Molao wa Sekagouta—O a Dira
Molao wa Sekagouta—O a Dira
Le fa batho ba le bantsi ba tsaya Molao wa Sekagouta e le thuto ya boitsholo e e tlhomilweng ke Jesu, ene ka boene o ne a re: “Se ke se rutang ga se sa me, mme ke sa yo o nthomileng.”—Johane 7:16.
EE, Mosimolodi wa se Jesu a neng a se ruta, go akaretsa le se se ileng sa itsege e le Molao wa Sekagouta, ke ene yo o romileng Jesu, e bong, Mmopi, Jehofa Modimo.
Kwa tshimologong boikaelelo jwa Modimo e ne e le gore batho botlhe ba tshware ba bangwe ka tsela e ba ka ratang go tshwarwa ka yone. O ne a tlhoma sekao se se molemolemo sa go bontsha gore o amega ka boitekanelo jwa ba bangwe ka tsela e a neng a bopa batho ka yone: “Modimo a bopa motho mo setshwanong sa gagwe, a mmopa mo setshwanong sa Modimo; a ba bopa monna le mosadi.” (Genesise 1:27) Se se raya gore Modimo ka lorato o ne a naya batho selekanyo se se rileng sa dinonofo tsa gagwe tse di molemo gore ba kgone go tshela ka kagiso, boitumelo le kutlwano—go ka direga gore e nne ka bosakhutleng. Segakolodi sa bone se ba se filweng ke Modimo, fa se thapisitswe sentle, se ne se tla ba kaela gore ba tshware ba bangwe ka tsela e bone ka bobone ba ka ratang go tshwarwa ka yone.
Go ne Ga Laola Bopelotshetlha
E re ka batho ba ile ba nna le tshimologo e ntle jalo, go ile ga diragala eng? Fa re tlhamalala fela, go ile ga simologa boikutlo jwa bopelotshetlha. Batho ba le bantsi ba itse pego ya Baebele e e malebana le gore banyalani ba ntlha ba ile ba dira eng, jaaka go kwadilwe mo go Genesise kgaolo 3. Fa Adame le Efa ba ne ba tlhotlhelediwa ke Satane, moganetsi wa ditekanyetso tsotlhe tsa Modimo, ba ne ba gana bolaodi jwa Modimo ka bopelotshetlha mme ba batla boitaolo le go itirela ditshwetso. Boitshwaro jwa bone jwa bopelotshetlha le jwa botsuolodi ga bo a ka jwa dira fela gore bone ka namana ba latlhegelwe ke dilo di le dintsi mme gape bo ile jwa nna le matswela a a utlwisang botlhoko mo baneng botlhe ba ba neng ba tla nna le bone mo isagweng. Seo ke bosupi jo bo phepafetseng jwa masetlapelo a a nnang teng fa go itlhokomolosiwa thuto e morago e ileng ya itsege e le Molao wa Sekagouta. Ka jalo, “boleo bo ne jwa tsena mo lefatsheng ka motho a le mongwe le loso ka boleo, loso lo ne lwa anamela kwa bathong botlhe ka gonne ba leofile botlhe.”—Baroma 5:12.
Le fa batho ba ile ba furalela ditsela tse di lorato tsa ga Jehofa Modimo, ene ga a ka a ba latlha. Ka sekai, Jehofa o ne a naya setšhaba sa Iseraele Molao wa gagwe gore o ba kaele. O ne wa ba ruta gore ba tshware ba bangwe ka tsela e bone ba batlang go tshwarwa ka yone. Molao o ne o ba kaela kafa ba tshwanetseng go tshwara makgoba, basimane ba ba se nang borre le batlholagadi ka teng. O ne o tlhalosa kafa go tshwanetseng ga dirisanwa ka teng le kgang ya go tlhasela, go tsaya ka dikgoka le ya go utswa. Melao ya bophepa e ne e bontsha go amega ka botsogo jwa ba bangwe. Mme go ne go na le melao e e malebana le dikgang tsa tlhakanelodikobo. Jehofa o ne a sobokanya Molao wa gagwe ka go bolelela batho ba gagwe jaana: “O rate mongwe ka wena jaaka o ithata,” e leng mafoko a Jesu a ileng a a nopola moragonyana. (Lefitiko 19:18; Mathaio 22:39, 40) Gape Molao o ne o laela tsela e baagi ba baeng ba ba mo gare ga Baiseraele ba tshwanetseng go tshwarwa ka yone. Molao o ne o laela jaana: “O se ka wa gatelela moagi wa moeng, e re ka lona ka bolona lo itsile moya wa moagi wa moeng, ka gonne lo ne lwa nna baagi ba baeng kwa lefatsheng la Egepeto.” Ka mafoko a mangwe, Baiseraele ba ne ba tshwanetse go nna le kutlwelobotlhoko ya bopelonomi mo bathong ba ba sotlegang.—Ekesodo 23:9; Lefitiko 19:34; Duteronome 10:19.
Fa fela Iseraele e ne e latela Molao ka boikanyegi, Jehofa o ne a segofatsa setšhaba. Mo pusong ya ga Dafide le Solomone, setšhaba se ne se atlega mme batho ba ne ba itumetse e bile ba kgotsofetse. Pego ya ditiragalo e re bolelela jaana: “Juda le Iseraele ba ne ba le bantsi, jaaka moshawa o o fa lewatleng ka ntlha ya bontsintsi jwa bone, ba ja ba nwa e bile ba ipela. Mme batho ba Juda le ba Iseraele ba tswelela go nna ka polokesego, mongwe le mongwe ka fa tlase ga mofine wa gagwe le ka fa tlase ga setlhare sa gagwe sa mofeige.”—1 Dikgosi 4:20, 25.
Ka maswabi, kagiso le polokesego ya setšhaba ga ya ka ya nna sebaka. Le fa Baiseraele ba ne ba na le Molao wa Modimo, ba ne ba sa o ikobele; ba ne ba dumelela bopelotshetlha gore bo dire gore ba se ka ba amega ka ba bangwe. Seno mmogo le botlhanogi, se ile sa dira gore motho ka mongwe le setšhaba sotlhe ba nne le mathata. Kgabagare, ka ngwaga wa 607 B.C.E., Jehofa o ne a letla Bababelona go senya puso ya Juda, motse wa Jerusalema, tota le tempele e ntlentle e e neng e le koo. Ka ntlha yang? “‘Ka lebaka la gore ga lo a ka lwa utlwa mafoko a me, bonang, ke a roma mme ke tla tsaya malapa otlhe a bokone,’ go bua Jehofa, ‘le e leng go roma kwa go Nebukaderesare kgosi ya Babelona, e bong motlhanka wa me, mme ke tla dira gore ba tsogologele lefatshe leno ba bo ba tsogologele banni ba lone le ditšhaba tseno tsotlhe tse di mo tikologong; mme ke tla ba senya le go ba dira selo sa go akabalelwa le sengwe sa go lelediwa molodi le mafelo a a swafetseng ka bosakhutleng.’” (Jeremia 25:8, 9) A tuelo e e botlhoko ruri ya go latlha kobamelo e e itshekileng ya ga Jehofa!
Sekao Se re Ka se Etsang
Jesu Keresete, kafa letlhakoreng le lengwe, ga a ka a ruta fela Molao wa Sekagouta mme gape o ne a tlhoma sekao se se molemolemo sa go o latela. O ne a amega go tswa pelong ka boitekanelo jwa ba bangwe. (Mathaio 9:36; 14:14; Luke 5:12, 13) Ka lekgetlo lengwe, gaufi le motse wa Naine, Jesu o ne a bona motlholagadi yo o hutsafetseng yo o neng a ya phitlhong ya morwawe yo o esi. Pego ya Baebele e bolela jaana: “E rile Morena a tshogana ka a mmona, a tlhotlheletsega go mo tlhomogela pelo.” (Luke 7:11-15) Go ya ka Vine’s Expository Dictionary of Old and New Testament Words, polelwana “a tlhotlheletsega go mo tlhomogela pelo” e kaya “go amega go fitlha mo mateng a motho.” O ne a utlwa botlhoko jwa mosadi yono mo pelong ya gagwe, mme ga mo tlhotlheletsa gore a tseye kgato e e tshwanetseng go mo golola mo botlhokong joo. A bo motlholagadi yoo a ile a itumela jang ne fa Jesu a tsosa mosimane mo baswing mme “a mo naya mmaagwe”!
Kwa bofelong, Jesu o ne a dumela go boga a ntsha botshelo jwa gagwe go nna thekololo gore batho ba gololwe mo bokgobeng jwa boleo le loso, go dumalana le maikaelelo a Modimo. Seno e ne e le sekao se se gaisang tsotlhe sa go tshela ka Molao wa Sekagouta.—Mathaio 20:28; Johane 15:13; Bahebera 4:15.
Batho ba ba Dirisang Molao wa Sekagouta
A tota go na le batho ba ba tshelang ka Molao wa Sekagouta mo motlheng wa rona? Ee, mme ba dira jalo e seng fela fa maemo a ba tshwanela. Ka sekai, ka nako ya Ntwa ya Lefatshe II kwa Jeremane ya Bonasi, Basupi ba ga Jehofa ba ile ba boloka tumelo ya bone mo Modimong le go rata baagelani mme ba gana go itlhokomolosa Molao wa Sekagouta. Le fa Puso e ne e rotloetsa moya wa go tlhoa Bajuda botlhe le go ba tlhaola, Basupi ba ne ba tswelela ba latela Molao wa Sekagouta. Tota le kwa dikampeng tsa pogisetso, ba ne ba tswelela ba tlhokomela ba bangwe, ba abelana dijo tsa bone tse di neng di tlhaela le Bajuda ba ba neng ba bolawa ke tlala mmogo le batho ba bangwe ba e seng Bajuda. Mo godimo ga moo, le fa ba ne ba laelwa ke Puso gore ba tseye dibetsa go bolaya ba bangwe, ba ne ba gana go dira jalo, fela jaaka le bone ba ne ba sa batle go bolawa ke ba bangwe. Ba ne ba ka bolaya jang batho ba ba neng ba tshwanetse go ba rata jaaka ba ithata? Ka ntlha ya go gana ga bone, bontsi jwa bone ga ba ka ba romelwa fela kwa dikampeng tsa pogisetso mme ba ne ba bo ba bolawa.—Mathaio 5:43-48.
Fa o ntse o bala setlhogo seno, o solegelwa molemo ke sekao se sengwe sa kafa Molao wa Sekagouta o dirang ka teng. Basupi ba ga Jehofa Isaia 2:2-4, “ditšhaba di le dintsi” tota e bile, batho ba ba fetang dimilione tse thataro go ralala lefatshe, ‘di rutwa ditsela tsa ga Jehofa e bile di tsamaya mo ditselaneng tsa gagwe.’ Ka tsela ya tshwantshetso, ba ile ba ithuta go “thula ditšhaka tsa bone ba di dira magale a megoma le marumo a bone ba a dira dikere tse di pomang.” Ba bone kagiso le polokesego mo metlheng eno ya matshenyego.
ba lemoga gore gompieno batho ba le bantsi ba boga ka tsela e e botlhoko ba se na tsholofelo. Ka ntlha ya seno, Basupi ba tsaya kgato ka go ithaopa go thusa ba bangwe go ithuta ka tsholofelo le kaelo e e molemo e e mo Baebeleng. Dilo tseno tsotlhe ke karolo ya tiro ya go ruta ya lefatshe lotlhe e e ntseng e dirwa ka selekanyo se segolo. Matswela ke eng? Jaaka go porofetilwe mo goGo Tweng ka Wena?
A ko o akanye go sekae ka botlhoko le go boga tse di wetseng batho ka ntlha ya go tlhokomologa Molao wa Sekagouta fa e sa le ka nako ya botsuolodi jwa kwa Edene, jo bo tlhotlheleditsweng ke Satane Diabolo. Jehofa o ikaeletse go baakanya boemo jono ka bonako. Jang? “Morwa Modimo o ne a bonadiwa ka boikaelelo jono, e leng, go senya ditiro tsa ga Diabolo.” (1 Johane 3:8) Se se tla diragala mo pusong ya Bogosi jwa Modimo, e e tla bong e laolwa ke Jesu Keresete yo o botlhale le yo o nang le bokgoni, ene yo o neng a ruta e bile a tshela ka Molao wa Sekagouta.—Pesalema 37:9-11; Daniele 2:44.
Kgosi Dafide wa Iseraele wa bogologolo o ne a bolela jaana: “Nkile ka bo ke le lekau, jaanong ke tsofetse, mme le fa go ntse jalo ga ke ise ke bone ope yo o siameng a tlogetswe gotlhelele, le fa e le bana ba gagwe ba batla senkgwe. Letsatsi lotlhe o utlwela botlhoko e bile o a adima, ka jalo bana ba gagwe ba mo tseleng ya go segofadiwa.” (Pesalema 37:25, 26) A ga go boammaaruri gore batho ba le bantsi gompieno ba tseela batho le go ba gapela dilo go na le gore ba ba ‘utlwele botlhoko le go ba adima’? Ga go pelaelo gore, go latela Molao wa Sekagouta go ka dira gore motho a nne le kagiso ya boammaaruri le polokesego ka gonne go dira gore motho a tshwanelegele masego gone jaanong le mo isagweng mo Bogosing jwa Modimo. Bogosi jwa Modimo bo tla fedisa bopelotshetlha le boikepo jotlhe mo lefatsheng mme bo emisetse tsamaiso eno e e boikepo e e nang le melao e e itlhometsweng ke batho ka thulaganyo e ntšha ya Modimo. Ka nako eo, batho botlhe ba tla itumelela go tshela ka Molao wa Sekagouta.—Pesalema 29:11; 2 Petere 3:13.
[Ditshwantsho mo go tsebe 5]
Jesu ga a ka a ruta Molao wa Sekagouta fela mme gape o ne a tlhoma sekao se se molemolemo sa go o dirisa
[Ditshwantsho mo go tsebe 7]
Go latela Molao wa Sekagouta go ka dira gore motho a nne le kagiso ya boammaaruri le polokesego