Go Dira Gore o Atlege Fa o Sa le Mosha
Go Dira Gore o Atlege Fa o Sa le Mosha
BAAGI ba naga nngwe ya kwa Yuropa ba ne ba kopiwa gore ba tlhophe mo gare ga dilo tse tharo tseno: bontle, dikhumo kana bosha. Selo se se neng sa tlhophiwa thata e ne e le bosha. Ee, batho ba dingwaga tsotlhe ba tsaya dingwaga tsa bolesome le tshimologo ya dingwaga tsa bo20 e le nako e e kgethegileng mo botshelong. Mme mongwe le mongwe o batla gore basha ba atlege fa ba fetoga go tswa mo bongwaneng ba tsena mo bogoding. Mme jang?
A Baebele e ka thusa? Karabo ke ee. A re sekasekeng dikarolo tse pedi tse Lefoko la Modimo le ka kgonang go thusa basha thata mo go tsone, gongwe e bile le thusa basha thata go gaisa batho ba dingwaga tse dingwe.
Go Tshedisana Sentle le ba Bangwe
Jugend 2000 ke pego e e malebana le patlisiso e e dirilweng ka maikutlo, mekgwa le boitshwaro jo bontsi jo bo farologaneng jwa basha ba ba fetang 5 000 ba kwa Jeremane. Patlisiso eno e bontsha gore fa basha ba batla dilo tse ba ka itlosang bodutu ka tsone—tse di jaaka go reetsa mmino, go tshameka kana ba tsamaisa nako fela—mo e ka nnang ka dinako tsotlhe ba na le batho ba bangwe. Gongwe go gaisa batho ba dingwaga tse dingwe, basha ba rata go nna gare ga ditsala tsa bone. Kwantle ga pelaelo go bonala fa sengwe sa diphiri tsa go atlega fa o sa le mosha e le go tshedisana sentle le ba bangwe.
Mme ga go motlhofo ka metlha go tshedisana sentle le ba bangwe. Ebu, dikamano tsa batho ke karolo nngwe e mo go yone makau le makgarebe a dumelang gore gantsi a na le bothata mo go yone. Baebele e ka thusa thata fano. Lefoko la Modimo le na le kaelo ya motheo e basha ba ka agang dikamano tse di tekatekano mo go yone. Baebele ya reng?
Nngwe ya melaometheo e e botlhokwa thata mo dikamanong tsa batho e bidiwa Molao wa Sekagouta: “Ka metlha tshwara ba bangwe ka tsela e o ka ratang ba go tshwara ka yone.” Go tshwara ba bangwe ka tlotlo, seriti le ka tsela e e molemo go ba kgothaletsa gore le bone ba go tshware ka tsela e e tshwanang. Go tshwara ba bangwe ka tsela e e molemo go ka fedisa moya wa kgotlhang le go ngomoga pelo. Fa o itsege o le motho yo o akanyetsang ba bangwe, gantsi ba tla go rata le go go amogela. A ga go dire gore o ikutlwe o itumetse fa o amogelwa ke ba bangwe?—Mathaio 7:12, Revised English Bible.
Baebele e go gakolola gore o “rate moagelani wa gago jaaka o ithata.” O tshwanetse go ithata ka tsela ya gore o itlhokomele le go itlotla ka tsela e e tshwanetseng, e seng ka tsela e e feteletseng mme e bile e seng go le gonnye thata. Ke eng fa seo se thusa? Gone mme, fa o sa itlotle, o ka nna wa tshwaya ba bangwe diphoso thata, e leng selo se se dirang gore o se ka wa nna le dikamano tse di molemo le ba bangwe. Mme go itlotla ka tsela e e lekalekaneng Mathaio 22:39.
ke motheo o o ka kgonang go aga dikamano tse di nonofileng mo go one.—Fa botsalano bo setse bo gola, bo tshwanetse go nonotshiwa ke maiteko a a dirwang ke matlhakore oomabedi. Go dirisa nako ya gago mo botsalanong go tshwanetse ga dira gore o ikutlwe o itumetse ka gore “go na le boitumelo jo bogolo mo go abeng go na le jo bo leng gone mo go amogeleng.” Tsela e nngwe ya go aba ke go itshwarela, e leng selo se se akaretsang go itlhokomolosa diphoso tse dinnye le go sa lebelele gore ba bangwe e nne batho ba ba itekanetseng. Baebele e re bolelela jaana: “A go nna tekatekano ga lona go itsiwe mo bathong botlhe.” Ebu, “kafa go ka kgonegang ka gone mo go lona, agisanang le batho botlhe.” Mme go tweng fa tsala e go bontsha bokoa bongwe jo o nang le jone? O itshwara jang? Akanya ka kgakololo e e molemo eno e e tswang mo Baebeleng: “O seka wa itlhaganelela go kgopisega mo moyeng wa gago,” ka gonne “dintho tse di bakwang ke tsala di na le maitlhomo a a molemo.” A ga go boammaaruri gore ditsala di tlhotlheletsa tsela e o akanyang ka yone, e o buang ka yone le kafa o itshwarang ka teng? Ka gone, Baebele e tlhagisa jaana: “Go itlwaelanya le ba ba bosula go senya mekgwa e e molemo.” Kafa letlhakoreng le lengwe, “yo o tsamayang le batho ba ba botlhale o tla nna botlhale.”—Ditiro 20:35; Bafilipi 4:5; Baroma 12:17, 18; Moreri 7:9; Diane 13:20; 27:6, REB; 1 Bakorintha 15:33.
Marco o buelela makau le makgarebe a le mantsi fa a bolela jaana: “Melaometheo ya Baebele e thusa thata gore motho a tshedisane sentle le ba bangwe. Batho bangwe ba ke ba itseng ba ikakanyetsa bone fela le se ba ka kgonang go se bona mo botshelong. Baebele e re ruta gore re se ka ra akanya thata ka rona mme re akanye thata ka ba bangwe. Kafa ke bonang ka teng, ke tsela e e molemolemo ya go nna le dikamano tse di molemo le batho ba bangwe.”
Dilo tse basha ba ba jaaka Marco ba ithutang tsone mo Baebeleng ga di ba thuse fela mo bosheng jwa bone mme gape di ba thusa le mo dingwageng tse dintsi tse di tlang. Mme malebana le isagwe, re bona tsela e nngwe e Baebele e ka thusang basha ka tsela e e kgethegileng ka yone.
Go Tlhobaela ka Isagwe
Basha ba le bantsi ba ipotsa dipotso. Gongwe ba rata go itse gore go diragalang le gore ke ka ntlha yang go diragala jalo go gaisa batho ba dingwaga tse dingwe. Mme Baebele, go gaisa buka epe e nngwe, e tlhalosa mabaka a go bo maemo a lefatshe a ntse jaaka a ntse mme e re bolelela gore re ka lebelela eng mo isagweng. Ke se basha ba batlang go se itse. Ke eng fa re tlhomamisega ka seno?
Le fa gone go dumelwa gore basha ba tshelela gompieno fela, dipatlisiso dingwe di senola se se farologaneng go sekae le seo. Di bontsha gore gantsi basha ba ela tlhoko thata gore ke eng se se diragalang, mme go tswa foo ba bo ba itirela ditshwetso tsa gore isagwe e tla nna jang. Bosupi jwa seno ke gore makau le makgarebe a le 3 mo go a le 4 a akanya “gantsi” kana “gantsi thata” ka isagwe. Le mororo basha ka kakaretso ba na le tsholofelo ka isagwe, bontsi jwa basha ba tlhobaela ka isagwe.
Ke eng fa ba tlhobaela? Bontsi jwa basha ba e tla nnang bagodi ka moso ba setse ba lebana le bothata jwa bokebekwa, thubakanyo le go tshwakgolwa ke diokobatsi. Basha ba tshwenyegile ka go nna le ditiro tse di tlhomameng mo gare ga setšhaba se se ratang go gaisana. Ba ikutlwa ga patelesega go bona maduo a a kwa godimo kwa sekolong kana
go nna batho ba ba atlegang thata kwa tirong. Mosha mongwe wa dingwaga di le 17 o ne a hutsafala jaana: “Re tshela mo setšhabeng sa batho ba ba sa kgathaleleng ba bangwe. Mongwe le mongwe o leka go dira se a se batlang. Ka metlha o tshwanetse go itshupa gore o kgona go dira eng, mme seo se a ntena.” Mosha yo mongwe wa dingwaga di le 22, o ne a bolela jaana: “Batho ba ba atlegang ba tswelela ka botshelo mme ba kgona go tshela ba itumetse. Batho ba ba seng lesego jalo, ba ka ntlha ya mabaka mangwe ba sa kgoneng go atlega, ba salela kwa morago.” Ke eng fa botshelo e le kgaisano jaana? A botshelo bo tla nnela ruri jaana?Tlhaloso e e Utlwalang
Fa basha ba leba lefatshe ba tshwenyegile kana ba tlhobaela—ba ka tswa ba itse kgotsa ba sa itse—tota ba a bo ba dumelana le Baebele. Lefoko la Modimo le bontsha gore “setšhaba sa gompieno sa batho ba ba sa kgathaleleng ba bangwe” ke sesupo sa metlha. Moaposetoloi Paulo o ne a kwala jaana ka motlha wa rona mo lekwalong le a neng a le kwalela lekawana lengwe le le bidiwang Timotheo: “Go tla nna le dinako tsa mathata tse go leng boima go lebana le tsone.” Ke eng fa e tla bo e le dinako tsa mathata e bile go le boima go lebana le tsone? Jaaka Paulo a ne a tswelela ka go kwala, ka gonne batho ba tla nna “baithati, barati ba madi, baipegi, 2 Timotheo 3:1-3.
ba ba mabela, . . . ba ba sa lebogeng, ba ba sa ikanyegeng, . . . ba ba bogale jo bo tshabegang.” A seo ga se tlhalose sentle kafa batho ba gompieno ba itshwereng ka teng?—Baebele e bontsha gore dinako tseno tsa mathata di tla nna mo “metlheng ya bofelo,” pele ga go nna le diphetogo tse dikgolo mo bathong botlhe. Diphetogo tseno di tla ama mongwe le mongwe, basha le batho ba ba godileng ka go tshwana. Ke diphetogo dife? Puso ya legodimo e tla tloga e tsaya boemo jwa puso ya batho mme babusiwa ba yone ba tla nna mo “letlotlong la kagiso” gongwe le gongwe. “Basiami ba tla rua lefatshe, mme ba tla aga mo go lone ka bosakhutleng.” Go tlhobaela le go tshoga e tla bo e le dilo tsa nako e e fetileng.—Pesalema 37:11, 29.
Ke Baebele fela e e re nayang temogo e re ka e ikanyang malebana le isagwe. Fa mosha a itse gore a lebelele eng mo dingwageng di le mmalwa tse di latelang, a ka kgona go ipaakanyetsa dilo tse di tla diragalang le go ikutlwa a sireletsegile e bile a kgona go laola botshelo jwa gagwe botoka. Boikutlo jono bo fokotsa go ngomoga pelo le go tlhobaela. Ka tsela eno, dilo tse di kgethegileng tse kokomana ya basha e di tlhokang—go tlhaloganya batho le go itse se isagwe e se tshwereng—di tlhalosiwa mo Baebeleng.
Go Atlega Fa o Sa le Mosha
Ke eng se se ka go thusang gore o atlege ka nako ya fa o sa le mosha? A ke thutego e e kwa godimo, dithoto le ditsala tse dintsi? Ba le bantsi ba ka nna ba akanya jalo. Dingwaga tsa bolesome le tshimologo ya dingwaga tsa bo20 di dira gore motho a simolole botshelo sentle. Ka mantswe a mangwe, go atlega fa o sa le mosha go supa kafa botshelo jwa motho bo tla nnang ka teng moragonyana.
Jaaka re bone, Baebele e ka thusa mosha gore a atlege mo dingwageng tsa gagwe tsa bosha. Basha ba le bantsi ba setse ba bone gore seno se ntse jalo mo matshelong a bone. Ba bala Lefoko la Modimo letsatsi le letsatsi ba bo ba dirisa se ba se ithutileng. (Bona “Kakantsho e e Molemo go Tswa go Motlhanka yo Mosha wa ga Jehofa,” mo tsebeng 6.) Ebu, tota Baebele ke buka e basha ba tshwanetseng go e kgatlhegela ka gonne e ka ba thusa gore ba “tshwanelege ka botlalo, [ba tlhomelelwe] ka botlalo go dira tiro nngwe le nngwe e e molemo.”—2 Timotheo 3:16, 17.
[Mafoko a a mo go tsebe 5]
Sengwe sa diphiri tsa go atlega fa o sa le mosha ke go tshedisana sentle le ba bangwe
[Mafoko a a mo go tsebe 6]
Go ka direga gore basha ke bone ba ba batlang go itse gore go diragala eng le gore ke ka ntlha yang fa se direga go gaisa batho ba dingwaga tse dingwe
[Lebokoso mo go tsebe 6, 7]
Kakantsho e e Molemo go Tswa go Motlhanka yo Mosha wa ga Jehofa
Alexander o na le dingwaga di le 19. O ne a godisiwa mo lelapeng la Basupi ba ga Jehofa mme o bontsha tumelo ya gagwe ka peloyotlhe. Mme go ne go sa nna jalo ka metlha. Alexander o tlhalosa jaana:
“O ka tswa o sa dumele seno, mme ke ile ka kopanela le Basupi ga ba Jehofa ke le mosha yo o sa kolobediwang ka dingwaga di le supa. Ka nako eo, ke ne ke sa dire ka peloyotlhe mo kobamelong ya me, e ne e le seomodiro fela. Ke akanya gore ke ne ke se na bopelokgale jwa go itlhatlhoba.”
Boikutlo jwa ga Alexander bo ile jwa fetoga. O tswelela jaana:
“Batsadi ba me le ditsala mo phuthegong ba ile ba nna ba nkgothaletsa gore ke bale Baebele letsatsi le letsatsi, gore ke itse Jehofa ka namana. Kgabagare, ke ne ka swetsa go leka go dira seo. Ka jalo ke ne ka fokotsa tsela e ke neng ke lebelela thelebishene ka yone mme ka dira gore go bala Baebele e nne karolo ya thulaganyo ya me ya ka metlha ya phakela mo mosong. Kgabagare ke ne ka tlhaloganya gore Baebele e tshotse eng. Ke ne ka bona gore e ka nthusa jang jaaka motho. Mme—se se botlhokwa le go feta—ke ne ka tlhaloganya gore Jehofa o batla gore ke mo itse. E ne ya re fela fa ke lemoga seo, kamano ya me le ene e ile ya simolola go gola le botsala jwa me mo phuthegong bo ile jwa tokafala. A bo Baebele e fetotse botshelo jwa me jang ne! Ke akantsha gore motlhanka mongwe le mongwe yo mosha wa ga Jehofa a bale Baebele letsatsi le letsatsi.”
Go na le dimilione tsa basha go ralala lefatshe ba ba kopanelang le Basupi ba ga Jehofa. A o mongwe wa bone? A o ka rata go solegelwa molemo ka go bala Baebele ka metlha? Ke eng o sa latele sekao sa ga Alexander? Fokotsa dilo tse di seng botlhokwa thata mme o dire gore go bala Baebele e nne karolo ya thulaganyo ya gago ya ka metlha ya letsatsi le letsatsi. Ga go na pelaelo gore o tla solegelwa molemo.