Kereke le Puso Kwa Byzantium
Kereke le Puso Kwa Byzantium
MOTHEI wa Bokeresete o ne a tlhalosa sentle ka pharologano e kgolo e e tshwanetseng go nna teng gareng ga balatedi ba gagwe le batho ba ba itlhobogantseng le Modimo. Jesu o ne a raya balatedi ba gagwe a re: “Fa lo ne lo le karolo ya lefatshe, lefatshe le ne le tla rata se e leng sa lone. Jaanong ka gonne ga lo karolo ya lefatshe, mme ke lo tlhophile mo lefatsheng, ka lebaka leno lefatshe le lo tlhoile.” (Johane 15:19) Jesu o ne a bolelela Pilato, yo e neng e le moemedi wa puso ya dipolotiki wa motlha wa gagwe, jaana: “Bogosi jwa me ga se karolo ya lefatshe leno.”—Johane 18:36.
Gore Bakeresete ba tle ba kgone go diragatsa maikarabelo a bone a go rera “kwa karolong e e kwa kgakalakgakala ya lefatshe,” ba ne ba tshwanetse go tila go itewa tsebe ke dilo tsa lefatshe. (Ditiro 1:8) Jaaka Jesu, Bakeresete ba bogologolo
Johane 6:15) Go ne go itsege thata gore Bakeresete ba ba ikanyegang ba ne ba sa nne le maemo mo setšhabeng kana maemo mo pusong. Seno kgabagare se ile sa fetoga.
ba ne ba sa nne le seabe mo dipolotiking. (“Karolo ya Lefatshe”
Nako nngwe morago ga loso la baaposetoloi ba bofelo, baeteledipele ba bodumedi ba ile ba simolola go fetola tsela e ba itebang ka yone le tsela e ba lebang lefatshe ka yone ka boomo. Ba ne ba simolola go akanya e seng fela ka go tlhoma “bogosi” jwa mo lefatsheng mme gape e le karolo ya lone. Fa re ka sekaseka go kopakopana ga bodumedi le dipolotiki mo Mmusomogolong wa Byzantium—Mmusomogolo wa Roma Botlhaba, le moshate wa yone kwa Byzantium (e gone jaanong e leng Istanbul)—go tla re naya tshedimosetso.
Mo setšhabeng se bodumedi bo neng bo na le seabe se segolo mo go sone, Kereke ya Byzantium, e boremelelo jwa yone bo neng bo le kwa Byzantium, e ne e na le taolo e kgolo. Mokwalahisitori wa Kereke e bong Panayotis Christou o kile a bolela jaana: “Ba-Byzantium ba ne ba dumela gore mmusomogolo wa bone wa mo lefatsheng ke setshwantsho sa Bogosi jwa Modimo.” Mme le fa go ntse jalo, ga se ka metlha balaodi ba puso ba neng ba dumalana le kakanyo eo. Ka ntlha ya seo, ka dinako tse dingwe go ne go na le dikgogakgogano gare ga bone. The Oxford Dictionary of Byzantium e bolela jaana: “Bobishopo ba Constantinople [kana ba Byzantium] ba ne ba itshwara ka ditsela tse di farologaneng, go akaretsa le go ineela ka bogatlapa kafa tlase ga mmusimogolo yo o maatla . . . , ba dirisana mmogo ka tsela e e bonalang le mmusimogolo . . . , le go ganetsa molao wa mmusimogolo ka bopelokgale.”
Tlhogo ya Constantinople, tlhogo ya Kereke ya Botlhaba, e ne ya nna le tlhotlheletso e kgolo. E ne e le ene yo o neng a tlhoma mmusimogolo mo setulong sa bogosi, ka go dira jalo, a lebeletse gore mmusimogolo
e nne mofemedi yo mogolo wa Tumelokgolo. Mme gape tlhogo ya kereke e ne e humile thata, ka gonne e ne e le ene yo o laolang bontsi jwa dikhumo tsa kereke. Maatla a gagwe a ne a lekana le taolo e a neng a na le yone mo godimo ga baitlami ba bantsi fela jaaka a ne a na le tlhotlheletso e kgolo mo godimo ga batsenakereke ba e seng ba maemo.Gantsi tlhogo ya kereke e ne e kgona go gwetlha mmusimogolo. O ne a ka tshosetsa babusaesi ka gore o tla ba koba mo kerekeng—a dirisa leina la Modimo go diragatsa go rata ga gagwe—kana a dirisa mekgwa e mengwe go ba tlosa ka yone.
Fa taolo ya puso e ntse e fokotsega ka bonya ka kwa ntle ga moshate, gantsi babishopo ba ne ba nna le tlhotlheletso e kgolo mo metseng ya bone, ba le maatla fela jaaka balaodi ba diporofense ba ka bobone ba ileng ba ba thusa go ba tlhopha. Bobishopo ba ne ba nna le seabe mo dikgetsing tsa kgotlatshekelo le tsa kgwebo fa kereke e ne e amega—mme ka dinako tse dingwe ba ne ba dira jalo le fa e sa amege. Sengwe se se neng se dira gore go nne jalo e ne e le ka go bo baruti le baitlami, ba botlhe ba neng ba le kafa tlase ga babishopo, ba ne ba le diketekete.
Dipolotiki le Bosimone
Jaaka fa go bontshitswe fa godimo, maemo a boruti a ne a kopakopanngwa thata le dipolotiki. Mo godimo ga moo, bontsi jwa baruti le ditiro tsa bone tsa bodumedi tse ba neng ba tlhoka go di dira di ne di tlhoka madi a mantsi. Bontsi jwa baruti ba maemo a a kwa godimo ba ne ba tshela botshelo jwa manobonobo. Fa kereke e simolola go nna le maatla le go huma, bohumanegi jwa baaposetoloi le boitshepo jwa bone bo ne jwa nyelela. Baruti le babishopo bangwe ba ne ba duela madi gore ba bone maemo a bone. Bosimone bo ne bo tlwaelegile go tloga ka baruti ba maemo a a kwa tlase go fitlha le ka ba maemo a a kwa godimo. Baruti ba ba neng ba engwa nokeng ke mekgatlho e e humileng ya peomelao ba ne ba gaisana fa pele ga mmusimogolo go bona maemo a boruti.
Dipipamolomo le tsone di ne di dirisiwa go tlhotlheletsa baeteledipele ba bodumedi ba ba nang le maemo a a kwa godimo. Fa Mohumagadi Zoe (c. 978-1050 C.E.) a sena go dira gore monna wa gagwe e bong Romanus III a bolawe mme a batla go nyalana le nyatsi ya gagwe e e neng e tla nna Mmusimogolo e bong Michael IV, o ne a biletsa Tlhogo ya kereke e bong Alexius ka bonako kwa ntlong ya segosi. Fa tlhogo ya kereke e fitlha koo o ne a bolelelwa ka loso lwa ga Romanus le tiro e tlhogo eno ya kereke e neng e lebeletswe go e dira. Kgang ya go bo kereke e ne e keteka Good Friday mo maitseboeng ao e ne ya thatafaletsa Alexius dilo. Le fa go ntse jalo, o ne a amogela mpho ya bopelotshweu e mohumagadi a neng a e mo solofetsa mme a dira se a neng a se kopa.
Go Ineela Kafa Tlase ga Mmusimogolo
Ka dinako tse dingwe ka nako ya ditiragalo tsa Mmusomogolo wa Ba-Byzantium, mmusimogolo o ne a dirisa tshwanelo ya gagwe ya mmatota ya go tlhomiwa fa go ne go tla mo kgannyeng ya go tlhopha tlhogo ya kereke ya Constantinople. Ka dinako tse di ntseng jalo, go ne go se na ope yo o neng a ka nna tlhogo ya kereke fa mmusimogolo a ne a sa mmatle kana a sa batle gore a tswelele a ntse a le tlhogo ya kereke ka nako e telele.
Mmusimogolo Andronicus II (1260-1332) o ne a bona go tlhokega gore a fetole ditlhogo tsa kereke ka makgetlo a le robongwe. Gantsi fa a ne a dira jalo, o ne a batla go tlhoma motho yo o neng a ka fetofetoga gore e nne tlhogo ya kereke. Go ya ka buka ya The Byzantines, tlhogo nngwe ya kereke e ile ya bo ya solofetsa mmusimogolo ka lekwalo gore o tla “dira sengwe le sengwe se a se batlang, le fa se ka tswa se se kafa molaong go le kana kang, le go tila go dira sepe fela se a sa se batleng.” Babusibagolo ba kile ba leka ka makgetlo a le mabedi go pateletsa kereke go diragatsa thato ya bone ka go tlhoma kgosana e e tswang mo ntlong ya segosi mo maemong a a boitshepo. Mmusimogolo Romanus I o ne a naya morwawe e bong Theophylact, yo e neng e le mosimane fela wa dingwaga di le 16 maemo a go nna tlhogo ya kereke.
Fa tlhogo ya kereke e ne e sa mo itumedise, mmusimogolo o ne a ka nna a mo pateletsa gore a tlogele boemo jwa gagwe kana a laele batsamaisi ba kereke gore ba mo kobe. Buka ya Byzantium e bolela jaana: “Go ya ka ditiragalo tsa Byzantium go ne go diragala thata gore balaodi ba maemo a a kwa godimo le tlhotlheletso e e tlhamaletseng ya Mmusimogolo e nne tsone dilo tse di neng tsa [simolola] go nna le tlhotlheletso e kgolo fa go tlhophiwa bobishopo.”
Mmusimogolo o ne a okamela gape mo makgotleng a baruti, a patilwe ke tlhogo ya kereke. O ne a kaela dipuisano, a rulaganya go kwalwa ga ditlhogo tsa bodumedi, mme a ganetsana le bobishopo mmogo le bakgelogi, ba boikaelelo jwa gagwe ka bone kgabagare e neng e le—loso mo koteng. Mmusimogolo gape o ne a tlhotlhomisa le go tlhoma melao ya kereke e e neng e amogelwa ke lekgotla. O ne a sa latofatse batho ba ba mo ganetsang ka boepapuso fela mme gape o ne a ba latofatsa ka gore ke baba ba kereke le ba Modimo. Tlhogo nngwe ya kereke ya lekgolo la borataro la dingwaga o ne a bolela jaana:
“Ga go na sepe se se tshwanetseng go dirwa mo Kerekeng se se thulanang le go rata ga Mmusimogolo le ditaelo tsa gagwe.” Bobishopo ba ba neng ba le mo kgotlatshekelo—banna ba ba botlhale, ba ba tlhotlhelediwang motlhofo, ba ba nang le maano a a botlhale a go dira gore ba ratiwe le go kgona go tlhotlheletsa ba bangwe—gantsi le bone fela jaaka moeteledipele wa bone ba ne ba sa ganetse sepe.Ka sekai, fa Tlhogo ya Kereke Ignatius (c. 799-878 C.E.) a ne a gana go naya Tonakgolo Bardas selalelo, tona e ne ya ipusolosetsa. Bardas o ne a pega Ignatius molato wa gore o na le seabe mo maanong a a logiwang le mo boepapusong. Tlhogo ya kereke e ne ya tshwarwa mme ya lelekelwa kwa nageng e sele. Go tsenya mongwe mo boemong jwa gagwe, tona e ne ya loga maano a gore go tlhophiwe Photius, yo e neng e le motho fela yo e seng wa maemo yo o neng a tlhatloga mo maemong otlhe a thulaganyo ya boruti mo malatsing a le thataro mme kgabagare a nna tlhogo ya kereke. A Photius o ne a tshwanelega go tsaya maemo ao a semoya? O tlhalosiwa e le monna “yo o boikgodiso jo bo feteletseng, a ikgantsha thata, e bile a na le botswerere jo bogolo jwa dipolotiki.”
Thuto e e Dumelwang mo Tirelong ya Dipolotiki
Gantsi go ne go dirisiwa thuto ya motheo ya bodumedi le bokgelogi e le seipato sa go ganetsana mo go tsa dipolotiki, mme le babusibagolo ba le bantsi ba ne ba tlhotlhelediwa ke mabaka a sepolotiki e seng ke go batla go simolola dithuto tse disha. Gantsi, mmusimogolo o ne a na le tshwanelo ya go laola gore go latelwe thuto efe ya motheo le go pateletsa kereke go dira thato ya gagwe.
Ka sekai, Mmusimogolo Heraclius (575-641 C.E.) o ne a leka ka natla go fedisa kgogakgogano e e neng e le teng malebana le gore Keresete o ntse jang e e neng e batla e kgaoganya mmusomogolo wa gagwe o o neng o se na maatla e bile o le bokoa. O ne a leka go ineela, mme a simolola thuto e ntšha e e bidiwang Monothelitism. * Mme go tlhomamisa gore diporofense tse di kafa borwa tsa mmusomogolo wa gagwe di ineela mo go seno, Heraclius o ne a tlhopha tlhogo ya kereke e ntšha ya kwa Alexandria, e bong Cyrus wa kwa Phasis, yo o neng a buelela thuto e e neng e engwa nokeng ke mmusimogolo. Mmusimogolo ga a ka a dira gore Cyrus e nne tlhogo ya kereke fela mme gape o ne a mo dira motlhankedi mogolo wa kwa Egepeto, a okamele balaodi ba lefelo leo. Cyrus o ne a kgona go dira gore batho ba le bantsi ba kereke ya Egepeto ba ineele ka go ba bogisa go sekae.
Thobo e e Botlhoko
Ditiragalo tseno di ne di ka supa jang mafoko le boikutlo jwa thapelo ya ga Jesu mo a neng a bolela gore balatedi ba gagwe “ga ba karolo ya lefatshe”?—Johane 17:14-16.
Baeteledipele ba ba neng ba ipolela gore ke Bakeresete mo motlheng wa Ba-Byzantium le morago ga moo ba ne ba roba matswela a a botlhoko a go inaakanya le dikgang tsa dipolotiki le tsa sesole tsa lefatshe leno. Tshekatsheko e khutshwane eno ya ditiragalo e go lemotsha eng? A baeteledipele ba Kereke ya Byzantium ba ne ba kgona go dira gore ba amogelwe ke Modimo le Jesu Keresete?—Jakobe 4:4.
Bokeresete jwa boammaaruri ga bo a ka jwa solegelwa molemo ke baeteledipele bao ba bodumedi ba ba ikgodisang le ditsala tsa bone tsa dipolotiki. Go kopakopana gono go go sa itshekang ga bodumedi le dipolotiki go ile ga sokamisa bodumedi jo bo itshekileng jo bo neng jwa rutiwa ke Jesu. E kete re ka ithuta mo ditiragalong tseno mme re nne re “se karolo ya lefatshe.”
[Ntlha e e kwa tlase]
^ ser. 22 Monothelitism ke tumelo ya gore le mororo Keresete a na le dipopego tse pedi tsa Modimo le motho, o na le keletso e le nngwe.
[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 10]
“A TSHWANA LE MODIMO YO O GWANTANG A RALALA MAGODIMO”
Dilo tse di neng di diragala ka nako ya Tlhogo ya Kereke e bong Michael Cerularius (c. 1000-1059) ke sekai sa seabe se ditlhogo tsa kereke di neng di nna le sone mo Pusong le go ikgodisa go di neng di go dira. Fa Cerularius a sena go amogela maemo a go nna tlhogo ya kereke, o ne a ikemisetsa go bona maemo a a kwa godimo go feta ao. O ne a tlhalosiwa e le motho yo o boikgogomoso, yo o mabela le yo o sa ineeleng—“tsela e a neng a itshwara ka yone o ne a tshwana le modimo yo o gwantang a ralala magodimo.”
E re ka Cerularius a ne a batla go itlhatlosetsa maemo, o ne a loga maano le mopapa kwa Roma ka 1054 gore go nne le kgaogano, mme a pateletsa mmusimogolo gore a amogele gore go nne le kgaogano. E re ka Cerularius a ne a itumeletse phenyo ya gagwe, o ne a rulaganya go tlhoma Michael VI mo setulong sa bogosi a bo a mo thusa go nonotsha maatla a gagwe. Morago ga ngwaga, Cerularius o ne a pateletsa mmusimogolo yoo go tlogela maemo a gagwe mme a tlhoma Isaac Comnenus (c. 1005-1061) mo setulong sa bogosi.
Go se utlwane ga setlhopha sa ditlhogo tsa kereke le mmusomogolo go ne ga gola. Cerularius—yo o neng a tlhomamisega gore o engwe nokeng ke setšhaba—o ne a tshosetsa, a laela, a bo a dirisa dikgoka. Mokwalahisitori wa nako ya gagwe o bolela jaana: “O ne a bolelela pele go wa ga Mmusimogolo ka go dirisa puo e e makgwakgwa, ya matlhapa, a re ‘Ke ile ka go tlotlomatsa, sematla ke wena; mme ke tla go robaganya.’” Le fa go ntse jalo, Isaac Comnenus o ne a dira gore a tshwarwe, a tsenngwe mo kgolegelong le gore a lelekelwe kwa Imbros.
Dikai tse di ntseng jalo di bontsha gore tlhogo ya kereke ya Constantinople e ne e ka kgona go baka mathata a a kana kang le gore e ne e ka kgona go ganetsana le mmusimogolo go le kana kang. Gantsi mmusimogolo o ne a tshwanelwa ke go lebana le banna ba ba ntseng jalo, ba e neng e le ditswerere tsa dipolotiki, ba ba neng ba kgona go nyatsa mmusimogolo le sesole.
[Mmapa/Setshwantsho mo go tsebe 9]
Bogolo Jwa Mafelo a a Welang mo Mmusomogolong wa Byzantium
Ravenna
Roma
MAKEDONIA
Constantinople
Lewatle le Lentsho
Nicaea
Efeso
Antioka
Jerusalema
Alexandria
Lewatle la Mediterranean
[Motswedi wa Setshwantsho]
Map: Mountain High Maps® Copyright © 1997 Digital Wisdom, Inc.
[Ditshwantsho mo go tsebe 10, 11]
Comnenus
Romanus III (kafa molemeng)
Michael IV
Mohumagadi Zoe
Romanus I (kafa molemeng)
[Metswedi ya Ditshwantsho]
Comnenus, Romanus III, and Michael IV: Courtesy Classical Numismatic Group, Inc.; Empress Zoe: Hagia Sophia; Romanus I: Photo courtesy Harlan J. Berk, Ltd.
[Setshwantsho mo go tsebe 12]
Photius
[Setshwantsho mo go tsebe 12]
Heraclius le morwawe
[Metswedi ya Ditshwantsho]
Heraclius and son: Photo courtesy Harlan J. Berk, Ltd.; all design elements, pages 8-12: From the book L’Art Byzantin III Ravenne Et Pompose