Boifa Jehofa Mme o Boloke Ditaelo Tsa Gagwe
Boifa Jehofa Mme o Boloke Ditaelo Tsa Gagwe
“Boifa Modimo wa boammaaruri mme o boloke ditaelo tsa gagwe. Gonne seno ke tshwanelo yotlhe ya motho.”—MORERI 12:13.
1, 2. (a) Poifo e ka re sireletsa jang mo mmeleng? (b) Ke ka ntlha yang fa batsadi ba ba botlhale ba leka go tsenya bana ba bone poifo e e siameng?
“FELA jaaka bopelokgale bo tsenya botshelo mo kotsing, poifo e a bo sireletsa,” go ne ga rialo jalo Leonardo da Vinci. Bopelokgale jo bo se nang tlhaloganyo bo dira gore motho a se ka a bona kotsi, mme poifo yone e mo gopotsa gore a nne kelotlhoko. Ka sekai, bontsi jwa rona fa re tla fa bofelong jwa lepawa mme re bona gore fa re ka wa re ka wela kgakala jang, ka tlholego fela re kata ka sa morago. Ka tsela e e tshwanang, poifo e e siameng e dira gore re nne le kamano e e molemo le Modimo, jaaka re ithutile mo setlhogong se se fetileng, mme gape e a re sireletsa gore re se ka ra gobala.
2 Le fa go ntse jalo, re tshwanetse go ithuta go boifa dikotsi di le dintsi tsa metlha ya gompieno. E re ka bana ba bannye ba sa itse dikotsi tsa motlakase kgotsa tsa pharakano ya dijanaga tsa mo ditoropong, go ka nna motlhofo fela gore ba bone kotsi e e masisi. * Batsadi ba ba botlhale ba leka go tsenya bana ba bone poifo e e siameng, ba ba tlhagisa gangwe le gape ka dikotsi tse di gaufi le bone. Batsadi ba le bantsi ba a itse gore poifo eno e ka nna ya boloka matshelo a bana ba bone.
3. Ke ka ntlha yang fa Jehofa a re tlhagisa ka dikotsi tsa semoya mme o dira jalo jang?
3 Jehofa o amega ka tsela e e tshwanang ka botsogo jwa rona. Jaaka Rre yo o lorato, o dirisa Lefoko la gagwe le phuthego ya gagwe go re ruta gore re solegelwe molemo. (Isaia 48:17) Karolo ya thulaganyo eno ya go rutiwa ke Modimo e akaretsa go re tlhagisa “gangwe le gape” ka dikotsi tsa semoya gore re nne le poifo e e siameng ya kotsi e e ntseng jalo. (2 Ditiragalo 36:15; 2 Petere 3:1) Mo hisitoring yotlhe go ka bo go ile ga femiwa dikotsi di le dintsi tsa semoya mme ga se ka ga nna le matshwenyego a mantsi ‘fa fela batho ba ka bo ba dirile gore pelo eno ya bone e boife Modimo le go boloka ditaelo tsa gagwe.’ (Duteronome 5:29) Mo ‘dinakong tseno tse go leng boima go lebana le tsone,’ re ka dira jang gore pelo ya rona e boife Modimo mme re nne re se mo kotsing ya semoya?—2 Timotheo 3:1.
Fapoga Bosula
4. (a) Bakeresete ba tshwanetse ba nna le poifo efe? (b) Jehofa o ikutlwa jang ka boitshwaro jwa boleofi? (Bona ntlhanyana e e kwa tlase.)
4 Baebele e tlhalosa gore “go boifa Jehofa go raya go tlhoa bosula.” (Diane 8:13) Buka nngwe e e tlhalosang mafoko a Baebele e tlhalosa letlhoo leno e le “boikutlo jo motho a nnang najo ka batho kgotsa dilo tse a di ganetsang, a di ilang, a di nyatsang e bile a sa batle go amana kgotsa go dirisana le tsone gotlhelele.” Ka jalo poifomodimo e akaretsa go tenwa kgotsa go ferosiwa sebete ke sotlhe se se bosula mo matlhong a ga Jehofa. * (Pesalema 97:10) Go re tlhotlheletsa gore re fapoge bosula, fela jaaka re ne re ka kata ka sa morago fa re fitlha fa bofelong jwa lepawa re tlhagisiwa ke poifo ya rona ya tlholego. Baebele ya re “motho o fapoga bosula ka go boifa Jehofa.”—Diane 16:6.
5. (a) Re ka nonotsha jang poifomodimo ya rona le letlhoo la rona la se se bosula? (b) Hisitori ya setšhaba sa Iseraele e re ruta eng mo ntlheng eno?
5 Re ka nonotsha poifo eno e e siameng le letlhoo la se se bosula ka go ela tlhoko ditlamorago tse di botlhoko tsa boleo. Baebele e re tlhomamisetsa gore re tla roba se re se jalang—e ka tswa re jalela nama kgotsa moya. (Bagalatia 6:7, 8) Ke gone ka moo Jehofa a ileng a tlhalosa ka phepafalo diphelelo tse di nnang teng fa motho a tlhokomologa ditaelo tsa gagwe a bo a latlha kobamelo ya boammaaruri. Fa e ne e se ka tshireletso ya Modimo, setšhaba se sennye se se sa kgoneng go iphemela sa Iseraele se ka bo se ile sa tlhaselwa motlhofo fela ke baagelani ba sone ba ba setlhogo le ba ba maatla. (Duteronome 28:15, 45-48) Diphelelo tse di botlhoko tsa go tlhoka kutlo ga Iseraele di ne tsa kwalwa tsotlhe mo Baebeleng “gore e nne tlhagiso” gore re kgone go ithuta thuto le go nna le poifomodimo.—1 Bakorintha 10:11.
6. Dingwe tsa dikai tse re ka di tlhatlhobang mo Dikwalong ke dife gore re ithute poifomodimo? (Bona ntlhanyana e e kwa tlase.)
6 Kwantle ga se se diragaletseng setšhaba sotlhe sa Iseraele, Baebele e re bolelela ka ditiragalo tsa mmatota tse di diragaletseng batho ba ba ileng ba fekeediwa ke lefufa, boitshwaro jo bo sa siamang, bopelotshetlha kgotsa boikgogomoso. * Bangwe ba banna bano ba ne ba diretse Jehofa ka dingwaga di le dintsi, mme ka nako nngwe e e botlhokwa mo botshelong jwa bone, go boifa Modimo ga bone go ne go sa nonofa mo go lekaneng, mme ba ne ba roba maungo a a botlhoko. Go tlhatlhanya ka dikao tseno tsa Dikwalo go ka nonotsha maitlamo a rona a gore re se ka ra ba ra dira diphoso tse di ntseng jalo. A bo go ne go ka nna botlhoko jang gore re se ka ra tsaya kgakololo ya Modimo tsia go fitlha re diragalelwa ke masetlapelo! Le fa batho ba le bantsi ba dumela gore motho o ithuta ka go iponela, tota eno ga se yone tsela e e molemolemo ya go ithuta—segolobogolo mo kgannyeng ya go kgotsofatsa dikeletso tsa motho ka tsela e e feteletseng.—Pesalema 19:7.
7. Jehofa o laletsa mang mo mogopeng wa gagwe wa tshwantshetso?
Pesalema 15:1, 2) Fa re tseela kwa godimo kamano eno e re nang le tshiamelo ya go nna nayo le Mmopi wa rona, re tla ela tlhoko gore re tsamaya ka go tlhoka molato fa pele ga matlho a gagwe.
7 Lebaka le lengwe le le nonofileng la go nna le poifomodimo ke keletso ya rona ya go batla go dibela kamano ya rona le Modimo. Re tshaba go hutsafatsa Jehofa ka gonne re rata botsalano jwa rona le ene fela thata. Modimo o tsaya mang e le tsala, mongwe yo a ka mo laletsang mo mogopeng wa gagwe wa tshwantshetso? Ga se ope fa e se “yo o tsamayang ka go tlhoka molato le yo o dirang tshiamo” fela. (8. Baiseraele bangwe mo motlheng wa ga Malaki ba ne ba sa anaanele botsala jwa bone le Modimo jang?
8 Ka maswabi, Baiseraele bangwe mo motlheng wa ga Malaki ba ne ba sa anaanele botsala jwa bone le Modimo. Mo boemong jwa go boifa le go tlotla Jehofa, ba ne ba isa diphologolo tse di lwalang le tse di golafetseng mo sebesong sa gagwe. Tsela e ba neng ba sa boife Modimo ka yone e ne ya bonala le mo maikutlong a bone ka lenyalo. Gore ba tle ba nyale basadi ba babotlana, ba ne ba tlhala basadi ba bosha jwa bone ka mabaka a a sa utlwaleng. Malaki o ne a ba bolelela gore Jehofa o ila “tlhalo” le gore moya wa bone wa boferefere o ne o ba lotlhantse le Modimo wa bone. Modimo o ne a ka amogela ditlhabelo tsa bone jang mme sebeso se elela dikeledi tsa tshwantshetso—dikeledi tsa kutlobotlhoko tsa basadi ba bone ba ba ba latlhileng? Go tlontlolola ditekanyetso tsa ga Jehofa ka tlhamalalo jalo go ne ga dira gore Jehofa a botse jaana: “Go mpoifa go kae?”—Malaki 1:6-8; 2:13-16.
9, 10. Re ka bontsha jang gore re tseela botsala jwa rona le Jehofa kwa godimo?
9 Gompieno le gone Jehofa o bona kutlobotlhoko ya bontsi jwa balekane ba ba se nang molato le bana ba ba phatlotsweng pelo ke banna ba ba nyetseng le borre kgotsa le eleng ke basadi ba ba nyetsweng le bommè ba ba pelotshetlha ba ba dirileng boitshwaro jo bo sa siamang. Ruri go mo utlwisa botlhoko. Motho yo e leng tsala ya Modimo o tla leba dilo ka tsela e Modimo a di lebang ka yone mme o tla leka ka natla go nonotsha lenyalo la gagwe, go gana tsela e lefatshe le akanyang ka yone e e nyenyefatsang botlhokwa jwa kgolagano ya lenyalo mme a ‘tshabe kgokafalo.’—1 Bakorintha 6:18.
10 Mo lenyalong le mo dikarolong tse dingwe tsa botshelo jwa rona, go tlhoa sotlhe se se maswe mo matlhong a ga Jehofa, mmogo le go anaanela botsala jwa rona le ene thata, go tla dira gore Jehofa a re amogele a bo a re rate. Moaposetoloi Petere o ne a bolela jaana ka tlhomamo: “Ruri ke a lemoga gore Modimo ga a na tlhaolele, mme mo setšhabeng sengwe le sengwe motho yo o mmoifang a ba a dira tshiamo o a amogelesega mo go ene.” (Ditiro 10:34, 35) Re na le dikai di le dintsi mo Dikwalong tse di bontshang kafa poifomodimo e neng ya tlhotlheletsa batho ka teng go dira se se siameng mo maemong a a thata a a farologaneng.
Boraro jo bo Neng bo Boifa Modimo
11. Aborahame o ne a bolelwa e le yo o ‘boifang Modimo’ mo maemong afe?
11 Go na le motho a le mongwe fela mo Baebeleng yo Jehofa ka boene a neng a mmitsa tsala ya gagwe—tlhogo ya lotso e bong Aborahame. (Isaia 41:8) Poifomodimo ya ga Aborahame e ne ya lekwa fa Modimo a ne a mo kopa gore a ntshe morwawe yo o esi e bong Isake setlhabelo, ene yo Modimo a neng a tla diragatsa tsholofetso ya gagwe ka ene ya gore bana ba ga Aborahame ba ne ba tla nna setšhaba se segolo. (Genesise 12:2, 3; 17:19) A “tsala ya ga Jehofa” e ne e tla fenya teko eno e e botlhoko? (Jakobe 2:23) Ka yone fela nako e Aborahame a neng a tsholetsa thipa ya gagwe a re o tlhaba Isake ka yone, moengele wa ga Jehofa o ne a re: “O se ka wa ntshetsa mosimane seatla e bile o se ka wa mo dira sepe gotlhelele, gonne jaanong ruri ke a itse gore o boifa Modimo ka gore ga o a gana ka morwao yo o esi fela mo go nna.”—Genesise 22:10-12.
12. Ke eng se se neng sa tlhotlheletsa Aborahame go boifa Modimo, mme re ka bontsha moya o o ntseng jalo jang?
12 Le fa Aborahame a ne a setse a kile a itshupa a boifa Jehofa, ka nako eo o ne a bontsha poifomodimo ya gagwe ka tsela e e tlhomologileng. Tsela e a neng a iketleeditse ka yone go ntsha Isake setlhabelo e ne e sa bontshe go utlwa ka ntlha ya go tlotla fela. Aborahame o ne a tlhotlhelediwa ke go ikanya Rraagwe wa selegodimo gotlhelele gore o ne a tla diragatsa tsholofetso ya Gagwe ka go tsosa Isake fa go tlhokega. Jaaka Paulo a ne a kwala, Baroma 4:16-21) A re iketleeditse go dira thato ya Modimo tota le fa e re tlhoka go latlhegelwa ke dilo dingwe tsa botlhokwa? A re dumela ka pelo yotlhe gore go utlwa ka tsela eo go tla tlisa melemo e e nnelang ruri, re itse gore Jehofa ke “moduedi wa ba ba mmatlang ka tlhoafalo”? (Bahebera 11:6) Eo ke poifomodimo ya boammaaruri.—Pesalema 115:11.
Aborahame o ne “a tlhatswegile pelo ka botlalo gore se [Modimo] a neng a se solofeditse gape o ne a kgona go se dira.” (13. Ke ka ntlha yang fa Josefa a ne a ka itlhalosa sentle e le monna yo o neng a “boifa Modimo wa boammaaruri”?
13 A re tlhatlhobe sekai sa motho yo mongwe yo o neng a bontsha go boifa Modimo—sa ga Josefa. Josefa e ne e le motlhanka mo lelapeng la ga Potifaro, mme malatsi otlhe o ne a lebana le kgatelelo ya gore a dire boaka. Go lebega go ne go se na kafa a ka tilang go kopana le mosadi wa mong wa gagwe ka teng, yo o neng a nna a mo hepisa gore a dire boaka le ene. La bofelo, fa a ne “a mo phamola,” o ne “a tshaba a tswela kwa ntle.” O ne a tlhotlhelediwa ke eng gore a fapoge bosula ka yone nako eo? Kwantle ga pelaelo lebaka le legolo e ne e le go boifa Modimo, go se batle ‘go dira bosula jo bogolo jono le go leofela Modimo.’ (Genesise 39:7-12) Josefa o ne a ka itlhalosa sentle e le monna yo o neng a “boifa Modimo wa boammaaruri.”—Genesise 42:18.
14. Bopelotlhomogi jwa ga Josefa bo ne bo bontsha poifomodimo ya boammaaruri jang?
14 Dingwaga moragonyana, Josefa o ne a rakana kgatlha thu le bomorwarraagwe, ba ka bopelompe ba neng ba mo rekisitse gore e nne lekgoba. Go ka bo go nnile motlhofo fela ka ene gore a ipusolosetse bosula jo ba neng ba bo mo diretse ka ba ne ba tlhoka dijo thata. Mme go kgokgontsha batho ga go bontshe go boifa Modimo. (Lefitiko 25:43) Ka gone, e rile Josefa a bona bosupi jo bo lekaneng jwa gore bomorwarraagwe ba fetogile, o ne a ba itshwarela ka bopelotlhomogi. Fela jaaka Josefa, go boifa Modimo ga rona go tla re tlhotlheletsa go fenya bosula ka molemo, go bo go re thuse gore re se ka ra wela mo thaelong.—Genesise 45:1-11; Pesalema 130:3, 4; Baroma 12:17-21.
15. Ke ka ntlha yang fa boitshwaro jwa ga Jobe bo ile jwa ipedisa pelo ya ga Jehofa?
15 Jobe e ne e le sekai se sengwe se sentle sa motho yo o neng a boifa Modimo. Jehofa o ne a raya Diabolo a re: “A o tlhomile pelo ya gago mo motlhankeng wa me Jobe, ka go se na ope yo o tshwanang le ene mo lefatsheng, monna yo o se nang molato e bile a thokgame, a tshaba Modimo e bile a fapoga bosula?” (Jobe 1:8) Ka dingwaga di le dintsi, boitshwaro jwa ga Jobe jwa go tlhoka molato bo ne bo itumedisitse pelo ya ga Rraagwe wa selegodimo. Jobe o ne a boifa Modimo ka gonne o ne a itse gore e ne e le sone selo se a tshwanetseng go se dira e bile e ne e le yone tsela e e molemolemo ya go tshela. “Bona! Go boifa Jehofa—ke jone botlhale,” Jobe o ne a rialo, “mme go fapoga bosula ke tlhaloganyo.” (Jobe 28:28) Jobe e ne e le monna yo o nyetseng, e bile o ne a sa kgatlhegele barweetsana ka tsela e e sa tshwanelang, le gone o ne a sa loge maano a go dira boaka mo pelong ya gagwe. Le fa e ne e le monna yo o humileng, o ne a gana go ikanya dikhumo, e bile o ne a tlhoile mofuta mongwe le mongwe wa kobamelo ya medingwana.—Jobe 31:1, 9-11, 24-28.
16. (a) Jobe o ne a bontsha bopelonomi jwa lorato ka ditsela dife? (b) Jobe o ne a bontsha jang gore o ne a itshwarela a gololesegile?
16 Le fa go ntse jalo, go boifa Modimo go kaya go dira se se molemo le go fapoga se se bosula. Ka jalo, Jobe ka bopelotshweu o ne a kgatlhegela batho ba ba difofu, ba ba digole le ba ba humanegileng. (Lefitiko 19:14; Jobe 29:15, 16) Jobe o ne a tlhaloganya gore “ope fela yo o ganelang mongwe ka ene ka bopelonomi jwa lorato, o tla tlogela go boifa Mothatayotlhe.” (Jobe 6:14) Go se bontshe bopelonomi jwa lorato go ka akaretsa go sa itshwarele kgotsa go tshwara sekgopi. Jobe o ne a rapelela ditsala tsa gagwe tse tharo a sena go kaelwa jalo ke Modimo, ditsala tse di neng di mo utlwisitse botlhoko thata. (Jobe 42:7-10) A le rona re ka bontsha moya o o ntseng jalo wa go itshwarela modumedi ka rona yo o ka tswang a re utlwisitse botlhoko ka tsela nngwe? Go rapela ka bopeloephepa o rapelela ene yo o re foseditseng thata go ka re thusa thata gore re fenye letlhoo. Masego a Jobe a neng a nna nao ka ntlha ya go boifa Modimo a re bontsha maoko a ‘molemo o mogolo o Jehofa a o boloketseng ba ba mmoifang.’—Pesalema 31:19; Jakobe 5:11.
Go Boifa Modimo Kgotsa go Boifa Motho
17. Go boifa motho go ka re direla eng, mme ke ka ntlha yang fa poifo e e ntseng jalo e sa thuse ka sepe?
17 Poifo ya Modimo e ka re rotloetsa go dira se se siameng mme poifo ya motho e ka koafatsa tumelo ya rona. Ka lebaka leo, fa Jesu a ne a rotloetsa baaposetoloi go nna bareri ba ba tlhoafetseng ba dikgang tse di molemo, o ne a ba raya a re: “Lo se ka lwa boifa ba ba bolayang mmele mme ba sa ka ke ba bolaya moya; mme go na le moo boifang yo o ka senyang moya le mmele mo Gehena.” (Mathaio 10:28) Jesu o ne a tlhalosa gore go boifa motho ga go thuse ka sepe ka gonne batho ba ka se ka ba re thibela go bona botshelo mo isagweng. Mo godimo ga moo, re boifa Modimo ka gonne re lemoga gore o na le maatla a a boitshegang, a maatla a ditšhaba a seng sepe fa a bapisiwa le one. (Isaia 40:15) Fela jaaka Aborahame re tshepa maatla a ga Jehofa ka tsela e e feletseng gore o tla tsosa batlhanka ba Gagwe ba ba ikanyegang. (Tshenolo 2:10) Ka jalo re ka bolela jaana ka tshepo: “Fa e le gore Modimo o kafa go rona, ke mang yo o tla nnang kgatlhanong le rona?”—Baroma 8:31.
18. Jehofa o duela jang ba ba mmoifang?
18 Le fa motho yo o re ganetsang e ka tswa e le leloko la lelapa kgotsa e le mongwe yo o re kgerisang kwa sekolong, re tla fitlhela gore “go na le tshepo e e nonofileng mo go boifeng Jehofa.” (Diane 14:26) Re ka rapelela gore Modimo a re fe maatla, re itse gore o tla re utlwa. (Pesalema 145:19) Jehofa ga a ke a lebala ba ba mmoifang. O re tlhomamisetsa jaana ka moporofeti wa gagwe Malaki: “Ka nako eo ba ba boifang Jehofa ba ne ba buisana mmogo, mongwe le mongwe le molekane wa gagwe, mme Jehofa a nna a tlhwaya tsebe a ba a reetsa. Mme buka ya kgakologelo ya simolola go kwalwa fa pele ga gagwe e kwalelwa ba ba boifang Jehofa le ba ba akanyang ka leina la gagwe.”—Malaki 3:16.
19. Go tla fela mefuta efe ya poifo, mme ke mofuta ofe o o tla nnelang ruri?
19 Nako e setse e le gaufi ya gore mongwe le mongwe mo lefatsheng a obamele Jehofa le gore go boifa batho go fele. (Isaia 11:9) Go boifa tlala, bolwetse, bokebekwa le ntwa le gone go tla bo go fedile. Mme go boifa Modimo go tla tswelela pele ka bosakhutleng fa batlhanka ba gagwe ba ba ikanyegang kwa legodimong le mo lefatsheng ba tswelela pele go mmontsha tlotlo le kutlo e e mo tshwanetseng. (Tshenolo 15:4) Fa go ntse go le jalo, e kete rotlhe re ka tsaya tsia kgakololo e e tlhotlheleditsweng ya ga Solomone: “A pelo ya gago e se ka ya tswela baleofi pelo, mme o boife Jehofa letsatsi lotlhe. Gonne foo go tla nna le isagwe, mme tsholofelo ya gago ga e na go kgaolwa.”—Diane 23:17, 18.
[Dintlha tse di kwa tlase]
^ ser. 2 Bagolo bangwe ga ba tlhole ba boifa kotsi fa tiro ya bone e dira gore ba nne ba le mo maemong a a kotsi ka metlha. Fa modiri mongwe yo o nang le maitemogelo a ne a bodiwa gore ke eng fa babetli ba le bantsi jaana ba kgaogile menwana o ne a araba jaana: “Ga ba tlhole ba tshaba dishaga tsele tsa motlakase tse di segang ka lobelo lo logolo.”
^ ser. 4 Jehofa ka boene o feroga sebete jalo. Ka sekai, Baefeso 4:29 e tlhalosa puo ya matlhapa e le “puo e e bodileng.” Lefoko la Segerika le le ranotsweng go nna “bodileng” tota le kaya maungo, tlhapi kgotsa nama e e bodileng. Tlhaloso e e ntseng jalo e bontsha ka phepafalo kafa re tshwanetseng ra ferogela puo e e bosula kgotsa ya matlhapa sebete ka teng. Ka tsela e e tshwanang, gantsi medingwana mo Dikwalong e tlhalosiwa e le “makgapha.” (Duteronome 29:17; Esekiele 6:9) Tsela e ka tlholego re sa rateng selo se se makgapha kgotsa se se ferosang sebete ka teng e re thusa go tlhaloganya kafa Modimo a bonang mokgwa ope wa kobamelo ya medingwana o le makgapha ka teng.
^ ser. 6 Ka sekai, ela tlhoko dipego tsa Dikwalo ka ga Kaine (Genesise 4:3-12); Dafide (2 Samuele 11:2–12:14); Gehasi (2 Dikgosi 5:20-27); le Usia (2 Ditiragalo 26:16-21).
A o A Gakologelwa?
• Re ithuta jang go tlhoa se se bosula?
• Baiseraele bangwe mo motlheng wa ga Malaki ba ile ba se ka ba anaanela botsala jwa bone le Jehofa jang?
• Aborahame, Josefa le Jobe ba ka re ruta eng kaga go boifa Modimo?
• Ke poifo efe e e tla nnelang ruri mme ka ntlha yang?
[Dipotso Tsa Thuto]
[Setshwantsho mo go tsebe 19]
Batsadi ba ba botlhale ba tsenya bana ba bone poifo e e siameng
[Setshwantsho mo go tsebe 20]
Fela jaaka poifo e faposa motho mo kotsing, poifo ya Modimo e re faposa mo go se se bosula
[Setshwantsho mo go tsebe 23]
Jobe o ne a nna a boifa Modimo le fa a ne a tlhaselwa ke ditsala tse tharo tsa maaka
[Motswedi wa Setshwantsho]
From the Bible translation Vulgata Latina, 1795