le kayang “Modimo wa Letlotlo.”
Go na le lefelo lengwe le re kileng ra nna mo go lone le ke le gakologelwang sentle—e ne e le mo tshingwaneng ya maungo gaufi le molatswana. Le ne le ntshwanela le Paradaise kgo! Ga go na sepe se se neng se kgoreletsa boitumelo jwa rona mo dingwageng tse re di ntseng mmogo mo kharabeneng eo, le fa gone e ne e se na sengwe le sengwe e bile e se kgolo go le kalo. Fa go le tsididi, gantsi dikobo tse di apesitseng bolao di ne di ngaparela mo dipoteng tsa kharabene ka ntlha ya go swa dikgapetla, gape re ne re na le bothata jwa mouwane o o fetogang metsi mo ntlong fa go thuthafala. Gape, re ne re tshwanelwa ke go thotha metsi, ka dinako tse dingwe re a tsaya kgakala tota, mme re ne ra fenya mathata ano mmogo.
Nako nngwe ke ne ka lwala go le mariga mme re saletswe ke dijonyana fela, madi le one a seyo. Zanoah Pesalema 37:25: “Nkile ka bo ke le lekau, jaanong ke tsofetse, mme le fa go ntse jalo ga ke ise ke bone ope yo o siameng a tlogetswe gotlhelele, le fa e le bana ba gagwe ba batla senkgwe.” O ne a ntlhoma matlho a bo a re: “Fa go sa direge sepe mo bogautshwaneng, re tla tshwanelwa ke go tsamaya re kopa, mme ga ke dumele gore Modimo a ka letlelela seo se diragala!” Go tswa foo o ne a tswa a ya go rerela baagelani ba rona.
o ne a dula mo bolaong, a tshwara seatla sa me, a bo a mpalelaFa Zanoah a boa motshegare a tla go ntirela ditlhatlego, o ne a fitlhela go na le enfelopo. E ne e na le £50 (R500) e e tswang kwa go rraagwe. Dingwaga di se kae pelenyana Zanoah o ne a ile a latofadiwa ka maaka go twe o dirisitse madi e se a gagwe, mme jaanong go ne go sa tswa go lemogiwa gore tota o ne a se molato. Mpho eno e ne e le go mo phimola dikeledi. A bo e ne e tlile ka nako!
Thuto e e Molemo
Ka dinako tse dingwe re ithuta dithuto go setse go fetile dingwaga di le mmalwa. Ka sekai: Pele ke tswa mo sekolong ka 1927, ke ne ka rerela baithutikanna botlhe mmogo le barutisi ba me—kwantle ga a le mongwe fela, Lavinia Fairclough. E re ka go ne go se na ope yo o neng a kgatlhegela se ke ikaeletseng go se dira mo botshelong jwa me, le gone ke ne ke sa utlwane sentle le Mohumagatsana Fairclough, ke ne ka swetsa ka gore ke se ka ka mmolelela. Akanya fela kafa ke ileng ka gakgamala ka teng—ka ba ka itumela—dingwaga di ka nna 20 moragonyana fa mmè a ne a mpolelela gore morutabana yono o ne a boile go tla go etela ditsala tsa gagwe tsotlhe tsa bogologolo le baithuti ba gagwe go ba bolelela gore jaanong e ne e le mongwe wa Basupi ba ga Jehofa!
Fa re kopana, ke ne ka mo tlhalosetsa gore ke eng fa ke ne ke sa mmolelela ka nako ele ka ga tumelo ya me le se ke neng ke ikaeletse go se dira ka botshelo jwa me. O ne a reetsa ka tidimalo a bo a re: “Ke ne ke sa bolo go batla boammaaruri. E ne e ntse e le sone selo se ke se batlang mo botshelong jwa me!” Tiragalo eno e ne e le thuto e e molemo mo go nna—gore le ka motlha ke se ka ka ikgogona go rerela botlhe ba ke kopanang le bone le gore ke se ka ka itirela ditshwetso ka batho ke sa bua nabo pele.
Ntwa e Nngwe—le Morago ga Yone
Fa dingwaga tsa bo1930 di ya bokhutlong ntwa e nngwe gape e ne e re gomagomela. Dennis, kgaitsadiake yo ke mo fetang ka dingwaga di le lesome, o ne a rebolwa mo sesoleng ka la gore a se ka a tlogela tiro ya gagwe ya boitshediso. O ne a ise a ko a kgatlhegele boammaaruri go le kalo, ka jalo nna le monna wa me re ne ra kopa babulatsela ba lefelo la rona e bong Rupert Bradbury le monnawe e bong David gore ba mo etele. Ba ne ba mo etela ba bo ba ithuta Baebele le ene. Dennis o ne a kolobediwa ka 1942, moragonyana a tsenela tirelo ya bobulatsela, mme a tlhomiwa go nna molebedi yo o etang ka 1957.
Mosetsanyana wa rona, Elizabeth, o ne a tsholwa ka 1938, mme Zanoah o ne a oketsa kharabene ya rona gore e tle e lekane lelapa la rona. Fa mosetsanyana wa rona wa bobedi, Eunice, a ne a tsholwa ka 1942, go ne ga lebega go le botoka go batla legae la leruri. Ka gone, Zanoah o ne a kgaotsa go bula tsela ka dingwaga di se kae, mme re ne ra fudugela mo ntlonyaneng nngwe gaufi le Wrexham. Moragonyana, re ne ra nna kwa Middlewich mo torotswaneng e e bapileng le Cheshire. Monna wa me yo o rategang o ne a swela koo ka 1956.
Basetsanyana ba rona ba babedi ba ne ba nna baefangele ba nako e e tletseng, mme boobabedi ba itumetse mo manyalong a bone. Eunice le monna wa gagwe, yo e leng mogolwane, ba sa ntse ba direla e le babulatsela ba ba kgethegileng kwa Lontone. Monna wa ga Elizabeth le ene ke mogolwane mo phuthegong, mme ke itumela tota go bo bone, bana ba bone le ditlogolwana tsa me tse nnè ba nna gaufi le nna kwa Preston, Lancashire.
Ke itumelela go bo ke kgona gore fa ke tswa mo ntlong ya me ke kgabaganye tsela fela ke bo ke tsena mo Holong ya Bogosi. Mo dingwageng tsa bosheng jaana, ke ntse ke kopanela le setlhopha se se buang Se-Gujarati, se le sone se kopanelang foo. Go ntse go se motlhofo go ithuta puo eno ka gonne jaanong ga ke tlhole ke utlwa sentle. Ka dinako tse dingwe go nna thata go lemoga diphetogo tsa yone tsa segalo, jaaka basha ba kgona go di lemoga. Mme gone ke kgwetlho e e kgatlhang.
Ke sa ntse ke kgona go rera ka ntlo le ntlo le go tshwara dithuto tsa Baebele mo gae. Fa ke etetswe ke ditsala, ke itumelela go ba tlotlela mangwe a maitemogelo a me a bogologolo. Ke itumelela thata masego a nako e e fetileng a ke a amogetseng fa ke ntse ke kopanela le batho ba ga Jehofa dingwaga di ka nna 90.
[Dintlha tse di kwa tlase]
^ ser. 13 Kgang ya botshelo jwa ga Pryce Hughes, “Go Tsamaisana le Phuthego e e Ikanyegang,” e ne ya tlhaga mo go Tora ya Tebelo, April 1, 1963 (ka Seesemane).
^ ser. 14 Dikgang tsa matshelo a batlhanka bano ba ba ikanyegang ba ga Jehofa di ile tsa tlhaga mo dimakasineng tse di fetileng tsa Tora ya Tebelo.
^ ser. 14 Dikgang tsa matshelo a batlhanka bano ba ba ikanyegang ba ga Jehofa di ile tsa tlhaga mo dimakasineng tse di fetileng tsa Tora ya Tebelo.
^ ser. 14 Dikgang tsa matshelo a batlhanka bano ba ba ikanyegang ba ga Jehofa di ile tsa tlhaga mo dimakasineng tse di fetileng tsa Tora ya Tebelo.
^ ser. 14 Dikgang tsa matshelo a batlhanka bano ba ba ikanyegang ba ga Jehofa di ile tsa tlhaga mo dimakasineng tse di fetileng tsa Tora ya Tebelo.
^ ser. 14 Dikgang tsa matshelo a batlhanka bano ba ba ikanyegang ba ga Jehofa di ile tsa tlhaga mo dimakasineng tse di fetileng tsa Tora ya Tebelo.
[Setshwantsho mo go tsebe 25]
Re dirisa dipampitshana tsa taletso go itsise ka puo e e theilweng mo Baebeleng ya “Dimilione Tse di Tshelang Jaanong ga di Kitla di Swa,” e ke neng ka e utlwa ka May 14, 1922
[Setshwantsho mo go tsebe 26]
Ke na le Zanoah nakwana fela morago ga lenyalo la rona ka 1933
[Setshwantsho mo go tsebe 26]
Ke eme gaufi le “Elizabeth,” kharabene ya rona e e agilweng ke monna wa me