Go Itshokela “Mutlwa mo Nameng”
Go Itshokela “Mutlwa mo Nameng”
“Bopelonomi jwa me jo bo sa go tshwanelang bo go lekane.”—2 BAKORINTHA 12:9.
1, 2. (a) Ke ka ntlha yang fa re sa tshwanela go gakgamadiwa ke gore re lebana le diteko le mathata? (b) Ke ka ntlha yang fa re ka nna re tlhomame le fa re lekwa?
“BOTLHE ba ba eletsang go tshela ka boineelo jwa bomodimo ba le seoposengwe le Keresete Jesu le bone ba tla bogisiwa.” (2 Timotheo 3:12) Ke ka ntlha yang fa go ntse jalo? Ka gonne Satane o eme ka la gore batho ba direla Modimo fela ka ntlha ya bopelotshetlha, mme o gakaletse go supa boammaaruri jwa se a se buang. Jesu o kile a tlhagisa baaposetoloi ba gagwe ba ba ikanyegang jaana: “Satane o lo batlile ka kgang gore a lo fefere jaaka korong.” (Luke 22:31) Jesu o ne a itse sentle gore Modimo o letla Satane gore a re leke ka mathata a a botlhoko. Gone ke boammaaruri, seo ga se reye gore bothata bongwe le bongwe jo re kopanang le jone mo botshelong bo tswa kwa go Satane kgotsa badimona ba gagwe ka tlhamalalo. (Moreri 9:11) Mme Satane o gakaletse go dirisa sengwe le sengwe se a ka se bonang go fedisa boikanyegi jwa rona.
2 Baebele e re bolelela gore re se ka ra gakgamadiwa ke diteko tsa rona. Le fa e le eng se se ka re diragalelang, ga se gakgamatse, e bile se ne se ka lebelelwa. (1 Petere 4:12) E bile tota, “dilo tseo tse di leng malebana le dipogo di diragalela bakaulengwe botlhe ba [rona] mo lefatsheng.” (1 Petere 5:9) Gompieno, Satane o gatelela motlhanka mongwe le mongwe wa Modimo fela thata. Diabolo o jesiwa monate ke go re bona re tlhorontshiwa ke mathata a e keteng mebitlwa, a mantsi kafa go ka kgonegang ka gone. O fitlhelela seno ka go dirisa tsamaiso ya gagwe ya dilo ka tsela e e ka re okeletsang kgotsa ya re gakaletsa ‘mebitlwa’ epe e re ka tswang re na nayo ‘mo nameng.’ (2 Bakorintha 12:7) Le fa go ntse jalo, ditlhaselo tsa ga Satane ga di tlhoke go fedisa boikanyegi jwa rona. Fela jaaka Jehofa a tla re ‘direla tsela ya go tswa’ gore re kgone go itshokela thaelo, o tla dira fela jalo fa re lebana le mathata a a ntseng jaaka mebitlwa mo nameng.—1 Bakorintha 10:13.
Kafa o ka Itshokelang Mutlwa ka Teng
3. Jehofa o ne a araba jang fa Paulo a ne a mo kopa gore a tlose mutlwa mo nameng ya gagwe?
3 Moaposetoloi Paulo o ne a rapela Modimo gore a tlose mutlwa mo nameng ya gagwe. “Ke ne ka rapela Morena gararo ka seno gore o tloge fa go nna.” Jehofa o ne a fetola kopo eno e e tlhoafetseng ya ga Paulo jang? “Bopelonomi jwa me jo bo sa go tshwanelang bo go lekane; gonne maatla a me a a bo a tletse mo bokoeng.” (2 Bakorintha 12:8, 9) A re tlhatlhobeng karabo eno mme re bone kafa e ka re thusang ka teng gore re itshokele mathata ape fela a e keteng mebitlwa a a re utlwisang botlhoko.
4. Paulo o ne a solegetswe molemo ka ditsela dife ke bopelonomi jwa ga Jehofa jo bo sa mo tshwanelang?
4 Ela tlhoko gore Modimo o ne a kgothaletsa Paulo gore a itumelele bopelonomi jo bo sa mo tshwanelang jo a neng a setse a bo diretswe ka Keresete. Ee ruri, Paulo o ne a setse a segofaditswe thata ka ditsela di le dintsi. Jehofa ka lorato o ne a mo naya tshiamelo ya gore a nne morutwa, le fa pele e ne e le moganetsi yo o feteletsang dilo wa balatedi ba ga Jesu. (Ditiro 7:58; 8:3; 9:1-4) Morago ga moo Jehofa ka bopelonomi o ne a naya Paulo dikabelo tse dintsi tse di itumedisang. Go phepafetse gore re ithutang foo. Tota le fa go le bokete, re ntse re na le masego a mantsi a re ka a lebogelang. Le ka motlha diteko tsa rona ga di a tshwanela go re lebatsa bomolemo jo bogolo jwa ga Jehofa.—Pesalema 31:19.
5, 6. (a) Jehofa o ne a ruta Paulo jang gore maatla a Modimo “a a bo a tletse mo bokoeng”? (b) Sekao sa ga Paulo se ne sa supa jang fa Satane e le moaki?
5 Bopelonomi jo bo sa re tshwanelang jwa ga Jehofa bo itshupa ka tsela e nngwe gape gore bo lekane. Modimo o re naya maatla a a fetang a a lekaneng go itshokela diteko tsa rona. (Baefeso 3:20) Jehofa o ne a ruta Paulo gore maatla a Modimo “a a bo a tletse mo bokoeng.” Jang? Ka lorato o ne a naya Paulo maatla otlhe ao a a tlhokang go itshokela teko ya gagwe. Boitshoko jwa ga Paulo le jone le go ikanya Jehofa ga gagwe ka pelo yotlhe go ne go senolela botlhe gore maatla a Modimo a ne a fenya mo monneng yono yo o bokoa wa moleofi. Jaanong akanya kafa seo se amileng Diabolo ka teng, yo o bolelang gore batho ba direla Modimo fela fa botshelo bo le monate bo se na mathata. Boikanyegi jwa ga Paulo bo ne jwa tshwana le go phantsha moaki yoo mo sefatlhegong!
6 Paulo o ne a kile a nna modirimmogo le Satane mo ntweng ya go lwantsha Modimo, e le mmogisi yo o se nang maitseo wa Bakeresete, Mofarasai yo o tlhoafetseng yo kwantle ga pelaelo a neng a kile a nna le menate mo botshelong ka gonne o ne a tsholetswe mo lelapeng la batho ba maemo. Paulo jaanong o ne a direla Jehofa le Keresete e le yo “mmotlana mo baaposetoloing.” (1 Bakorintha 15:9) Ka jalo, o ne a ineela ka boikokobetso mo taolong ya setlhopha se se laolang sa Bakeresete sa lekgolo la ntlha la dingwaga. Mme o ne a itshoka ka boikanyegi le fa a ne a na le mutlwa mo nameng. Diteko tsa botshelo ga di a ka tsa fokotsa tlhoafalo ya ga Paulo, mme seo se ne sa hutsafatsa Satane tota. Paulo ga a ise a ko a tlogele go tlhoma mogopolo mo tsholofelong ya gore o ne a tla nna le seabe mo Bogosing jwa ga Keresete jwa selegodimo. (2 Timotheo 2:12; 4:18) Go ne go se na mutlwa ope, le fa o ne o ka nna botlhoko go le kana kang, o o neng o ka fokotsa tlhoafalo ya gagwe. Le rona e kete tlhoafalo ya rona e ka tswelela pele e nonofile jalo! Ka go re tshegetsa mo ditekong tsa rona, Jehofa o re tlotlomatsa ka go re fa tshiamelo ya go thusa go supa fa Satane e le moaki.—Diane 27:11.
Dithulaganyo Tsa Modimo di Botlhokwa
7, 8. (a) Jehofa o nonotsha batlhanka ba gagwe ka eng gompieno? (b) Ke ka ntlha yang fa go bala le go ithuta Baebele letsatsi le letsatsi go le botlhokwa jaana gore re itshokele mutlwa mo nameng?
7 Gompieno, Jehofa o naya Bakeresete ba ba ikanyegang maatla ka moya wa gagwe o o boitshepo, Lefoko la gagwe le bokaulengwe jwa rona jwa Bokeresete. Fela jaaka moaposetoloi Paulo, re ka latlhela merwalo ya rona mo go Jehofa ka thapelo. (Pesalema 55:22) Le fa Modimo a ka nna a se ka a tlosa diteko tsa rona, a ka re naya botlhale jwa go lebana le tsone, tota le tse go leng boima thata go lebana natso. Jehofa gape a ka re naya nonofo—a re naya “maatla a a fetang a a tlwaelegileng”—go re thusa go itshoka.—2 Bakorintha 4:7.
8 Thuso eo re e amogela jang? Re tshwanetse ra ithuta Lefoko la Modimo ka tlhoafalo, gonne re bona dikgomotso tsa gagwe mo go lone tse re ka di ikanyang. (Pesalema 94:19) Mo Baebeleng re bala mafoko a a amang pelo a batlhanka ba Modimo fa ba ne ba mo rapela gore a ba thuse. Dikarabo tsa ga Jehofa, tse gantsi di akaretsang mafoko a a gomotsang, di tshwanelwa ke go tsewa tsia. Go ithuta go tla re nonotsha gore “maatla a a fetang a a tlwaelegileng e nne a Modimo mme e seng a a tswang mo go rona.” Fela jaaka re tlhoka go ja dijo letsatsi le letsatsi gore di re otle le go re nonotsha, re tshwanetse go iphepa ka mafoko a Modimo ka metlha. A re dira jalo? Fa re dira jalo, foo re tla bona gore go amogela “maatla a a fetang a a tlwaelegileng” go re thusa go itshokela mebitlwa le fa e ka nna efe ya tshwantshetso e e ka re tlhabang gone jaanong.
9. Bagolwane ba ka tshegetsa jang batho ba ba nang le mathata?
9 Bagolwane ba Bakeresete ba ba boifang Modimo ba ka “nna jaaka lefelo la go iphitlhela phefo” kgotsa “lefelo la go iphitlhela pula ya matsubutsubu,” ke gore tshireletso mo matshwenyegong le mo mathateng. E re ka bagolwane ba batla go tshwanela tlhaloso eno e e tlhotlheleditsweng, ba a ikokobetsa mme ka bopeloephepa ba kopa Jehofa gore a ba neye “loleme lwa ba ba rutilweng” gore ba kgone go itse kafa ba ka arabang ba ba tshwenyegang ka mafoko a a tshwanetseng ka teng. Mafoko a bagolwane a ka tshwana le pula e e nang ka bosesane e e lapolosang le go re gomotsa maikutlo fa go le thata. Fa bagolwane ba ‘bua ka tsela e e gomotsang le meya e e tshwenyegileng maikutlo,’ ruri ba tshegetsa bakaulengwe le bokgaitsadi ba bone ba semoya ba ba ka tswang ba lapa kgotsa ba kgobega marapo ka ntlha ya mutlwa mongwe mo nameng.—Isaia 32:2; 50:4; 1 Bathesalonika 5:14.
10, 11. Batlhanka ba Modimo ba ka kgothatsa ba bangwe jang ba ba mo ditekong tse di botlhoko?
10 Batlhanka botlhe ba ga Jehofa ba mo lelapeng la gagwe le le utlwanang la Bakeresete. Ee, re “ditokololo tse nngwe le nngwe ya tsone e leng ya e nngwe,” mme “re patelesega go ratana.” (Baroma 12:5; 1 Johane 4:11) Re diragatsa boikarabelo jono jang? Go ya ka 1 Petere 3:8, re dira jalo ka go ‘bontsha go utlwela ba bangwe botlhoko, re na le lorato lwa bokaulengwe, e bile re le pelotlhomogi ka bonolo’ mo go botlhe ba ba amanang le rona mo tumelong. Fa e le ba ba itshokelang mutlwa mongwe o o botlhoko thata mo nameng, e ka tswa e le basha kgotsa e le bagolo, rotlhe re ka ba akanyetsa ka tsela e e kgethegileng. Jang?
11 Re tshwanetse ra leka go amega ka botlhoko jo ba leng mo go jone. Fa re kgwaraletse fela re se na maikutlo, kgotsa re sa amege, re ka nna ra etegetsa pogo ya bone re sa ikaelela. Go itse ga rona diteko tse ba leng mo go tsone go tshwanetse ga re tlhotlheletsa gore re nne kelotlhoko ka se re se buang, gore re se bua jang le gore re itshwara jang. Fa re na le tsholofelo e bile re kgothatsa re ka thusa go okobatsa ditlhabi tse di botlhoko tsa mutlwa le fa e le ofe o ba ka tswang ba na le one. Fa re dira jalo re ka ba nonotsha.—Bakolosa 4:11.
Kafa Bangwe ba Ileng ba Kgona go Itshoka ka Teng
12-14. (a) Mokeresete mongwe o ne a dirang gore a itshokele kankere? (b) Bakaulengwe le bokgaitsadi ba semoya ba mosadi yono ba ile ba mo tshegetsa jang le go mo kgothatsa?
12 Fa re ntse re atamela bokhutlo jwa metlha eno ya bofelo, “ditlhabi tsa tlalelo” di ntse di oketsega letsatsi le letsatsi. (Mathaio 24:8) Ka gone diteko di ka nna tsa ama mongwe le mongwe mo lefatsheng, segolobogolo batlhanka ba ba ikanyegang ba ga Jehofa, ba ba lekang go dira thato ya gagwe. Ka sekai, akanya ka Mokeresete yo o mo bodireding jwa nako e e tletseng. O ne a bolelelwa fa a na le kankere mme a tlhoka go ariwa gore go tlosiwe dikgeleswa tsa gagwe tsa mathe le tsa limfe. E rile ene le monna wa gagwe ba utlwa gore o na le bolwetse jo, ka bonako fela ba rapela Jehofa thapelo e telele ya go mo kokotlela. Moragonyana o ne a bolela gore morago ga moo ba ne ba ritibala ka tsela e e gakgamatsang. Le fa go ntse jalo, o ne a itshokela dinako tse dintsi tsa go gakalelwa le go tokafalelwa ke ditlhabi, bogolo jang fa a itshoketse ditlamorago tse di botlhoko tsa kalafi ya gagwe.
13 Kgaitsadi yono o ne a lebana le seemo sa gagwe ka go leka go batlisisa go le gontsi ka mo a neng a ka kgona ka teng kaga kankere. O ne a buisana le dingaka tsa gagwe. Mo go Tora ya Tebelo, Tsogang! le mo dikgatisong tse dingwe tse di tshwanang le tseo tsa Bokeresete, o ne a fitlhela dipolelo tsa matshelo a batho tse di neng tsa bontsha kafa ba ileng ba itshokela bolwetse jo ka teng. Gape o ne a bala le ditemana tse di maleba tsa Baebele tse di bontshang kafa Jehofa a kgonang go tshegetsa batho ba gagwe ka teng fa ba na le mathata, le tshedimosetso e nngwe e e thusang.
14 Setlhogo sengwe fa se bua kaga go itshokela go tlalelwa se ne sa umaka mafoko ano a a mosola: “Yo o itlhaolang o tla batla tlhologelelo ya gagwe ya bopelotshetlha.” (Diane 18:1) Ka gone, setlhogo seo se ne sa gakolola jaana: “Tila go itlhaola mo bathong.” * Kgaitsadi yono o anela jaana: “Batho ba le bantsi ba ne ba mpolelela gore ba a nthapelela; ba bangwe ba ne ba nteletsa mogala. Bagolwane ba babedi ba ne ba tlhola ba nteletsa mogala gore ba utlwe gore ke tsogile jang. Ke ne ka amogela dithunya le dikarata tse dintsintsi. Ba bangwe e bile ba ne ba nkapeela. Gape, fa ke tlhoka go ya kalafing, ba le bantsi ba ne ba ithaopela go nkisa.”
15-17. (a) Mokeresete mongwe o ne a itshokela jang mathata a a neng a bakilwe ke dikotsi? (b) Ba ba mo phuthegong ba ne ba mo tshegetsa jang?
15 Mongwe yo o sa bolong go nna motlhanka wa ga Jehofa kwa New Mexico, kwa U.S.A., o ne a nna mo kotsing ya koloi gabedi. O ne a gobala mo molaleng le mo magetleng, mme seo sa gakatsa bolwetse jwa gagwe jwa marapo jo a neng a ntse a lwantshana le jone dingwaga di feta 25. O anela jaana: “Ke ne ke retelelwa ke go tsholetsa tlhogo le go tshola sepe sa bokete jo bo fetang dikilogerama tse pedi. Mme go rapela Jehofa ka tlhoafalo go ntshegeditse tota. Ke thusitswe le ke ditlhogo tsa Tora ya Tebelo tse re di ithutileng. Se sengwe se ne se bua kaga Mika 6:8, se bontsha gore go nna boingotlo fa re tsamaya le Modimo go kaya go itse fa re tlhaelang teng. Seno se ne sa nthusa go tlhaloganya gore le fa boemo jwa me bo ntse jaana, ga ke a tshwanela go kgobega marapo, le fa nako e ke e dirisitseng mo bodireding e sa lekane le e ke ratang go ka bo ke ne ke e dirisitse. Sa botlhokwa ke go mo direla ka maitlhomo a a siameng.”
16 Gape o bega jaana: “Ka metlha bagolwane ba ne ba nkakgolela maiteko a me a go nna teng kwa dipokanong le go ya bodireding jwa tshimo. Basha ba ne ba ntlamparela fa ba ntumedisa. Badiredi ba babulatsela ba ne ba le pelotelele thata le nna mme gantsi ba ne ba dira dithulaganyo tsa bone sesha mo malatsing a ke sa kgoneng go tswa ka one. Fa maemo a bosa a se mantle, ka bopelontle ba ne ba tsamaya le nna mo maetong a go boela kgotsa ba ntaletsa gore ke ba pate mo dithutong tsa bone tsa Baebele. Mme ka gonne ke ne ke sa kgone go tshola beke ya dibuka, baboledi ba bangwe ba ne ba tsenya dibuka tsa me mo dibekeng tsa bone fa ke le mo tirong ya go rera.”
17 Ela tlhoko kafa bokgaitsadi bano ba babedi ba ileng ba thusiwa ka teng ke bagolwane ba phuthego le badumedi ka bone gore ba itshokele makoa a bone a e neng e kete mebitlwa. Ba ne ba ba thusa ka se ba se tlhokang mo semoyeng, mo mmeleng le mo maikutlong. A seo ga se go kgothaletse go thusa bakaulengwe le bokgaitsadi ba bangwe ba ba nang le mathata? Le lona basha lo ka thusa batho ba ba mo phuthegong ya lona ba ba lwang le mebitlwa mo nameng.—Diane 20:29.
18. Re ka kgothadiwa jang ke dipolelo tsa botshelo tse di gatisitsweng mo dimakasineng tsa Tora ya Tebelo le Tsogang!?
18 Dimakasine tsa Tora ya Tebelo le Tsogang! di ile tsa gatisa dipolelo di le dintsi tsa botshelo le maitemogelo a Basupi ba ba ileng ba itshokela mathata a botshelo, e bile ba sa ntse ba a itshokela
le jaanong. Fa o bala ditlhogo tse di ntseng jalo ka metlha, o tla lemoga gore bakaulengwe le bokgaitsadi ba gago ba le bantsi mo lefatsheng lotlhe ba ile ba itshokela mathata a ikonomi, go swelwa ke baratiwa ba bone mo masetlapelong le maemo a a bokete a dinako tsa ntwa. Ba bangwe ba tshela ka malwetse a a ba dirileng dikoa. Ba le bantsi ga ba kgone go dira dingwe tsa dilo tse di sa reng sepe fela mo botshelong tse batho ba ba itekanetseng ba di tsayang motlhofo. Malwetse a bone a ba leka botlhoko thata, bogolo jang fa ba sa kgone go nna le seabe mo ditirong tsa Bokeresete ka selekanyo se ba neng ba ka rata ka sone. A bo ba anaanela thata jang ne thuso le tshegetso e bakaulengwe le bokgaitsadi ba bone, ba bannye le ba bagolo ba ba nayang yone!Boitshoko bo Lere Boitumelo
19. Ke ka ntlha yang fa Paulo a ile a kgona go ipela le fa a ne a na le diteko le makoa a e keteng mebitlwa?
19 Paulo o ne a itumelela go bona kafa Modimo a neng a mo nonotsha ka teng. O ne a re: “Ke ka mpa ka ipelafatsa ka makoa a me ka go itumela thata, gore maatla a ga Keresete a tle a nnele ruri mo go nna jaaka mogope. Jalo ke itumedisiwa ke makoa, ke ditlhapatso, ke go tlhoka, ke dipogiso le mathata, ka ntlha ya ga Keresete. Gonne fa ke le bokoa, ke gone ke leng maatla.” (2 Bakorintha 12:9, 10) Ka ntlha ya se se mo diragaletseng, Paulo o ne a ka bolela jaana ka tlhomamo: “E seng gore ke bua ka ga gore ke a tlhoka, gonne ke ithutile go ritibala, mo maemong le fa e le afe a ke leng mo go one. Eleruri ke itse kafa go nna le dilo tse di seng kalo go ntseng ka gone, eleruri ke itse kafa go nna le letlotlo go ntseng ka gone. Mo go sengwe le sengwe le mo maemong otlhe ke ithutile sephiri sa kafa go kgora go ntseng ka gone le kafa go tshwarwa ke tlala go ntseng ka gone, kafa go nna le letlotlo go ntseng ka gone le kafa go tlhoka go ntseng ka gone. Mo dilong tsotlhe ke na le nonofo ka ntlha ya yo o nnayang maatla.”—Bafilipi 4:11-13.
20, 21. (a) Ke ka ntlha yang fa re ka ipedisiwa ke go tlhatlhanya ka “dilo tse di sa bonweng”? (b) Dingwe tsa “dilo tse di sa bonweng” ke dife tse o solofetseng go di bona kwa Paradaiseng ya mo lefatsheng?
20 Ka jalo he, fa re itshokela mutlwa le fa e ka nna ofe wa tshwantshetso mo nameng ya rona, re ka bona boitumelo jo bogolo ka go bontsha mongwe le mongwe gore maatla a ga Jehofa a tlala mo bokoeng jwa rona. Paulo o ne a kwala jaana: “Ga re ineele . . . Eleruri motho yo re leng ene mo teng o ntšhafadiwa letsatsi le letsatsi. Gone le fa pitlagano e le ya nakwana e bile e le motlhofo, e re bakela kgalalelo ya bokete jo bogolo thata e bile e le e e sa khutleng; re ntse re tlhomile matlho a rona . . . mo dilong tse di sa bonweng. Gonne . . . dilo tse di sa bonweng ke tse di sa khutleng.”—2 Bakorintha 4:16-18.
21 Bontsi jwa batho ba ga Jehofa gompieno ba solofetse go tshela mo lefatsheng la gagwe la Paradaise le go ipelela masego ao a a solofeditseng. Masego ano re ka a tsaya e le a a “sa bonweng” ke rona gompieno. Le fa go ntse jalo, nako e ntse e atamela ka bofefo e ka yone re tla iponelang masego ao ka matlho a rona, ee, re bo re a ipelela ka bosakhutleng. Lengwe la masego ao e tla nna kgololesego ya gore re se ka ra tlhola re tshwanelwa ke go tshela ka bothata bope jo bo ntseng jaaka mutlwa! Morwa Modimo o tla “senya ditiro tsa ga Diabolo” a bo a “nyeletse ene yo o nang le dithata tsa go baka loso.”—1 Johane 3:8; Bahebera 2:14.
22. Re tshwanetse ra nna le tshepo le boikemisetso bofe?
22 Ka jalo, le fa re ka tswa re tlhabiwa ke mutlwa ofe mo nameng gompieno, a re nneng re o itshokele. Fela jaaka Paulo, re tla nna le maatla a go dira jalo ka thuso ya ga Jehofa, yo o re nayang maatla ka bopelotshweu. Fa re tshela mo Paradaiseng mo lefatsheng, re tla baka Jehofa Modimo wa rona letsatsi le letsatsi ka ntlha ya dilo tsotlhe tse di molemo tse a re di diretseng.—Pesalema 103:2.
[Ntlha e e kwa tlase]
^ ser. 14 Bona setlhogo se se reng “Kgopolo E e Mo Baebeleng: Kafa o ka Itshokelang go Tlalelwa ka Teng,” mo kgatisong ya Tsogang! ya May 8, 2000.
O ne O ka Araba Jang?
• Diabolo o leka go fedisa boikanyegi jwa Bakeresete ba boammaaruri jang mme ka ntlha yang?
• Maatla a ga Jehofa “a a bo a tletse mo bokoeng” jang?
• Bagolwane le ba bangwe ba ka kgothatsa jang batho ba ba tlhokofadiwang ke mathata?
[Dipotso Tsa Thuto]
[Setshwantsho mo go tsebe 18]
Paulo o ne a rapela gararo gore Modimo a tlose mutlwa mo nameng ya gagwe