Re Dira Gotlhe Mo re Ka go Kgonang!
Re Dira Gotlhe Mo re Ka go Kgonang!
“DIRA gotlhe mo o ka go kgonang.” Leloko lengwe la Setlhopha se se Laolang sa Basupi ba ga Jehofa le ne la naya morongwa mongwe kgakololo e e molemo eo. Mme ke eng fa modiredi yo o nang le maitemogelo a ka neelwa kgakololo e e ntseng jalo? A barongwa ga se batho ba ba pelokgale ba ba itshokelang ditshitshiri, dinoga, mogote, malwetse le mathata a mangwe?
Totatota, barongwa ba Basupi ba ga Jehofa ke banna le basadi ba ba tlwaelegileng, Bakeresete ba ka ntlha ya go rata Jehofa le beng ka bone thata ba ileng ba tlhotlheletsega go ya go direla kwa dinageng di sele. Ba leka go direla Jehofa ka bojotlhe jo ba ka bo kgonang, ba ikantse ene gore a ba nonotshe.—Baefeso 6:10.
Gore re tle re ithute go le gontsi ka tiro ya borongwa, a re itseye re etetse legae la barongwa le le tlwaelegileng letsatsi lotlhe kwa Afrika Bophirima.
Letsatsi mo Tirong ya Borongwa
E batlile e le 7:00 a.m. Re fitlhile mo legaeng la barongwa ka nako gore re kopanele le bone mo go sekasekeng temana ya Lokwalo la letsatsi leo. Barongwa ba ba lesome ba re amogela ka lorato mme ba re sutela gore re nne mo tafoleng ya sefitlholo. Fa re ntse re tlwaelana, mongwe wa barongwa, yo o setseng a le mo kabelong ya gagwe ka dingwaga di le dintsi, o simolola go re tlotlela ka sengwe se se kgatlhang se se diragetseng mo bodireding. Mme motlotlo wa rona o a fela fa modulasetulo yo o tshwarang temana ya letsatsi a gakolola setlhopha se se itumetseng seo gore ke nako ya go sekaseka temana ya letsatsi. Puisano eno e tla tshwarwa ka Sefora. Le fa gone re sa bue puo eo, tsela e barongwa ba ba tswang kwa dinageng di sele ba tlhalosang dilo ka teng go bonala fa ba itse puo eno sentle.
Morago ga puisano eno ya Dikwalo, go latela thapelo e e tswang pelong mme go tswa foo ke nako ya sefitlholo. Fa re ntse re itsholela siriele, morongwa mongwe yo o dutseng gaufi le rona o re kgothaletsa gore re tsenye manathwana a panana mo godimo ga dijo tsa rona tsa dithoro. Re mo tlhalosetsa gore ga re rate dipanana, mme o re solofetsa gore re tla di rata fa re sena go utlwa gore dipanana tse di jadilweng moo di utlwala jang. Ka jalo re tsenya manathwana a sekae mo sirieleng ya rona. A bo a nepile jang ne! Dipanana tseno di monate—di botshe jaaka aesekerimi! Mme re tlhomamisediwa gore borotho jwa Sefora jo bo mo tafoleng bo bakilwe phakela mo mosong ono mo lebenkeleng le lennye le le ka kwa ga tsela go tswa mo legaeng la barongwa.
Morago ga sefitlholo, re tsamaya letsatsi lotlhe le banyalani ba barongwa, ba re tla reng ke Ben le Karen. Re ile ra utlwa ka tshimo e e arabelang thata mo nageng eno ya Afrika Bophirima mme re gakaletse go bona gore a go ntse jalo tota.
Fa re fitlha kwa boemelong jwa dibese, re fitlhela go na le batho ba bantsi ba ba letileng. Go ise go ye kae, ditsala tsa rona tsa barongwa di simolola motlotlo o o monate le mosadi mongwe le morwawe ka kgang ya Baebele. E re ka re sa itse Sefora, re ba leba fela re nyenya! Ka nako e mosadi yoo a tsayang dimakasine tsa Tora ya Tebelo le Tsogang! ka yone, bese e a fitlha, mme go tswa foo mongwe le mongwe o leka go tsena, botlhe ka nako e le nngwe! Fa re tsena mo beseng, boidiidi joo bo re kgorometsa go tswa kwa morago. Go thata go nna re eme, fa re ntse re leka go ya kwa morago ga bese. Fa mokgweetsi a kgotlha enjene, re a itshwarelela. Nako le nako bese e a ema, mme go nna le batho ba ba oketsegileng ba ba itshukunyetsang gore ba tsene. Re nyenya le bapalami mmogo mme le bone ba a nyenya. A bo re eletsa go buisana le bone jang ne!
Fa bese ya rona e ntse e oketsa lebelo, re leba ka fensetere go bona mmila o o tlhanaselang. Go na le basadi ba babedi ba ba tsamayang ba bapile ba rwele merwalo e e boima mo ditlhogong tsa bone. Mongwe wa bone o rwele bata e kgolo ya metsi. Monna mongwe yo o matlhagatlhaga o adile kobo mo thoko ga tsela mme mo godimo ga yone o beile dilwana tse a batlang go di rekisa. Gongwe le gongwe go na le batho ba ba rekang kana ba ba rekisang sengwe le sengwe se se ka rekwang kana se se ka rekisiwang.
Ben, yo o emeng mo thoko ga me o lemoga gore go na le sengwe se se mo tlopinyang leoto. E ka tswa e le eng? Bese e tletse, mme o utlwa se mo tlopinya gape. O kgona go leba kwa tlase. Mo teng ga kgetse gaufi le dinao tsa gagwe go na le pidipidi e e tshelang e gangwe le gape e ntshang tlhogo mo kgetsing mme o bo e mo tlopinya! Ben o tlhalosa gore go ka direga gore mong wa pidipidi eno o e isa mmarakeng go ya go e rekisa.
Fa re fitlha mo tshimong ya rona, re itumelela go utlwa gore re tla bo re etela motse o o tlwaelegileng wa Seafrika. Fa re atamela ntlo ya ntlha, Ben o opela diatla kwa godimo go tlhagisa mong wa ntlo. Ke kafa batho ba “kokotang mo lebating” ka teng mo karolong eno ya lefatshe. Go tlhaga lekawana mme le tlhalosa gore le tshwaregile mme le re kopa gore re boe moragonyana mo mosong oo.
Mo ntlong e e latelang, re kopana le mosadi mongwe yo o buang puo e Ben a sa e tlhaloganyeng. O bitsa morwawe mme o mo kopa gore a ranole se Ben a se buang. Fa Ben a fetsa, mosadi yoo o amogela boroutšhara e e nang le ditlhogo tsa Baebele mme morwawe o solofetsa gore o tla mo e tlhalosetsa. Mo ntlong ya boraro, go na le basha ba le mmalwa ba ba dutseng fa pele ga jarata. Ba le babedi ba bone ba tloga ka bonako mo ditulong tsa bone gore baeng ba dule. Go simololwa motlotlo o o monate malebana le go dirisa sefapaano mo kobamelong. Go dirwa dithulaganyo tsa gore motlotlo o tsweledisiwe pele mo bekeng e e latelang. E setse e le nako ya gore re boele lekawana lele le le neng le tshwaregile le re kopaneng le lone mo ntlong ya ntlha. Ka tsela nngwe o setse a utlwile motlotlo o re nnileng le one le basha ba ba mo mmileng oo. O na le dipotso di le dintsi tsa Baebele mme o kopa thuto ya Baebele. Fa Ben a sena go sekaseka khalentara ya gagwe, o dumela gore o tla boa ka nako e e tshwanang mo bekeng e e latelang. Fa re boela kwa legaeng la barongwa go ya go ja dijo tsa motshegare, Ben le Karen ba tlhalosa gore ba tshwanetse go rulaganya dithuto tsa bone tsa Baebele ka kelotlhoko ka gonne go motlhofo gore ba simolole dithuto tsa Baebele tse dintsi go feta tse ba ka kgonang go di tshwara.
Re ba akgolela tsela e ba kgonang Sefora ka teng. Ben o tlhalosa gore ene le Karen ba na le dingwaga di le thataro e le barongwa mme ba simolola go tlwaela puo ya Sefora. Ba re bolelela gore, go ithuta puo e ntšha go ne go se motlhofo, mme go nna pelotelele go ile ga ba thusa.
Ka 12:30 p.m., barongwa botlhe ba phuthega mo tafoleng go ja dijo tsa motshegare. Re utlwa gore letsatsi le letsatsi, morongwa a le mongwe o abelwa go apaya dijo tsa mo mosong, le tsa motshegare le go tlhatswa dijana morago ga foo. Gompieno, mongwe wa barongwa
o apeile dijo tse di monate e leng koko e e gadikilweng le ditšhipisi mmogo le salate ya ditamati—dijo tsa gagwe tsa mmamoratwa!Ben le Karen ba ikaeletse go dira eng motshegare? Ba tlhalosa gore batho botlhe ba ikhutsetsa mogote wa letsatsi go tloga ka 1:00 p.m. go fitlha ka 3:00 p.m., ka jalo gantsi barongwa ba dirisa karolo ya nako eno go ithuta kana go rapama. Ga re gakgamale fa Karen a re bolelela gore ga go tseye nako e telele gore barongwa ba basha ba tlwaele mokgwa ono!
Fa re sena go ikhutsa, re boela mo bodireding jwa tshimo. Monna mongwe yo Ben a sa bolong go leka go mo etela ga a yo mo gae le jaanong, mme go na le makawana a mabedi a a tlhagang fa Ben a opa diatla. Ba re bolelela gore mong wa ntlo o ile a ba bolelela ka maeto a ga Ben mme o ile a ba kopa gore ba tseye buka ya go ithuta Baebele ya Kitso E E Isang Botshelong Jo bo Sa Khutleng. Re itumelela go ba tlogelela buka eo. Morago ga foo, re tsaya bese e e tla re isang kwa lefelong lengwe le Karen a tla tshwarang thuto le mosadi mongwe yo o kgatlhegang teng.
Fa re ntse re raletse mebila e e tletseng, Karen o re bolelela gore o ne a kopana le mosadi yono ka letsatsi lengwe fa ba ne ba palame thekisi mmogo le bapalami ba bangwe ba le mmalwa. Karen o ne a naya mosadi yono pampitshana gore a e bale ka nako ya loeto lwa bone. Mosadi yoo o ne a bala pampitshana mme a kopa e nngwe. O ne a bala eo ka kgatlhego e kgolo. Kwa bofelong jwa loeto lwa bone, Karen o ne a dira dithulaganyo tsa go etela mosadi yono kwa legaeng la gagwe mme a simolola thuto e e tswelelang pele ya Baebele mo boroutšhareng jwa Modimo o Batla Gore re Direng? Gompieno Karen o ile go sekaseka thuto ya botlhano mo boroutšhareng joo.
Re itumeletse letsatsi la rona thata mo tirelong ya tshimo, mme re sa ntse re na le dipotso tse di iseng di arabiwe malebana le tiro ya borongwa. Batho ba ba re amogetseng ba re tlhomamisetsa gore fa re boela gae, ba tla re direla dijo tse di motlhofo mme ba bo ba araba dipotso tsa rona.
Kafa ba Lepalepanang le Maemo ka Teng
Fa re ntse re ja mae a a gadikilweng, borotho jwa Sefora le tšhisi, re ithuta go ya pele ka botshelo jwa borongwa. Gantsi Mantaga ke letsatsi le barongwa ba ikhutsang ka lone kana ba dirang dilo tsa bone tsa botho. Bontsi jwa barongwa ba dirisa nako nngwe mo letsatsing leo ba kwalela ba lelapa le ditsala. Dikgang tse di tswang kwa gae di botlhokwa thata mo go bone, mme barongwa ba rata go romela le go amogela poso.
E re ka barongwa ba nna e bile ba bereka mmogo, go botlhokwa gore ba boloke ditsela tse di siameng tsa puisano ka go itlosa bodutu le barongwa ka bone le go tlotla ka dilo tsa semoya le bone. Go dira seo, mo godimo ga gore ba nne le thulaganyo ya ka metlha ya go ithuta Baebele, maitseboa mangwe le mangwe ka Mantaga barongwa ba ithuta Baebele ba dirisa makasine wa Tora ya Tebelo. Ben o tlhalosa gore fa barongwa ba ba tswang kwa mafelong a a farologaneng ba nna mmogo, go nna le go se utlwaneng ka megopolo mme gone dithulaganyo tsa semoya tsa thuto ya lelapa di ba thusa go boloka moya wa kagiso le kutlwano. O gatelela gore gape go a thusa gore motho a se ka a itseela kwa godimo.
1 Samuele 25:23-28) Go kgona go “tshela ka kagiso” ke selo se se botlhokwa mo go nneng morongwa yo o molemo.—2 Bakorintha 13:11.
Boikokobetso le jone bo botlhokwa. Barongwa ga ba romelwe go ya go direlwa go na le moo, ba romelwa gore ba ye go direla. Ditsala tsa rona di bolela gore sengwe sa dilo tse go leng thata go di bua mo puong nngwe le nngwe ke gore “Intshwarele,” segolobogolo fa motho a tshwanetse go kopa maitshwarelo ka ntlha ya sengwe se a se dirileng kana a se buileng a sa ikaelela. Ben o re gakolola ka sekao sa Baebele sa ga Abigaile, yo o neng a kopa maitshwarelo ka ntlha ya go tlhoka maitseo ga monna wa gagwe mme a baakanya boemo jo bo ka bong bo dirile gore go nne le masetlapelo. (Gangwe ka kgwedi barongwa ba nna le pokano e mo go yone ba tlotlang ka dilo tse di amang lelapa le go dira diphetogo mo thulaganyong ya bone. Morago ga foo, botlhe ba ja phuding e e kgethegileng. Seno se re thusa tota—e bile ke thulaganyo e e monate.
Fa go sena go jewa dijo tsa maitseboa, re tsaya loeto lo lokhutshwane go leba legae la barongwa. Re lemoga gore, le mororo legae leno le se maphatsiphatsi, barongwa ba dirisana mmogo go le boloka le le phepa. Go na le foriji, motšhine wa go tlhatswa le setofo. Karen o re bolelela gore mo dinageng tsa boboatsatsi, tse di jaaka eno e e mo Afrika Bophirima, go ka nna le selaolathemperetšha. Go nna le manno a a siameng, dijo tse di itekanetseng le go tlhokomela botsogo ka ditsela tse di sa raraanang go thusa barongwa gore ba nne ba itekanetse le gore ba nne le matswela.
Go Tlhoma Mogopolo mo Dilong Tse di Molemo
Re kgatlhilwe ke sengwe le sengwe se re se boneng. A tiro ya borongwa e ka tswa e re tshwanela? Motho a ka itse jang? Batho ba re ba etetseng ba ile ba re naya dilo di le mmalwa tse re ka di akanyetsang.
Sa ntlha, ba re bolelela gore barongwa ba Bakeresete ga ba bo tsenele ka boikaelelo jwa go lekeletsa dilo. Ba batlana le batho ba ba dipelo di ikanyegang ba ba batlang go ithuta ka ditsholofetso tse di itumedisang tsa Modimo. Barongwa ba dirisa bobotlana diura di le 140 ka kgwedi mo tirelong ya tshimo, ka gone, go rata bodiredi ke selo se se botlhokwa.
‘Mme gone,’ re ipotsa gore, ‘go tweng ka dinoga, mekgantitswane le ditshitshiri?’ Le fa gone dilo tseno di le gone mo dikabelong di le dintsi tsa borongwa, Ben o re bolelela gore, barongwa ba a di tlwaela. O oketsa ka gore kabelo nngwe le nngwe ya borongwa e na le dilo tsa yone tse dintle mme fa nako e ntse e ya, barongwa ba tlhoma megopolo ya bone mo dilong tse di molemo tse di mo kabelong ya bone. Maemo a kwa tshimologong a tsewang e le a a “farologaneng,” go ise go ye kae e nna a a tlwaelegileng, mme mo makgetlong a mangwe e nna a a itumedisang. Morongwa mongwe yo o neng a direla kwa Afrika Bophirima ka dingwaga di le dintsi pele ga maikarabelo a mo pateletsa gore a boele gae o ne a bolela gore go ne go le boima thata gore a tlogele kabelo ya gagwe go na le kafa go neng go ntse ka teng fa a ne a tloga kwa nagagaeng ya gagwe dingwaga pelenyana ga moo. Kabelo ya gagwe ya borongwa e ne e fetogile legae la gagwe.
A o Go Siametse?
Ben le Karen ba ne ba dira gore re akanye thata ka seno. Go tweng ka wena? A o kile wa akanyetsa go nna morongwa kwa nageng e sele? Fa go ntse jalo, o ka tswa o le gaufi le go fitlhelela mokgele oo go feta kafa o akanyang ka teng. Nngwe ya dilo tsa konokono tse di tlhokegang ke go rata bodiredi jwa nako e e tletseng le go rata tiro ya go thusa batho. Gakologelwa, barongwa ga se batho ba ba nang le maatla a a sa tlwaelegang, go na le moo ke banna le basadi ba ba tlwaelegileng. Ba dira gotlhe mo ba ka go kgonang go wetsa tiro e e botlhokwa thata.
[Ditshwantsho mo go tsebe 27]
Letsatsi lengwe le lengwe le simololwa ka go sekaseka temana ya Baebele
[Ditshwantsho mo go tsebe 28, 29]
Mafelo a mo Afrika
[Setshwantsho mo go tsebe 29]
Botshelo jwa go nna morongwa bo kgotsofatsa tota