Bakeresete Botlhe ba Boammaaruri ke Bareri
Bakeresete Botlhe ba Boammaaruri ke Bareri
“Opelelang Jehofa, bakang leina la gagwe. Bolelang dikgang tse di molemo tsa poloko ya gagwe letsatsi le letsatsi.”—PESALEMA 96:2.
1. Batho ba tlhoka go utlwa dikgang dife tse di molemo, mme Basupi ba ga Jehofa ba ile ba tlhoma sekao jang mo go anamiseng dikgang tseno?
MO LEFATSHENG le le bonang dikotsi tsa masetlapelo letsatsi le letsatsi, ruri go a gomotsa go itse gore fela jaaka Baebele e bolela, ntwa, bokebekwa, tlala le kgatelelo di tla tloga di fela. (Pesalema 46:9; 72:3, 7, 8, 12, 16) Ammaaruri, a tseno ga se dikgang tse di molemo tse batho botlhe ba tshwanetseng go di utlwa? Basupi ba ga Jehofa ba akanya jalo. Ba itsewe gongwe le gongwe e le batho ba ba rerang “dikgang tse di molemo tsa sengwe se se botoka.” (Isaia 52:7) Ke boammaaruri gore Basupi ba le bantsi ba ile ba bogisiwa ka gonne ba ititeile sehuba go bolela dikgang tse di molemo. Mme le fa go ntse jalo ba amegile thata ka batho. A bo Basupi ba itiretse leina le lentle jang ne ka go tlhoafala le go itshoka!
2. Lebaka lengwe la go tlhoafala ga Basupi ba ga Jehofa ke lefe?
2 Tlhoafalo ya Basupi ba ga Jehofa gompieno e tshwana le tlhoafalo ya Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga. Pampiri ya dikgang ya Roma Katoliki e leng L’Osservatore Romano e ne ya bolela sentle jaana ka bone: “Fela fa Bakeresete ba ntlha ba sena go kolobediwa, ba ne ba ikutlwa ba na le boikarabelo jwa go rera Efangele. Batlhanka ba ne ba anamisa Efangele ka go e bolelela ba bangwe.” Ke ka ntlha yang fa Basupi ba ga Jehofa ba tlhoafetse jaana, fela jaaka Bakeresete bale ba bogologolo? Sa ntlha, ka gonne dikgang tse di molemo tse ba di bolelang di tswa kwa go Jehofa Modimo ka boene. A go ka nna le lebaka le le fetang leo la gore ba tlhoafale? Mafoko ano a mopesalema a ba rotloetsa go rera: “Opelelang Jehofa, bakang leina la gagwe. Bolelang dikgang tse di molemo tsa poloko ya gagwe letsatsi le letsatsi.”—Pesalema 96:2.
3. (a) Lebaka la bobedi la go tlhoafala ga Basupi ba ga Jehofa ke lefe? (b) “Poloko ya [Modimo]” e akaretsa eng?
3 Mafoko a mopesalema a re gopotsa lebaka la bobedi la go tlhoafala ga Basupi ba ga Jehofa. Molaetsa wa bone ke wa poloko. Batho bangwe ba dira mo go tsa kalafi, tsa loago, tsa ikonomi le tse dingwe gore ba tokafatse botshelo jwa bangwekabone, mme maiteko a a ntseng jalo a a lebosega. Mme sepe fela se motho a le esi a ka se direlang yo mongwe ga se sepe fa se bapisiwa le “poloko ya [Modimo].” Jehofa o tla dirisa Jesu Keresete go boloka bapelonomi mo boleong, mo bolwetseng le mo losong. Ba ba bolokwang ka tsela eno ba tla tshelela ruri! (Johane 3:16, 36; Tshenolo 21:3, 4) Gompieno, poloko ke nngwe ya ‘ditiro tse di gakgamatsang’ tse Bakeresete ba di anelang fa ba diragatsa mafoko a a reng: “Bolelang kgalalelo ya [Modimo] mo ditšhabeng, ditiro tsa gagwe tse di gakgamatsang mo ditšhabeng tsotlhe. Gonne Jehofa o mogolo e bile o tshwanelwa thata ke go bakwa. O boitshega go feta medimo e mengwe yotlhe.”—Pesalema 96:3, 4.
Sekao sa Mong wa Bone
4-6. (a) Basupi ba ga Jehofa ba na le lebaka lefe la boraro la tlhoafalo ya bone? (b) Jesu o ne a bontsha tlhoafalo jang mo tirong ya go rera dikgang tse di molemo?
4 Basupi ba ga Jehofa ba tlhoafetse ka ntlha ya lebaka le lengwe la boraro. Ba latela sekao sa ga Jesu Keresete. (1 Petere 2:21) Monna yo o itekanetseng yoo o ile a amogela ka moya otlhe kabelo ya “go bolelela ba ba pelonolo dikgang tse di molemo.” (Isaia 61:1; Luke 4:17-21) Ka gone, o ne a nna moreri, mmoledi wa dikgang tse di molemo. O ne a tsamaya go ralala Galalea le Judea yotlhe, “a rera dikgang tse di molemo tsa bogosi.” (Mathaio 4:23) Mme e re ka a ne a itse gore batho ba le bantsi ba ne ba tla amogela dikgang tse di molemo tseo, o ne a raya barutwa ba gagwe a re: “Thobo e kgolo, mme badiri ba babotlana. Jalo, kopang Mong wa thobo gore a romele badiri mo thobong ya gagwe.”—Mathaio 9:37, 38.
5 Go dumalana le thapelo ya gagwe, Jesu o ne a thapisa ba bangwe gore ba nne bareri. Fa nako e ntse e ya, o ne a roma baaposetoloi ba gagwe ba le bosi mme a ba raya a re: “Fa lo ntse lo tsamaya, lo rere, lo re, ‘Bogosi jwa magodimo bo atametse.’” A go ka bo go nnile botoka gore ba dire dithulaganyo tsa go fokotsa mathata a loago a metlha ya bone? Kgotsa a ba ka bo ba ile ba inaakanya le bopolotiki go lwantsha ditiro tse di seng kafa molaong tse di neng di atile ka nako eo? Nnyaa. Go na le moo, Jesu o ne a tlhomela bareri botlhe ba Bakeresete molao fa a ne a raya balatedi ba gagwe a re: “Fa lo ntse lo tsamaya, lo rere.”—Mathaio 10:5-7.
6 Moragonyana, Jesu o ne a romela setlhopha se sengwe sa barutwa go ya go itsise jaana: “Bogosi jwa Modimo bo . . . atametse.” E rile ba boa ba tla go bega gore mosepele wa bone wa go tsamaya ba rera o ne o atlegile, Jesu o ne a ipela thata. O ne a rapela jaana: “Ke go baka phatlalatsa, Rara, Morena wa legodimo le lefatshe, ka gonne o fitlhetse ba ba botlhale le ba ba bonokopela dilo tseno ka kelotlhoko, mme o di senoletse masea.” (Luke 10:1, 8, 9, 21) Barutwa ba ga Jesu, ba pele e neng e le batho ba ba dirang ka natla e le batshwaraditlhapi, balemi, jalo jalo, ba ne ba tshwana le masea fa ba bapisiwa le baeteledipele ba ba rutegileng thata ba bodumedi ba setšhaba. Mme barutwa ba ne ba thapisitswe gore ba bolele dikgang tse di molemo go gaisa tsotlhe.
7. Fa Jesu a sena go tlhatlogela kwa legodimong, balatedi ba gagwe ba ne ba rerela bomang pele dikgang tse di molemo?
7 Fa Jesu a sena go tlhatlogela kwa legodimong, balatedi ba gagwe ba ne ba tswelela pele ba rera dikgang tse di molemo tsa poloko. (Ditiro 2:21, 38-40) Ba ne ba rerela mang pele? A ba ile ba ya kwa ditšhabeng tse di neng di sa itse Modimo? Nnyaa, tshimo ya bone ya ntlha e ne e le Baiseraele, batho ba ba neng ba ile ba dirisana le Jehofa ka dingwaga di feta 1 500. A ba ne ba na le tshwanelo ya go rera mo nageng e Jehofa a neng a setse a obamelwa mo go yone? Ee. Jesu o ne a ba reile a re: “Lo tla nna basupi ba me mo Jerusalema mmogo le mo Judea yotlhe le Samarea le go ya karolong e e kwa kgakalakgakala ya lefatshe.” (Ditiro 1:8) Baiseraele ba ne ba tlhoka go utlwa dikgang tse di molemo fela jaaka setšhaba sepe fela se sengwe.
8. Basupi ba ga Jehofa gompieno ba etsa sekai sa balatedi ba ga Jesu ba lekgolo la ntlha la dingwaga jang?
8 Fela jalo, Basupi ba ga Jehofa gompieno ba Tshenolo 14:6) Ka ngwaga wa 2001, ba ne ba tlhoafetse mo dinageng le mo ditshimong di le 235, go akaretsa dingwe tse go neng go tsewa gore ke tsa Bokeresete. A go phoso gore Basupi ba ga Jehofa ba rere mo mafelong a Labokeresete a setseng a tlhomile dikereke mo go one? Bangwe ba re go phoso e bile ba ka tsaya go rera jalo e le “go utswa dinku.” Le fa go ntse jalo, Basupi ba ga Jehofa ba gopola tsela e Jesu a neng a ikutlwa ka yone ka Bajuda ba ba ikokobeditseng ba motlha wa gagwe. Le fa ba ne ba setse ba na le boperesiti, Jesu ga a ka a okaoka go ba bolelela dikgang tse di molemo. O ne “a utlwa a ba tlhomogela pelo, ka gonne ba ne ba sotlegile e bile ba gasame jaaka dinku tse di se nang modisa.” (Mathaio 9:36) Fa Basupi ba ga Jehofa ba fitlhela batho ba ba ikokobeditseng ba ba sa itseng sepe ka Jehofa le Bogosi jwa gagwe, a ba tshwanetse ba tima batho ba ba ntseng jalo dikgang tse di molemo fela ka gonne bodumedi bongwe bo bolela gore ba kafa tlase ga jone? Re latela sekai sa baaposetoloi ba ga Jesu ka go araba ka nnyaa. Dikgang tse di molemo di tshwanetse tsa rerwa “mo ditšhabeng tsotlhe,” go sa tlogelwe sepe kwa morago.—Mareko 13:10.
rera mo lefatsheng lotlhe. Ba dirisana le moengele yo o neng a bonwa ke Johane yo o neng “a tshotse dikgang tse di molemo tsa bosakhutleng go di bolela e le mafoko a a itumedisang mo go ba ba nnang mo lefatsheng, le mo setšhabeng sengwe le sengwe le lotso le teme le batho.” (Bakeresete Botlhe ba Bogologolo Ba ne Ba Rera
9. Mo lekgolong la ntlha la dingwaga, ke bomang mo phuthegong ya Bokeresete ba ba neng ba dira tiro ya go rera?
9 Mo lekgolong la ntlha la dingwaga ke bomang ba ba neng ba dira tiro ya go rera? Dintlha di bontsha gore Bakeresete botlhe e ne e le bareri. Mokwadi W. S. Williams a re: “Bosupi ka kakaretso bo bontsha gore Bakeresete botlhe mo Kerekeng ya bogologolo . . . ba ne ba rera efangele.” Baebele e bolela jaana ka ditiragalo tsa letsatsi la Pentekosete ya 33 C.E.: “Botlhe [banna le basadi] ba tlala moya o o boitshepo mme ba simolola go bua ka diteme tse di farologaneng, fela jaaka moya o ne o ba naya gore ba bue.” Bareri bano ba ne ba akaretsa banna le basadi, bannye le bagolo, batlhanka le bagololesegi. (Ditiro 1:14; 2:1, 4, 17, 18; Joele 2:28, 29; Bagalatia 3:28) Fa Bakeresete ba bantsi ba ne ba patelediwa ke pogiso gore ba tshabe kwa Jerusalema, “ba ba neng ba gasame ba ya le lefatshe leo lotlhe ba bolela dikgang tse di molemo tsa lefoko.” (Ditiro 8:4) Go ne ga rera botlhe “ba ba neng ba gasame,” e seng ba se kae fela ba ba tlhomilweng.
10. Ke thomo efe e e maikaelelomabedi e e neng ya diragadiwa pele go fedisiwa tsamaiso ya Sejuda?
10 Go ne ga nna fela jalo mo dingwageng tseo tsa bogologolo. Jesu o ne a porofeta jaana: “Dikgang tse di molemo tseno tsa bogosi di tla rerwa mo lefatsheng lotlhe le le nang le banni gore e nne bosupi mo ditšhabeng tsotlhe; mme go tswa foo bokhutlo bo tla tla.” (Mathaio 24:14) Fa mafoko ao a ne a diragadiwa mo lekgolong la ntlha la dingwaga, ruri dikgang tse di molemo di ne tsa rerwa mo lefelong le legolo pele masole a Roma a senya tsamaiso ya bodumedi le ya bopolotiki ya Bajuda. (Bakolosa 1:23) Mo godimo ga moo, balatedi botlhe ba ga Jesu ba ne ba utlwa taelo eno ya gagwe: “Jalo tsamayang mme lo dire batho ba ditšhaba tsotlhe barutwa, lo ba kolobetse mo leineng la Rara le la Morwa le la moya o o boitshepo, lo ba rute go boloka dilo tsotlhe tse ke di lo laetseng.” (Mathaio 28:19, 20) Bakeresete ba bogologolo ga ba a ka ba rotloetsa bapelonomi gore ba dumele mo go Jesu ba bo ba ba tlogela fela mo lefifing, jaaka bareri bangwe ba metlha ya gompieno ba dira. Go na le moo, ba ne ba ba ruta go nna barutwa ba ga Jesu, ba ba rulaganya ka diphuthego, ba bo ba ba thapisa gore le bone ba kgone go rera dikgang tse di molemo le go dira barutwa. (Ditiro 14:21-23) Basupi ba ga Jehofa gompieno ba latela sekao seo.
11. Gompieno ke bomang ba ba dirang tiro ya go bolelela batho dikgang tse di molemolemo?
11 Palo e e rileng ya Basupi ba ga Jehofa e ile ya latela dikai tsa lekgolo la ntlha la dingwaga e bong Paulo, Barenabase le ba bangwe ka go ya go nna barongwa kwa dinageng di sele. Tiro ya bone e nnile mosola tota, ka gonne ga ba a tsenela dipolotiki kgotsa ba tlogela thomo ya go rera dikgang tse di molemo ka ditsela tse dingwe. Se ba se dirileng fela ke go utlwa taelo ya ga Jesu e e reng: “Fa lo ntse lo tsamaya, lo rere.” Le fa go ntse jalo, bontsi jwa Basupi ba ga Jehofa ga se barongwa kwa dinageng di sele. Ba le bantsi ba bone ba itshedisa ka go bereka mme ba bangwe ba sa ntse ba tsena sekolo. Bangwe ba godisa bana. Mme Basupi botlhe ba bolelela ba bangwe dikgang tse di molemo tse ba di ithutileng. Bannye le bagolo, banna le basadi, ba tsaya kgato ka boitumelo go dumalana le kgakololo eno ya Baebele: “Rera lefoko, dira jalo ka potlako ka paka e e dumelang, ka paka ya matshwenyego.” (2 Timotheo 4:2) Jaaka batlhomasekao ba bone ba lekgolo la ntlha la dingwaga, ba ntse ba tswelela pele “ba sa kgaotse ba ruta e bile ba bolela dikgang tse di molemo kaga Keresete, e bong Jesu.” (Ditiro 5:42) Ba itsise dikgang tse di molemolemo mo bathong.
Go Fetola Batho Bodumedi Kgotsa go Rera?
12. Go fetola batho bodumedi ke eng, mme go setse go tsewa jang?
12 Puo ya Segerika e na le lefoko pro·se’ly·tos, le le kayang “motho yo o fetotseng bodumedi.” Lefoko la Seesemane “proselytism” le tswa gone foo, mme totatota le kaya “go fetolela batho mo bodumeding jo bongwe.” Mo metlheng eno, bangwe ba re go fetola batho bodumedi go kotsi. E bile kgatiso nngwe ya World Council of Churches e bua ka “boleo jwa go fetola batho bodumedi.” Ka ntlha yang? Catholic World Report ya re: “Ka ntlha ya dingongorego tse di sa feleng tsa Orthodox, ‘go fetola batho bodumedi’ jaanong go setse go tsewa e le go pateletsa batho go fetola bodumedi.”
13. Dikai dingwe tsa go fetola batho bodumedi ka tsela e e kotsi ke dife?
13 A go fetola batho bodumedi go kotsi? Ee, go ka nna kotsi. Jesu o ne a bolela gore go fetola batho bodumedi ga bakwadi le Bafarasai go ne go le kotsi mo bathong ba ba ba fetolang. (Mathaio 23:15) Ee ruri, “go pateletsa batho go fetola bodumedi” go phoso. Ka sekai, go ya ka rahisitori Josephus, fa John Hyrcanus wa Momakabise a ne a fenya Baidumea, o ne a “ba letla go nna mo nageng ya bone fa fela ba ne ba ka rupa e bile ba iketleeditse go tshegetsa melao ya Bajuda.” Fa Baidumea ba ne ba batla go laolwa ke Bajuda, ba ne ba tla tshwanelwa ke go tsena mo bodumeding jwa Sejuda. Baitsehisitori ba re bolelela gore mo lekgolong la borobedi la dingwaga C.E., Charlemagne o ne a fenya Ba-Saxon ba baheitane ba kwa Yuropa bokone mme a ba pateletsa ka tsela e e setlhogo gore ba fetole bodumedi jwa bone. * Le fa go ntse jalo, a ruri Ba-Saxon bao kgotsa Baidumea ba ne ba fetola bodumedi ka pelo yotlhe? Ka sekai, Kgosi Herode wa Moidumea—yo o neng a leka go dira gore losea Jesu lo bolawe—o ne a ikanyega go le kana kang mo Molaong wa ga Moshe o o tlhotlheleditsweng ke Modimo?—Mathaio 2:1-18.
14. Barongwa bangwe ba Labokeresete ba gatelela batho jang gore ba fetole bodumedi?
14 A gompieno batho ba patelediwa go fetola bodumedi jwa bone? Ka tsela nngwe, ba teng ba ba patelediwang. Go begwa gore barongwa bangwe ba Labokeresete ba solofetsa batho ba ba ka fetogelang mo bodumeding jwa bone gore ba tla ba naya dibasari tsa go tsena dikolo kwa moseja. Kgotsa ba ka nna ba dira gore motshabi yo o bolawang ke tlala a nne a reetse thero gore a tle a fiwe dijo. Go ya ka se se neng sa bolelwa mo tumalanong ya Baruti ba Orthodox ka 1992, “ka dinako tse dingwe batho ba fetolwa bodumedi ka go okiwa ka dithoto mme ka dinako tse dingwe ka mefuta e e farologaneng ya tirisodikgoka.”
15. A Basupi ba ga Jehofa ba fetola batho bodumedi go ya kafa lefoko leo le tlhaloganngwang ka teng gompieno? Tlhalosa.
15 Go gatelela batho go fetola bodumedi jwa bone go phoso. Eleruri, Basupi ba ga Jehofa ga ba dire jalo. * Ka gone, ga ba fetole batho bodumedi ka tsela e lefoko leno le dirisiwang ka yone mo metlheng eno. Go na le moo, jaaka Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga, ba rerela mongwe le mongwe dikgang tse di molemo. Batho bape ba ka bobone ba ratang go dira jalo ba lalediwa gore ba bapale kitso e e oketsegileng ka go ithuta Baebele. Batho ba ba ntseng jalo ba ba ratang ba ithuta go nna le tumelo e e theilweng gotlhelele mo kitsong e e tlhomameng ya Baebele, mo Modimong le mo maikaelelong a gagwe. Ka ntlha ya seo, ba bitsa leina la Modimo, Jehofa, gore ba bolokwe. (Baroma 10:13, 14, 17) Go tswa mo mothong gore a o tla amogela dikgang tse di molemo kgotsa nnyaa. Ga go patelediwe ope. Fa go ka bo go ntse jalo, go fetola bodumedi go ka bo go sa reye sepe. Gore Modimo a amogele kobamelo, e tshwanetse ya bo e tswa mo pelong.—Duteronome 6:4, 5; 10:12.
Go Rera mo Metlheng ya Gompieno
16. Tiro ya Basupi ba ga Jehofa ya go rera e ile ya oketsega jang mo metlheng ya gompieno?
16 Go ralala metlha ya gompieno, Basupi ba ga Jehofa ba ile ba rera dikgang tse di molemo tsa Bogosi e le fa ba diragatsa Mathaio 24:14 ka tsela e kgolwane. Sedirisiwa sa botlhokwa mo tirong ya bone ya go rera e ntse e le makasine wa Tora ya Tebelo. * Ka 1879, fa dikgatiso tsa ntlha tsa Tora ya Tebelo di ne di gatisiwa, go ne go setse go tsamaisiwa dikhopi tsa makasine ono di ka nna 6 000 ka puo e le nngwe fela. Ka ngwaga wa 2001, dingwaga di feta 122 moragonyana, go ne go setse go tsamaisiwa dikhopi tsa one di le 23 042 000 ka dipuo di le 141. Koketsego eo e tsamaisana le go oketsega ga tiro ya go rera ya Basupi ba ga Jehofa. Bapisa diura tse di dikete di se kae tse di neng di dirisiwa mo tirong ya go rera ngwaga le ngwaga ka lekgolo la bo19 la dingwaga le diura tse 1 169 082 225 tse di dirisitsweng mo tirong ya go rera ka ngwaga wa 2001. Akanya ka dithuto tsa mahala tsa Baebele di le 4 921 702 tse di neng di tshwarwa ka kakaretso kgwedi le kgwedi. A bo go ile ga dirwa namane e tona ya tiro e e molemo jang ne! Mme e ne ya dirwa ke bareri ba ba tlhoafetseng ba Bogosi ba le 6 117 666.
17. (a) Go obamelwa mefuta efe ya medimo ya maaka gompieno? (b) Ke eng se batho botlhe ba tshwanetseng ba se itse, go sa kgathalesege gore ke ba puo efe, setšhaba sefe kgotsa gore ba na le maemo afe mo setšhabeng?
17 Mopesalema a re: “Medimo yotlhe ya ditšhaba ke medimo e e se nang mosola; mme fa e le Jehofa ene, o dirile magodimo.” (Pesalema 96:5) Mo lefatsheng la motlha wa gompieno le le sa amaneng le bodumedi, go ntse go obamelwa bošetshaba, ditshwantshetso tsa ditšhaba, batho ba maemo, dithoto, tota le khumo ka boyone. (Mathaio 6:24; Baefeso 5:5; Bakolosa 3:5) Mohandas K. Gandhi o kile a re: “Ke na le mogopolo o o nonofileng wa gore . . . Yuropa gompieno ke ya Bokeresete ka leina fela. Tota e obamela Mamona [dikhumo].” Ntlha ke gore, dikgang tse di molemo di tshwanetse tsa utlwiwa gongwe le gongwe. Mongwe le mongwe, go sa kgathalesege gore ke wa puo efe, ke wa setšhaba sefe kgotsa o na le maemo afe mo setšhabeng, o tlhoka go itse kaga Jehofa le maikaelelo a gagwe. Re eletsa e kete botlhe ba ka arabela mafoko ano a mopesalema: “Nayang Jehofa kgalalelo le nonofo. Nayang Jehofa kgalalelo ya leina la gagwe”! (Pesalema 96:7, 8) Basupi ba ga Jehofa ba thusa batho ba bangwe go ithuta ka Jehofa gore ba kgone go mo galaletsa sentle. Mme batho ba ba amogelang thuso eo ba solegelwa molemo thata. Ba itumelela melemo efe? E tla tlhalosiwa mo setlhogong se se latelang.
[Dintlha tse di kwa tlase]
^ ser. 13 Go ya ka The Catholic Encyclopedia, ka nako ya Phetogo e Kgolo go patelediwa batho bodumedi go ne go tlhalosiwa ka moano o o reng Cuius regio, illius et religio (Tota seno se kaya gore: “Le fa e le mang yo o busang naga, gape ke ene a dirang tshwetso ya gore naga eo e dirise bodumedi bofe.”)
^ ser. 15 Kwa pokanong ya United States International Religious Freedom Commission ka November 16, 2000, mongwe yo o neng a tsaya karolo mo pokanong eo o ne a dira pharologanyo mo gare ga batho ba ba lekang go pateletsa batho go fetola bodumedi le tiro ya Basupi ba ga Jehofa. Go ne ga umakwa gore fa Basupi ba ga Jehofa ba rerela ba bangwe, ba dira jalo ka tsela e e leng gore motho a ka kgona go bua fela a re “Ga ke batle” a bo a tswala kgoro.
^ ser. 16 Setlhogo sa makasine ono fa se feletse ke Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa.
A o ka Tlhalosa?
• Ke eng fa Basupi ba ga Jehofa e le bareri ba ba tlhoafetseng?
• Ke eng fa Basupi ba ga Jehofa ba rera tota le kwa Labokeresete a tlhomileng dikereke teng?
• Ke eng fa Basupi ba ga Jehofa ba sa fetole batho bodumedi go ya ka tsela e lefoko leo le tlhaloganngwang ka yone mo metlheng eno?
• Tiro ya go rera ya Basupi ba ga Jehofa e godile jang mo metlheng ya gompieno?
[Dipotso Tsa Thuto]
[Setshwantsho mo go tsebe 9]
Jesu e ne e le moreri yo o tlhoafetseng mme o ne a thapisetsa batho ba bangwe go dira yone tiro eo
[Setshwantsho mo go tsebe 10]
Batho botlhe ba phuthego ya lekgolo la ntlha la dingwaga ba ne ba rera
[Setshwantsho mo go tsebe 11]
Go pateletsa batho go fetola bodumedi jwa bone go phoso